Go Siama Fa Pele ga Modimo—Jang?
“GOD ‘e say ‘im alrite.’ Eno kwantle ga pelaelo ke tsela eo “tshiamiso” e tlhalositsweng ka teng mo kgatisong ya bosheng ya New Guinea Pidgin ya “Testamente e Ntšha.” E ntse e lebega e sa tlwaelega jalo, e bontsha mogopolo wa konokono wa lefoko le le ranotsweng mo Dibibeleng tse dintsi tsa puo ya Seesemane jaaka “tshiamiso,” kana “go kaiwa jaaka mosiami” jaaka go tlhagisiwa mo go Baroma 5:16.
Kafa letlhakoreng le lengwe, batho bangwe baa re: ‘Ke tshela botshelo jo bo siameng. Ke direla ba bangwe molemo fa ke kgona. Ke ikemiseditse go kopana le Motlhodi wa me.’ Kwantle ga pelaelo ba utlwisisa gore tshiamiso e kaya go itshiamisa. Go ya ka Bibela, thuto ya “tshiamiso” e amana le tsela eo Modimo a re tsayang ka yone le tsela eo a dirisanang le rona ka yone. Jehofa ke “Motlhodi.” (Isaia 40:28) Ke “Moatlhodi oa lehatshe yeotlhe.” (Genesise 18:25) Ka jalo, ga go na sepe seo se neng se ka nna botlhokwa go gaisa ka moo a re lebang ka gone.
Lebaka la go bo Re Tlhoka go Bewa mo Boemong jo bo Siameng le Modimo
Bibela e bua jaana ka Jehofa: “Lehikwè, tihō ea gagwè e itekanetse: gonne ditsela tsa gagwè cotlhe ke tshiamishō; Modimo o boikañō, o o senañ tshiamololō, ōna o tekatekanyō, o tshiamō.” (Duteronome 32:4) Ke sekao sa mmatota sa tshiamo. Jaaka Mmopi le Monei-botshelo, o na le tshwanelo ya go tlhoma tekanyetso, kana molao-motheo, go ka tlhomamisa se se siameng le se se sa siamang. Seo se dumalanang le tekanyetso ya Modimo se siame.
Ka gone, Modimo o tlhoma letshwao leo dibopiwa tsa gagwe tse di botlhale di tshwanetseng go le fitlhelela fa di batla go tshela tumalanong le Mmopi wa tsone. Go fosa letshwao leo, kana tekanyetso eo, ke seo dipuo tsa ntlha tsa Bibela di se bitsang boleo. Ka gone, boleo ke bosula. Ke go palelwa ke go dumalana le tlhaloso ya Modimo ya molemo le bosula. Ka jalo, boleo gape ke mofuta mongwe wa tlhakatlhakano, mofuta mongwe wa boiphehero mo molaong.—1 Yohane 5:17; 3:4.
Jehofa “ga se Modimo oa tlhakatlhakanyō, ha e se oa kagishō hèla.” (1 Bakorintha 14:33) Kwa tshimologong, dibopiwa tsotlhe tsa gagwe kwa legodimong le mo lefatsheng di ne di itekanetse. Di ne di filwe kgololesego. (2 Bakorintha 3:17) Di ne di ipela “mo kgololesegoñ ea kgalalèlo ea bana ba Modimo.” (Baroma 8:21) Fa fela ditekanyetso tsa gagwe tse di siameng di ne di tlotliwa, kagiso le tolamo di ne tsa anama go kgabaganya lobopo. Tlhakatlhakano e ne ya tsenelela mo lobopong, santlha kwa legodimong, moragonyana mo lefatsheng, fa ditshedi dingwe di nna boikepo fa pele ga Modimo, di gana tshwanelo ya gagwe ya go di busa. Di ne tsa fapoga tekanyetso ya Modimo ya se se siameng le se se sa siamang. Di ne tsa fosa letshwao mme jalo tsa itira baleofi ka botsone.
Go ne ga nna jalo ka batsadi ba rona ba ntlha, Adame le Efa. (Genesise 3:1-6) “Ke gōna, . . . boleo bo tsenye mo lehatshiñ . . . le losho ka boleo; me yalo losho la hetèla mo bathuñ botlhe, ka botlhe ba leohile.” (Baroma 5:12) Fa esale go tloga ka tsuololo ya bone, boleo bo “busitse ka losho,” gonne ditlogolwana tsotlhe tsa ga Adame “di ne di leofile mme di tlhaetse” tekanyetso e e siameng ya Modimo. (Baroma 5:21; 3:23, NW) Ka gone re tlhoka go nna le boemo jo bo siameng le Modimo.
Pono ya Katoliki malebana le “Tshiamiso”
Tlhokafalo eno ya go letlanngwa le Modimo e amogelwa ke dikereke tsotlhe tseo di iphakang go nna tsa Bakeresete. Lefa go ntse jalo, go utlwisisa ka moo e ka fitlhelelwang ka gone le boemo jwa Mokeresete fa pele ga Modimo go farologane le thuto ya Katoliki le ya Porosetanta.
Malebana le thuto ya Katoliki, The Catholic Encyclopedia e bega jaana: “Tshiamiso e kaya go fetoga mo moyeng goo motho a fetogang go tswa mo boemong jwa boleo jwa tlholego joo a tsaletsweng mo go jone jaaka ngwana wa ga Adame, go ya go tshegofatso le go nna morwa wa Modimo ka Jesu Keresete, Adame wa morago.” A Catholic Dictionary e tlhalosa go tswelapele ka go re: “Fano re ganelela mo tiragalong eo bagolo ba golediwang go tswa mo boemong jwa loso le boleo go ya mo go amogelweng ke Modimo ka yone; gonne malebana le masea Kereke e ruta gore ba siamisiwa ka kolobetso kwantle ga tiro epe fela ya bone.”
Ka boripana go ka twe, kereke ya Katoliki e ruta gore “tshiamisho” ke tiro ya Modimo eo motho yo o kolobediwang mo tumelong ya Katoliki o siamisiwang eletota le go itshepisiwa ka yone ka mpho ya “tshegofatso” ya bomodimo. Gape e bolela gore tshiamiso e e ntseng jalo e ka nna (1) ya okediwa ka tshwanelo ya botho, kana ka ditiro tse di molemo; (2) ya latlhegelwa ka boleo jwa loso le go se dumele; (3) ya bonwa gape ka sakaramente sa boipobolo. Mo go yone thulaganyo eno, Mokatoliki yo o siamisitsweng o tshwanetse go ipolela dibe tsa gagwe mo moruting le go bona boitshwarelo. “Kotlhao [epe] ya nakwana” eo e santseng e tshwanela boitshwarelo e ka letlanngwa ka ditiro tse di siameng kana ya itshwarelwa ka “thekololo ya dibe.”a
Pono ya Maporosetanta
Go rekisiwa go go sa siamang ga thekololo ya dibe mo tshimologong ya lekgolo la bo-16 la dingwaga go ne ga baka gore Tlhabololo ya Maporosetanta e nne gone. Moitlami wa Mokatoliki ebong Martin Luther o ne a tlhasela tlwaelo eno mo dikakanyo-theong tse 95 tseo a neng a di manegile mo lebating la kago ya phemelo ya kereke mo Wittenberg, mo Jeremane, ka 1517. Mme, tota, go se dumalane ga ga Luther le thuto ya semolao ya Katoliki go ne ga feta seo. Go ne go kopanyeletsa thuto yotlhe ya tshiamiso ya kereke eo. Fa Catholic Dictionary e tshegetsa seno, e bega jaana: “Go farologana ga tumelo malebana le tsela eo baleofi ba siamisiwang fa pele ga Modimo ka yone e ne ya dira kgang ya konokono ya go se dumalane magareng ga Makatoliki le Maporosetanta ka nako ya Tlhabololo. Ta e le gore thuto eno’ (ke gore thuto ya tshiamiso ka tumelo e le yosi fela) ‘ea wa, re tla bo re fentswe,’ go bolela jalo Luther mo Motlotlong wa gagwe o o Tlwaelegileng.”
Ke eng seo, tota, Luther a neng a se kaya ka ‘go siamisiwa ka tumelo e le yosi fela’? Jaaka Mokatoliki, Luther o ne a ithutile gore go siamisiwa ga motho go kopanyeletsa kolobetso, tshwanelo ya botho, le ditiro tse di molemo, gammogo le sakaramente sa boipobolo seo se neelwang ke moruti, yo o utlwang boipobolo, a neela boitshwarelo, le go pateletsa ditiro tsa go lefa tseo di ka kopanyeletsang go ikwatlhaya.
Mo maitekong a gagwe a go bona kagiso le Modimo, Luther o ne a dirisitse metswedi yotlhe ya tshedimosetso ya thuto ya Roma kaga tshiamiso, go kopanyeletsa le go ikitsa go ja, dithapelo, le go ikotlhaya, mme go sa thuse sepe. Ka ntlha ya go sa bone kagiso, o ne a bala a ba a nna a bala Dipesalema le makwalo a ga Paulo, labofelo a bona kagiso ya mogopolo ka go swetsa ka gore Modimo o siamisa batho, e seng ka ntlha ya ditshwanelo tsa bone, ditiro tse di molemo, kana boipobolo, mme fela ka ntlha ya tumelo ya bone. O ne a tlhotlhelediwa ke kgopolo eno ya “go siamisiwa ka tumelo e le yosi fela” mo eleng gore o ne a tsenya lefoko “yosi fela” morago ga lefoko “tumelo” mo thanolong ya gagwe ya Sejeremane ya Baroma 3:28!b
Dikereke tse dintsi tsa Porosetanta ka motheo di ne tsa dirisa pono ya ga Luther ya “go siamisiwa ka tshegofatso ya tumelo.” Tota, seno se ne se setse se tlhalositswe ke Motlhabolodi wa pele wa Mofora ebong Jacques Lefèvre d’Étaples. Fa Catholic Dictionary e ne e sobokanya pharologanyo magareng ga dipono tsa Katoliki le tsa Porosetanta malebana le tshiamiso, e bega ka go re: “Makatoliki a leba go siamisiwa jaaka tiro eo motho a siamisiwang eletota ka yone: Maporosetanta, jaaka eo e bolelwang kana a kaiwang fela jaaka mosiami, ditshwanelo tsa yo mongwe—e leng Keresete—di neelwa mo boleong jwa gagwe.”
Eseng “Tshiamiso” ya Katoliki Lefa e le ya Porosetanta
Thuto ya Katoliki e tlola seo Bibela e se rutang fa e bolela gore “motho o siamisiwa eletota, ka mpho ya tshegofatso ya bomodimo eo e neelwang mo kolobetsong. Ga se kolobetso eo e tlhatswang boleo jwa tlholego, mme ke madi a a tsholotsweng a ga Keresete. (Baroma 5:8, 9) Go na le pharologanyo e kgolo magareng ga go siamisiwa eletota ke Modimo le go ka balelwa, kana go tsewa, jaaka yo o siameng. (Baroma 4:7, 8) Mokatoliki ope fela yo o ikanyegang, yo o kgaratlhang mo ntweng kgatlhanong le boleo, o itse gore gaa ise a siamisiwe eletota. (Baroma 7:14-19) Fa a ne a siamisitswe eletota, a ka bo a sena maleo ape go a ipobola mo moruting.
Go feta moo, fa thuto ya Katoliki e ne e latela Bibela, Mokatoliki yo o ikutlwang a na le boleo o ne a tla ipobola maleo a gagwe mo Modimong, a kopa boitshwarelo ka Jesu Keresete. (1 Yohane 1:9–2:2) Thapelelo ya moruti yo eleng motho mo kgatong epe fela ya “tshiamiso” ga e na motheo ope mo Bibeleng, fa e se go kgobokanngwa ga ditshwanelo fela, oo thuto ya thekololo ya dibe e thailweng mo go one.—Bahebera 7:26-28.
Kgopolo ya Porosetanta ya tshiamiso, jaaka eo e kayang go kaiwa ga Mokeresete jaaka mosiami mo ditshwanelong tsa setlhabelo sa ga Keresete, kwantle ga pelaelo e gaufi le seo Bibela e se rutang. Lefa go ntse jalo, dikereke dingwe tsa Maporosetanta di ruta “go siamisiwa ka tumelo e le yosi fela,” goo, jaaka re tla bona moragonyana, go tlhokomologang mabaka a a tlhamaletseng ao a neelwang ke moaposetoloi Paulo le ke Jakobe. Boikutlo jwa dikereke tseo jwa go nna phëpa semoyeng bo sobokanngwa ke polelwana e e reng “fa o ka bolokwa, o boloketswe ruri.” Maporosetanta mangwe a dumela gore go lekane go ka dumela mo go Jesu gore o bolokiwe, mme, ka gone, tshiamiso eo e tla pele ga kolobetso.
Go feta moo, dikereke dingwe tsa Porosetanta, lefa di ruta go siamisiwa ka tumelo, di latela motlhabolodi wa Mofora ebong John Calvin le go ruta ka tlholelo ya botho, ka gone ba gana thuto ya Bibela ya go itlhophela. (Duteronome 30:19, 20) Ka jalo, go ka bolelwa gore kgopolo ya Katoliki ya tshiamiso kana ya Maporosetanta gotlhelele ga e dumalane le Bibela.
Bibela e Rutang?
Lefa go ntse jalo ka tlhomamo Bibela e ruta thuto ya “tshiamiso,” kana tsela eo motho a ka abelwang boemo jo bo siameng fa pele ga Modimo ka yone. Mo tshimologong re bone lebaka la go bo re tshwanetse go nna le boemo jo bo siameng le Modimo, ereka rotlhe re tsetswe, eseng jaaka bana ba Modimo, mme jaaka “bana ba re chwanetsen bogale.” (Baefesia 2:1-3) Boo bogale jwa Modimo bo tla nnela sruri mo go rona kana nnya go ikaegile ka go amogela kana go gana ga rona paakanyetso ya gagwe ya bopelotlhomogi ya go letlanngwa le ene, Modimo o o boitshepo, o o siameng. (Yohane 3:36) Paakanyetso e e lorato eo ke “thèkololō e e mo go Keresete Yesu.”—Baroma 3:23, 24.
Moaposetoloi Paulo o bontshitse gore setlhabelo sa thekololo sa ga Keresete se bula ditsholofelo tse pedi, e nngwe “mo lehatshiñ” le e nngwe “kwa magodimoñ.” O kwadile ka go re: “E ne e le mo go kgatlhileñ Rara, gore botlalō yotlhe bo agè mo go èna [Keresete]: le gore a itetlanyetsè dilō cotlhe ka èna, ka a dihile kagishō ka madi a mokgōrō wa gagwè; ka re, ka èna, leha e ka ne e le dilō tse di mo lehatshiñ, kgotsa dilō tse di kwa magodimoñ.”—Bakolosa 1:19, 20.
Gore o nne le seabe mo go nngwe ya ditsholofelo tse pedi tseno, go botlhokwa go nna le boemo jo bo siameng fa pele ga Modimo, mme seno se akareletsa mo gontsi go feta go “dumela mo go Jesu” fela. Gore tota ke eng seo se kopanyelediwang gore Bakeresete bao ba nang le tsholofelo ya selegodimo le bao tsholofelo ya bone e leng go tshela ka bosakhutleng mo Paradaiseng mo lefatsheng go tla sekasekiwa mo ditlhogong tse pedi tse di latelang. Ka tswee tswelapele ka go bala, mme o seka wa etsaetsega go kopa mosupi wa ga Jehofa yo o go neileng makasine ono gore a tlotle le wena ka ditlhogo tseno, o na le Bibela ya gago.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Go ya ka thuto ya Katoliki, boleo bo kopanyeletsa molato le mefuta e mebedi ya kotlhao—ya bosakhutleng le ya nakwana. Molato le kotlhao ya bosakhutleng di itshwarelwa ka sakaramente sa boipobolo. Kotlhao ya nakwana e tshwanetse go letlanngwa mo botshelong jono ka ditiro tse di molemo le ditiro tsa boipobolo, kana mo botshelong jo bo latelang mo molelong wa pakatori. Thekololo ya dibe ke bontlhanngwe kana boitshwarelo jo bo feletseng jwa kotlhao ya nakwana ka go dirisiwa ga ditshwanelo tsa ga Keresete, Maria, le “baitshepi,” bao ba beilweng mo “lefelong la Matlotlo la Kereke.” “Ditiro tse di molemo” tse di batlegang gore o amogele thekololo ya dibe di ka kopanyeletsa go etela lefelo le le boitshepo kana go neelana ka madi ka lebaka lengwe le le “molemo.” Ka gone mo nakong e e fetileng, go ne go tlhatlosediwa Batlhabani madi le go agiwa ga matlo a bobishopo, dikereke le maokelo.
b Gape Luther o ne a tsosa pelaelo malebana le bonnete jwa lekwalo la ga Jakobe, fa a tlhomela gore kgang ya gagwe mo Jak kgaolong 2, gore tumelo fa e sena ditiro e sule e ganetsana le tlhaloso ya ga Paulo ya go siamisiwa “kwa ntlè ga ditihō.” (Baroma 4:6) O ne a paelwa ke go lemoga gore Paulo o ne a bua ka ditiro ytsa Molao wa Sejuda.—Baroma 3:19, 20, 28.
[Mafoko a setshwantsho mo go tsebe 5]
KEREKE YA KATOLIKI e ruta gore tshiamiso e dira gore motho e nne mosiami eletota, mme gore tshiamiso e ka latlhega ka ntlha ya boleo jwa loso kana le go okediwa ke ditshwanelo tsa botho.
[Mafoko a setshwantsho mo go tsebe 6]
BAPOROSETANTA BA BANTSI ba dumela mo tshiamisong kana go kaiwa jaaka mosiami, ka tumelo e le yosi fela, le gore go dumela mo go Jesu go tlhomamisetsa poloko. Bangwe ba dumela gore tshiamiso ea tlholelwa.
[Mafoko a setshwantsho mo go tsebe 7]
BIBELA e ruta gore motho a ka itlhophela le gore setlhabelo sa thekololo sa ga Keresete se bula ditsholofelo tse pedi, e nngwe ke ya kwa legodimong mme e nngwe ke ya mo lefatsheng. Ditsholofelo tseo ka bobedi di kopanyeletsa go bona boemo jo bo siameng fa pele ga Modimo.