A O Lebogela Seo Jesu A se Dirileng?
KE TSELA efe e e ka nnang motlhofo le e e tlhamaletseng ya go bontsha tebogo go na le ka mafoko a a reng, “Ke a leboga”? Mme ga se botlhe ba ba reng, “Ke a leboga” ba ruri ba anaanelang seo ba se amogetseng. Mafoko ao a ka buiwa ka mabaka a mangwe, jaaka tsela fela ya bopelontle ka bonolo morago ga motho a sena go direla yo mongwe sengwe. Lefa a tshwanetse, gone mme ke seomodiro fela.
Lefa go ntse jalo, morago ga go amogela mpho, bogolo segolo e e eletsegang thata, ditlhaloso tsa mmannete tse di tswang mo pelong tsa tebogo, ke tse di tshwanelang thata. Mpho e ka re itumedisa; e ka tlatsa tlhokafalo e e rileng. Fa e fitlhelela tsoo-pedi, mpho e nna ya bomolemo jo bo kgethegileng. Mme go ka tweng, fa e ka re morago, mpho ya bo e tlhokomologiwa kana e sa tshwarwe sentle, he tlhaloso epe fela ya ke a leboga e ne e tla bo e le ya lefela. Ka gone, kanaanelo, kana tlhaelo ya yone, gantsi e bontshiwa ke kafa re ikutlwang ka gone kaga mpho le kafa re e dirisang ka teng.
Mmopi wa setho, ebong Jehofa, o ile a re neela se-sa-gagwe se se tlhokegang thata, Morwawe, jaaka mpho. Yohane 3:16 e re: “Gonne Modimo o ratile lehatshe mo go kalo kalo, oa ntsha Morwa ōna eo o tsecweñ a le esi, gore leha e le mañ eo o dumèlañ mo go èna a se ka a nyèlèla, me a bōnè botshelō yo bo sa khutleñ.” Mpho eo e tla re itumedisa le go tlatsa ditlhokafalo tsa rona fa re bontsha tebogo ya mmannete. Lefa go le jalo, e re ka jaana Jehofa e le ene Monei, ke ka ntlha yang fa o tshwanetse go leboga Jesu?
Seo Jesu a Se Go Diretseng
‘Jesu o ntiretseng?’ o ka nna wa botsa. Le e leng pele ga fa o tsalwa, Jesu o ne a go direla sengwe. E ne e le eng seo? Jesu o ne a tlogela go nna gone ga gagwe ga kwa legodimong ga pele ga a nna motho, go tla go tsalwa jaaka motho ke kgarebane Maria. (Luke 1:26-33) Selo seno se ne se se sebotlana. A o ne o ka ikemisetsa go tlogela legae la gago le le kagiso, le le polokesego, le boitekanelo, koo o neng o na le ditsala tse di ikanyegang, go tla go nna mo lefelong leo dikgotlhang, kotsi, le bolwetsi e leng dilo tsa ka metlha, mme le baba ba ntse ba loga maano a go go bolaya gone? ‘Tota ruri nnya,’ batho ba le bantsi ba tla araba jalo. Mme gone, se ke sone se se dirilweng ke Jesu—Yohane 17:5; Bafilipi 2:5-8.
E re ka jaana Jehofa Modimo mme e seng motho ope e neng e le ene Rraagwe, Jesu o ne a gololesegile mo boleong. (Luke 1:34, 35) Ga go le ka motlha a kileng a dira tlolo epe mo mogopolong, ka lefoko, kana ka ditiro. Go sa kgathalesege maemo a boleo ao a neng a mo dikologile le kganetso eo a neng a tshwanelwa ke go lebana le yone, o ne a ka raya baganetsi ba gagwe jaana: “Ke ohe oa lona eo o ka tlhōmamisañ boleo mo go nna?” Go ne go se ope! Fela jaaka moaposetoloi Petere a ile a tlhalosa: “Eo o se kañ a diha boleo bopè, le boherehere bo se kañ yoa hitlhèlwa mo molomuñ oa gagwè.” (Yohane 8:46; 1 Petere 2:22) Re ikaegile ka mabaka ano, a re tshwantshetseng gape ka moo seno se go kopanyeletsang ka gone.
Batho ba le bantsi ba bifela go etela balwetsi mo dipateleng, re sa bue le e seng ka go nna le bone. Jesu o ne a itekanetse mo mmeleng, jalo o ne a na le botsogo jo bo itekanetseng. Lefa go le jalo, o ne a se ka a itomolola mo go ba bangwe, kana a batla go tshela mo ditikologong tse di phepa-phepa. Go na le moo, ka ntlha ya lorato, Jesu o ne a ikemiseditse go ja, go robala, le go nna mmogo le batho ba ba nang le bolwetsi le ba ba swang.—Mathaio 15:30-37; Mareko 1:40-42.
Go tswa foo Jesu ka go rata o ne a kgaogana le go nna gone ga gagwe jaaka motho yo o itekanetseng go solegela setho molemo. Jaaka fa a ne a itekanetse, o ne a na le tshwanelo ya botshelo jo bo sa khutleng jaaka motho, mme seno o ne a se ntsha setlhabelo go re baakanyetsa paka e e molemo-lemo. Fela jaaka ene ka boene a ile a tlhalosa: “Morwa Motho [o ne a tla] . . . go dihèla, le go ntsha botshelō yoa gagwè go nna thèkololō ea batho ba le bantsi.” (Mathaio 20:28) Baaposetoloi ba gagwe ba ne ba neelana ka bosupi jo bo tshwanang mabapi le seno: “Re bōna èna, eboñ Yesu, eo o hokoledicweñ boèmō go le gonnye mo baengeleñ, . . . gore e tle e re ka tshegōhaco ea Modimo a bè a lekeleletsè motho moñwe le moñwe losho.” (Bahebera 2:9) Go ntshetsa setho botshelo ga ga Jesu jaaka motho e ne e le pontsho e kgolo thata ya go rata batho ga gagwe mo a neng a ka go supa. Ka gone o ne a baakanyetsa dibopiwa tsa batho tse di sa itekanelang mpho e kgolo thata e ba neng ba ka e amogela, ebong, sebaka sa botshelo jo bo sa khutleng.—Yohane 3:16; 15:13.
‘Tota ruri Jesu o ntiretse go le gontsi,’ o ka nna wa digela jalo, ‘mme ke ka bontsha jang gore ke a leboga?’