Kgomotso go Baboloka Bothokgami
“Kaga me u nntse u nkokotletsa mo go tlhokeñ molato [bothokgaming, NW] ga me.”—PSALM 41:12.
1. Ke ka ntlha yang fa batho ba ga Jehofa ba tlhoka kgomotso?
BASUPI ba ga Jehofa ba ba bolokang bothokgami ba tlhoka kgomotso ka jaana ba welwa ke pogiso. Legale, ba tshwanetse go lebelela diteko tse di ntseng jalo, ka jaana Jesu a ile a raya balatedi ba gagwe a re: “Motlhanka ga a mogolo go heta morèna oa gagwè. Ha ba mpogisitse, le lona ba tla lo bogisa.” (Yohane 15:20) Gone jaanong ke gone segolo-bogolo batho ba ga Jehofa ba tlhokang kgomotso. Ka ntlha yang? Ka go bo moroba bothokgami wa pele, ebong Satane Diabolo, o latlhetswe mo sebakeng sa lefatshe, mme nako ya gagwe e khutshwafetse. Ka jalo, o dira maiteko a bofelo-felo go tlhabana kgatlhanong le Modimo le batlhanka ba Gagwe.—Tshenolō 12:7-9, 17.
2. Bakeresete ba ikutlwa jang kaga dipogo tsa badumedi-ka-bone?
2 Jaaka batlhanka ba ga Jehofa, re rapelela bakaulengwe ba rona le bokgaitsadi ka tlhoafalo bao ba dirang tlase ga thibelo kana ba tshosediwang le go tshwarwa makgwakgwa ke babogisi. (Ditihō 12:1; 2 Bathesalonia 1:4) Re akgola Bakeresete bao ka boikanyego ba itshokelang dikgobo go tswa mo bateneging le ba bangwe. (Mathaio 5:11) Re na le kamego e e lorato go badumedi-ka-rona ba ba ganediwang ke ba-losika kana ba ba nnang mo magaeng a a kgaoganeng ka bodumedi (Mathaio 10:34-36) Mme gape re tlhomogela pelo baboloka bothokgami bao ba nang le makoa kana malwetsi a a ganang go fola. Mme ke eng fa go na le dipego tseno tsotlhe? Mme ke kgomotso efe e e leng gone mo banneng le basading ba ba thokgamo?
Gakologelwa Lebaka le Botshabelo
3. Satane o dirisa pogiso ka boiteko jwa go dirang?
3 E ka ne e le ka batho kana ka tsela ya bodimona, Diabolo o senka go ‘kometsa’ Bakeresete. (1 Petere 5:8) Ee, Satane o dirisa pogiso le mathata a mangwe mo go lekeng go senya kamano ya rona le Jehofa Modimo, go re dira baroba bothokgami ba ba sa ikanyegeng. Mme mo go seno sotlhe, a re ba re senang boiphemelo? Nnyaa gotlhelele!
4. Fa ba lebane le pogiso le matshwenyego a mangwe, ke eng seo baboloka bothokgami ba ka tlhomamisegang ka sone?
4 Jehofa o tla nna Botshabelo jwa rona fa ka thapelo re senka thuso ya gagwe. Fa re tlhasetswe ke pogiso le matlhoko a mangwe, re ka itopela mo go ene jaaka go dirile mopesalema Dafide: “Nkutlwèla botlhoko, Modimo, a ko u nkutlwèlè botlhoko; gonne mōea oa me o tshabèla mo go wèna: E ke tla tshabèla mo morutiñ oa diphuka tsa gago, go tsamaeè dithekisègō tse di hete.” (Pesalema 57:1) Jaaka baboloka bothokgami, re ka tlhomamisega gore e tla re morago, kgololo e tla tswa mo go Jehofa, ebong Botshabelo jwa rona. Mme re ka tlhomamisega fela jaaka Dafide a ne a ntse fa a ne a rapela Modimo a re: “Me kaga me u nntse u nkokotletsa mo go tlhokeñ molato ga me, me ua ntlhōma ha pele ga sehatlhōgō sa gago ka bosakhutleñ.”—Pesalema 41:12.
5. Ke nonofo efe e Bakeresete ba ba bogisiwang ba e tlhokang, mme ke tsholofelo efe e re nang le yone?
5 Lefa go ntse jalo, ereka diteko di ka tsaya nakonyana, re tshwanetse go tlhagolela boitshoko. Moaposetoloi Paulo o ne a kgothaletsa Bakeresete ba Bahebera go re ba “ikgakololè metlha ea yale, e . . . [ba neng ba itshokela] ntwa e kgolo ea ditlhokohaco.” Mme a bo a tswelelapele a kwala ka go re: “Lo chwanetse go dihana le bopelotelele, gore e tle e re lo sena go diha go rata ga Modimo, lo bo lo amogèlè polèlō ea choloheco.” (Bahebera 10:32-36) Mo Bakereseteng ba ba tloditsweng, go diragadiwa ga tsholofetso ya Modimo go tla lere tuelo ya botshelo jwa go sa sweng kwa legodimong. Mme go ba “boidiidi yo bogolo,” go na le tebelelo ya botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng la paradaise (Tshenolō 7:9; Luke 23:43) Tota ruri, go bolokwa go bona botshelo jo bo sa khutleng go ka kgonega mo go botlhe ba ba itshokang go ya bokhutlong jaaka baboloka bothokgami.—Mareko 13:13.
6. Ke ka ntlha yang fa bangwe gareng ga Basupi ba ga Jehofa ba tlhoka bopelotelele ka mo go kgethegileng, mme ke thuso efe e ba nang le yone?
6 Ka masome a dingwaga, Basupi ba ga Jehofa mo mafatsheng mangwe ba ne segolo-bogolo ‘ba tlhoka go nna le boitshoko.’ Ka ntlha yang? Ka go bo ba ne ba tshwanelwa ke gore ba diragatse tirelo ya bone e e boitshepo mo tshimong e e bokete kana ba lebanye le mathata a a farologaneng, go akareletsa le dithibelo tsa mmuso. Gongwe wena ka bowena o tshwanelwa ke go itshokela botsogo jo bo sa itekanelang kana kganetso ya ba lelapa mo Bokereseteng jwa gago. Diteko tse di ntseng jalo di ka emisa bao ba ikaegang fela ka nonofo ya batho, mme ga di emise Basupi ba ga Jehofa ka go bo “thushō [ya bone] e cwa kwa go Yehofa, eo o dihileñ legodimo le lehatshe.”—Pesalema 121:1-3.
7. (a) Diteko tse di sa kgaotseng di re neela sebaka sefe? (b) Ke ka ntlha yang fa re ka dumela se Paulo a se buileng go Bafilipi 4:13?
7 Maemo mangwe ke ao a ka tshwanelwang ke go itshokelwa go fitlhelela kwa bofelong jwa tsamaiso eno ya dilo. Mme diteko tse di ntseng di tsweletse di re fa sebaka sa go supa bothokgami jwa rona go Modimo le go itumedisa pelo ya gagwe. (Pesalema 27:11) Ka nako e e tshwanang, Jehofa o neela nonofo e e tlhokafalang go itshoka ka boikanyego. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala a re: “Nka diha dilō cotlhe ka èna eo o nnonotshañ.” (Bafilipi 4:13) O ka dumela mafoko ao a a tiisang, ka go bo nako le nako a itshupa fa a le boammaaruri mo ‘bokopanong jotlhe jwa bakaulengwe mo lefatsheng.’—1 Petere 5:9, 10.
Baboloka Bothokgami Baa Re Kgothatsa
8. Tshwantshetsa kafa baboloka bothokgami ba ba mo magaeng a a kgaoganeng ba ka segofadiwang ka gone.
8 E nna kgothatso e kgolo go bona ‘bokopano jotlhe jwa bakaulengwe ba rona mo lefatsheng’ ba boloka bothokgami. Bangwe ba bone ba ile ba duelwa thata thata ka go boloka bothokgami jwa bone go Jehofa mo magaeng a a kgaoganeng. Ka sekai, e ne ya re fa thuto ya Bibela e simololwa le mosadi mongwe wa Mokatoliki mo Ireland, monna wa gagwe a bontsha kganetso e e botlhoko mme a bo a tshosetsa ka go mo tlhala. Lefa go le jalo, o ne a tswelela pele go ithuta, mme letsatsi lengwe a neela monna wa gagwe sekaelo sa buka ya O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise. O ne a kgatlhwa thata ke go utlwala sentle ga yone, go opa ga yone kgomo lonaka, le ditshwantsho tse dintle. Ka bonakonyana monna o ne a ithuta Bibela a thusiwa ke buka eno. O ne a latlha go goga, mme ka bokhutshwanyane moragonyana ga moo banyalani bano ba iphimola mo Kerekeng ya Katoliki mme ba senya ditshwantsho tsotlhe tse go neng go twe ke tse di itshepileng. Go ise go ye kgakala, mosadi o ne a kolobediwa mme ebile a tlhakanela mo tirong ya bobulatsela jo bo thusang, fa monna ene a ne a dira botswelelopele jo bontle mo bodiheding. Maitemogelo a a ntseng jalo a ka kgothatsa bao ba leng mo magaeng a a kgaoganeng bao ba leng pelotelele jaaka baboloka bothokgami.—1 Bakorintha 7:12-16.
9. Baboloka bothokgami ba ba dikoa ba ka thusa ba bangwe jang?
9 Baboloka bothokgami ba bangwe ba ile ba itshupa ba ikanyegago sa kgathalesege makoa. Mo Britane, Mokeresete mongwe yo o segole yo o tlamegang go dirisa setilo sa maotwana gone o ntse a bona boipelo mo bodiheding jwa gagwe. O ne a kwala a re: “Lemororo ke ile ka tlhoka go bona tiro ya boitshediso fa e sale ka 1949, Jehofa o ile a itumelela go ntirisa mo lobakeng lono lotlhe. Jalo dingwaga di ile tsa feta ka bofefo. Ke ile ka lemoga gore le e leng motho yo o golafetseng thata o ka thusa thata mo go direleng ba bangwe. Nna le mosadi wa me re ile ra tshwana le seitsetsepelo sa ba bangwe ba ba farologaneng mo phuthegong. Ka ntlha ya maemo a rona re fano ka metlha yotlhe, re ba ba ka bonwang nako le nako.” Ee, a go se nne Mokeresete ope yo o sekoa yo o tla kgobegang marapo, ka jaana o ka nna motswedi wa kgothatso mo go ba bangwe.
10. Ka go sa ineele mo pogisong, baboloka bothokgami ba ka thusa badumedi-ka-bone jang?
10 Baboloka bothokgami ga ba ineelemo pogisong. Mokaulengwe mongwe yo o neng a tshwaretswe go boloka boitlhaodi jwa gagwe jwa Bokeresete o ne a re: “Dititeo . . . e ne ya nna dilo tsa ka metlha mo botshelong jwa me, di ntse di oketsega ka palo le ka botlhoko. Ke ne ke ntse ke koafala letsatsi le letsatsi, ka go bo ba ne ba ntima dijo nako le nako. Ke ne ke rapela Jehofa ka metlha, mme ke ka bua ka re ga aa ka a ntatlha. Fa ba ntse ba tsweletse pele ka go ntitaya, ke ne ke ntse ke tswelela ka go sa utlwe sepe.” Lemororo a ne a atlholelwa dingwaga tsa kgolegelo tse di ka fetang tse pedi, mosupi yono wa ga Jehofa o ile a tshegetsa boitlhaodi jwa gagwe. (Isaia 2:2-4; Yohane 15:19) Baboloka bothokgami ba bangwe ba le bantsi ba ile ba tsaya boemo jo bo tshwanang. Tota ruri, go boloka bothokgami mo go ntseng jalo go baakanyetsa ka sekao se se kgothatsang seo se ka tlhotlheletsang badumedi-mmogo go ikanyega.
Kgomotso e e Sa Tlhaeleng
11. Ke tlhomamisetso efe ya Dikwalo ya kgomotso e Bakeresete ba nang le yone?
11 Maitemogelo a a sa tswang go bolelwa ano ke a sekae fela mo go a mantsintsi a a supang gore Jehofa o na le batho ba gagwe ba ba ikanyegang. Ke “Rra mautlwèlō botlhoko, le Modimo oa kgomoco eotlhe; O o re gomotsañ mo pitlaganoñ eotlhe ea rona.” (2 Bakorintha 1:3, 4) Ee, “Modimo ke botshabèlō yoa rona le thata, thushō e e gauhi thata mo tlaleloñ.” (Pesalema 46:1-3) Abo go kgothatsa jang ne go itse gore o tla re tshegetsa le badumedi-ka-rona mo dipitlaganong tsotlhe tsa rona!
