LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w85 12/1 ts. 20-22
  • A O Tlotla Jehofa ka Dithoto tsa Gago?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A O Tlotla Jehofa ka Dithoto tsa Gago?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Boikemisetso le Kanaanelo di a Tlhokafala
  • Kafa Go ka Dirwang ka Teng
  • “Tlotla Jehofa ka Thoto ya Gago”—Jang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • Yo O Nayang “Nèō Ñwe le Ñwe E E Molemō”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Ba ‘Ithebotse Fela Ka Go Rata’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
  • Re tla Duela Jehofa Jang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
w85 12/1 ts. 20-22

A O Tlotla Jehofa ka Dithoto tsa Gago?

“Bakaulengwe ba ba rategang: Lo tsoga jang? Ke batla go nna morongwa fa ke gola. Tswee tswee dirisang dolara eno go thusa barongwa.” Ga kwala Jalo Shelley wa dingwaga tse tharo. Mokwalo wa gagwe wa bongwana o ne wa kwalwa sentle kwa tlase ga lekwalo ke mmaagwe.

Ka mo go motlhofo fela, Stephen o ne a kwala Jaana: “Bible and Tract Society e e Rategang. Ke dingwaga tse 8. Ke nna mo 89 St. Ke solofela gore lo Ja monate golo koo. Ke lo neela dolara e le nngwe Jaaka moneelo wa letlole la Holo ya Bogosi. Nthomelelang lekwalo ka bonako.”

KE KA ntlha yang fa babotlana bano ba kwalela ntlong kgolong ya Watch Tower Society? Ka go bo ba ne ba batla go tlotla Jehofa ka go dirisa seo ba neng ba na naso mo go tswelediseng pako ya gagwe. Ba ne ba latela kgothatso ya Bibela e e reng: “Tlotla Yehofa ka thoto ea gago.”​—Diane 3:9.

Tota ruri Jehofa o tshwanela tlotlo eno. Ga go ope yo o ka bapisiwang le ene. Jaaka Tshenolō 4:11 e tlhalosa: “Go gu chwanetse, Morèna oa rona, le Modimo oa rona, oa bo u bōna kgalalèlō, le tlotlō, le thata: gonne u tlhodile dilō cotlhe, me di ne di leeō, me tsa bopiwa ka ntlha ea go rata ga gago.” Ga se fela gore go boammaaruri gore “mo go ōna rea tshela, mo go ōna re a tshikinyèga, re leeō ka ōna,” mme o re baakanyeditse ka se se molemo-lemo. (Ditihō 17:28) Fela jaaka mokwadi wa Bibela Jakobe a re gakolola, Modimo ke Monei wa “nèō ñwe le ñwe e e molemō, le se se molemō señwe le señwe.”​—Yakobe 1:17.

Le fa go ntse jalo, ga se botlhe ba ba lemogang kafa go tlhokafalang ka gone go baka le go tlotla Jehofa. Tota, dimilione tsa batho ga ba a ithuta le e leng leina la gagwe! Ba le bantsi ba obamela dilo tse di bopilweng “bogolo go Mmopi.” (Baroma 1:25) Ba ba dipelo di ikanyegang ba tlhoka gore ba fiwe lesedi. Ba tlhoka go itse gore Jehofa o tla tloga a tsaya kgato. Ka bobusi jwa Morwawe, o tla tlosa bagateledi botlhe le kgatelelo ya bone mo lefatsheng ka bosakhutleng, a busetse dilo mo boitekanelong, le go tsosolosa Paradaise le kgono ya motho go ka tshelela ruri ka botsogo jo bo itekanetseng. (Daniele 2:44; Tshenolō 21:1, 3, 4) Tota ruri, matshelo a bao ba senkang tshiamo a ikaegile mo go bapaleng le mo go diriseng ga bone kitso e e ntseng jalo.​—Sefania 2:3; Yohane 17:3.

