LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w85 12/15 ts. 30
  • A O Dirisa Lebokoso Leo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A O Dirisa Lebokoso Leo
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Kaiwa o le Mosiami Jaaka Tsala ya Modimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
  • Bomolemo jo Bogolo Jwa ga Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Bogolo Jo Bo Gakgamatsang jwa Molemo wa Modimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • A O Bontsha Bopelonomi jo bo Tshwanang le jwa Modimo?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
w85 12/15 ts. 30

A O A Gakologelwa?

O ile wa solegelwa molemo jang ke ditokololo tsa bosheng tsa Tora ya Tebelo? Ke eng o sa leke kgakologelo ya gago ka tse di latelang:

◻ Ke jang batsadi gompieno ba ka thusang bana ba bone go tlhagolela poifo-modimo?

Batsadi ba tshwanetse go amega thata thata kaga kotlo ya semoya ya bana ba bone. Ba tshwanetse go ba ruta go itirela thuto ya botho ba sa le babotlana. (2 Timotheo 3:15) Ba tshwanetse gape ba tlhomamisa gore ngwana mongwe le mongwe o na le dibuka tsa gagwe, o ipaakanyetsa dipokano tsa phuthego, mme o kgothalediwa go tlhakanela mo go tsone. Thuto ya ka metlha ya lelapa e tshwanetse ya baakanyetsa ka thuto eo e tsamaejanang le ditlhokafalo tse di tsepameng tsa bana.​—8/15, ditsebe 23, 24.

◻ ‘Go sepela le Modimo’ go raya eng (Mika 6:8)?

‘Go sepela le Modimo’ go raya go inaakanya le tsela ya botshelo eo e dumalanang le thato e e senotsweng ya Modimo le boikaelelo. (1 Bakorintha 10:31)​—9/1, tsebe 5.

◻ Ke ka ntlha yang fa bontsi jwa dikgosi tsa Juda di ne tsa paleIwa ke go bontsha ikanyo e e feletseng mo go Jehofa?

Bontsi jwa dikgosi tsa Juda di ne tsa wela mo seraing sa kobamelo ya medimo ya disetwa (2 Ditihalō 25:14); dingwe di ne tsa kgogediwa ke go ikgolaganya le batho ba seeng (2 Ditihalō 16:1-3, 7; 28:16, 20); mme ba bangwe ba ne ba raelwa ke boikgodiso. (2 Ditihalō 32:25, 26; Isaia 39:1-7)​—9/1, ditsebe 29, 30.

◻ Ke jang batho ba ba sa itekanelang ba ka bontshang bopelonomi jwa bomodimo?

Ba ka bontsha nonofo e e kwa godimo ya bopelonomi jwa bomodimo ka go nna pelonomi e seng fela go maloko a lelapa la bone mme gape le go bao ba ba dikologileng bao ba ka neng ba sa leboge mme ba ile ba itshupa e le baba. (Luke 6:35)​—9/15, tsebe 11.

◻ Dingwe tsa ditsela tseo Jehofa a ileng a supa bomolemo jwa gagwe mo go tsone ke dife?

Bomolemo jwa ga Jehofa bo ile jwa bonwa ka bopelotelele jwa gagwe, kutlwelo-botlhoko, le boikutlo jwa kakanyetso tebang le setho se se sa itekanelang (Ekesodo 34:6, 7); o ile a bontsha bomolemo ka popo ya gagwe (Mathaio 5:44, 45; Baroma 1:20); bo bontshiwa gape ka paakanyetso ya thekololo ya setho se se leofileng le ka Bogosi joo bo tla lereng lefatshe leno boemong jwa paradaise.​—10/1, ditsebe 27, 28.

◻ Ke ka ntlha yang fa Merafe e e Kopaneng e se kitla e atlega mo go lereng kagiso le polokesego mo lefatsheng leno?

Modimo ga o ise o ko o neele motho botlhale le tshwanelo ya go ipusa. (Yeremia 10:23) Lefatshe leno le kafa tlase ga tlhotlheletso ya ga Satane Diabolo. (Yohane 12:31; Tshenolō 12:9-12) Merafe e e Kopaneng e ruile makoa a lefatshe leno, masula, le go bola. Merafe e e Kopaneng e leka go boloka lefatshe leno le le kgatlhanong le maikaelelo a Modimo. (1 Yohane 2:17; Tshenolō 21:1)​—10/15, tsebe 5.

◻ Ke lebaka lefe je le maatla la go nna le tumelo mo Bibeleng?

Jaaka motho a ntse a ithuta Bibela mme a bo a e dirisa, e nna le tlhotlheletso e e maatla ya molemo mo botshelong jwa motho yoo. (Bahebera 4:12)​—10/15, tsebe 23.

◻ Ke boammaaruri bofe jwa motheo joo bo bontshiwang moteng ga Bibela kaga batho le baengele bao ba neng ba latela tsela ya boitaolo?

Bibela e bontsha gore e le gore motho a tle a nne le tsela ya botshelo e e atlegileng le e e ipedisang, o tshwanetse a ikaega mo Modimong go bona kaelo. (Yeremia 10:23; Diane 14:12)​—11/1, ditsebe 4, 5.

◻ Lebaka lengwe le le botlhokwa leo le ka tlhomamisang gore motho o tshwanetse a bo a le dingwaga di kae pele ga a akanyetsa lenyalo ke lefe?

Loungo lwa moya wa Modimo jaaka lo tlhalositswe go Bagalatia 5:22, 23 lo tshwanetse la simolola go bonala mo botshelong jwa motho yoo go sa le gale pele ga a ka akanyetsa lenyalo. Ka jalo, lebaka je le tlhomamisang e tshwanetse ya nna, Ke go ya bokgakaleng bofe dinonofo tseno di setseng di iponatsa mo botshelong jwa motho yo mmotlana?​—11/1, tsebe 18.

◻ Bopelonomi bo ka dira jang jaaka sesireletsi se se re femelang mo kgobalong?

Fa motho a lebane le boemo jwa kgalefo, bogale jwa motho yo o kgopisitsweng bo ka fedisiwa ka go dirisa seane se se reng: “Phetolō e e bonōlō e thibosa bogale.” (Diane 15:1)​—11/15, tsebe 6.

◻ A bao ba nang le tsholofelo ya botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng ba ka kaiwa ba le tshiamo le e leng jaanong?

Bao ba kgethilweng ke Modimo go bona botshelo jwa selegodimo, le e leng jaanong, ba tshwanetse ba kaiwa ba le tshiamo; ba neelwa botshelo jo bo itekanetseng jwa botho. (Baroma 8:1) Seno ga se tlhokafale thata thata jaanong mo go bao ba ka nnang ba tshelela ruri mo lefatsheng. Mme ba ba ntseng jalo ba ka kaiwa jaanong fa ba le tshiamo jaaka ditsala tsa Modimo, jaaka Aberahame yo o ikanyegang. (Yakobe 2:21-23; Baroma 4:1-4) Morago ga fa ba ba ntseng jalo ba sena go nna batho ba ba itekanetseng kwa bofelong jwa Dingwaga tse di Sekete le morago ga go fenya teko ya bofelo, ba tla bo ba le mo boemong jwa go kaiwa fa ba siametse botshelo jo bo sa khutleng jwa botho.​—12/1, ditsebe 10, 11, 17, 18.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela