Pego ya Baboledi ba Bogosi
Lorato, “Sebōhō sa Boitekanèlō”
LORATO gareng ga Bakeresete ke “sebōhō sa boitekanèlō,” mme fa lo bontshiwa go felela ka go nna le bokaulengwe jwa lefatshe lotlhe. (Bakolosa 3:14) “Sebōhō sa boitekanèlō” se bontshiwa ke bakaulengwe ba rona mo Afrika jaaka ba bontshana lorato gammogo le mo go Jehofa, Monei le Motshegetsi wa botshelo.—Pesalema 36:9; Ditihō 17:28.
◻ Ka ntlha ya leuba la bosheng je le tsereng dingwaga di le tharo mo Zimbabwe, mafelo a le mantsi a ne a le mo boemong jo bo tlhomolang pelo. Seno, le gale, se ne sa ama bakaulengwe ba rona ba ba nnang mo mafelong ao. Lefa go ntse jalo, Basupi ka bone ba ne ba arabela sentle thata mo mokgosing wa thuso. Tota, go ne ga abiwa diaparo di le dintsi thata mo go neng ga tlhokafala gore bakaulengwe ba itsisiwe gore ba emise go ntsha tse di oketsegileng go fitlhela kitsiso e ntshiwa. Seno, gammogo le thuso e e neng ya neelwa ke goromente, se ne sa neela bontsi jwa bakaulengwe ba rona thuso eo ba neng ba e tlhoka. “Bao ba santseng ba tlhoka le bone ba bona tlamelo,” ga bega jalo ofisi ya lekala ya Mokgatlho.
Thuso eno e e lorato ya bakaulengwe ba rona ga e a feta fela e sa elwatlhoko. Monna mongwe yo o sa dumelang o ne a raya mosadi wa gagwe, yo o leng Mosupi a re: “E re ntswa ba bangwe ba amoga batho se ba nang naso, lona [Basupi] lo ba tlamela ka dijo le diaparo.” Dikakgelo tse di molemo di ile tsa dirwa ke ba bangwe gape.
Lorato gareng ga Basupi ba ga Jehofa lo direla jaaka “sebōhō sa boitekanèlō,” le go ba tlhaola jaaka Bakeresete ba boammaaruri.—Yohane 13:35.
◻ Sekai se sengwe sa lorato le kutlwano gareng ga batho ba ga Jehofa se ne sa bonwa mo Kopanong ya Kgaolo ya “Kutlwano ya Bogosi” e e neng e tshwaretswe mo Freetown, Sierra Leone. Go ne ga tla barongwa mo kopanong eno go tswa Guinea le Liberia, gammogo le go tswa dikarolong tse di farologaneng tsa Sierra Leone. Go ne ga tshwarwa dithulaganyo di le pedi ka nako e le nngwe fela—e nngwe e le ka Sekgoa le Se-krio, e nngwe e le ka Se-kisi le Sefora. Pego ya Lekala e tlhalosa lorato le kutlwano tse di neng tsa bontshiwa mo pakeng eno. E re:
“E ne e le nako e e ipedisang thata fa bakaulengwe ba ba buang Se-kisi le Sefora ba kopanela mo thulaganyong ya Sekgoa go tlhakanela pina ya bofelo le thapelo. Ba le bantsi ba ne ba tsholola dikeledl tsa boitumelo fa ba bona barongwa ba ka feta 400 ba kgabaganya lobala go ya go kopanela le bone go obamela Jehofa ka kutlwano ka pina le ka thapelo.” E tsopola moelatlhoko mongwe a re: “Jehofa o itse go rulaganya batho ba gagwe. Abo e le pontsho e e phepafetseng ya kutlwano!”
Kutlwano eno e iponatsa thata fa re akanyetsa gore bao ba neng ba kopane e ne e le ba merafe e e farologanyeng, mme lefa go le jalo ba ne ba kopana mmogo ka kagiso. Go tlhoka moya wa ga Jehofa go fitlhelela se. Kutlwano eno e ne ya bolelelwa pele mo go Tshenolō 7:9: “Moragō ga dilō tse ka leba, me bōnañ, boidildi yo bogolo jwa batho, yo go señ motho opè eo o ka bo balañ, e le ba morahe moñwe le moñwe, le ba dicō cotlhe, le batho, le dipuō, ba eme ha pele ga setulō sa bogosi, le ha pele ga Kwana, ba apere dikobō tse dichweu, me ba chotse makolane ka diatla.” Tshe 7 Temana 10 ya kgaolo e e tshwanang e bontsha sephiri sa kutlwano eno fa e re: “Me ba thèla loshalaba lo logolo, ba re, Poloka e nnè go Modimo oa rona o o dutseñ mo setuloñ sa bogosi, le go Kwana.”