Tiro e e Galalelang E E Tlang Morago ga Bapalami ba Dipitse
1. Go phepafetse jang gore Metlha ya Baditšhaba ya go kataka seo se neng se emetswe ke motse wa Jerusalema e ne ya fela ka 1914?
“KGOSI ea dikgosi, le Morèna oa Barèna,” Jesu Keresete, o gone. (Tshenolō 19:11, 16) Re na le “seshupō” sa seno. O sale a ntse a le teng fa e sale a fiwa Bogosi ke Modimo kwa bokhutlong jwa “metlha ea Badichaba” ka ngwaga wa 1914, dingwaga tse 69 tse di fetileng. (Luke 21:24) He go katakwa godimo ga Bogosi jwa ga Jehofa Modimo jaaka pele bo ne bo kile jwa emelwa ke bogosi jwa Iseraele kwa Jerusalema mo moleng wa segosi wa ga Kgosi Dafide go ne ga fela. Kwa Botlhaba Gare motse wa Jerusalema ga o na kgosi ya losika lwa lelapa la ga Dafide mme ke motse mogolo wa Repaboliki ya Iseraele, e tonakgolo ya teng e leng Mojuda. Mme go tweng ka “Yerusalema oa selegodimo”? (Bahebera 12:22) O kwa godimo, kwa sebakeng se se ka kwa ga batho, se se ka kwa ga Ditšhaba koo “Morwa Dafide,” Jesu Keresete, a busang jaaka “Kgosi ea dikgosi, le Morèna oa barèna” fa e sale go fela ga Metlha ya Baditšhaba ka 1914. Merafe ya Ditšhaba mono mo lefatsheng e ka nna ya ganetsa Bogosi le baboledi ba jone, mme ga ba ka ke ba bo kgoma. Ga ba ka ke ba rena godimo ga jone, jaaka go kile ga dira maatla a matlhano a lefatshe mo hisitoring ya lefatshe, ebong Babilona, Bameda le Baperesia, Gerika, Roma le maatla a lefatshe a Anglo-American a Britani le United States.—Tshenolō 21:1, 2.
2. Mo go arabeng potso ya gore ke eng seo e neng e tla nna sesupo sa go nna gone ga gagwe le sa bokhutlo jwa lefatshe, Jesu o ne a reng seo se dumalanang le ponatshegelo ya Tshenolō 6:1-8?
2 Ponatshegelo e e neng ya neelwa moaposetoloi Johane, jaaka e thadisitswe mo go Tshenolō 6:1-8, ka polelelo pele e bontsha seo se neng se tla pata go palama ga “Kgosi ea dikgosi, le Morèna oa barèna” mo pitseng e tshweu ya tshwantshetso go ya thulanong ya makgaolakgang mo botlhabanelong jwa Hara-Magedona. Seo ponatshegelo eo e neng e se bontsha se dumalana le seo Jesu Keresete a se boleletseng barutwa ba gagwe fa a ne a arabela potso ya bone: “Dilō tse di tla dihala leñ? Le seshupō e tla nna eñ sa go tla ga gago [parousía, Segerika], le sa bokhutlō yoa lehatshe?” (Mathaio 24:3) Mabapi le “botlhoko yoa pèlèga” joo bo neng bo tla tshwaya “seshupō” sa go tla ga gagwe, kana parousía, “le sa bokhutlō yoa lehatshe,” Jesu o ne a re: “Gonne morahe o tla cogologèla morahe, le bogosi bogosi [mo ntweng]: go tla nna dithoromō tsa lehatshe mo maheloñ mañwe le mañwe; go tla nna meshwele; me dilō tse e be e le tshimologō ea metlotsedi [di tshwaya go tsalwa ga tsamaiso e ntšha ya dilo].” (Mareko 13:8) “Hoñ a ba raea, a re, Morahe o tla cogologèla morahe, le bogosi bo cogologèle bogosi: Me go tla nna dithoromō tse di kgolo tsa lehatshe, le mo maheloñ mañwe le mañwe go nne mebopamō, le dikgogodi tsa bolwetse; me go tla nna dilō tse di rerisañ ha di bōnwa, le dichupō tse di cwañ legodimoñ.”—Luke 21:10, 11; Mathaio 24:7, 8.
PITSE E KHUNOU
3. Tshimologo ya go tla ga ga Keresete e ne e tla tshwaiwa jang. mme ka jalo ke eng seo ponatshegelo ya fa go bulwa sekano sa bobedi e se bontshang?
3 Ka jalo tshimologo ya “go tla” ga ga Keresete, kana parousía, go tloga kwa bokhutlong jwa Metlha ya Baditšhaba ka 1914 go ne go se ketla go tshwaiwa ke kagiso mo lefatsheng kana legodimong. Ponatshegelo e e neng e neilwe Johane mo go Tshenolō kgaolo 6 e tlhomamisa lebaka leno. Ke eng he, seo re neng re tla se senolelwa ke go kanololwa ga sekano sa bobedi? Ga mmogo le moaposetoloi Johane re a lebelela: “Me e rile a kanolola sekanō sa bobedi, ka utlwa setshedi sa bobedi se re, Tla. Me ga cwa pitse e ñwe, e le pitse e khunou: me eo o e pagameñ a nèwa gore a tlosè kagishō mo lehatshiñ, le gore batho ba bolaanè: me a nèwa chaka e tona.”—Tshenolō 6:3, 4.
4. Setshwantsho seo se ne se bontshang, mme ka ntlha yang?
4 Setshwantsho seo se ne se tshwantshetsa eng? E ka nna eng fa e se go tlhagoga ga ntwa, le gore mo selekanyong se segolo sa lefatshe ka bophara, fela jaaka e le gore mopalami wa pitse e khunou o ne a tla gore a “tlosè kagishō mo lehatshiñ.”
5. A seno se kaya gore mopalami wa pitse e tshweu o ne a ikarabelela ka go tlhagoga ga ntwa ya lefatshe, mme ke eng seo Tshenolō 12:12 e botshang fa se ne se tla latela mo tshimologong ya go busa ga gagwe?
5 Ereka pitse e khunou le mopalami wa yone yo o matlho-mahibidu ba ne ba setse mopalami wa pitse e tshweu morago, a seno se raya gore mopalami wa ntlha wa pitse o ne a simolola Ntwa ya Lefatshe I morago ga go rwesiwa serwalo sa bogosi ka 1914 mme ka gone a bo a simolotse go dirisa “bora” jwa gagwe? Legoka! Tshenolō kgaolo 12 e tshwantsha se se neng se tla latela botsalo jwa Bogosi jwa mopalami wa pitse wa ntlha ka 1914: ntwa e e sa bonaleng, e e seng ya motho. “Me ga nna ntwa mo legodimoñ; Mikaele le baengele ba gagwè ba bololèla kgōgèla ba ea go tlhabana naeō; me kgōgèla ea tlhabana e na le baengele ba eōna: Me ba se ka ba henya, le gōna ba se ka ba tlhōla ba na le bonnō mo legodimoñ. Me kgōgèla e kgolo, nōga ea bogologolo ea pirigañwa, eōna e e bidiwañ Diabolo le Satane, motsietsi oa lehatshe yeotlhe; ea piriganyediwa koñ kwa lehatshiñ, le baengele ba eōna ba piriganyediwa kwa tlhatse naeō. Me ka utlwa lencwe ye legolo mo legodimoñ, le re, Gompiyeno go tsile poloka, le thata, le bogosi yoa Modimo oa rona, le taolō ea ga Keresete oa ōna: gonne mopateletsi oa bakauleñwe ba rona, eo o nntseñ a ba pateletsa ha pele ga Modimo oa rona motshegare le bosigo, o piriganyedicwe kwa tlhatse. . . . Ke gōna a lo ko lo itumeleñ, lona magodimo, le lona ba lo agileñ mo go aōna. A bo go latlhèga lehatshe le lewatlè! Ka diabolo a hologetse kwa go lōna, a tletse bogale, ka a itse ha lobaka loa gagwè lo setse lo le lokhutshane.”—Ditemana 7-12.
6. Ka jalo he, dikarolo di le mmalwa tse di mabapi le mopalami wa bobedi wa pitse di ne di tshwantshetsang?
6 Tiragalo eo e pega molato wa go nna gone ga ntwa ya ntlha ya lefatshe e e neng ya gapa matshelo a batho ba feta dimilione tse 8 go tloga ka Phukwi 28, 1914, mo godimo ga ga Diabolo le badimona ba gagwe ka ntlha tsotlhe. Mopalami wa pitse ya bobedi ya tshwantshetso o ne a tshwantshetsa masomosomo a bosole jwa lefatshe, ao Satane Diabolo e leng “modimo” wa one; mme pitse e khunou e ne e tshwanela kgakalo e e hubitseng le mofuta wa ntwa eo le matswela a yone, Ntwa ya Lefatshe II. “Chaka e tona” ya motlhabani wa pitse e ne ya neelwa mopalami yono wa sesole, go kgatikanya ka yone batlhasedwi ba gagwe. Bogolo jwa sebetsa seno sa ntwa le sone gape se ne se tla supa bogolo jwa mofuta wa ntwa eo jaanong e neng e simolodisitswe lefatshe ka bophara, tlhabano e e akaretsang, tlhabano e e mo selekanyong se segolo sa lefatshe. Ga go sepe se se kileng sa tshwana le yone pele! Dibuka tsa hisitori di teng mo metlobong ya dibuka gore neela menangwana ka ga Dintwa tsa Lefatshe I le II! Eleruri, ntwa ya selekanyo se segolo sa lefatshe e ne ya tlhagoga kwa bokhutlong jwa Metlha ya Baditšhaba ka 1914.—Luke 21:24.
7. Gore go dumalane le Tshenolō 6:1-8, go ne ga simolola go diragalang ka 1914 go bontsha tumalano le seo Jesu a se boleletseng barutwa ba gagwe ka sesupo sa go tla gagwe?
7 Ene yo o neng a neela moaposetoloi wa gagwe Johane ditshupo tsa Tshenolō kgaolo 6 e ne e ntse e le ene yo o neng a neela boikitsiso fa a ne a araba baaposetoloi ba gagwe, go akareletsa le Johane, morago-rago ka 33 C.E. koo fa a ne a arabela potso ya bone: “Le seshupō e tla nna eñ sa go tla ga gago, le sa bokhutlō yoa lehatshe?” Ereka jaana tlhomagano ya ditiragalo e a neng a e rulaganya morago koo pele fela ga loso lwa gagwe di nyalana sentle le tlhomagano ya ditiragalo eo a e tshwantsheditseng mo go Tshenolō kgaolo 6, go bontsha gore seo kgaolo eo ya bo-6 e se tshwantshetsang se supa gore bofelo jwa Metlha ya Baditšhaba ka 1914 le go tlhagoga ga ntwa ka selekanyo se segolo sa lefatshe go ne ga tshwaya tshimologo ya “go tla” ga gagwe mo Bogosing jwa gagwe jwa selegodimo le tshimologo ya “bokhutlō yoa lehatshe.” Jaaka go boleletswe pele ke Jesu mo go Mathaio 24:7, 8 le Luke 21:11, morafe o ne wa tsogologela morafe le bogosi jwa tsogologela bogosi go tshwaya tshimologo ya “go tla” ga gagwe mo go sa bonaleng kana go neela ga gagwe tlhokomelo mo dikgannyeng tsa lefatshe ereka jaana le ne le fetogile kgaolo ya Bogosi jwa gagwe jo bo sa tswang go tlhongwa. Mme go tweng ka “meshwele” “le mo maheloñ mañwe le mañwe go nne . . . le dikgogodi tsa bolwetse”? Tseno le tsone di ne tsa bonelwa pele ka go palama ga bapalami ba bane ba dipitse ba ba bontshiwang mo go Tshenolō 6:1-8.
PITSE E NTSHO
8. Dikarolo tsa ponatshegelo tse di neng di latela go bulwa ga sekano sa boraro e ne e le dife?
8 Morago ga mopalami wa pitse e khunou, ponatshegelo e re bontshang? “Me e rile a kanolola sekanō sa boraro, ka utlwa setshedi sa boraro, se re, Tla. Me ka leba, me bonañ, ga bo go le pitse e le ncho; me eo o e pagameñ a bo a chotse selekanyō sa pègō ka seatla. Me ka utlwa ekete lencwe mo gare ga ditshidi tse nnè, le re, Seèlwanyana sa mabèlè ke tushiliñ, le dièlwanyana di le tharo tsa barele ke tushileñ; me u se ka u senya loukwane le boyalwa.”—Tshenolō 6:5, 6.
9. Dikarolo tsa ponatshegelo eo ka papamalo di bontshang, mme ke ka ntlha yang fa mmala wa pitse ka tshwanelo o ne o le montsho?
9 Ka papamalo, seo se bontsha tlhaelo ya dijo, tlhaelelo ya tse di jewang. A mme tseno ga di a ka tsa tla mmogo le Ntwa ya Lefatshe I “le mo maheloñ mañwe le mañwe”? Ka go tsaya balemi mo masimong a bone le masingwaneng e le gore ba tle ba kwadisiwe mo dimilioneng tsa banna ba ba yang bosoleng go tlhabana, a tlala e ne e se ketla e anama le dikgaolo tse dintsi-ntsi, ka lemmenyana fela kana go sena sepe go e tlhabantsha? Go ntse fela jalo! Ga go gakgamatse go bo dimilione tsa batho di ne tsa bolawa ke tlala. Ditlhotlhwa tsa dijo di ne tsa pagamela kwa godimo thata mo di neng di ka se kgonwe go ka rekwa ke bontsintsi jwa ba ba mo tlaleng, ka tlhatlogo-ditlhotlhwa e e ntseng jalo! Akanya fela tlhe ka gone, tuelo ya letsatsi, “tushiliñ,” e bo e lekana le e seelwanyana sa mabèlè fela! Tuelo ya letsatsi e bo e lekana fela le dielwanyana tsa barele, eleng dijo tse e seng tsa sepe, dijo tsa bahumanegi ba nta-ya-tlhogo! Bao ba neng ba humisiwa ke go tshwarega mo ntweng le mo go direng dibetsa ba ne ba ka kgona go reka seo e neng e le lookwane le bojalwa mo marekisetsong. Mme jalo mo go bone “loukwane le boyalwa” di ne tsa seka tsa senngwa. Dituelo tse di kwa godimo di ne di ka kgona ditlhotlhwa tse di kwa godimo! Seno sotlhe se lere phifalo malebana le ntwa ya kgolokwe eo e neng ya tsaya banna ba le bantsi mo meberekong e e busetsang, jaaka go lema, go ya ditirong tse di senyang. Ka gone he ga go gakgamatse ka gope gore pitse e e neng e pegile mopalami wa setshwantsho sa go lekanyetsa dijo ka ditlhotlhwa tse di kwa godimo-dimo le go di phakisa e ne e le pitse e ntsho! Motsisi wa tlhaelo ya dijo e e bolayang, e ne e le pono e e sulafatsang, e e lotobo eleruri!
PITSE E TSHETLHA
10. Mosupi wa boraro o ne a baakanyediwa jang mo ponatshegelong ya ga Johane go supa tshimologo ya go tla ga mopalami wa pitse e tshweu?
10 Bapalami ba dipitse e khunou le pitse e ntsho e ne e le basupi ba babedi ba lebaka la gore Kgosi eo Jesu Keresete o ne a rwesitswe serwalo mme o ne a setse a simolotse go palama ka phenyo go ya fela kwa ‘bokhutlong jwa lefatshe’ ka Hara-Magedona. Lefa go ntse jalo, go na le mosupi wa boraro kaga seno yo o bewang pele ga rona. Dingwaga tse di fetang 60 pele ga ponatshegelo ya ga Johane, mopalami yo o rweleng serwalo mo pitseng e tshweu o ne a setse a rile, “Gore lehoko leñwe le leñwe le tlhōmamisiwè ka melomo ea bashupi ba le babedi, leha e le ba le bararo.” (Mathaio 18:16) Go tweng he ka mosupi yono wa boraro? Nnyaa, ga se mopalami mongwe yo o tshwantshetsang sengwe se se diragalang moteng ga lefatshe, dithoromo tsa lefatshe; ke sengwe se se neng sa apesa lefatshe mo go neng ga swa batho ba ba dimilone tse 20 ka 1918-1919 kwa bofelong jwa Ntwa ya Lefatshe I. Ka jalo he, tsena jaanong mosupi No. 3: “Me e rile a kanolola sekanō sa bonè, ka utlwa lencwe ya setshedi sa bonè, le re, Tla. Me ka leba, me bōnañ, ga bo go le pitse e le tshètlha; me eo o e pagameñ, leina ya gagwè, ga twe, Losho; me Bobipō a bo a na naè a mo setse moragō. Me ba nèwa taolō ea go re, lehatshe ha le kgaogañwa senè ba bolaeè kgaolō ea senè, ka chaka, le ka popamō, le ka losho, le ka dibatana tsa lehatshe.”—Tshenolō 6:7, 8.
11. Ke ka ntlha yang fa mmala wa pitse eno ya bone ka tshwanelo o ne o le mosetlha, mme ke loso lwa mofuta ofe lo lo tshwantshediwang ke mopalami wa yone pele ga e ka tlogela batho mo bobipong?
11 Pitse e tshetlha e ne e tla nna phologolo e e lebegang e lwala, mme Loso e ne e tla nna leina le le tshwanelang mopalami wa yone. Loso lo lo umakiwang fano lo ne lo tla nna loso lo lo bofefo, eseng loso lo lo diragalelang batho fa ba setse ba tsofetse. Ke loso lo lo latlhelang motho mo Bobipong, mo lebitleng, a sa le monana. Goreng go le jalo? Ka go bo ke loso lo lo latlhelwang kwantle ga go rata mo mothong ka “chaka e tona” ya ntwa e e matlho-mahibidu, ka tlhaelo ya dijo go ya ntlheng ya leuba kana “dikgogodi tsa bolwetse,” bolwetsi jo bo tshelanwang jo bo anamelang kgakala-kgakala mo batho ba nnang gone, jo bo akofang bo khutlisetsa ba bo ba tlhaselang botshelo. A mme “flu,” ebong “Spanish influenza,” e e neng ya tlhasela lefatshe kwa bokhutlong jwa Ntwa ya Lefatshe I ga e dumalane le tlhaloso e e ntseng jalo? Eleruri, go ntse jalo! Mme Bobipo bo ne jwa atlhamolola molomo wa jone o o mo tlaleng go kometsa dimilione tse di lekanyediwang go 20. E ne e sa romelwa ke Modimo, mme hela Modimo o ne o e letleletse. Kwantle go kgobelelo go ne go ka bolelwa ka tshwanelo ka Loso le Bobipo gore “ba nèwa taolō [thata] ea . . . kgaolō ea senè [ya lefatshe].” Modimo ga o a ka wa tsenya letsogo mme a lesa mabaka ao a a boleletsweng pele a a bolayang go dira tshenyo mo lefatsheng le le kgautlhantsweng ke ntwa, lemororo dilo tseno di ne tsa gapa bangwe ba ba ikanyegang ba gagwe. Loso ka “dibatana tsa lehatshe” di garolaka batho ba ba ka se itheng sepe ga lo umakiwe.
12. Go gatlampola ga bapalami ba dipitse tseo tse tharo, jaaka go diragetse ka nako e go diragetseng ka yone, go supela lebaka lefe?
12 Go palama mo go senyang ga basupi bao ba bararo, eleng, mopalami wa pitse e khunou, mopalami wa pitse e ntsho le mopalami wa pitse e tshetlha a setswe morago ke Bobipo, ga ba ka ke ba tlodisiwa matlho kana ba phimolwa mo hisitoring ya segompieno. Ereka jaana di diragetse jaaka di dirile kwa bokhutlong jwa Metlha ya Baditšhaba ka 1914, di tshwanetse tsa bo di kaya sengwe se se botlhokwa sa lefatshe. Eng? Bogosi, joo barutwa ba gagwe ba neng ba rutwa go bo rapelela go Modimo mo Thapelong ya Morena, bo ne jwa tlhongwa kwa magodimong, ereka jaana Metlha ya Baditšhaba, “metlha e e laotsweng ya ditšhaba,” e ne ya khutla go kataka Bogosi jwa Modimo ka Mesia (Keresete) wa gagwe. (Luke 21:10, 11, 24 NW) Ka jalo jaanong Bogosi bo fano. Kgosi ya jone e setse e tloditswe jaaka Mmusi yo o beilweng mo setulong sa bogosi sa Modimo le go rwesiwa serwalo. “Go tla” ga gagwe mo Bogosing go setse go simolotse. “Bokhutlō yoa lehatshe” bo setse bo simolotse. Jehofa o rometse thobane ya segosi ya nonofo ya gagwe go tswa Siona wa selegodimo, e re: “A go busè wèna mo gare ga baba ba gago.” (Pesalema 110:1, 2) Ka jalo, nako e ne ya goroga ka Mmusi go simolola go palama mo pitseng e tshweu ya segosi, a patakelela go ya phenyong e e feletseng godimo ga baba ba gagwe mo lefatsheng le kwa legodimong.
Tshiamelo e e Tlotlegang
13. Barutwa ba mopalami wa pitse e tshweu ba tshwanetse go itshwara jang ka ntlha ya boikitsiso jo, mme ke tshiamelo efe e e boleletsweng pele ya tirelo eo ba tshwanetseng go e tsaya jaaka tlotla go ka e dira?
13 Ponong ya bapalami ba bane bao ba dipitse jaaka ba tshwantshediwa mo go Tshenolō 6:1-8, barutwa ba mopalami wa pitse e tshweu ba tshwanetse go dira eng mono mo lefatsheng ka nako ya “bokhutlō yoa lehatshe” jo? Ba tshwanetse go direla ka kutlwano jaaka babueledi ba gagwe ba diragatsa karolo e e tlhomologileng ya “seshupō” ya go nna gone ga gagwe mo Bogosing, eleng, “Mahoko a a Molemō a, a bogosi, a tla rèrwa mo lehatshiñ yeotlhe, go nna chupō mo merahiñ eotlhe.” (Mathaio 24:14) Bosupi jono jwa lefatshe ka bophara bo tshwanetse jwa isiwa ke ‘bareri’ a gagwe mme jwa fediwa pele ga “bokhutlō” jo bo feletseng jwa ‘tsamaiso eno e e atlhotsweng ya dilo’ bo fitlhelelwa. Ka jaanong e setse e le dingwaga tse 69 mopalami yo o rweleng serwalo wa pitse e tshweu a sale a simolotse go palama ga gagwe go wetsa phenyo ya gagwe godimo ga baganetsi ba Bogosi, mme le jaaka maemo a lefatshe a ile a senyegela pele fela jaaka a ntse le gompieno, “bokhutlō” joo jwa bofelo-felo bo tshwanetse jwa bo bo le gaufi thata. ‘Lobaka lo lo khutshwane lwa nako’ loo lo letleletsweng Satane Diabolo mono mo lefatsheng lo bonala lo setse lo le gaufi le go fela jaanong. (Tshenolō 12:12) Ke mang he, yo o tla amogelang tshiamelo e e tlotlegang ya go neela karolo ya bofelo ya bosupi jwa lefatshe ka bophara mabapi le Bogosi jo bo tlhomilweng jwa Modimo ka Keresete? Basupi ba ba kitlanyeng bano ba ga Jehofa go dikologa kgolokwe yotlhe ba araba ka gore, “Re tla dira jalo! ” Ekete Jehofa a ka ba thusa mo go direng jalo, tlotlomalong ya gagwe jaaka Molaodi wa Lobopo lotlhe!
14. Ke ka ntlha yang fa mopalami wa pitse e tshweu a tshwanetse go tswelela a ntse a palame fela?
14 Go palama ga mopalami yo o rweleng serwalo mo pitseng e tshweu ga go a ya kwa ntlheng ya gore a ‘wetse phenyo ya gagwe,’ mme ga a ketla a tlhaela go fitlhelela mokgele o. Ka jalo o tshwanetse a palamela kwa pele. Dintwa tse pedi tsa lefatshe e setse e le ditiragalo tsa nako e e fetileng, mme dipaakanyetso tsa ntwa ka selekanyo se se tsitlisang marapo di sa ntse di reketlisa kagiso ya setho sotlhe.
15. (a) A go palangwa ga pitse e ntsho le pitse e tshetlha go tsile bokhutlong jwa gone? (b) Ke ka ntlha yang fa se se diragetseng fa e sale go tloga 1914 se itumedisa eleruri ebile se galalela?
15 Dimilione tsa batho ba ba mo tlaleng di tshwanetse tsa itlama matheka go fokotsa matlhoko a tlala, ba emetse lefela fela gore ditlhaelo tsa dijo di ka tla tsa fenngwa le gore ditlhotlhwa tse di kwa godimo di tle di ye tlasenyana mo e leng gore bahumanegi ba ka bona tse ba di tlhokang segolo bogolo. Boitseanape jwa kalafi bo iphitlhela bo tseanye ka mefuta e mesha ya bolwetsi mme malwetsi a a bolayang a ntse a tlhasela batho ba ba oketsegileng, mo mopalami Loso a iseng a emise pitse ya gagwe e tshetlha, e le gore Bobipo jwa mabitla bo tle bo e setse morago. Mme se se kailweng ke seno sotlhe se se diragetseng, fa e sale bokhutlo jwa Metlha ya Baditšhaba ka 1914, se itumedisa eleruri, ee, se a galalela! Mo nakong eno ya bofelo-felo seo re se atamelang ke “bokhutlō yoa lehatshe” leo le sa leng le le gone go tloga Morwaleleng wa metlha ya ga Noa, ka 2370 B.C.E., kana dingwaga tse 4 352 tse di fetileng. Se ka bosone, ke mafoko a a molemo.
Tiro e e Galalelang ea Latela
16. A seno se supa bokhutlo jwa lefatshe le re le agileng kana nyaa?
16 Go wela ga “bokhutlō yoa lehatshe” ga go kaye go nyelela ga legae leno la lefatshe la setho. Le bogologolo! Bo kaya tshimologo ya tsamaiso e ntšha ya dilo, ee, mo go lone lefatshe leno le le tswang kgakala leo setho se se bodileng se le tshosetsang go le swafatsa go nna sekaka fela. Go bolela jaana Mmopi yo o mo setilong sa bogosi: “Bōnañ, dilō cotlhe ke di diha sesha.”—Tshenolō 21:5.
17. Ke tshiamelo efe ya tiro e ga jaanong e leng tlotla go rona go e tsweledisa le eleng go ya kwa tsamaisong e ntšha ya dilo?
17 Abo tiro e e galalelang ne e le fa pele ga bao ba tla falolang bofelo jwa “bokhutlō yoa lehatshe” leno mme ba tsena mo tsamaisong eo e ntšha koo pitse e khunou, pitse e ntsho le pitse e tshetlha e e setsweng morago ke Bobipo di se ketlang di ralala mo lefatsheng banni ba lefatshe je le agilweng—bogolo jang jalo ka tsogo ya setho se se rekolotsweng mo isagweng e e fela fa! Lefa go le jalo, le eleng jaanong, pele ga go kalapa ga bapalami ba dipitse tse nne go fela, tiro ya Basupi ba ga Jehofa ya go bolela mafoko a a molemo-lemo e galalela tota. Ke mafoko a a molemo a puso ya segosi ya ga Jehofa mo diatleng tsa ga Keresete eo e tla ntlafatsang tsamaiso e ntšha ya dilo ka Paradaise eo e tla akaretsang lefatshe lotlhe le go le tlatsa ka setho se se rekolotsweng se se ratang kagiso, se segofaditswe ka botshelo jo bo sa khutleng mo boitekanelong jwa setho joo bo bontshang setshwano le go tshwana le Modimo. (Genesise 1:26-28) Tshiamelo ya rona jaanong ke e e tlotlegang e e neilweng ke Modimo go abalana mo tirong eo e e galalelang!
Ke dikarolo dife tsa “seshupō” se se kopaneng tseo di tlhalosiwang mo go
Ke tshiamelo efe e Basupi ba ga Jehofa ba e ipelelang jaanong, mme ka tebelelo ya tiro efe e e kwa pele?