Boikemisetso le Kanaanelo di a Tlhokafala

A le wena o tla rata go arola mo tirong eno ya go boloka botshelo? Go kopanyelediwa go le gontsi mo go anamiseng “Mahoko a a Molemō” a Bogosi joo “mo lehatshiñ yeotlhe.” (Mathaio 24:14) Badiri ba ba ikemiseditseng ba tshwanetse ba thapisiwa, ba tlamelwa, le go romelwa go ya go rera. Abo go itumedisa jang go bona batho ba ba fetang 2 800 000 jaanong ba tlotla Jehofa ka go rera mafoko a a molemo a Bogosi lefatshe ka bophara! Dipalo tse dikgolo tsa bano ba dira jalo mo motheong wa nako e e tletseng, ba le bantsi ba bile ba ya mafelong ao go nang le tlhokafalo e kgolwane gone. Diketekete tsa barongwa di setse di rometswe go ya go simolola tiro ya go rera mo mafatsheng a mangwe, mme ba ba oketsegileng ba ntse ba okediwa mo go bone.

Go lebela, go tshegetsa, le go ema nokeng tiro eno yotlhe go tlhoka tsamaiso e kgolo. Didirisiwa tse dintšha tsa lekala le magae a barongwa go dikologa kgolokwe di ile tsa agiwa le go atolosiwa. Mafelo a kobamelo​—Diholo tsa Bogosi le Diholo tsa Kopano—​ga jaanong di ntse di agiwa ka selekanyo se segolo. Ke mo go omosang pelo go bona kafa batho ba ba ikemiseditseng ba ga Jehofa ba ileng ba arabela ka gone, ba bontsha boiketleetso jwa go dirisa gotlhe mo ba nang nago mo tirelong ya ga Jehofa. (Pesalema 110:3) Mme go ‘akohisiwa’ ga tiro ya go phutha mo go boleletsweng pele mo metlheng eno ya bofelo jaanong go tlhoka boikemisetso jo bo oketsegileng jwa go tlotla Jehofa ka dithoto tsa rona. (Isaia 60:22) Ke eng, he, se se tlhokwang mo go rona?

Kanaanelo ke selo se sengwe​—go anaanela seo Jehofa a se re fileng. Ee, dilwana tsa rona tota tota ke dimpho go tswa go Jehofa. “Me,” go botsa moaposetoloi Paulo, “U na le eñ se u se kañ oa se nèwa hèla?” (1 Bakorintha 4:7) Mme Modimo o di re neetse ka boikaelelo bofe? E le gore re tle re dirise dineo tse di ntseng jalo mo go mo tlotleng!​—1 Petere 4:10, 11.

Dineo tseno di akareletsa mahumo a rona a mmele, a tlhaloganyo, a semoya, le a dilo tse di bonalang​—ee, botshelo ka bojone. Abo Jehofa a ile a nna pelotshweu go mongwe le mongwe wa rona! Abo a ile a tlhoma sekao se sentle jang sa go aba! E le ruri, go bo re amogetse mo go golo mo letlotlong la ga Jehofa go tshwanetse ga re tlhotlheletsa go bontsha kanaanelo ya dipaakanyetso tse di ntseng jalo. A mme ka gone ga re tlhotlhelediwe go mo tlotla ka seo re nang naso?

Gongwe o ikutlwa o tlhaela mo go se o ka se dirang. Gone go ntse jalo, ga se mongwe le mongwe yo o ka direlang jaaka morongwa kwa lefatsheng le le kgakala kana yo o ka ineelang mo karolong e nngwe ya tirelo ya nako e e tletseng. Le fa e le gore bontsi jwa rona re na le kgono kana tsela ya go ya go thusa mo ditirong tsa kago. Maemo a botho le one a tlhaetsa bao ba ka dirisang matshelo a bone go direla mo diofising tsa makala koo dikgatiso, tse di botlhokwa jaaka makasine ono, di gatisiwang gone. Lefa go le jalo, mongwe le mongwe wa rona o ka itemogela boitumelo jo bogolwane jo bo nnang gone ka ntlha ya go aba. (Ditihō 20:35) Mme rotlhe re ka dirisa matshelo a rona le puo ka ditsela tse di itumedisang Modimo le go mo tlotla le go mmaka.​—Bakolosa 3:23.

