“Dintlha tsa Bibela” go Neela Temogo e e Oketsegileng
E NE ya re fa Bajuda ba boa kwa botshwarong jwa Babelona mo lekgolong la dingwaga la borataro B.C.E., banna ba ba sikereng maikarabelo gareng ga bone “ba phuthègèla kwa go Esere mokwadi, ba tla hèla go sekègèla mahoko a molaō ditsèbè.” Kutlwisiso ya bone e e okeditsweng e ne ya felela ka eng? Aitsane, batho ba ne ba nna le namane e tona ya Modiro wa Diobo ka “boitumèlō yo bogolo”!—Nehemia 8:13-18.
Jaaka sekai seo se tshwantshetsa sentle-ntle, go bona temogo mo Dikwalong go ka nna le phelelo e e molemo thata mo bathong ba Modimo. Jalo he, mo ditokololong tsa January 15, February 15, le March 15, 1986, Tora ya Tebelo e tla bo e na le karolo ya setlhogo se se reng “Dintlha tsa Bibela.” Ditlhogo tseno di tla kgonisa babadi ba rona go nna le temogo e e boteng mo dibukeng tsa Bibela tsa Esere, Nehemia, le Esethere.
Dithuto tseno di tla re thusa go gakologelwa ditiragalo tse di kgatlhisang thata tseo di amanang le go tsosolosiwa ga kobamelo ya boammaaruri mo Jerusalema, go agiwa ga tempele ya ga Jehofa koo, le go bolokiwa ga batho ba Modimo fa ba ne ba tshosediwa ka go tlhaselwa ke mmaba. Tota ruri, ka go bala dibuka tseno jaaka go akantshitswe go “Dintlha tsa Bibela,” Basupi ba ga Jehofa le ditsala tsa bone ba tla kgona go bona molemo o mogolo mo kakaretsong ya ditlhaloso tsa Dikwalo tse di tshwanang mo Sekolong sa Bodihedi sa Bolegodimo sa beke le beke. Gape, bakaulengwe bao ba abetsweng go neelana ka “Dintlha tsa Mmalo wa Bibela” mo thulaganyong ya sekolo ba ka dirisa karolo eno ya “Dintlha tsa Bibela” go thusa thata mo go arabeng dipotso tsa Dikwalo le go re kaela thuto.—Baroma 15:4.
[Tšhate mo go tsebe 7]
Dikgosi tsa Peresia Tse Di Umakilweng Go Esere, Nehemia, le Esethere
Puso (B.C.E) Leina le le Leina la Tshupiso
Tlwaelegileng Bibela ya Dikwalo
c. 550-529 Kuruse yo Mogolo Kuruse Esere 1:1; 4:5
529-522 Cambyses II Ahasueruse Esere 4:6
522 Gaumata (Smerdis) Aretaserese Esere 4:7-23 (dikgwedi tse 8)
521-486 Dario I Dario Esere 4:5, 24;
486-474 Xerxes I Ahasueruse Buka ya Esethere