12. Ke jang tsela ya ga Paulo ya go boloka bothokgami e neng ya ama Bakeresete-mmogo ka gone?
12 Re ka amogela kgothatso fa re bona baobamedi-ka-rona ba ga Jehofa ba itshoka jaaka Bakeresete ba ba ikanyegang go sa kgathalesege mathata a a farologaneng. Seno ke se se neng sa diragala fa ba bangwe ba lemoga boikanyego jwa ga moaposetoloi Paulo. O ne a kwala a re: “Dilō tse di ntihaletseñ di dihaletse bocwelèlō pele yoa Mahoko a a Molemō bogolo; Ga tsamaea dikgolegō tsa me tsa bōnatshèga . . . me bontsi yoa bakauleñwe ba ba mo Moreneñ, ka ba ikantse dikgolegō tsa me, ba nna choshologō bogolo go bua lehoko ya Modimo ba sena poihō.”—Bafilipi 1:12-14.
13. Go boloka ga rona bothokgami go ka nna le diphelelo dife?
13 Ee, fa re itse gore basupi ba bangwe ba ga Jehofa ba tshegeditse bothokgami jwa bone go ene ntswa ba lebane le pogiso, re kgothadiwa go nna ba ba ikanyegang. Mo letlhakoreng le lengwe, fa rona ka borona re tshegetsa bothokgami mo ditekong, re kgothaletsa ba bangwe go bua lefoko la Modimo ba sena poifo. Mme tota ruri re ka bona kgotsofalo mo go itseng gore boikanyego jwa rona ke motswedi wa kgothatso le tshegofatso mo go bone.
14. Ke ditsela dife tse pedi tseo Jehofa a re gomotsang ka tsone?
14 Jehofa o re tshegetsa ka moya wa gagwe o o boitshepo. Tota, jaaka Petere a ile a kwala, ‘Fa re kgojwa ka leina ja ga Keresete, re sego; ka moya wa kgalalelo le moya wa Modimo o ntse mo go rona.’ (1 Petere 4:12-16) Modimo gape o a re gomotsa gammogo le badumedika-rona ba ba bogang ka go arabela dithapelo tsa rona. “Lo se ka loa tlhobaediwa ke sepè,” ga kwala Paulo, “me mo diloñ cotlhe a ditōpō tsa lona di itsisiwe Modimo ka thapèlō le kokotlèlō, di na le tebogō. Me kagishō ea Modimo e e hetañ tlhaloganyō eotlhe, e tla dibèlèla dipelo tsa lona le megopolō ea lona mo go Keresete Jesu.” (Bafilipi 4:6, 7) A o na le ikanyo e e tshwanang go ‘moutlwi wa thapelo’?—Pesalema 65:2.
Go Bona Kgomotso mo Lefokong la Modimo
15. O ka tshwantshetsa jang boammaaruri jwa Baroma 15:4?
15 Lefoko le le boitshepo la Modimo le lone ke motswedi wa kgomotso e kgolo. Jaaka moaposetoloi Paulo a ile a tlhokomedisa: “Dilō cotlhe tse di kwadilweñ galè, di kwadilwe gore dire rutè, gore rebōnè cholohèlō ka pelotelele le ka kgomoco ea dikwalō.” (Baroma 15:4) Ka motlhala, fa re bala kaga kgololo e e gakgamatsang ya Baiseraele mo Egepeto kana go bolokiwa ga Bajuda mo motlheng wa Mohumagadi Esethere, a seo ga se tiise ikanyo ya rona mo go Jehofa jaaka Mogolodi yo o sa tshwaneng le ope? Gotweng kaga motlhala wa ga Jobe wa go boloka bothokgami ntswa a lebane le botlhoko jo bogolo? Tota ruri, seno se tshwantshetsa kafa batlhanka ba motlha wa segompieno ba ga Jehofa ba ka itshokelang dipogo ka gone ka nonofo e Modimo a e neelang. “Kgomoco ea dikwalō” ruri e ka neela baboloka bothokgami tsholofelo le bopelokgale.
16. Ke ditlhomamisetso dife tse di gomotsang tse di fitlhelwang mo go 1 Petere 5:6, 7 le 1 Bakorintha 10:13?
16 Mme gotweng fa mathata a re hutsafatsa? Tota ruri, dikgothatso tse di gomotsang tsa Dikwalo di ka dira gore re ikutlwe re bolokesegile mo tlamelong ya ga Jehofa mme di ka re thusa go ritibatsa bohutsana jwa rona. Moaposetoloi Petere o ne a kwala a re: “Ikokobeletseñ ha tlhatse ga lecōgō ye le nonohileñ ya Modimo, gore o tlo o lo goletsè mo lobakeñ lo e leñ lōna; lo nntse lo latlhèla tlhobaèlō eotlhe ea lona mo go ōna, ka oa lo babalèla.” (1 Petere 5:6, 7) Ee, Jehofa “oa lo babalèla.” Abo e le mogopolo o o gomotsang jang ne! Ga go na sepe se se ka diragalang se a sa se boneng kana se a ka se se laoleng. Gape gape, Paulo o ne a ntsha tlhomamisetso eno: “Modimo o boikañō o o se ketlañ o lo lesa loa raèlwa ka mo go hetañ nonohō ea lona; me o tla re mo thaeloñ o lo baakanyetse kgōrō ea phalolo le eōna, gore lo tlè lo bōnè go e ichokèla.” (1 Bakorintha 10:13) Jaaka motho yo o ikemiseditseng go nna mmoloka-bothokgami, o ka ikaega ka seo!
17. Ke dipaakanyetso dife tse dingwe tse di leng gone go re tlisetsa kgomotso?
17 Go ithuta Lefoko la Modimo ka thapelo le dikgatiso tsa Bokeresete tse di baakanyeditsweng ke “motlhanka eo o boikañō le eo o botlhale” go ka lere kgomotso mo dipakeng tsa tlalelo. (Mathaio 24:45-47; Pesalema 119:105) Mme le yone kgakololo e e utlwalang ya Dikwalo go tswa bagolwaneng ba ba pelonomi mo phuthegong e ka dira jalo. Gareng ga tse dingwe, ba laelwa go ‘nametsa ba ba lapang pelo, go pepetletsa ba ba bokoa, le go nna pelotelele mo go botlhe.’—1 Bathesalonia 5:14.
18. Fa re sena dilo tse dintsi tse di bonalang, ke kgomotso efe e re nang le yone?
18 Mme a go na le kgomotso nngwe fa re sena dilo tse dintsi tse di bonalang? Tota ruri go a gomotsa go itse gore go tla nna le matlo a a siameng, letlotlo la dijo, le masego a mangwe a dilo tse di bonalang mo Thulaganyong e Ntšha ya Modimo. (Pesalema 72:16; 2 Petere 3:13; bapisa Isaia 65:17-25.) Mme le e leng gone jaanong go tshela ka tsela ya Bokeresete go fedisa tshenyo ya madi ka go goga mo go gobatsang, go nwa dino tsa tagi ka mo go feteletseng, go betšha, jalo le jalo. Jalo he madi a a bolokilweng a ka dirisediwa go thusa lelapa. Go latela Lefoko la Modimo le gone go ka re thusa mo go kgotsofaleng ka dilo di se kae tse di bonalang. Paulo o ne a ntse jalo, ka jaana a ile a re: “Me poihōmodimo e e nañ le pelo e e ritibetseñ ke papadi e kgolo: Gonne ga rea ka ra tla le sepe mo lehatshiñ, le gōna ga re kake re cwa le sepè; Me e re ha re na le diyō le diaparō, re tla ritibatsa pelo mo go cōna.” (1 Timotheo 6:6-8; Bafilipi 4:11, 12) Go tlhoma mogopolo mo ditshiamelong tsa rona tsa tirelo ya ga Jehofa go felela ka masego a le mantsi ao ruri a re humisang.—Diane 10:22.
