LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w85 12/1 ts. 8-12
  • Go Kaiwa Jaaka Mosiami Gore o Bone “Botshelō”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Kaiwa Jaaka Mosiami Gore o Bone “Botshelō”
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Thulaganyo e e Pelotlhomogi ya go Duela
  • “Baitshepi” ba ba 144 000
  • Go Balelwa le Basiami​—Jang mme ka Ntlhayang?
  • Ba Tsholwa Jaaka Barwa ba Semoya
  • Baruaboswa ba Boperisiti le ba Bobusi
  • ‘Go Lebelela go Senolwa ga Bana ba Modimo’
  • Go Kaiwa o le Mosiami Jaaka Tsala ya Modimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
  • Natefelelwa ke Tshiamo ya ga Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
  • Baroma Ba Utlwa Dikgang tse di Molemo Go Gaisa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Ke Ka Ntlha Yang Fa Re Tshwanetse go Latelela Tshiamo?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
w85 12/1 ts. 8-12

Go Kaiwa Jaaka Mosiami Gore o Bone “Botshelō”

“Tiro e le nngwe fela ya tshiamiso phelelo ya yone, . . . ke go kaiwa jaaka basiami gore ba bone botshelo.”​—BAROMA 5:18. NW.

1. Ke bomang ba ba bolaetsweng tshiamo ke tlala le lenyora, mme keletso ya bone e tla kgorisiwa jang?

“GO SEGŌ ba ba bolaecweñ tshiamō ke tlala le lenyōra: gonne ba tla kgorisiwa.” (Mathaio 5:6) Go nyorelwa tshiamo go go ntseng jalo go tla kgorisiwa ka botlalo eseng mo go bao ‘bogosi jwa legodimo e leng jwa bone’ fela mme gape le mo go bao ba ‘tla ruang lefatshe.’ (Mathaio 5:10; Pesalema 37:29) Ditlhopha tseo ka bobedi di na le seabe mo tsholofelong eo e tlhagisitsweng ke moaposetoloi Petere fa a ne a kwala jaana: “Me, rona, kaha poleloñ ea ōna ea choloheco, re lebeletse magodimo a masha, le lehatshe ye lesha, a go tla agañ tshiamō mo go aōna.” (2 Petere 3:13) Ee, Jehofa Modimo o solofeditse puso e ntšha ya selegodimo ya tshiamo, “Bogosi yoa magodimo,” le ‘lehatshe ye lesha” la tshiamo, kana mokgatlho wa batho mo lefatsheng la paradaise.

2. Go na le kamano efe gareng ga Jehofa, tshiamo, le tsholofelo ya rona ya Thulaganyo e Ntšha ya kagiso?

2 Mme tota go tshwanetswe ga tlhaloganngwa eng ka magodimo a masha a tshiamo le lefatshe le lesha la tshiamo? Go kaya gore puso e ntsha ya selegodimo le ya batho mo lefatsheng leo le busiwang ke yone e tshwanetse go amogela tekanyetso ya Modimo ya se se siameng le se se sa siamang. Jehofa ke “bonnō yoa tshiamishō.” (Yeremia 50:7) Tshiamo ke yone motheo wa mmatota wa bolaodi jwa gagwe, kana boemo jwa gagwe jwa bobusi mo lobopong. (Yobe 37:23, 24; Pesalema 89:14) Gore go nne le kagiso mo lobopong lotlhe, dibopiwa tsa ga Jehofa di tshwanetse go amogela tshwanelo ya gagwe ya go tlhoma ditekanyetso tsa se se siameng le se se bosula. Kafa letlhakoreng le lengwe, tsholofelo ya rona ya Thulaganyo e Ntšha ya tshiamo e ikaegile ka gore Jehofa a dumalane le ditekanyetso tsa gagwe.​—Pesalema 145:17.

