‘E Kete Ke Ka bo ke Nnile Nayo Dingwaga tse 70 tse di Fetileng’
Seo ke se se neng sa buiwa ke mosadi mongwe wa mogodi mabapi le buka ya Bosha jwa Gago—Go Iponela Molemo mo go Jone. O ne a kwala a re: “Nako nngwe e e fetileng ke ne ka otara le go amogela sekaelo sa lona sa Bosha jwa Gago—Go Iponela Molemo mo go Jone. Abo e le buka e e molemo-lemo jang ne! Ke eletsa e kete ke ka bo ke nnile le sengwe se se tshwanang le yone dingwaga tse di masome a supa tse di fetileng fa ke ne ke santse ke le mosetsana yo o golang! E a dirisiwa fano, mme jaanong ke rōmela tšheke ke eo go lona ya dikaelo di le nne tseo di tla romelelwang bana ba bana ba me bao ba nnang kgakala le nna.”
Le wena, o ka ikamogelela buka eno e e molemo ya banana ka go tlatsa fela le go romela foromonyana.
Tswee tswee nthomelelang, poso e duetswe, buka ya khabara e e thata, ya ditsebe tse 192 ya Bosha jwa Gago—Go Iponela Molemo mo go Jone. Ke romela R1,40.