“Tlotla Jehofa ka Thoto ya Gago”—Jang?
“TLOTLA Jehofa ka thoto ya gago, le ka tsa ntlha tsa totafalelo yotlhe ya gago.” Se se mo mafokong ano a a tlhotlheleditsweng a a botlhale, a a kwadilweng dingwaga di ka nna 2600 tse di fetileng, ke selotlolo sa go nna le masego a ga Jehofa a mantsi, ka gonne mokwadi yono o tswelela pele a tlhalosa jaana: “Jalo mabolokelo a gago a tlaa tlala letlotlo, le dithatholelo tsa gago di tlaa penologa bojalwa jo boša.”—Diane 3:9, 10.
Mme ke eng se se bolelwang ke go tlotla Modimo? Ke dithoto dife tse re ka tlotlang Jehofa ka tsone? Mme re ka dira seno jang?
“Tlotla Jehofa”
Mo Dikwalong, lefoko la konokono la Sehebera le le rayang tlotlo, ka·vohdhʹ, totatota le kaya “boima.” Ka jalo go tlotla motho go kaya go mo tsaya a le boima, a kgatlha, kana a le botlhokwa. Lefoko le lengwe la Sehebera le le rayang tlotlo, yeqarʹ, le lone le ranolwa ka gore “botlhokwatlhokwa” le “dilo tse di tlhokegang thata.” Ka mo go tshwanang, lefoko la Segerika ti·meʹ, le le ranotsweng ka gore “tlotlo” mo Baebeleng, le tlhalosa tlotlomatso, botlhokwa, selo se se tlhokegang thata. Ka gone motho o tlotla yo mongwe ka go mmontsha tlotlo e e boteng le go mo tlotlomatsa.
Gape go tlotla go ka dirwa ka tsela e nngwe. Akanya ka pego e e malebana le Moretekai wa Mojuda yo o ikanyegang, yo mo lekgetlhong lengwe a neng a senola go rerwa ga botshelo jwa ga Kgosi Ahasueruse wa Peresia ya bogologolo. Moragonyana, fa kgosi e sena go itse gore ga go na sepe se se dirilweng go tlotla Moretekai ka se a se dirileng, o ne a botsa modiredi wa gagwe yo mogolo, Hamane, kafa go ka tlotliwang thata ka teng motho yo kgosi e mo itumelelang. Hamane o ne a akanya gore go tla tlotlwa ene, mme a bo a ne a le phoso jang ne! Legale, Hamane o ne a bolela gore motho yoo o tshwanetse go apesiwa “diaparo tsa segosi” mme a palame “pitse e kgosi e ntseng e e palama.” O ne a konela jaana: “Ba mo ralatse mmila wa motse a palame pitse, ba ope mokgosi fa pele ga gagwe, ba re: ‘Go direlwa jaana monna yo kgosi e itumelang go mo tlotla.’” (Esethere 6:1-9) Mo lekgetlhong leno, go neela motho tlotlo go ne go akaretsa go mo tlotlomatsa phatlalatsa e le gore a tlotlomadiwe thata ke batho botlhe.
Ka mo go tshwanang, go neela Jehofa tlotlo go dirwa ka ditsela tse pedi: go mo tseela kwa godimo ka namana le go mo tlotlomatsa phatlalatsa ka go nna le seabe le go tshegetsa tiro ya go bolela leina la gagwe phatlalatsa.
“Thoto ya Gago”—Ke Eng?
Tota dithoto tsa rona di akaretsa botshelo jwa rona, nako ya rona, ditalente tsa rona le maatla a rona. Go tweng ka matlotlo a re nang le one? Akanya ka mafoko a ga Jesu fa a ne a bona motlholagadi wa motlhoki a latlhela madinyana a tshipi a mabedi a boleng jo bo kwa tlase mo letloleng la matlotlo la tempele. O ne a bolela jaana: “Motlholagadi yono, le mororo a humanegile, o latlhetse go feta jaaka botlhe ba dirile. Gonne botlhe bano [ba bangwe ba ba neng ba ntsha meneelo] ba latlhetse dimpho tse di tswang mo go se se setseng sa bone, mme mosadi yono go tswa mo letlhokong la gagwe o latlhetse gotlhe mo a itshedisang ka gone mo a neng a na le gone.” (Luke 21:1-4) Jesu o ne a akgolela motlholagadi yono go bo a ne a dirisa madi a gagwe gore a etleetse kobamelo ya ga Jehofa.
Go phepafetse he gore dithoto tse di umakilweng ke Solomone gape di akaretsa matlotlo ape fela a re ka tswang re na le one. Mme mafoko a a reng “totafalelo yotlhe ya gago” a na le kgopolo ya go neela Jehofa dithoto tsa rona tse di botlhokwa thata.
Le fa go le jalo, go aba matlotlo go ka tlotla Modimo jang? A dilo tsotlhe ga se tsa gagwe? (Pesalema 50:10; 95:3-5) “Dilo tsotlhe di tswa mo go wena,” go ne ga lemoga jalo Kgosi Dafide fa a ne a rapela Jehofa go tswa mo pelong. Mme Dafide o ne a bolela jaana ka meneelo e mentsi e ene le batho ba gagwe ba neng ba e ntsha gore go agiwe tempele: “Re go neile mo e leng ga gago fela.” (1 Ditirafalo 29:14) Ka jalo fa re ntshetsa Jehofa dimpho, re a bo re mmusetsa se a se re neetseng ka bomolemo jwa pelo ya gagwe. (1 Bakorintha 4:7) Mme jaaka go boletswe pelenyana, go tlotla Jehofa go akaretsa go mo tlotlomatsa mo matlhong a ba bangwe. Mme dimpho tse di dirisiwang go tsweledisa kobamelo ya boammaaruri pele di tlotla Modimo. Baebele e tshotse dikai tse di molemolemo tse di malebana le tsela eno ya go tlotla Jehofa.
Dikai Tsa Nako e e Fetileng
Dingwaga di ka nna 3500 tse di fetileng, fa nako e tla ya gore Jehofa a dire motlaagana mo nageng e le lefelo la kobamelo ya Baiseraele, go ne ga tlhokega dilo tse di tlhwatlhwakgolo tse di farologaneng go ya kafa Modimo a neng a batla o nna ka teng. Jehofa o ne a laela Moshe gore ‘mongwe le mongwe yo pelo ya gagwe e ratang a neele Jehofa.’ (Ekesodo 35:5) Pego eno e tswelela pele jaana: “Ba tla, mongwe le mongwe yo pelo ya gagwe e mo tlhotlheletsang, le mongwe le mongwe yo mowa wa gagwe o mo ratisitseng, mme ba lere tshupelo ya ga Jehofa, ya tiro ya mogope wa bophuthegelo, le ya tirelo yotlhe ya one, le ya diaparo tse di itshepileng.” (Ekesodo 35:21) Tota, meneelo ya bone ya boithaopo e ne e le mentsi thata go feta se se neng se tlhokega go dira tiro eo mo batho ba neng ba ‘kganelwa go lere’!—Ekesodo 36:5, 6.
Akanya ka sekai se sengwe. Fa motlaagana o sena go wetsa tiro ya one mme go ne go dirwa dithulaganyo tsa go aga tempele, Dafide o ne a ntshetsa tempele moneelo o mogolo wa gore morwawe Solomone a e age. Gape o ne a kopa ba bangwe gore ba dire mmogo le ene, mme batho ba ne ba arabela ka go tlisetsa Jehofa dimpho tsa dithoto. Selefera le gouta fela di ne di ka nna dikete tsa dimilione di le 222 tsa diranta ka tlhwatlhwa ya gompieno. “Foo batho ba itumela ka ba ntsha ka peleego, gonne ba ne ba naya Jehofa ka boitumelo ka pelo e e itekanetseng.”—1 Ditirafalo 29:3-9; 2 Ditirafalo 5:1.
‘Go Ntsha ka go Rata’ mo Motlheng wa Rona
Re ka nna le seabe jang mo go itumeleleng go ntsha ka go rata mo motlheng wa rona? Tiro e e botlhokwa thata e e dirwang mo lefatsheng mo nakong eno ke ya go rera ka Bogosi le ya go dira barutwa. (Mathaio 24:14; 28:19, 20; Ditiro 1:8) Mme Jehofa o bone go tshwanela gore a neele Basupi ba gagwe dilo tse di direlwang Bogosi mo lefatsheng.—Isaia 43:10.
Ga go na pelaelo gore go tlhokega madi gore go duelelwe tiro e Basupi ba ga Jehofa ba e dirang gompieno. Go aga le go baakanya Diholo Tsa Bogosi, Diholo Tsa Dikopano, diofisi tsa makala, difeketeri, le magae a Bethele go tlhoka madi. Go gatisa le go anamisa Dibaebele le dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng ka dipuo tse di farologaneng le gone ke ditshenyegelo. Ditshenyegelo tseno tsa mokgatlho di duelelwa jang? Ka meneelo e tota e ntshiwang ka go rata!
Bontsi jwa meneelo eno e tswa mo bathong ba—jaaka motlholagadi yo Jesu a neng a mo lebile—ba se nang mo go kalo kalo. E re ka ba sa batle go latlhegelwa ke tsela eno ya go tlotla Jehofa, ba ntsha meneelo e e lekaneng “go ya ka se tota ba se kgonang,” mme ka dinako tse dingwe, ba “feta se tota ba neng ba se kgona.”—2 Bakorintha 8:3, 4.
Moaposetoloi Paulo o ne a bolelela Bakeresete ba kwa Korintha jaana: “A mongwe le mongwe a dire fela jaaka a sweditse mo pelong ya gagwe, e seng ka go ikgoga fela kgotsa ka go patelelwa, gonne Modimo o rata monei yo o thamileng.” (2 Bakorintha 9:7) Go neela ka go thama go batla gore motho a rulaganye dilo sentle. Paulo o ne a bolelela Bakorintha jaana: “Letsatsi lengwe le lengwe la ntlha la beke a mongwe le mongwe wa lona kwa ntlong ya gagwe a beele sengwe kwa thoko mo bobolokelong go ya kafa a ka tswang a tlhogonolofala ka gone, e le gore fa ke goroga go phuthiwa ga madi go se ka ga diragala ka nako eo.” (1 Bakorintha 16:2) Ka mo go tshwanang, batho ba ba eletsang go ntsha meneelo mo sephiring le ka go rata gore go tsweledisiwe tiro ya Bogosi pele gompieno ba ka beela madi a mangwe kwa thoko go a dirisetsa seo.
Jehofa o Segofatsa Ba ba Mo Tlotlang
Le fa dikhumo ka botsone di sa tlise khumo ya semoya, fa re dirisa dithoto tsa rona ka bopelotshweu—nako ya rona, maatla a rona le madi a rona—go tlotla Jehofa go tlisa masego a magolo. Seno se ntse jalo ka gonne Modimo, yo dilo tsotlhe e leng tsa gagwe, o re tlhomamisetsa jaana: “Motho yo o fang ka pelontle o tlaa nontshiwa, le yo o nosang le ene ka esi o tlaa nosiwa.”—Diane 11:25.
Morago ga loso lwa ga Kgosi Dafide, morwawe Solomone o ne a dirisa meneelo e rraagwe a neng a ithaopetse go e kokoanya gore a age tempele e ntle, kafa Jehofa a neng a laela ka teng. Mme fa Solomone a ne a nna a ikanyega mo kobamelong ya Modimo, “Bajuta le Baiseraele ba ne ba [aga] ka thagamo . . . go tswa Dane go ya Beerešeba ka metlha ya ga Solomone.” (1 Dikgosi 4:25) Mabolokelo a ne a tlala, dipitsa tsa mofine di penologa—fa Iseraele e ne e ‘tlotla Jehofa ka dithoto tsa yone.’
Moragonyana, Jehofa o ne a bolela jaana ka moporofeti Malaki: “‘Lo tle lo nteke ka gone,’ go bua Jehofa wa masomosomo, ‘lo bone boo ga nketla ke le bulela dikgoro tsa legodimo, ke lo goromeletsa lesego le go se ketlang go nna le bonno jo bo lekanyeng go le baya.’” (Malaki 3:10) Go huma semoyeng mo batlhanka ba ga Jehofa ba go itumelelang gompieno ke bosupi jwa gore Modimo o bolokile tsholofetso ya gagwe.
Tota Jehofa o a itumela fa re dira seabe sa rona sa go tsweledisa dilo tse di direlwang Bogosi pele. (Bahebera 13:15, 16) Mme o solofetsa go re tshegetsa fa re ‘batla pele bogosi jwa gagwe le tshiamo ya gagwe.’ (Mathaio 6:33) Ka go itumela thata mo pelong, e kete re ka ‘tlotla Jehofa ka dithoto tsa rona.’
[Lebokoso mo go tsebe 28, 29]
Ditsela Tse Bangwe ba Ntshang Meneelo ya Tiro ya Lefatshe ka Bophara ka Tsone
Batho ba bantsi ba beela kwa thoko madi a ba a tsenyang mo mabokoseng. Diphuthego di romela madi ano kgwedi nngwe le nngwe kwa ntlokgolong ya lefatshe lotlhe kwa Brooklyn, kwa New York, kana kwa ofising ya lekala ya lefelo la bone.
Go ka nna ga romelwa meneelo ya madi a a ntshitsweng ka go rata ka tlhamalalo kwa Treasurer’s Office, Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania, 25 Columbia Heights, Brooklyn, New York 11201-2483, kana kwa ofising ya Mokgatlho e e thusang naga ya gaeno. Dibenya kana dilo tse dingwe tse di tlhwatlhwakgolo di ka ntshiwa moneelo le tsone. Go tla tlhokega gore meneelo eno e romelwe le lekwalo le lekhutshwane le le tlhalosang gore eno ke mpho fela.
Thulaganyo ya Meneelo e e Ikaegileng ka Mabaka Mangwe
Madi a ka neelwa Mokgatlho wa Watch Tower gore o a tlhokomele go fitlha motho yo o a ntshitseng a tlhokafala, go dumalanwe gore mong wa madi o tla a busediwa fa a a tlhoka. Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, tsweetswee ikopanye le Treasurer’s Office mo atereseng e e fa tlase.
Go Aba o Rulagantse Sentle
Mo godimo ga go ntsha dimpho tsa madi ka tlhamalalo le meneelo e e ikaegileng ka mabaka mangwe, go na le mekgwa e mengwe gape ya go aba e e tsweledisang tiro ya Bogosi pele mo lefatsheng lotlhe. E akaretsa:
Inshorense: Mokgatlho wa Watch Tower o ka kwalwa gore ke one o tla amogelang madi a inshorense ya botshelo kana a thulaganyo ya go tlogela tiro/phenshene. Mokgatlho o tshwanetse go itsisiwe ka thulaganyo epe fela e e ntseng jalo.
Ditoko le Dibonto: Ditoko le dibonto di ka newa Mokgatlho wa Watch Tower ka tlhamalalo jaaka mpho kana ka thulaganyo e mo go yone yo o ntshitseng moneelo ono a tswelelang a bona lotseno lwa one.
Ditsha le Dikago Tsa Tsone: Ditsha le dikago tse di kgonang go rekisiwa di ka neelwa Mokgatlho wa Watch Tower ka tlhamalalo kana ka gore di nne tsa mong fa a sa ntse a tshela, mo a ka tswelelang a nna mo go tsone fa a sa ntse a tshela. Motho o tshwanetse go ikgolaganya le Mokgatlho pele a kwadisa ditsha dipe le dikago tsa tsone mo leineng la Mokgatlho.
Diwili: Dithoto kana madi di ka tlogelelwa Mokgatlho wa Watch Tower ka wili e e kwadilweng semmuso. Go tshwanetse ga romelwa khopi ya wili eo kwa Mokgatlhong. Ba ba kgatlhegelang dithulaganyo tseno tsa go aba ba tshwanetse go ikgolaganya le Treasurer’s Office kwa atereseng e e kwadilweng fa tlase kana ofisi ya Mokgatlho e e thusang naga ya lona. Treasurer’s Office e tshwanetse go amogela makwalo a a tshwanetseng a dithulaganyo tseno.
TREASURER’S OFFICE
Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
Private Bag X2067, Krugersdorp, 1740
Nomoro ya mogala: (011) 761-1000