3. Ka ntlha ya go siama go go feletseng ga ga Jehofa, ke dipotso dife tse di tlang mo mogopolong?

3 Ka gone go tsoga potso malebana le gore Jehofa Modimo o o boitshepo le o o tshiamo o ne a ka dirisana jang le baleofi ba ba sa siamang. (Bapisa Isaia 59:2; Habakuke 1:13.) O ne a ka tlhopha jang mo baleofing bao ba tla nnang le seabe mo pusong ya tshiamo ya “magodimo a masha” a bo a amogela bao ba tla nnang karolo ya “lehatshe ye lesha” la tshiamo jaaka ditsala, fa a nna a ikanyegile mo ditekanyetsong tsa gagwe tse di kwa godimo.

Thulaganyo e e Pelotlhomogi ya go Duela

4. Ke ka ntlhayang fa setho se se oleng se na le molato o mogolo mo Modimong, mme ke ka ntlhayang fa re se kake ra ikgolola ka borona mo molatong ono?

4 Mo Dikwalong, maleo a tshwantshiwa le melato. (Bona Mathaio 6:12, 14; 18:21-35; Luke 11:4.) Batho botlhe ke baleofi mme, ka jalo, ba na le molato o mogolo fa pele ga Modimo. “Gonne maduō a boleo ke losho.” (Baroma 6:23) Ereka ba ne ba “bapadicwe mo thateñ ea boleo” ke mogologolwane wa bone ebong Adame, ditlogolwana tsa gagwe di ne di se kake tsa dira sepe go ikgolola mo molatong ono o o boima. (Baroma 7:14) Go swa ga modira-phoso ke gone fela go neng go tla o phimola, “gonne eo o kileñ a shwa o siamisicwe kaga boleo.” (Baroma 6:7) Ga gona ditiro dipe tse di molemo tseo di dirilweng mo nakong ya botshelo jwa moleofi tseo di neng di ka rekolola seo se latlhegetseng Adame, lefa e le go mo naya boemo jo bo siameng fa pele ga Modimo.​—Pesalema 49:7, 9; Baroma 3:20.

5. Jehofa o neetse kgololo go setho se se leofileng jang fa a santse a tlotla tshiamo ya gagwe e e feletseng?

5 Jehofa o ne a ka neela setho se se oleng kgololo jang kwantle ga go tlogela ditekanyetso tsa gagwe tsa tshiamo ka sebele? Karabo e tlotlomatsa botlhale le bopelonomi jo bo sa tshwanelang tsa ga Jehofa. Moaposetoloi Paulo o tlhalosa seno sentle mo lekwalong la gagwe le le yang go Baroma. O kwadile jaana: “Me ba [baleofi] siamisiwa [ba kaiwa jaaka basiami, NW] hèla ka tshegōhaco ea ōna ka ntlha ea thèkololō e e mo go Keresete Yesu: Eo Modimo o mmeileñ go nna seletlanyō, ka tumèlō, ka madi a gagwè, gore a shupè tshiamō ea ōna, ka ntlha ea go tlhokomologa maleo a a dihilweñ galè, ka boiphapaanyō yoa Modimo; Ka re, gore a shupè tshiamō ea ōna mo motlheñ ono: gore ōna o tlo o nnè tshiamō, o bo o nnè mosiamisi oa eo o nañ le tumèlō mo go Yesu.”​—Baroma 3:24-26.

6. (a) Ditekanyetso tsa ga Jehofa tsa tshiamo di ritibaditswe jang ka setlhabelo sa ga Jesu, mme ka gone ke eng seo Jehofa a ikemiseditseng go se dira? (b) Modimo a ka siamisa jang molato wa motho yo o nang le tumelo?

6 Ka bopelonomi jwa gagwe jo bo sa tshwanelang, Jehofa o ne a amogela setlhabelo sa ga Jesu mo boemong jwa ditlogolwana tsa ga Adame. (1 Petere 2:24) E ne e le setlhabelo se se lekaneng, kana se se tshwanetseng, sa go tlhomamisa gore Jesu jaaka motho yo o itekanetseng, o ne a rekolola seo se neng se latlhegetse motho yo o itekanetseng ebong Adame. (Bona Ekesodo 21:23; 1 Timotheo 2:6) Ereka tshiamo e diragaditswe, Jehofa ka lorato o ikemiseditse ‘go phimola’ maleo ao “eo o nañ le tumèlō mo go Yesu” a latofadiwang ka one. (Isaia 44:22; Ditihō 3:19) Fa motho yoo a nnela boikanyegi ruri, Jehofa ga a iphapaanye le go mmalela ‘ditlolo tsa gagwe’ fela mme tota o balela tshiamo mo molatong wa gagwe. (2 Bakorintha 5:19) Ka ntlha ya thulaganyo eno e e pelotlhomogi ya go duela, ‘ba le bantsi ba ile ba dirwa basiami.’ (Baroma 5:19) Seno ke ntlha e nngwe ya tshiamiso, tiro ya Modimo eo motho a tsewang jaaka yo o senang molato ka yone. (Ditihō 13:38, 39) Ke bomang bao ba siamisitsweng, kana bao ba kaiwang jaaka basiami, mo tsamaisong eno ya dilo?

“Baitshepi” ba ba 144 000

7. Jesu o kailwe jaaka mosiami ka tsela efe, mme ka jalo ke eng seo se ileng sa kgonega?

7 Ka tlhago, Keresete ka boene o ne a sa tlhoke gore a duelelwe tshiamo epe, ereka a ne a siame eletota. (1 Petere 3:18) Fa a sena go itshupa a ikanyega go isa losong jaaka motho yo o itekanetseng (“Adame oa moragō”) lefa a sena go ntshetsa tshiamelo ya gagwe ya botshelo mo lefatsheng setlhabelo, Jesu o ne a tsosiwa ke Rragwe, ebong Jehofa. Jesu o ne a “siamisiwa ke Mōea,” ke gore, o ne a bolelwa jaaka yo o tshwanelwang tota ke tshiamo le go tsosiwa jaaka “mōea o o tshedisañ.” (1 Bakorintha 15:45; 1 Timotheo 3:16) Ka loso Iwa gagwe lwa setlhabelo, o ne a neela motheo oo Jehofa a neng a ka neela banna le basadi ba tumelo tshiamo ka one.​—Baroma 10:4.

8, 9. (a) Ke bomang ba ntlha ba ba iponelang molemo ka go siamisiwa, mme ka ntlha yang? (b) Ke bomang bao ba bopang “magodimo a masha,” mme ba tla busa godimo ga eng?

8 Ka mo go utlwalang, bao Jehofa a ba tlhophang go bopa “magodimo a masha” a tshiamo, kana puso ya Bogosi kafa tlase ga Kgosi Keresete Jesu, ke ba ntlha go bona molemo ka botlalo mo thulaganyong eno ya molato ya bopelotlhomogi mo tsamaisong eno ya dilo. Buka ya Daniele e bontsha modiro mo magodimong oo Keresete, Morwa motho, a amogelang “pushō, le kgalalèlō, le bogosi” mo go one, e le gore “batho botlhe ba dichaba, le ba merahe, le ba dipuō [mo lefatsheng] ba mo dihèlè.” Morago ga moo Daniele o bontsha gore “bogosi le pushō” gape di neelwa “bōne baitshepi ba Mogodimodimo,” ebong Jehofa.​—Daniele 7:13, 14, 18, 27; bapisa Tshenolō 5:8-10.

9 Palo ya “baitshepi” ba ba ntseng jalo ba ba tlhophetsweng go busa le Kwana Jesu Keresete mo Thabeng ya Siona ya selegodimo e senolwa e le 144 000, “bauō ba cwa go rèkwa mo bathuñ.” (Tshenolō 14:1-5) Bano, mmogo le Keresete, ba bopa “magodimo a masha” a tshiamo a tsamaiso e ntšha ya dilo ya ga Jehofa.

Go Balelwa le Basiami​—Jang mme ka Ntlhayang?

10. (a) Ke buka efe ya Bibela eo e utlwalang go gaisa malebana le tshiamiso, mme e ne ya kwalelwa bomang? (b) Ke bomang bao ba kopanyelediwang segolo-bogolo mo thutong ya Bibela ya tshiamo?

10 Buka ya Bibela eo kwantle ga pelaelo e leng yone e utlwalang go gaisa malebana le go kaya ga Modimo batho jaaka basiami ke lekwalo la ga Paulo le le yang go Baroma. Ka mo go kgatlhisang, o ile a lebisa lekwalo leno go “ba [ba] bidicweñ go nna baitshepi.” (Baroma 1:1, 7) Seno se tlhalosa lebaka la go bo thuto ya “tshiamiso,” kana go kaiwa jaaka basiami, jaaka e supilwe ke Paulo, e dirisiwa malebana le “baitshepi” ba ba 144 000.

11. Go na le kamano efe magareng ga tumelo, ditiro, le tshiamiso?

11 Boitlhomo jwa kgang ya ga Paulo mo go Baroma ke gore ga go na Mojuda kana Moditshaba ope yoo a ka bonang boemo jo bo siameng fa pele ga Modimo ka ditiro, boo tseno di dirwa tumalanong le Molao wa ga Moshe kana fela ka ntlha ya go tlotla molao wa boitsholo wa tlholego. (Baroma 2:14, 15; 3:9, 10, 19, 20) Mojuda le Moditshaba ka go tshwana ba ka kaiwa jaaka basiami fela ka motheo wa tumelo mo setlhabelong sa thekololo sa ga Keresete. (Baroma 3:22-24, 29, 30) Lefa go ntse jalo, kgakololo e e mo dikgaolong tse di konelang tsa Baroma (12-15) e supa gore tumelo e e ntseng jalo e tshwanetse go tshegediwa ka ditiro tsa bomodimo, fela jaaka Jakobe le ene a tlhalosa. (Yakobe 2:14-17) Ditiro tse di ntseng jalo di supa fela gore Mokeresete yo o siamisitsweng o na le tumelo eo e tlhokegang gore a siamisiwe ke Modimo.

12, 13. (a) Ke ka ntlha yang fa “baitshepi” ba ba 144 000 ba tshwanetse go kaiwa jaaka basiami? (b) Ba dirang ka ditshwanelo tsa botshelo tseo ba di amogelang?

12 Gape, ke lebaka lefe le le pateletsang leo Bakeresete ‘bao ba biditsweng go nna baitshepi’ ba tshwanetseng go siamisiwa ka ntlha ya lone? Fano ke gone foo ntlha ya bobedi ya tshiamiso e tsenang gone, e leng, go kaya ga Modimo motho phatlalatsa jaaka yo o tshwanelwang ke botshelo jaaka morwa wa Gagwe wa motho yo o itekanetseng. Ka ntlha ya seabe seo ba bilediwang go nna le sone mo ‘magodimong a masha’ a tshiamo, ba ba 144 000 ba tshwanetse go tlogela le go ntsha tsholofelo epe fela ya botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng setlhabelo. (Pesalema 37:29; 115:16) Ka boikutlo jono ba swa losho lwa go intsha setlhabelo. Ba ‘bopegela mo tshwanong ya loso lo lo tshwanang le lwa ga Keresete.’​—Bafilipi 3:8-11.

13 Jaanong, tumalanong le molao-motheo o o tlhomilweng mo Molaong wa ga Moshe, setlhabelo sepe se se isediwang Jehofa se tshwanetse go tlhoka bogole. (Lefitiko 22:21; Duteronome 15:21) “Baitshepi” ba ba 144 000 ba bidiwa “basiami ba ba dihilweñ boitekanèlo.”​—Bahebera 12:23.

Ba Tsholwa Jaaka Barwa ba Semoya

14, 15. (a) Ke phetogo efe eo 144 000 e nnang le yone malebana le boleo? (b) Ba tsosediwa “mo boshen yoa botshelō” ka tsela efe?

14 Fa ba santse ba tshela mo nameng, “baitshepi” bano ba swa loso lwa tshwantshetso. Moaposetoloi Paulo o tlhalosa ka go re: “Rona ba re kileñ ra shwa kaga boleo, re tla nna re tshela yañ mo go yōna? Kgotsa a ga lo itse ha rona ba re kolobeledicweñ Keresete Yesu, re kolobeledicwe losho loa gagwè? Ke gona, re hitlhilwe naè mo loshuñ ka kolobeco: e le go re, yaka Keresete a cosicwe mo loshuñ ka kgalalèlō ea Rara, yalo le rona re tlè re sepelè mo bosheñ yoa botshelō. . . . Ka re itse mo, go re, botho yoa rona yoa bogologolo bo bapocwe naè, gore mmele oa boleo o nyèlèdiwè, le gore re se ka ra tlhōla re le mo kgolegoñ ea boleo; Gonne eo o kileñ a shwa o siamisicwe kaga boleo.”​—Baroma 6:2-7.

15 Ka nako ya botshelo jwa bone jaaka batho, “baitshepi” ba ba 144 000, bao masalelanyana a se kae fela a bone a setseng mo lefatsheng mo motlheng ono wa bofelo, ‘ba swa kaga boleo.’ Morago ga loso lwa bone lwa tshwantshetso, bao ba “bidicweñ go nna baitshepi” ba tsosediwa “mo bosheñ yoa botshelō.” Morago ga fa Jehofa a sena go ba kaya jaaka basiami, o mo boemong jwa go ba tsala ka moya wa gagwe gore e nne “bana” ba gagwe ba semoya. Ba ‘tsetswe sesha’ le go tsholwa jaaka “bana ba Modimo.” (Yohane 3:3; Baroma 8:9-16)a Ba fetoga Iseraele wa semoya le go tsenngwa mo kgolaganong e ntšha.​—Yeremia 31:31-34; Luke 22:20; Baroma 9:6.

Baruaboswa ba Boperisiti le ba Bobusi

16. “Baitshepi” ba ba 144 000 ba nna baruaboswa ba eng?

16 Jaaka “bana” ba ba tshotsweng ba Modimo, “baitshepi” ba ba 144 000 le bone e nna “baruaboshwa.” (Bagalatia 4:5-7) Paulo o kwaletse Bakeresete ka ene bao ba tsetsweng ka moya a re: “Me ha re le bana, hoñ re baruaboshwa; re baruaboshwa ba Modimo, re baruaboshwa mmogō le Keresete; ke raea ha re bogisiwa naè, gore le gōna re tlè re galalediwè naè.” (Baroma 8:17) Boswa jwa ga Keresete ke eng? Jehofa o mo dirile Kgosi le Moperisiti “ka bosakhutleñ kaha mokgweñ oa ga Melekisedeke.” (Bahebera 6:19, 20; 7:1) Jaaka “baruaboshwa mmōgo” le Keresete, Bakeresete bao ba tsetsweng ka moya le bone ba tlodiwa ke Jehofa jaaka baperisiti ba semoya. (2 Bakorintha 1:21; 1 Petere 2:9) Go feta moo, mangwe a maitlhomo a magolo a go kaiwa ga bone jaaka basiami ke Jehofa ke gore kgabagare ba ‘buse mo botshelong ka [motho] yo o mongwe fela, ebong Jesu Keresete.’​—Baroma 5:17.

17. (a) Lemororo ba kailwe jaaka basiami, Bakeresete ba ba tloditsweng ba tshwanetse go dirang letsatsi le letsatsi? (b) Ba amogela tuelo ya bone jang?

17 Fa ba santse ba le mo lefatsheng, Bakeresete bano ba ba tloditsweng, lemororo ba boletswe jaaka basiami, ba santse ba tshwanetse go lwantsha ditshekamelo tsa bone tsa boleo. (Baroma 7:15-20) Ba tlhoka madi a ga Keresete go ba phepafatsa mo maleong a bone a letsatsi le letsatsi a go sa itekanela. (1 Yohane 1:7; 2:1, 2) Fa ba nna ba ikanyega go isa bokhutlong jwa matshelo a bone mo lefatsheng, ba swa ka mmatota le go tsosediwa go “bona boshwa yo bo sa boleñ, le yo bo sa leshwèhalañ, le yo bo sa nyeleleñ” jaaka bontlhanngwe jwa “magodimo a masha” a tshiamo.​—1 Petere 1:3, 4; 2 Petere 3:13.

‘Go Lebelela go Senolwa ga Bana ba Modimo’

18, 19. (a) Ke eng seo “lobopō” lwa batho lo se letetseng? (b) “Bana ba Modimo” ba tla ‘senolwa’ jang, mme ke ka ntlhayang fa “lobopō” lwa batho lo tshela ka tlhologelelo ya seno?

18 Seno sotlhe se ama jang bao​—ba bantsintsi ba ba fetang kgakala “bana ba Modimo” ba ba 144 000 ba semoya—​bao ba bolaetsweng tshiamo ke tlala le lenyora mme bao tsholofelo ya bone e leng go rua lefatshe? Ka ga bano, moaposetoloi Paulo o kwala jaana: “Gonne tlhologèlèlo ea lobopō e lebeletse go senolwa ga bana ba Modimo. Gonne lobopō lo no lo beilwe mo taoloñ ea boithamakō, . . . Ka cholohèlō ea go re, lobopō le lōna lo tla gololwa mo botlhankeñ yoa go bōla, lo isiwa mo kgololesegoñ ea kgalalèlo ea bana ba Modimo.”​—Baroma 8:19-21.

19 “Lobopō” lo lo ntseng jalo lwa batho loo tsholofelo ya lone e leng go tshela ka bosakhutleng mo lefatsheng la paradaise lo tshela ka “tlhologèlèlo” ya nako​—eo jaanong e leng gaufi—​fa Kgosi Jesu Keresete le “bana ba Modimo” ba ba tsositsweng ba tla bong ba ‘senolwa’ ka yone mo go senyeng tsamaiso ya jaanong e e boikepo ya dilo mme morago ga moo ba bo ba busa jaaka dikgosi le baperisiti ka “dinyaga di le makgolo a shomè.” (Tshenolō 20:4, 6) Ka nako ya Puso ya Dingwaga tse di Sekete ya ga Keresete, ‘lobopo [lwa batho] le lona lo tla gololwa mo botlhankeng jwa go bola.’

20. Ke eng seo se tla sekasekiwang mo setlhogong se se latelang?

20 Ka moo batho ba ba tshelang mo ‘lefatsheng le lesha’ la tshiamo labofelo ba tla fitlhelelang “kgololesego ea kgalalèlō ea bana ba Modimo” ka gone, le ka moo thuto ya Bibela kaga tshiamo e ba amang ka gone le eleng gone jaanong, go tla sekasekiwa mo setlhogong se se latelang.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Go bona motlotlo o o boteng wa “go tsalwa sesha,” ka tswee bona Tora ya Tebelo ya April 1, 1982, ditsebe 3-15.

Malebana le go kaiwa ga batho jaaka basiami ke Modimo—

◻ Bibela e kayang ka magodimo a masha a tshiamo le lefatshe le lesha latshiamo?

◻ Ke ka ntlhayang fa setho se tshwanetse go bewa mo boemong jo bo siameng le Jehofa?

◻ Ditekanyetso tsa ga Jehofa tsa tshiamodi ritibaditswe jang?

◻ Ke ka ntlhayang fa ba ba 144 000 e le bone ba ntlha go kaiwa jaaka basiami, mme ba dirang ka ditshwanelo tsa botshelo tseo ba di amogetseng?

◻ Ba ba 144 000 le Jesu ba nna baruaboswa ba eng?

[Lebokoso mo go tsebe 11]

Go na le dintlha tse pedi malebana le tshiamiso, kana go kaiwa jaaka mosiami:

(1) Go tsaya motho jaaka yo o senang molato ga Modimo

(2) Go kaya ga Modimo motho yoo jaaka yo o itekanetseng le yo o tshwanelwang ke botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng

Bakeresete ba ba tloditsweng ba ba 144 000 ba bolelwa jaaka basiami mo dintlheng tseo ka bobedi. Ba ntsha ditshwanelo tsa matshelo a bone jaaka batho setlhabelo mme ba tsaiwa jaaka “bana” ba semoya bao ba biiediwang go nna dikgosi le baperisiti le Keresete mo “magodimong a masha”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela