Go Kaiwa o le Mosiami Jaaka Tsala ya Modimo
“Aberahame a dumèla Modimo, me a go balèlwa e le tshiamō; me a bidiwa tsala ea Modimo.”—YAKOBE 2:23.
1, 2. “Dilō tse di mo lehatshiñ” le “dilō tse di kwa magodimoñ” di letlanngwa jang le Modimo?
“GONNE e ne e le mo go kgatlhileñ Rara, gore botlalō yotlhe bo agè mo go èna; le gore a itetlanyetsè dilō cotlhe ka èna, ka a dihile kagishō ka madi a mokgōrō oa gagwè; ka re, ka èna, leha e ka ne e le dilō tse di mo lehatshiñ, kgotsa dilō tse di kwa magodimoñ.” (Bakolosa 1:19, 20) Boikaelelo jono jwa bomodimo jwa tetlanyo bo atamela setlhoa sa jone.
2 “Dilō tse di kwa magodimoñ” ga se ditshedi tsa moya, gonne baengele ga ba rekololwe ka madi a ga Keresete. Go na le moo ke batho ba ba rekilweng ka madi a Kwana gore ba nne “bogosi le baperisiti” le Keresete mo ‘magodimong a masha.’ Bano ba setse ba kailwe ka botlalo jaaka basiami ka madi a ga Keresete. Go feta moo, mo e ka nnang dingwaga tse 50 jaanong, Jehofa o ntse a dira kagiso le “dilō tse di mo lehatshiñ,” batho bao e tla nnang bontlhanngwe jwa “lehatshe ye lesha” la tshiamo. (Tshenolō 5:9, 10; 2 Petere 3:13) Go phuthiwa gono ga “dilō cotlhe,” dilo tse di mo lefatsheng le dilo tse di kwa legodimong, go “kaha go kgatlhegeñ ga ōna [Jehofa] mo o go ikaeleletseñ.”—Baefesia 1:9, 10.
Boikaelelo jwa Modimo ka Morwawe Ebong Adame
3, 4. Boemo jwa ga Adame e ne e le bofe fa pele ga Modimo, mme o ne a santse a tlhoka go kaiwa jaaka mosiami go ya ka ntlha efe?
3 Adame o bopilwe e le morwa wa motho wa Modimo yo o itekanetseng, a siame. (Luke 3:38) Go siama ga gagwe go ne go sa duelwa kana go ne go sa balelwa. O ne a go ruile. Go ya ka pono ya go tlhoka molato fa pele ga ga Jehofa, Adame o ne a sa tlhoke go “kaiwa” jaaka mosiami. Fa fela a ne a ineetse mo taolong ya bobusi jwa Modimo, o ne a na le boemo jo bo molemo fa pele ga Mmopi wa gagwe.
4 Lefa go ntse jalo, o ne a ise a itshupe e le mmoloka bothokgami mme o ne a ise a kaiwe a tshwanela tshiamelo ya botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng. Ka ntlha ya seo, o ne a tshwanetse go bontsha boikanyegi go Jehofa le go ngaparela tshiamo ka lobaka lo lo rileng lwa nako. Ka gone, fa a ka bo a supile bothokgami jwa gagwe kafa tlase ga teko, a ka bo a amogetse tshiamelo ya botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng. Go ka bo go nnile jaaka ekete Modimo o ne o kaile, kana o itsisitse phatlalatsa gore, Adame o ne a tshwanelwa ke botshelo jo bo sa khutleng. Go bontsha seno, kwantle ga pelaelo Jehofa o ka bo a mo gogetse kwa ‘setlhareng sa botshelo’ le go mo letlelela go ja maungo a sone.—Genesise 2:9, 16, 17; 3:22.
5. (a) Adame mmogo le lotsalo lwa gagwe ba latlhegetswe ke eng ka sebele? (b) Ke tsholofelo efe ya kgololo mo boleong le mo losong eo Jehofa a e neetseng lobopo lwa batho?
5 Mme Adame o ne a palelwa fa a ne a lekwa mme ka gone ene le lotsalo lwa gagwe ba latlhegelwa ke boitekanelo, tshiamo, le go nna barwa. (Baroma 5:12) Ka jalo, ditlogoIwana tsa ga Adame di ne tsa tsalwa di tlhanogetse Modimo, di ruile boikepo. (Baefesia 2:3; Baroma 3:10) Jalo, lobopo lwa batho “lo no lo beilwe mo taolon ea boithamakō” mme “ka cholohèlō,” tsholofelo ya kgololo go tswa mo sebeng le mo losong eo e neng ya neelwa ka yone nako eo fela morago ga botsuolodi kwa Edene.—Baroma 8:20, 21; Genesise 3:15.
Go Kaiwa Jaaka Basiami Pele ga ga Keresete—Jang?
6, 7. (a) Batho bangwe ba ne ba kailwe jaaka basiami go ya bokgakaleng bofe pele ga loso lwa setlhabelo lwa ga Keresete? (b) Ke dikao dife tse dingwe tsa batlhanka ba ga Jehofa ba pele ga Bokeresete bao ba neng ba amogela boemo jo bo siameng?
6 Tsholofelo ya setho ya kgololo mo boleong le mo losong e ne e ikaegile ka go tla ga “losika” lo lo solofeditsweng, Morwa wa Modimo yo o tsetsweng a le esi. (Yohane 3:16) Pele ga loso Iwa setlhabelo lwa ga Keresete, go ne go sena tsela epe eo batho ba neng ba ka bona “kgololo le botshelo,” kana ‘go kaiwa ga bone jaaka basiami go bona botshelo.’ (Baroma 5:18; Revised Standard Version; New World Translation) Lefa go ntse jalo, le eleng pele ga fa Jesu a duela thekololo ya gore motho a gololwe, banna le basadi bangwe ba ne ba tlhoma tumelo mo tsholofetsong ya Modimo mme ba ne ba tshegetsa tumelo eo ka ditiro. Ka ntlha ya seno, Jehofa o ne a itshwarela boleo jwa bone ka bopelonomi mme a ba amogela jaaka batlhanka ba gagwe. O ba kaile ka lorato jaaka ba ba senang molato gotlhelele, fa ba bapisiwa le bontsi jwa setho seo se tlhanogetseng Modimo. (Pesalema 32:1, 2; Baefesia 2:12) O ne a ba naya boemo jo bo siameng, le go ba kaya jaaka basiami go ya bokgakaleng jo bo neng bo tshwanetse ka nako eo.
7 Ka gone, ka tumelo Abele “a shupiwa ka gōna ha a le tshiamō.” (Bahebera 11:4) Noa “a cwa morui oa tshiamō e e leñ kaha tumeloñ.” (Bahebera 11:7) Go sa kgathalesege makoa a gagwe, Jobe o ne a kaiwa a “itekanetse, a le thōkgamō.” (Yobe 1:1, 22; 7:21) Finehase o ne a bontsha go tlhoafalela kobamelo e e itshekileng, “me mouō, a go balèlwa ha e le tshiamō.” (Pesalema 106:30, 31; Dipalō 25:1-13) “Ka tumelō” le ka ditiro tsa gagwe tsa bopelonomi go batho ba Modimo, seaka seo e neng e se Moiseraele ebong Rahabe o ne a amogela boemo jo bo siameng, kana o ne a kaiwa jaaka mosiami.—Bahebera 11:31; Yakobe 2:25.
Ka Moo Aberahame a Kailweng Jaaka Mosiami ka Gone
8, 9. (a) Ke tshiamo ya bomang eo e leng setlhogo sa konokono sa lekwalo la ga Paulo le le yang go Baroma? (b) Ke ka ditsela dife tseo go kaiwa jaaka basiami ga “baitshepi” go fetang gole ga ga Aberahame?
8 Kgang ya ga Aberahame e tshwanelwa ke go tlhokomelwa ka mo go kgethegileng. Go kaiwa ga gagwe jaaka mosiami go umakiwa ke bakwadi ba babedi ba Dikwalo tsa Segerika tsa Bokeresete, bao ka bobedi jwa bone ba neng ba kwalela Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga bao ba neng ba bileditswe go nna karolo ya maloko a a 144 000 a Iseraele wa semoya.—Baroma 2:28, 29; 9:6; Yakobe 1:1; Tshenolō 7:4.
9 Mo lekwalong la gagwe le le yang go Baroma, Paulo o supa gore bao ba “bidicweñ go nna baitshepi” (Rom 1:7), Bajuda gammogo le Baditshaba (Rom 1:16, 17), ba kaiwa jaaka basiami “ka tumelō, kwa ntle ga ditihō tsa molaō.” (Rom 3:28) Go tshegetsa kgang ya gagwe ka mabaka, o simolola puisano e teleele (Rom 4:1-22) le go tsopola Genesise 15:6 ka go re: “Aberahame a dumèla Modimo, me a go balèlwa e le tshiamō.” Morago ga moo, mo ditemaneng tse di konelang tsa Rom kgaolo 4:25, Paulo o bolela gore Jesu “o na a neèlwa loshuñ ka ntlha ea ditlolō tsa rona, me a cosediwa tshiamishō ea rona [ke gore, “Baitshepi” (Baroma 1:7)]. “Rona” ga e kake ya kopanyeletsa Aberahame, ereka a sule bogologolo thata pele ga loso Iwa ga Keresete le tsogo ya gagwe. Ka gone, fa, mo dikgaolong tse di latelang, Paulo a bua ka bao ba tshwanetseng go “busa” le ka go kaiwa ga bone jaaka basiami gore ba bone “botshelō” ka tebelelo ya go nna “bana ba Modimo” le “baruaboshwa mmōgō le Keresete,” go pepenene gore o ne a bua ka sengwe seo se farologaneng gotlhelele le go neelwa ga tshiamo go Aberahame ke Modimo.—Baroma 5:17, 18; 8:14, 17, 28-33.
10. Jakobe o neela tshedimosetso jang malebana le boikaelelo jwa go kaiwa jaaka mosiami ga ga Aberahame?
10 Jakobe le ene o umaka Aberahame jaaka sekai go supa gore tumelo e tshwanetse go tshegetswa ka ditiro tsa bomodimo. Morago ga fa Jakobe a sena go bolela gore Aberahame o ne a kaiwa jaaka mosiami, ka go tsopola Genesise 15:6, o oketsa ka tlhaloso e e re thusang go bona boikaelelo jwa go siamisiwa ga ga Aberahame. O kwala jaana: “Lokwalō loa dihahala lo lo reñ, Aberahame a dumèla Modimo, me a go balèlwa e le tshiamō; me a bidiwa tsala ea Modimo.” (Yakobe 2:20-23) Ee, ka ntlha ya tumelo ya gagwe, Aberahame o ne a siamisiwa jaaka tsala ya ga Jehofa, eseng jaaka morwa yo o nang le tshiamelo ya botshelo jwa motho jo bo itekanetseng kana go busa le Keresete. Ka mo go kgatlhisang, mo Makaelagongweng a Testamente e Kgologolo a ga Robert Girdlestone, o kwadile jaana kaga tshiamo ya ga Aberahame: “Tshiamo eno e ne e sa felela, ke gore, jaaka eo e neng e tla hakela Aberahame go Modimo jaaka molopakabelo yo o tshwanetseng wa boswa jwa go nna morwa.”
Lekwalo la Segopodiso la ga Jehofa
11. Ke maina a bomang ao a kwadilweng mo lekwalong la segopodiso la ga Jehofa, mme ka ntlha yang?
11 Go balelwa tshiamo e e sa felelang ga banna le basadi ba ba ikanyegang pele ga ga Keresete e ne e le letshwao la tshiamiso le go itekanela tsa mmatota tse di amanang le botshelo jo bo sa khutleng joo ba ka bo bonang mo lefatsheng le lesha la Modimo. Ka ntlha ya ditebelelo tsa bone tsa botshelo, ba ka nna ba lebiwa jaaka bao maina a bone a kwadilweng mo lekwalong la segopodiso la ga Jehofa. (Bapisa Malaki 3:16; Ekesodo 32:32, 33.) Le tsentse maina a bao, ba lebiwang ke Jehofa jaaka “basiami” bao ba supileng tumelo ya bone ka ditiro tse di molemo, mme bao ba leng mo boemong jwa go amogela botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng.—Pesalema 69:28; Habakuke 2:4.
12. Ke eng seo “basiami” bao ba tsositsweng ba tla tshwanelwang ke go se dira go boloka maina a bone mo lekwalong la segopodiso la ga Jehofa?
12 Lefa go ntse jalo, maina a a ntseng jalo ga a ise a kwalwe mo “lokwaloñ loa botshelō” lwa ga Jehofa. (Tshenolō 20:15) Fa banna le basadi ba ba ikanyegang bao ba nako e e fetileng ba boela mo lefatsheng ka nako ya ‘tsogo ya basiami,’ kwantle ga pelaelo ba tla amogela ka tumelo paakanyetso ya ga Jehofa ya botshelo ka setlhabelo sa thekololo sa ga Keresete. (Ditihō 24:15) Ka gone ba tla nna bontlhanngwe jwa “dinku di sele” tsa ga Jesu, mmogo le “boidiidi yo bogolo” bao ba tla bong ba falotse “sepitla se segolo.” (Yohane 10:16; Tshenolō 7:9, 14) Ka go dira jalo, ba tla boloka maina a bone mo lekwalong la segopodiso la ga Jehofa.
Go Kaiwa Jaaka Basiami Gore lo Falole Jaaka Ditsala
13. Ke bomang bao Modisa yo o Molemo a ba tlisang jaanong, mme ba kwadiwa jang mo lekwalong la segopodiso la ga Jehofa?
13 Modisa yo o Molemo, ebong Jesu Keresete, ga jaanong o lere “dinku di sele” tseo eseng tsa “lecomanyane” la “baitshepi” ba ba 144 000 bao ba neelwang Bogosi jwa legodimo. (Luke 12:32; Daniele 7:18) “Dinku di sele” tseno di utlwa lentswe la Modisa yo o Molemo. (Yohane 10:16) Di bontsha tumelo mo go Jehofa le mo go Morwawe. Di neela matshelo a tsone mo go Jehofa ka motheo wa setlhabelo sa thekololo sa ga Keresete. Di kolobediwa “mo ineñ ya Rara, le ya Morwa, le ya Moea o o Boitshèpō” mme di lemoga botlhokwa jwa go tlhagolela “louñō loa mōea.” (Mathaio 28:19, 20; Bagalatia 5:22, 23) Maina a bone a kwalwa mo lekwalong la segopodiso la ga Jehofa.
14. Ke eng seo se nayang “dinku di sele” boemo jo bo phepa fa pele ga ga Jehofa, mme ba tshwanetse go kopa Modimo eng?
14 “Dinku di sele” tseno tseo di phuthiwang mo motlheng ono wa bofelo di tla bopa “boidiidi yo bogolo” jo bo senang palo jo moaposetoloi Johane a bo boneng mo ponatshegelong, morago ga a sena go bona maloko a a 144 000 a Iseraele wa semoya. (Tshenolō 7:4, 9) O ne a tlhalosa “boidiidi yo bogolo” jaaka ba ba ‘tlhatswitseng dikobo tsa bone, ba di sweufaditse mo mading a ga Kwana.’ (Tsh 7 Temana 14) Ka ntlha ya tumelo ya bone mo mading a a tsholotsweng a ga Kwana, ba neelwa selekanyo se se rileng sa tshiamo. Seno se bontshitswe ka dikobo tsa bone tse ditshweu tsa tshwantshetso. Ba na le boemo jo bo phepa fa pele ga ga Jehofa, mme “ke gōna” a ba letlelelang go ‘mo direla motshegare le bosigo mo tempeleng ya gagwe.’ (Tsh 7 Temana 15) Gape, ba tshwanetse go ipolela maleo a bone go Jehofa letsatsi le letsatsi le go kopa gore ba itshwarelwe ka Jesu Keresete.—1 Yohane 1:9–2:2.
15. (a) Setshwantsho sa dinku le dipodi se bontsha jang gore “dinku di sele” di na le boemo jo bo siameng le Modimo? (b) Di kaiwa jaaka basiami go ya bokgakaleng bofe mo nakong ya jaanong?
15 Gore “dinku di sele” ke ditsala tsa Modimo mme le eleng gone jaanong di na le boemo jo bo siameng fa pele ga Gagwe gape go sedimosiwa mo boperofeting jwa ga Jesu malebana le ‘go tla ga gagwe,’ joo bo kopanyeletsang setshwantsho sa dinku le dipodi. Gonne “dinku” di direla masalela a “bonnake” ba ba 144 000 ba ga Keresete ba ba saleng mo lefatsheng molemo, ba segofadiwa ke Rragwe Jesu le go bidiwa “basiami.” Jaaka Aberahame, ba balelwa kana ba kaiwa e le basiami jaaka ditsala tsa Modimo. Boemo jwa bone jo bo siameng gape bo tla kaya phalolo mo go bone fa “dipodi” di ya “pecoñ e sa khutleñ.” (Mathaio 24:3–25:46) Ba tla ‘tswa mo sepitleng se segolo’ seo se tla tshwayang bofelo jwa tsamaiso e e boikepo ya jaanong ya dilo.—Tshenolō 7:14.
Go Itekanedisiwa
16. Re itse jang gore boidiidi jo bogolo ga bo a kaiwa jaaka basiami gore ba bone botshelo pele ga “sepitla se segolo”?
16 “Boididi yo bogolo,” joo bo falolang “sepitla se segolo,” ga bo ise bo kaiwe jaaka basiami gore ba bone botshelo. Re ka bona seno go tswa mo ntlheng ya gore kgaolo eo e ba umakang e tswelapele ka go re: “Kwana eo o ha gare ga setulō sa bogosi o tla nna modisa oa bonè, me o tla ba gogèla kwa mecwediñ ea metse a botshelō” (Tshenolō 7:17) Jalo, lemororo Modimo mo nakong e e fetileng a ba badile jaaka basiami fa ba bapisiwa le setho ka kakaretso le jaaka ditsala tsa gagwe, ba tlhoka thuso e e oketsegileng, kana gore go tseiwe dikgato, e le gore ba tle ba kaiwe jaaka basiami gore ba bone botshelo.
17. (a) Ke eng seo ‘go fodisiwa ga merafe’ go se kayang? (b) Ke bomang bao ba tla tlhokang gore maina a bone a kwalwe mo “lokwaloñ loa botshelō”?
17 Mo Dingwageng tse di Sekete, Kwana yo o tlhomilweng mo setulong sa bogosi, ebong Keresete Jesu, gammogo le balekane ba gagwe ba ba 144 000 ba dikgosi le baperisiti, ba tla dirisa thulaganyo ya ‘go fodisa merafe’ semoyeng le nameng. (Tshenolō 22:1, 2) “Merahe” e e ntseng jalo e tla bo e bopilwe ka bafalodi ba sepitla se segolo, bana bape bao ba tla ba tsalang morago ga HaraMagedona, le bao ba boang ka “cogō ea basiami le ea basiamolodi.” (Ditihō 24:15) Botlhe bao ba dumelang mo mading a ga Keresete le go dira ‘ditiro’ tse di tshwanetseng labofelo maina a bone a tla kwalwa mo “lokwaloñ loa botshelō.”—Tshenolō 20:11-15.
18. Baagi ba lefatshe ba tla bo ba tsholeleditswe mo boemong bofe kwa bokhutlong jwa Dingwaga tse di Sekete?
18 Kwa bokhutlong jwa Puso ya Dingwaga tse di Sekete ya ga Keresete, baagi ba lefatshe bao ba bontshitseng gore ba amogela thekololo ya ga Keresete mme ba tla tshela ka ditekanyetso tsa ga Jehofa ba tla bo ba tsoseditswe boitekanelong. (Tshenolō 20:5) Ba tla nna jaaka Adame a ne a ntse pele a leofa. Jaaka ene, ba tla lekiwa malebana le kutlo ya bone.
“Kgololesegoñ ea Kgalalèlo” jaaka “Bana ba Modimo”
19. (a) Ke eng seo se tla diragalang ka bonako fela morago ga Dingwaga tse di Sekete? (b) Go tla diragalang ka bao maina a bone a fitlhelwang a sa kwalwa mo “lokwaloñ loa botshelō”?
19 Ka bonako fela morago ga Dingwaga tse di Sekete, Keresete o tla neela Rragwe lotso lo lo itekanetseng lwa batho. (1 Bakorintha 15:28) “Satane o tla gololwa” go tlisa teko ya bofelo go setho. (Tshenolō 20:7, 8) Maina a bape bao ba tla palelwang kafa tlase ga teko a tla “hitlhelwa a sa kwalwa mo lokwaloñ lwa botshelō.” Ba tla “latlhèlwa mo bodibeñ yoa molelō” ka tshwantshetso, joo “e leñ losho loa bobedi.”—Tshenolō 20:15; 21:8.
20. (a) Ke bomang bao Jehofa a tla ba kayang jaaka basiami gore ba bone botshelo, mme ka ntlha yang? (b) Thulaganyo ya ga Jehofa ya bopelotlhomogi ya tshiamiso e tla bo e diragaditse boikaelelo jwa yone jang?
20 Bao ba itshupang ba ikanyega mo go Jehofa maina a bone a tla kwalelwa ruri mo “lokwaloñ loa botshelō,” jaaka ba ba itekanetseng mo bothokgaming le bao ba tshwanelwang ke tshiamelo ya botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng. Morago ga moo Jehofa ka boene o tla ba kaya jaaka basiami ka botlalo. (Baroma 8:33) Ba tla bo ba siamiseditswe botshelo jo bo sa khutleng. Modimo o tla ba tshola jaaka barwa ba gagwe ba mo lefatsheng, mme ba tla tsena mo “kgololesegoñ ea kgalalèlō ea bana ba Modimo” eo e solofeditsweng. (Baroma 8:20, 21) Kagiso le kutlwano di tla bo di buseditswe mo lobopong. Go letlanngwa le Modimo go tla bo go feletse malebana le “dilō tse di mo lehatshiñ” le “dilō tse di kwa magodimoñ.” (Bakolosa 1:20) Thulaganyo ya ga Jehofa ya bopelotlhomogi ya tshiamiso e tla bo e diragaditse boikaelelo jwa yone. Malebana le potso e e reng, “A o mo boemong jo bo siameng le Modimo?” sebopiwa sengwe le sengwe kwa legodimong le mo lefatsheng se tla kgona go araba ka gore ee le go oketsa ka go re: “Pakō, le tlotlō, le kgalalèlō, le pushō, a di nnè kwa go èna eo o dutseñ mo setuloñ sa bogosi, le kwa go Kwana, ka bosakhutleñ le ka bosaeeñkae.”—Tshenolō 5:13.
Malebana le boemo jwa “dinku di sele” fa pele ga Modimo—
◻ Ke ka ntlhayang fa Adame a sa kaiwa jaaka mosiami?
◻ Aberahame le banna le basadi ba bangwe ba pele ga ga Keresete ba ile ba kaiwa jaaka basiami go ya bokgakaleng bofe?
◻ Ke maina a bomang ao a neng a kwadilwe mo lekwalong la segopodiso la ga Jehofa?
◻ “Dinku di sele” di na le boemo jo bo siameng go ya bokgakaleng bofe mo nakong ya jaanong, mme di tla itekanedisiwa leng?
[Lebokoso mo go tsebe 18]
Ka tumelo mo “madiñ a ga Kwana,” “dinku di sele” di neelwa boemo jo bo amogelesegang fa peie ga ga Jehofa mme ka gone di kaiwa jaaka basiami gore di nne ditsala tsa gagwe gore di falole ka nako ya “sepitla se segolo.” Di tla fitlhelela boitekanelo kwa bokhutlong jwa Dingwaga tse di Sekete. Morago ga teko ya bofelo di tla kaiwa jaaka basiami gore di bone botshelo.
[Setshwantsho mo go tsebe 16]
Maina a basiami a kwalwa mo lekwalong la segopodiso la ga Jehofa
Abele
Jobe
Rahabe
“Boidiidi yo bogolo” jwa segomopieno