Ka Moo O Ka Bontshang Tebogo Go Seo Jesu A se Dirileng
DITIRO di buela kwa godimo “Ke a leboga” go na le mafoko fela. Ka gone, fa o anaanela seo Jesu a se go diretseng, o tla batla go bontsha tumelo mo go ene jaaka Mmoloki wa gago. Tota, ke fela ka go dira jalo o ka solofelang go solegelwa molemo ke setlhabelo sa ga Jesu. A o gakologelwa tlhaloso ‘go bontsha tumelo’ e e fitlhelwang go Yohane 3:16? Mme kana, seo se ka kaya se se fetang felá go dumela le go kaya ka mogopolo fela fa o dumalana le lebaka la gore o ile a go swela. Se kopanyeletsa go dira sengwe ka tumelo eo.
Reetsa ditao tseo Petere a ileng a di neela bareetsi ba gagwe ba Bajuda ka bokhutshwanyane fela morago ga Pentekosete 33 C.E.: “Ikwatlhaeeñ, lo shokologè, gore dibe tsa lona di phimolwè.” (Ditihō 3:19) Seo se supa go tsaya kgato mo go sebedi. Mo letlhakoreng je lengwe, re ganetsana ka bopeloephepa le ditshekamelo tsa rona tsa boleo tsa megopolo le mebele. Mo letlhakoreng je lengwe, re ikopela mo Modimong go itshwarelwa maleo mo motheong wa setlhabelo sa ga Jesu.—1 Yohane 2:1, 2.
Etsa Sekao Sa Ga Jesu
Colin, yo o nang le dingwaga di le 24 a kolobeditswe jaaka Mokeresete, o ne a bodiwa gore ke ka ntlha yang fa a lebogela seo Jesu a se dirileng. O ne a araba a re: “Ke anaanela setlhabelo sa gagwe sa thekololo, mme ke sekao sa gagwe seo se nthusang thata-thata. Botshelo jwa gagwe bo direla jaaka motlhala wa gore ke o etse.”
Fa ruri re leboga, a re ka se batle go latela sekao sa ga Jesu sa boikokobetso, boineelo, le lorato Iwa go intsha setlhabelo? Fa dipounama tsa gago di arabela ka go re, “Ee!” boikutlo jwa gago le ditiro tsone di araba jang? Ka motlhala, batho ba le bantsi ba ka arabela jang fa ba lebane le kabelo eo e tla etleetsang kobamelo ya boammaaruri mme e tlhoka gore ba ikokobetse le go intsha setlhabelo, jaaka go koropa bodilo mo lefelong leo le dirisediwang dipokano tsa Bokeresete? O tla arabela jang? A ka go anaanela Jesu le Rraagwe wa selegodimo, o tla bo o ikemiseditse go amogela kabelo eo ba le bantsi ba tla e tsayang jaaka e e kwa tlase ga bone e bile e sa eletsege? Jesu o ne a ikokobetsa ka go direla ba bangwe tirelo e e tshwanang.—Yohane 13:2-17; Bafilipi 2:7, 8.
A re akanyetseng sekai se sengwe. Tlhokakutlwisisano ya batho gantsi e gogela mo mafokong a a tlhabang le maikutlo a a utlwisang botlhoko. Ke eng seo ba le bantsi ba tla se dirang fa ba ne ba ka iphitlhela ba le mo ntlwaneng e e tletseng batho go akareletsa le mongwe yo o ba kgopisitseng thata? Wena o ka dirang? Ka go leboga Jesu le Jehofa, a o tla ikemisetsa go tsaya kgato pele go letlana le yo o go kgopisitseng mo phapaanong eo, o dira jalo ka moya wa tidimalo le wa bonolo? Jesu le Rraagwe wa selegodimo ba ne ba dira jalo mo sethong se se leofileng.—Baroma 5:6-10; 1 Yohane 4:9-11.
Ga mmogo le go kgaogana le kgalalelo ya gagwe ya selegodimo go tla go nna motho le go baa a ntsha botshelo jwa gagwe jwa selefatshe jaaka Mogolodi wa setho, Jesu o ne a direla losika Iwa motho namane e tona ya tirelo ka thuto ya gagwe. Ga go na motho ope yo o kileng a ama setho mo go maatla mo go kana-kana kaga se se molemo jaaka go dirile Jesu Keresete. O ne a le morutisi yo o se nang molekane. O ne a ruta batho kaga leina la Modimo, botho, maikaelelo, le thato ya gagwe ka dibopiwa tse e leng batho.—Yohane 7:45, 46.
Gareng ga dikai tse di tlhomologileng tsa thuto ya gagwe ke Thero ya mo Thabeng. Mo go yone Jesu o ne a tlhalosa seo se neng sa tla go itsiwe jaaka taolo ya segosi: “Ka metlha yotlhe tshwara ba bangwe jaaka fa o ka rata ba go tshwara.” (Mathaio 7:12, The New English Bible) O ne a boa a bontsha gape gore ditaolo tse pedi tse dikgolo mo Molaong ke dife: ‘Go rata Jehofa Modimo ka pelo yotlhe ya gago, moya, tlhaloganyo, le nonofo, le go rata wa gaeno jaaka o ithata.’ (Mareko 12:29-31) Se sengwe se se bileng se sa tshwaneIwa go tlodisiwa matlho ke dipolelelopele tsa gagwe, tseo tiragatso ya tsone e bontshang ka phepafalo gore re fa kae mo lenaneong la nako la Modimo.—Mathaio, dikgaolo 24 le 25.
Jesu o ne a tshegetsa thuto ya gagwe ka tsela ya gagwe ya boitshwaro, a re tlhomela motlhala, sekao se se itekanetseng go se latela. O ne a simolola tsela ya gagwe ya botshelo ka go ineela gotlhe-gotlhe go dira thato ya ga Rraagwe mme go tswa foo a tshwantshetsa seo ka go kolobediwa mo metsing. Modimo o ne wa mo romela mo lefatsheng, thata-thata e le go supa kaga boammaaruri. Pele fela ga Jesu a a swa, o ne a ka raya Rraagwe jaana: “Ke gu galaleditse mo lehatshiñ, ka ke weditse tihō e u e nneetseñ go e diha,” le ‘leina ya gago ke le bontshitse batho ba u ba lomolotseñ mo lehatshiñ ua ba nnaea.”—Yohane 17:4, 6.
Jesu o ne a ikaeletse gore ba bangwe ba etse sekao sa gagwe. Seno se supega mo mafokong a gagwe le mo go a ba bangwe. “Ntshalañ moragō,” le, “u ntshalè moragō,” ga bolela jalo Jesu go Mathaio 4:19 le Mat 19:21. “Keresete le èna o bogile botlhoko mo boemoñ yoa lona, a lo tlogèlèla sekaō, gore lo tsamaeè mo dikgatoñ tsa gagwè,” le, “Nnañ baetsi ba me, yaka le nna ke le moetsi oa ga Keresete” ga kwala jalo moaposetoloi Petere le Paulo.—1 Petere 2:21; 1 Bakorintha 11:1.
Go bontsha tebogo go seo Jesu Keresete a se go diretseng jaaka Morutisi yo Mogolo le Motlhoma-sekao, tswelela pele o itlwaelanya le dithuto tsa gagwe. Seno se tlhoka go ithuta Lefoko la Modimo ka metlha, segolo bogolo Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika, tseo go fitlhelwang gone dithuto tsa ga Jesu. Ereka jaana o tla tlhoka thuso go tlhaloganya le go anaanela se o se balang, go tla bo go le botlhale go inaakanya le dithuso tse di kwadilweng tsa go ithuta Bibela tseo di leng gone ka boikaelelo joo.a Gape, dira maiteko a a tlhagafetseng a go dirisa se o se ithutang mo botshelong jwa gago jwa malatsi otlhe. Ee, kgato e e tshwanetseng e a tlhokafala. Jesu o ne a tlhokomedisa jaana: “Ga se gore, moñwe le moñwe eo o nthaeañ, a re, Morèna, Morèna, o tla tsèna mo bogosiñ yoa legodimo: ha e se eo o dihañ go rata ga Rrè eo o kwa legodimoñ.”—Mathaio 7:21; 4:17; Luke 4:17-21.
Baya Kobamelo Ya ga Yehofa kwa Pele
Gompieno batho ba ba ka fetang 1 056 000 000 ba iphaka gore ke Bakeresete. Mme a bo bontsi jwa bone ba bontsha tebogo e potlana ka seo Jesu a se ba diretseng! Ka mo go phepafetseng, ba le bantsi ba ikutlwa gore ba dira sentle ka go ya kerekeng gabedi mo ngwageng, mo diholeteing tse dikgolo tsa LaBodumedi. Kana ba bangwe ba tla re, ‘Ke rata Modimo ka go bo ke dumela mo Melaong e e Some.’ Mme ke ba le kae ba ba e utlwang? Lenaneo je le itekanetseng leo la Molao, leo pele le neng le tlama morafe wa bogologolo wa Iseraele, le ne le baya kobamelo e e tshwanetseng ya ga Jehofa Modimo kwa pele, segolo bogolo ka ditao tsa ntlha tse nne tsa lone.—Ekesodo 20:1-11.
Ke ba le kae ba ba iphakang gore ke Bakeresete bao ruri ba latelang sekao sa ga Jesu ka go dirisa melao-metheo ya Melao e e Some mo matshelong a bone a malatsi otlhe? A ba neela Modimo ‘kobamelo e e feletseng’ ya bone, eo e tlhokwang ke taolo ya bobedi? Jaaka Jesu, a ba bontsha leina la Modimo ka tsela e e tshwanetseng, ebong seo se neng se gatelelwa ke taolo ya boraro? Bakeresete ba boammaaruri ga se ba ba molemo fela mme gape ba baya kobamelo ya ga Jehofa kwa pele-pele mo matshelong a bone.—Mathaio 6:33.
Bakeresete ba le bantsi ba ba ntseng jalo ba lemoga gore go kopana mmogo ke bontlhanngwe jwa kobamelo ya Modimo. Mme a o kile wa akanyetsa fa go nna gone ka metlha mo dipokanong tsa Bokeresete e le sesupo sa tebogo? Moaposetoloi Paulo o ne a dira jalo. O ne a akantsha ka tsela eo mo kgaolong ya bo-10 ya lekwalo la gagwe go Bahebera. O bile gape o senola kotsi ya go tlhokomologa dipokano tse di ntseng jalo tsa Bokeresete. Boikutlo jo bo ntseng jalo bo ka dira gore Mokeresete a nne yo o kgobegileng marapo le go sa tlhagafalele ditiro tse di molemo tsa tumelo. Mo go ba bangwe, go anaanela ga bone tsela ya Modimo ya poloko ka Keresete go ka nna ga bo go ngotlega. Fa seno se ntse jalo, mme e bile tumelo ya bone e e fokotsegang e sa tsewe tsia, seno se ka gogela mo boleong jwa ka bomo, le e leng botenegi. Seno se tla bo se tshwana fela le go gataka mpho ya Modimo jaaka sengwe se e leng “selō hëla,” kana jaaka sengwe se se tlwaelegileng, seo e le go tlhapatsa Jehofa le Jesu.—Bahebera 10:23-31.
Elatlhoko tlhagiso ya ga Paulo malebana le bao ba potang ka kwa go nyatsa fela dipokano mme tota ba gana le e leng mpho ya Modimo ya poloko. “Motho eo o nyaditseñ molaō oa ga Moshe o shwa hèla a sa tlhomogelwe pelo, ka lehoko ya bashupi ba le babedi kgotsa ba le bararo: Me ha lo gopola, èna eo o gatakileñ Morwa Modimo ka dinaō, a ba a kaea madi a kgōlaganō a o itshepisicweñ ka aōna, a re, ke selō hèla se se sa itshèpañ, me a rumola Mōea oa tshegohacō, ana èna, o tla kaiwa a chwanecwe ke pecō e e botlhoko bo kaee?”—Bahebera 10:28, 29.
Molao e ne e le mpho ya Modimo ka Moshe. Jalo Paulo o gakolola babadi ba gagwe gore fa motlodi yo o sa ikwatlhaeng wa Molao oo wa bomodimo a ne a amogela kotlhao e e botlhoko, ebong loso, abo bone bao ka lonyatso ba tlhokomologang mpho e kgolo ka Jesu Keresete, Moshe yo mogolwane ba tshwanelwa jang ke kotlhao. Bao ba sotlang Morwa Modimo gore ga se mmoloki wa bone ba bo ba nyatsa setlhabelo sa gagwe ba lebanywe ke “losho loa bobedi”—kotlhao e e botlhoko ya go sa nneng le tsholofelo ya tsogo.—Tshenolō 21:8; Duteronome 13:6-10; 17:2-7.
Paulo o bontsha gape kafa moleofi wa ka bomo kana motenegi e leng motho yo o se nang tebogo. Motho yo o ntseng jalo o lerile tlhapatso mo ditseleng di le tharo. Santlha, o ‘gatakile Morwa Modimo.’ O ka ne jaanong a leba Jesu jaaka mmaba wa gagwe, jaaka bafenyi ba bogologolo ba ne ba gataka melala ya baba ba bone ba ba fentsweng, kana o leba Jesu ka lonyatso, ka go bo batho ba gataka seo ba se nyatsang. (Bapisa Mathaio 7:6.) Sa bobedi, o “kaea madi a kgōlaganō a o itshepisicweñ ka aōna, a re, ke selō hèla.” O sotla ka tsela (madi a ga Keresete) eo a ileng a phepafadiwa ka yone. O tsaya madi ao, one a a dirang kgolagano e ntsha, gore ga a farologane ka mosola ope le madi a batho ba ba sa itekanelang, gore ga se sepe se se boitshepo. Sa boraro, o ‘rumotse moya wa bopelonomi jo bo sa tshwanelang ka lonyatso.’ O kgadile maatla a a dirang a Modimo, ka bomo fela a ganetsa tlhotlheletso ya ga Jehofa, a re ga e na mosola ope mme ka gone e ka se ke e mo thuse ka sepe.—Baefesia 4:30.
Re ka tila ditiro tse di ntseng jalo tsa lonyatso lo lo maswe-maswe ka gore ka metlha re tseele kwa godimo mpho ya Modimo ya poloko. Dipokano tsa Bokeresete ke tsela eo re ka tshegetsang tlotlomatso e e tshwanetseng. Ereka jaana Jehofa le Jesu ba le gone ba sa bonale mo dipokanong tseno, Bakeresete ba ba lebogang ga ba ne ba ba tlhokomologa, jaaka batenegi ba dira, mme go na le moo ba tla dira gotlhe mo ba ka go kgonang go nna gone ka metlha.—Bapisa Malaki 3:16; Mathaio 18:20.
Ka gone, lebogela seo Jesu a se go diretseng. Bontsha tumelo ya mmannete mo setlhabelong sa gagwe sa thekololo. Etsa sekao sa gagwe mo go dirisanyeng ga gago le ba bangwe. Eteletsa kwa pele mo botshelong jwa gago kobamelo ya ga Rraagwe, e bong Jehofa Modimo. Ka tsela eno o ka re: “A Modimo o lebogèlwè nèō ea ōna e e sa kakeñ ea shwediwa go bolèlwa” ebong ya bopelonomi jo bo sa tshwanelang ka Jesu.—2 Bakorintha 9:15.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Ka sekai, re akantsha buka eno, e bong O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise, eo e gatisiwang ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.
[Setshwantsho mo go tsebe 6]
Ditsela tseo ka tsone o ka bontshang tebogo mo go Jesu