Kafa Go ka Dirwang ka Teng

Lemororo ba sa le babotlana mo dingwageng, Shelley le Stephen ba ile ba bona tsela. Ba ne ba lemoga gore moneelo wa bone go Mokgatlho wa Watchtower o ka dirisiwa mo go tswelediseng tiro ya lefatshe lotlhe ya go rera. Mme moneelo wa bone, go sa kgathalesege gore ke bokae, e le ruri o ne wa anaaneIwa. Stephen o ne a amogela lekwalo la tebogo. Mme le ene Shelley yo mmotlana. Ga se selekanyo mme ke boikutlo jo bo buang, ka jaana gore mpho e amogelwe e tshwanetse ya bo e le ya boithatelo gotlhelele. (2 Bakorintha 9:7) Jehofa o itumelela meneelo ya rona, e ka ne e le e megolo kana e le mebotlana, fa e emela boineelo jwa rona jwa moya otlhe go ene.​—Luke 21:1-4.

Kanaanelo, he, e latelwa ke kgato. A re ile ra tlhatlhoba dithoto tse re nang natso tse di ka dirisediwang go tlotla Jehofa? Matshelo a rona, ka tlhagafalo lefa e ka nna efe le nonofo tse re nang natso, tota ruri ke tse di tlhokegang mme ga di a tshwanelwa go senngwa ka ditelekiso tsa lefela. A re senya nako e ntsi kafa re ka kgonang ka teng mo go godiseng le go tiiseng kamano e e atamalaneng, le ya botho le Jehofa? A re mo tlotla ka go bolela leina la gagwe le molaetsa ka dipounama tsa rona? (Bahebera 13:15, 16) Bana ba bannye le bone ke boswa jo bo tlhokegang jo re bo filweng ke Jehofa. (Pesalema 127:3) A re ba kgothaletsa go ineela matshelo a bone tirelong ya Modimo?

Go tswa foo go na le gouta ya sebele, selefera, le mahumo a mangwe a madi. Meneelo ya mefuta e e ntseng jalo e tshegetsa diphuthego tsa mafelo a rona, go akareletsa le go tlhokomela Diholo tsa Bogosi le Diholo tsa Kopano tseo di direlang jaaka bokgobokanelo jwa tao ya Bibela le ditiro tsa go rera mo metseng ya rona. Fa e romelwa kwa ntlong kgolo ya Mokgatlho wa Watchtower kana ofising ya lekala mo nageng nngwe e e rileng, meneelo eno e thusa go tsweledisa pele tiro ya lefatshe ka bophara ya go rera ka Bogosi. Meneelo e e ntseng jalo e ka beelwa kwa thoko go dirisiwa mo sebakeng le fa e ka nna sefe se re se batlang. Shelley yo mmotlana, yo o akantseng ka mokgele wa gagwe wa tirelo ya borongwa, o ne a batla go thusa barongwa. Stephen, yo o neng a utlwaletse ka tlhokafalo e kgolo ya makgolo-kgolo a Diholo tsa Bogosi tse di oketsegileng le namane e tona ya katoloso e e diragalang, o ne a batla gore moneelo wa gagwe o isiwe go Letlole la Diholo tsa Bogosi la Mokgatlho. Ba bangwe ba ntsha meneelo ya ditlhokafalo tse di kgethegileng, jaaka go neelana ka thuso mo dipakeng tsa kudumedi.

Lefa go le jalo, gantsi, batho bangwe ba ikgethela go letla ofisi ya lekala go tlhomamisa ka moo madi a tla dirisiwang ka gone, ereka bakaulengwe bao ba itse gore ke tlhokafalo efe e e tlamang thata. Mongwe yo o neng a ntsha moneelo o ne a kwala a re: “Tswee tswee amogelang tšheke ke eo gore Mokgatlho o e dirise kafa o bonang go tshwanela ka teng mo go tswelediseng tiro ya go rera. Re itumelela go bona koketsego e ntle ka ntlha ya maiteko a batho botlhe ba ga Jehofa ka tshegofatso ya ga Jehofa mo tirong.” Lekwalo le lengwe le ne la re: “Bosheng jaana, fa ke sena go tlogela tiro, ke ne ka amogela namane e tona ya madi go tswa khampaneng eo ke neng ke bereka mo go yone. Ke keletso e e peloephepa ya me le mosadi wa me gore mangwe a madi ano a dirisediwe go tsweledisa go bolelwa ga Bogosi. Jalo tswee tswee amogelang tšheke ke eo e le ya rona le bana ba rona. E kete Jehofa o ka le segofatsa jaaka lo tla bo lo tlhomamisa gore madi ano a ka dirisiwa jang mo go molemo-lemo.”

Jehofa o itumelela go bona boikemisetso jo bo ntseng jalo jwa go mo tlotla ka dithoto tsa rona. O tswelela pele ka tsholofetso ya gagwe: “Yalo mabolokèlō a gago a tla tlala letlōtlō, le dithatholèlō tsa gago di tla penologa boyalwa yo bosha.” Jaaka mo Iseraeleng wa bogologolo, jalo le gompieno Jehofa ka bopelotshweu o duela moya o o ntseng jalo wa bopelontle. Fa motho a dirisa dithoto tsa gagwe go mo tlotla seo ga se reye gore o a bo a di feleletsa mme di okediwa ka ntlha ya tshegofatso ya ga Jehofa mo moneing!​—Diane 3:9, 10.

Abo e le tshiamelo jang ne go kgona go tlotla Jehofa le go tlhaolega jaaka yo o farologaneng “mo gare ga losika lo lo kgōpō le logwadi”! Mme e bile a bo e le tshiamelo ya rona go kgona go arola mo go boleleng ka Bogosi, tiro eo a e abileng gore e dirwe pele ga tsamaiso eno ya dilo e e boikepo e fela. (Bafilipi 2:15; Mathaio 24:14; 28:19, 20) Ka bonakonyana ponatshegelo e e tlhotlheleditsweng e tloga e diragadiwa fa “sebopiwa senwe le senwe,” go sa kgathalesege gore kae, se tla bong se neela tlotlo ka bosakhutleng, le kgalalelo, le thata go Jehofa. (Tshenolō 5:13; 7:12) A ka ditsela tsotlhe, le gone jaanong re tlotle Jehofa ka dithoto tsa rona.

[Lebokoso mo go tsebe 22]

“Tota Tiro ya Lona e Duelelwa Jang?”

Ba le bantsi ba botsa potso eno. Ba gakgamadiwa ke go bona gore fa Basupi ba tla mo magaeng a bone ga ba lope madi ape. Ba bangwe ka mo go tshwanang ba tshwarwa ke kgakge fa, e re ba tlile kopanong ya Basupi kana ba etetse Holo ya Bogosi nngwe e le lantlha, ba fitlhelang go sena koleke epe e e tsewang. Jalo he, tiro ya bosupi e duelelwa jang? Karabo ke go re: ke ka meneelo ya boithatelo go tswa go bao ba batlang go tlotla Jehofa ka dithoto tsa bone. (Diane 3:9) Tseno ke ditsela tse dingwe tseo seno se fitlhelelwang ka tsone.

Dimpho: Dineo tsa madi di ka romelwa ka tlhamalalo go Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania, 25 Columbia Heights, Brooklyn, New York 11201, kana mo dinageng tse dingwe koo go nang le lekala la ofisi ya Mokgatlho. Lekwalo le lekhutshwane leo le tlhalosang gore seo ke neo lo tshwanetse lwa tla le meneelo. Dilwana le tsone di ka ntshiwa.

Thulaganyo ya Meneelo e e Beetsweng Lobaka: Madi, ditoko, dibonto, le dilwana di ka neelwa Mokgatlho ka tshetla ya gore, fa di ka tlhokwa, di busediwe go mong. Motlhala ono o tila ditshenyegelo le go sa tlhomamisegeng ga melawana ya diwili, fa o tlhomamisetsa gore Mokgatlho o amogela dilwana fa motho a ka swa.

Inshorense: Mokgatlho wa Watch Tower o ka kwalwa jaaka o o tla bonang ditshwanelo tsa tumalano ya inshorense mme e bile o tshwanetse go itsisiwe jalo. Ka mo go tshwanang, madi a a bolokilweng mo bankeng le one a ka beelwa Mokgatlho.

Diwili: Dilwana kana madi di ka tlogelelwa Mokgatlho wa WatchTower ka wili e e kwadilweng kafa molaong. Go tshwanetswe ga romelwa sekaelo se sengwe go Mokgatlho.

Boikitsiso jo bo oketsegileng kana kgakololo di ka bonwa ka go kwalela Watch Tower Bible and Tract Society, Office of the Secretary and Treasurer, 25 Columbia Heights, Brooklyn, New York 11201 kana lekala lefe le lefe la lefelo leo.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela