Bapalami ba Dipitse ba Tshenolō—Ka Moo Go Palama Ga Bone Go Go Amang ka Gone
MOSUPOLOGO, April 1, 1985, o ne a farologana le malatsi a mangwe mo bapalaming a le bantsi mo Toronto, mo Canada. Bao ba neng ba tla thuntsha bomo ba ne ba ile ba tshosetsa gone ba tla gasagasa seporo se se mo toropong. Ka ntlha yang? Go lebisa tlhokomelo go seo ba neng ba bolela gore e ne e le boiteko jwa dingwaga tse di fetileng jwa go fedisa batho ba Ba-Armenia mo Turkey, sengwe seo goromente wa Turkey a nnileng a se itatola gangwe le gape.
Kwantle ga pelaelo, bontsi jwa bapalami bao ba ne ba sa itse kana lefa e le go utlwalela sepe kaga kgang eo ya dingwaga tse di fetileng. Lefa go le jalo ba ne ba boga bothata le tlhobaelo. Gantsi re amiwa ke dilo tseo re sa itseng sepe thata kaga tsone.
Mo lesomeng la bobedi la dingwaga mo lekgolong la bo-20 la dingwaga, ditiragalo tse di tshwaegang di ne tsa simologa go diragala e le tiragatsong ya polelelo-pele e e gakgamatsang ya Bibela e e fitlhelwang go Tshenolō 6:1-8. Jaaka fa go senoletswe moaposetoloi wa Mokeresete ebong Johane, bapalami ba dipitse ba ne ba tshwanetse go di palama mo metlheng ya bofelo. Mme lemororo dimilione di sa itse kaga gone, palamo eo ya bapalami ba dipitse ba Tshenolō e ama mongwe le mongwe yo o mo lefatsheng. Mme le wena, e a go ama. Mme jang? Re tla bona jaaka fa re tla buisanya ka mongwe le mongwe wa bapalami ba dipitse.
Pitse e Khonou
Se sengwe se se bonweng ke Johane e ne e le “pitse e khonou: me eo o e pagameñ a nèwa gore a tlosè kagishō mo lehatshiñ, le gore batho ba bolaanè: me a nèwa chaka e tona.”—Tshenolō 6:4.
“Chaka e tona” ya mopalami yono wa pitse e tshwantshetsa ntwa. Ka ntlha ya gone moo, fa e sale ka 1914 batho ba ka nna dimilione tse 69 ba ile ba swa mo dintweng tse pedi tsa lefatshe. A namane e tona ya polao! Tota rure, lesomo le legolo la batlholagadi le masiela le supela gore mopalami wa pitse e khonou, yo o kayang ntwa ya merafe yotlhe, o ile a ama matshelo a bone ka tlhamalalo.
Mme gape, dintwa tse di ntseng di tsweletse le matshosetsi a ntwa ke tsone di tsenyang thaka e tshesane mo tlalelong. Mo mafatsheng ao dintwa di tlhasetseng gone, basha ke bone ba ba tlhabanang ka bontsi. Diphelelo tsa ntwa mo basheng bano di akarediwa mo potsong eo e ileng ya tsosiwa ke modula-setulo wa lekgotla lengwe la ditshwanelo tsa batho: “Ba ka golela jang mo go nneng bagolo ba ba nang le tlhaloganyo le ba ba tekatekanyo?”
Basha bao mo dinageng tse di farologaneng ba amiwang ke ntwa ka tlhamalalo ba ile ba ithuta go bala nako ka dioura le malatsi go na le ka dikgwedi le dingwaga. Ba botsa ba re: “Moragonyana, ke mang yo o kgathalang kaga moragonyana? A o ka ntlhomamisetsa gore sethunya ga se kitla se wela mo kamoreng ya me bosigo fa ke ntse ke robetse.”
Gotweng ka bana bao ba tshelang mo mafatsheng ao go nang le kagiso go one? A ba utlwa diphelelo tsa mopalami wa pitse ya ntwa? Ee, matshosetsi a a boifisang a ntwa ya nuklea a ile a nna le matswela a a nwetseng mo ditlhaloganyong tsa bone. Mabapi le boitlhobogo jo bo bontshitsweng ke baithuti ba gagwe, morutabana mongwe o ne a akgela jaana: “Nako le nako fa ke ntse ke utlwa ditlhaloso tseno ke ne ke nnela go kgobega marapo. Basha bano ba ne ba ikutlwa ba na le boitlhobogo joo ke sa itetleng go nna le jone.” Dr. Richard Logan wa Quebec, mo Canada, o oketsa ka go re: “Bohutsana jo bo mo tlhaloganyong bo ka tlhalosiwa jaaka e le jwa go nyema moko le go felelwa ke nonofo. Seo ke se re se bonang mo bathong ba le bantsi ba basha.”
Mme gotweng fa e le gore ga o nne mo nageng eo e tlhasetsweng ke dintwa kana bothata joo bo sa ame maikutlo a gago? Mme gone mopalami wa pitse e khonou o santse a ntse a ama botshelo jwa gago. Motsotso mongwe le mongwe dimilione tse 1,3 tsa didolara di dirisediwa ditiro tsa sesole ka tlhamalalo—mo e ka nnang dimilione tse di dikete tse 660 tsa didolara ka ngwaga mo lefatsheng lotlhe. Ke mang yo o duelelang seno sotlhe? Ke wena. Gongwe le gongwe kwa o nnang gone, o amiwa ke mopalami wa pitse e khonou.
Pitse e Ntsho
Pitse e nngwe ya setshwantsho e tlhalosiwa ke Johane ka mafoko ano: “Me ka leba, me bōnañ, ga bo go le pitse e le ncho; me eo o e pagameñ a bo a chotse selekanyō sa pègō ka seatla. Me ka utlwa ekete lencwe mo gare ga ditshidi tse nnè, le re, Seèlwanyana sa mabèlèke tushiliñ, le dièlwanyana di le tharo tsa barele ke tashileñ; me u seka u senya loukwane le boyalwa.”—Tshenolō 6:5, 6.
A o tshwerwe ke tlala? E tshwere dimilione. Ba amiwa ke mopalami wa pitse e ntsho ka tlhamalalo, eo e kayang tlala. Motsotso mongwe le mongwe bana ba le 30 ba a swa ka ntlha ya go tlhaelelwa ke dijo kana melemo—e le ba ba ka fetang dimilione tse 15 ka ngwaga! Makgolo-kgolo a dimilione a batho ba bangwe ba tshela mo maemong a a sa itumediseng. Go ya ka mookamedi wa pele wa Banka ya fatshe ebong Robert McNamara, ba “koafadiwa thata ke go sa itseng go bala le go kwala, go fepelwa tlase, bolwetsi, go swa thata ga masea le tebelelo ya botshelo jo bo bokoa mo go bileng go ba thibela go ka nna le dibopa-popego tseo ba tsetsweng ka tsone.”
Mo dikgweding tsa bosheng jaana, e ile ya nna selo se se tlwaelegileng go bona ditshwantsho tsa banna, basadi, le bana ba Ma-Afrika. Fa a ne a tlhalosa ka phepafalo bogolo jwa pogo e e ntseng jalo, Mokwaledi-Mogolo wa UN ebong Javier Pérez de Cuéllar o ne a tlhagisa ka go re: “Batho ba ba oketsegileng ba ka nna ba swa mo karolong ya Sahara ya Afrika go feta mo Ntweng ya Bobedi ya Lefatshe ka kakaretso. Le e leng bbne ba ba ka falolang ba ka nna ba golafala mo botshelong jotlhe jwa bone, e ka ne e le mo mmeleng kana mo tlhaloganyong.” Batlhoka-lesego bano ba amiwa ka tlhamalalo ke mopalami wa pitse e ntsho.
O ka nna wa bo sa tshwarwa ke tlala, mme tota ruri o ile wa amiwa ke ditshwantsho tse di hutsafatsang tsa ba ba tlhasetsweng ke tlala. Go ya ka kakgelo ya New York Times ya May 20, 1985, go ile ga ntshiwa moneelo wa didolara tse di ka fetang bilione go thus ba ba mo tlaleng. Lemororo o ka ne o ile wa seka wa ntsha moneelo ono ka tlhamalalo, bogoromente bangwe ba ile ba ntsha meneelo ga megolo, ba dirisa madi a lekgetho. Ee, mopalami wa pitse e ntsho o ama batho botlhe e ka ne e le ka tlhamalalo kana e seng ka tlhamalalo.
Pitse e Tshetlha
Ponatshegelo e Johane a neng a e bona e tswelelapele ka tlhaloso ya pitse e nngwe le mopalami wa yone: “Ka leba, me bōnañ, ga bo go le pitse e le tshètlha; me eo o e pagameñ, leina aa bagwè, ga twe, Losho; me Bobipō a bo a na naè a mo setse moragō. Me ba nèwa taolō ea go re, lehatshe ha le kgaogañwa senè ba bolaeè kgaolō ea senè, ka chaka, le ka popamō, le ka losho, le ka dibatana tsa lehatshe.”—Tshenolō 6:8.
Loso lo pagame pitse e tshetlha, mme ‘sebetso sa loso’ ke se sengwe sa ditsela tse di farologanyeng tseo ka tsone botshelo bo gapiwang ka gone mo mosepeleng ono wa mopalami wa pitse. Go sa kgathalesege diphitlhelelo tsa bosheng jaana tsa boitseanape jwa kalafi, lefatshe le santse le lebagane le malwetsi go tswa dintlheng tsotlhe. Lemororo gone jaanong re ka nna ra bo re sa lebana le kgogodi ya selekanyo sa Leroborobo leo le neng la latela morago ga Ntwa ya Lefatshe I, gone kankere, malwetsi a pelo, le a mangwe a mantsi a santse a gapa batho ka mo go boitshegang. Ka sekai, ba World Health Organization ba hopholetsa gore ngwaga le ngwaga go tlhaga malwetsi a masha a kankere a le dimilione di le 5,9. Bofofu jwa noka, letshoroma, mogotelo wa kgopana, letlhatso le letshololo, le malwetsi a mangwe a mantsintsi a ntse a oketsa dipetso tsa bosheng tse di bogwang.
Lefa go ntse jalo, o ka nna wa tlhalosa ka go re, ‘Ga ke lwale bope jwa malwetsi ano.’ Seo se ka nna sa bo se ntse jalo, mme o amiwa ke mopalami wa pitse e tshetlha. Dituelo tsa sepatela le kalafi ke tse dikgolo thata. Seno se gogela batho mo go reng ba itirele diinshorense tsa botsogo. Dinaga di le dintsi di rulaganyetsa gore melemo e e thusang batho e duelelwe ka makgetho. Mme a ko o akanye ka ditshenyegelo tse dikgolo le tatlhegelo ya nako ya go bereka, mo labofelo e fetisediwang go wena ka ditlhotlhwa tse di okeditsweng. Ee, mopalami wa pitse e tshetlha o a go ama.
Seo Pitse e Tshweu e se Tlisang
Morago ga go akanyetsa ka diphelelo tse di gobatsang tsa bapalami ba bangwe ba dipitse, ke mo go omosang pelo go tlhokomela seo Johane a neng a se bua kaga pitse e tshweu le mopalami wa yone, eo e eteletseng tse dingwe kwa pele. Moaposetoloi o ne a re: “Ka leba, me bōnañ, ga bo go le pitse e le chweu, me eo o e pagameñ a bo a chotse bora: me a nèwa serwalō: me a cwa a henya, a ba a cwèlèla pele go henya.”—Tshenolō 6:2.
Jesu Keresete o pagame pitse e tshweu. (Tshenolō 19:11) Puso ya gagwe ya selegodimo e ne ya simologa ka 1914 ka ditiragalo tse di kgatlhisang. Ntwa kwa legodimong e ne ya felela ka gore Diabolo le baengele ba gagwe ba piriganyediwe mono lefatsheng. Morago ga moo, lentswe go tswa kwa legodimong le ne la bolela la re: “A bo go latlhèga lehatshe le lewatlè! ka diabolo a hologetse kwa go lona, a tletse bogale, ka a itse ha lobaka loa gagwè lo setse lo le lokhutshane.” Seno se ne sa tshwaya tshimologo ya bapalami ba dipitse.—Tshenolō 12:7-12.
Mme go pagama ga ga Jesu Keresete go go ama jang? Malebana le puso ya gagwe, Jesu o ne a bolelela-pele a re: “Mahoko a a Molemō a, a bogosi, a tla rèrwa mo lehatshiñ yeotlhe, go nna chupō mo merahiñ eotlhe; hoñ ke gōna bokhutlō bo tla tlañ.” (Mathaio 24:14) Gompieno, mo mafatsheng a a ka fetang 200 le ditlhake tsa lewatle, Basupi ba ga Jehofa ba bolela kaga Bogosi jo bo tlhomilweng jwa ga Keresete. A ba kile ba go etela mo gae? He o ile wa amiwa ke mopalami yono wa pitse.
Fa a ne a bolelela-pele gape kafa batho ba tla amiwang ka gone ke puso ya gagwe, Jesu o ne a perofesa: “E tla re Morwa Motho a tla ka kgalalèlō ea gagwè, a na le baengele botlhe, hoñ o tla dula mo setuloñ sa gagwè sa bogosi sa kgalalèlō; Me merahe eotlhe e tla phuthèlwa ha pele ga gagwè. Me o tla ba kgaoganya bañwe mo go ba bañwe, yaka modisa a tla a kgaoganye dinku le dipodi; Me dinku o tla di baea kaha lecogoñ ye legolo, me dipodi kaha go ya molèma.”—Mathaio 25:31-33.
Ka ntlha ya tiro eno ya go kgaoganya eo e dirwang ka nako ya fa Jesu a palame pitse e tshweu, batho botlhe ba kgethololwa jaaka “dinku” kana “dipodi.” Elatlhoko matswela. “Dipodi” di “tla ea pecoñ e e sa khutleñ; me basiami [“dinku”] ba tla ea mo botsheloñ yo bo sa khutleñ.” (Mathaio 25:46) Ka gone, kafa o arabelang ka gone mo go rerelweng molaetsa wa Bogosi go tla raya botshelo kana loso mo go wena.
Tota lefa o ise o akanye kafa bapalami ba dipitse ba Tshenolō ba go amang ka gone, re go kgothaletsa gore o arabele mo mafokong a a molemo a gore go palama ga bone ka bogautshwanyane go tla khutla. Morago ga moo, lefatshe le tla ipelela masego a le mantsi tlase ga puso ya ga Jesu, ebong mopalami wa pitse e tshweu. Bibela ka tsela ya seperofeti e tlhalosa bangwe ba bone jaana: “Mo metlheñ ea gagwè basiami ba tla thama; me [ereka mopalami wa pitse e khonou a tla bo a seo] go tla nna letlōtlō ya kagishō, go tlo go tsamaee kgwedi e tlhōkahalèle rure. [Fa mopalami wa pitse e ntsho a tla bo a seyo] Go tla nna letlōtlō ya mabèlè mo lehatshiñ, mo ditlhoeñ tsa dithaba: louñō loa aōna lo tla ebelèga.”—Pesalema 72:7, 16.
Fa Jesu Keresete a ne a le mo lefatsheng, o ne a bontsha nonofo eo a e filweng ke Modimo godimo ga dilo tse di tshwanang le malwetsi a a diphatsa le e leng loso. O tla supa nonofo e e ntseng jalo mo selekanyong se segolwane thata mo pusong ya gagwe jaaka Kgosi mme o tla tlosa dibetso tsotlhe tse di mo lefatsheng, ebong ditlala, le dintwa. Ka gone, mopalami wa pitse e tshweu o tla khutlisa palamo e e senyang ya bapalami ba bangwe ba dipitse ba Tshenolō.
[Lebokoso mo go tsebe 3]
BAPALAMI BA DIPITSE BAA KGETHOLOLWA
Tokololo ya Tora ya Tebelo ya January 1 e ne ya bontsha kafa go palama ga bapalami ba dipitse ba Tshenolō go neng ga simolola go diragadiwa ka gone.
PITSE E TSHWEU: Jesu Keresete o palame pitse eno jaaka Kgosi e ntšha e e tlhomilweng mo setulong sa bogosi mo legodimong. O tshwantshiwa jaaka mofenyi yo o siameng fa e sale a tlhongwa mo setulong sa bogosi ka 1914.
PITSE E KHUNOU: Mopalami wa pitse eno o kaya ntwa. Kagiso e tlosiwa mo lefasheng, mme go nna ntwa ya lefatshe lotlhe.
PITSE E NTSHO: Mopalami wa pitse eno o kaya ditlhaelo tsa dijo le tlala. E re ntshwa dimilione di le mo tlaleng, ba bangwe ba santse ba kgona go reka dijo tsa maemo a kwa godimo.
PITSE E TSHETLHA: Loso lo palame pitse e tshetlha. E tlhalosa loso lwa tshoganyetso. Lo bakwa ke kgogodi le ditiragalo tse dingwe.