19. Ke jang bolwetsi jo bo sa foleng bo ka itshokelwang ka gone?
19 Lefa go le jalo, gotweng fa e le gore re itshoketse bolwetsi jwa nako e telele? Seno se ka sikarwa ka thuso ya ga Jehofa le kgomotso e e baakanyediwang ka Lefoko la gagwe. Ka motlhala, mopesalema Dafide o ne a re: “Go segō eo o gopolañ bahumanegi: Yehofa o tla mo golola mo motlheñ oa boshula.” (Pesalema 41:1-3) Eno ga se nako ya diphodiso tsa dikgakgamatso. Mme Jehofa o neela Bakeresete ba ba lwalang botlhale le nonofo e e tlhokafalang go dirisanya le malwetsi a bone fa ba ntse ba beile dikgatlhego tsa Bogosi kwa pele mo botshelong.—Mathaio 6:33; 2 Bakorintha 12:7-10.
20. Re ka fenya bohutsana jang fa moratiwa aa swa?
20 Re ka emelana jang le bohutsana jo bo nnang gone fa moratiwa aa swa? Go ka bonwa kgomotso mo tsholofelong ya Bibela ya tsogo. (Yohane 5:28, 29; Ditihō 24:15) Ka gone, lemororo re hutsafaditswe ke loso lwa moratiwa, ga re “hutsahale, yaka ba bañwe ba ba senañ cholohèlō.” (1 Bathesalonia 4:13) Abo tsholofelo ya tsogo e lere kgomotso jang ne go baboloka bothokgami!
Nna O Ikantse mo Modimong wa Kgomotso
21. Pogiso e e itshoketsweng gantsi e felela ka eng?
21 Tlhomamisega gore Jehofa, “Modimo oa kgomoco eotlhe,” ga a kitla a latlha batho ba gagwe ba ba ineetseng le ba ba ikanyegang. (2 Bakorintha 1:3; Pesalema 94:14) Go bile go a thusa go gakologelwa gore pogiso eo e itshokelwang ke Bakeresete e ka tlotla, kana ya galaletsa Modimo. Tshwaro e e ntseng jalo e gogela tlhokomelo bathong ba gagwe le tirong ya bone ya go rera ka Bogosi, mme seno gantsi se felela ka palo e e oketsegileng ya babaki ba ga Jehofa.—Bapisa Ditihō 8:4-8; 11:19-21.
22. Mabapi le bothokgami, ke eng seo e tshwanetseng ya nna boikemisetso jwa rona?
22 Jalo, ka thuso ya Modimo, a re ikemisetseng go sa ineele mo maanong a ga Satane a go roba bothokgami jwa rona. Re bontsha tumelo, ekete re ka tswelela ka go ikanya mo go Jehofa. A le ka motlha re se tlhokomologe ditsela di le dintsi tseo a segofatsang, a tshegetsang, le go re gomotsa jaaka batlhanka ba gagwe ka tsone. Ekete re ka bontsha boineelo jwa rona mo go ene le mo melao-metheong ya gagwe ya tshiamo, re tshegetsa bolaodi jwa gagwe. Gakologelwa gape, gore, eo ke kgang ya botho gotlhelele. Tswelelapele go dira thato ya Modimo jaaka o ntse o dira mo phuthegong ya ga Jehofa mo metlheng eno e e botlhokwa. Ipele mo tshiamelong ya gago ya go itumedisa pelo ya ga Jehofa ka go ikanyega mo go ene, mme le ka motlha o seka wa lebala gore o baakanyetsa baboloka bothokgami botlhe kgomotso.
O Araba Jang?
◻ Ke ka ntlha yang fa batlhanka ba ga Jehofa segolo ba tlhoka kgomotso?
◻ Ke ka ntlha yang fa Satane a dirisa pogiso kgatlhanong le Bakeresete?
◻ Baboloka bothokgami ba ka re kgothatsa jang?
◻ Re ka bona kgomotso jang mo Lefokong la Modimo?
◻ Ke eng seo re se tlhomamisediwang go 1 Petere 5:6, 7 le 1 Bakorintha 10:13?
[Setshwantsho mo go tsebe 16]
Satane o senka go kometsa batlhanka ba ga Jehofa, mme ga se gore ga re na phemelo
[Setshwantsho mo go tsebe 18]
Jehofa o araba dithapelo tsa baboloka bothokgami. A o rapela ka metlha yotlhe?