LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w85 12/1 ts. 3-4
  • A O Na le Boemo jo bo Siameng le Modimo?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A O Na le Boemo jo bo Siameng le Modimo?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Tlhoka Tsholofelo ga Segompieno
  • Dikereke le Boleo
  • Boipolelo
    Go Fetolana ka Dikwalo
  • Go Ipolela Dibe—Ka Tsela ya Motho Kana ya Modimo?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Go Ipolela Dibe—A go Na le Sengwe Se Se Phoso ka Gone?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Go Siama Fa Pele ga Modimo—Jang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
w85 12/1 ts. 3-4

A O Na le Boemo jo bo Siameng le Modimo?

BATHO ba le bantsi ba ka nna ba se bone ntlha ya konokono mo potsong eo. Go ya ka bone, go ikutlwa o le mo boemong jo bo siameng le wena ka sebele go botlhokwa thata. ‘Dira se o se ratang’ ke leele le le tlwaelegileng mo malatsing ano. ‘O se ikutlwe o le molato’ ke le lengwe.

Seno ga se pono ya basha ba le mmalwa ba ba tsenweng ke kgopolo ya botshelo jwa ‘nna pele’ fela. Ka sekai, kwa Fora, koo 82 lekgolong ya baagi eleng Bakatoliki ba ba kolobeditsweng, tshekatsheko e e neng ya dirwa ka 1983 e ne ya senola gore 4 lekgolong fela ya batho e amogela mogopolo wa boleo. Malebana le Dinaga tse di Kopaneng tsa Amerika, mo dingwageng di le mmalwa tse di fetileng Dr. Karl Menninger, yo go tweng ke “mosimolodi wa kalafi ya tlhaloganyo le maikutlo ya Amerika” o ne a ikutlwa a tlhotlheletsegile go kwala buka yotlhe ka setlhogo se se reng Whatever Became of Sin? O kwadile jaana mo go yone: “Jaaka morafe, re tlogetse ‘go leofa’ semmuso dingwaga di ka nna some a mabedi tse di fetileng.” Khabara ya buka eno e tlhalositse jaana: “Lefoko ‘boleo’ le batla le nyeletse mo mafokong a rona.”

Tota, mogopolo wa boleo o fifetse thata gompieno mo eleng gore batho ba le bantsi, le eleng ba ba ipolelang gore ke Bakeresete, ba ka nna le bothata go tlhalosa gore tota boleo ke eng.

Go Tlhoka Tsholofelo ga Segompieno

Go sa kgathalesege go isiwa tlase ga mogopolo o o wa boleo, ditiragalo di le mmalwa tsa bosheng mo lefatsheng di dirile gore batho ba akanyetse kgang eno. E nngwe ke palo e kgolo ya go ntshiwa ga dimpa mo dinageng di le dintsi tse di tlhabologileng go gaisa tsa lefatshe. Lemororo dingwe tsa tsenō di na le “Bakeresete” ba le bantsi, di na le melao e e repileng thata ya go ntsha dimpa. Dipolao tseno tse di feteletseng tsa masea a a iseng a tsalwe di tlhagisitse ditsibogo tseo batho ba ba ganang mogopolo wa boleo ba tshwanetseng go go fitlhela go le thata go di tlhalosa.

Ka sekai, ke ka ntlhayang fa basadi bangwe bao botlhajana jwa bone jwa go tshela bo ba dumelelang go ntsha dimpa ba tshwanetse go jewa ke segakolodi morago ga moo, le eleng go ya bokgakaleng jwa go Iwala tlhaloganyo? Lefa go ntse jalo, “dipatlisiso di bontsha fa karolo e kgolo ya ba ba ntshang dimpa e palelwa ke go tshela gape ka mo go tlwaelegileng,” le eleng kwa Yugoslavia ya bokomonisi. (The New Encyclopædia Britannica) Moporofesara Henri Baruk, leloko la Sekolo sa Bongaka sa Fora, o tlhalosa ntlha eno jaaka e e nnang gone ka ntlha ya go tlolwa ga “molao-motheo wa konokono o o kwadilweng mo dipelong tsa batho botlhe.” O kwadilwe ke mang?

Ntlha e nngwe ya botlhokwa ya bosheng e e dirileng gore batho ba e akanyetse ke go anama ga lefatshe ka bophara ga malwetsi a a tshelanwang ka go tlhakanela dikobo. AIDS (Acquired Immune Deficiency Syndrome), ka selekanyo sa yone se se kwa godimo sa loso, e tsositse lekhubu la go belaela le tlalelo mo bathong ba le bantsi bao go tlhakanela dikobo le batho ba ba farologaneng go ka bong ka tshwanelo go ba lereditse kgololesego mo moileng o o tswileng mo fesheneng. Diphelelo tse ba bantsi ba tshwanelwang ke go di amogela ka ntlha ya “kgololesego” ya bone ya go tlhakanela dikobo e baka gore bangwe ba bone ba ipotse, fa sengwe le sengwe se sena go sekasekiwa, ba sa otlhaiwe. Ba otlhaiwa ke mang?

Dikgopodiso tse di ntseng jalo tsa segompieno tsa gore motho ga a kake a nyatsa melaometheo ya boitsholo kwantle ga kotlhao, di dira gore batho ba bangwe ba ba akanyang ba sekaseke dipono tsa bone gape malebana le boleo le go ikarabela mo Modimong.

Dikereke le Boleo

“Boleo jwa lekgolo leno la dingwaga ke go latlhegelwa ke mogopolo otlhe wa boleo.” Mopapa Pius XII o ne a dira polelo eno e e maatla bogologolo ka 1946. Kwantle ga pelaelo, boemo joo bo etegetse fa e sale go tloga ka nako eo. Mo lekwalong la gagwe la bosheng malebana le boleo le boipobolo, le le bidiwang “Tetlanyo le Boipobolo,” Mopapa John Paul II o ne a tsopola mafoko ao a yo o mo tlhatlhamang mme a nyatsa seo a neng a se bitsa go palelwa ga mogopolo wa boleo mo mokgatlhong wa batho ba segompieno o o tlhanogetseng bodumedi.

Gape Mopapa o ne a gopotsa baruti ba Katoliki, le Bakatoliki ka kakaretso, gore boipobolo le boitshwarelo tsa setlhopha, jaaka di dirwa mo dikerekeng di le dintsi tsa Katoliki gompieno, ga di molemo mo go lekaneng, o ne a bolela gore go ipobola ga motho ka bongwe ke “yone fela tsela ya gale le e e tlwaelegileng” ya go boloka sakaramente sa boipobolo. Go ya ka thuto ya Katoliki boipobolo bo amana le ditiro tse di molemo mo go letlanyeng moleofi le Modimo.

Dikereke tse dintsi tsa Maporosetanta di gana tlhokafalo ya boipobolo jwa mo sephiring go moruti. Ba dumela gore go ipobola mo Modimong go lekane go ka tshwarelwa maleo, mme ba bangwe ba rata boipobolo le boitshwarelo tsa botlhe kwa “tirelong ya Boipobolo.” Maporosetanta a le mantsi a dumela gore go tlhokega tumelo e le yosi gore o siamisiwe fa pele ga Modimo.

Dithuto tse di ntseng jalo tse di thulanang mo dikerekeng tse go tweng ke tsa Bokeresete malebana le kgang ya boipobolo, boikwatlhao, le go siamisiwa, kana ka moo o ka bonang boemo jo bo siameng fa pele ga Modimo ka gone, di tlogela batho ba le bantsi ba akabetse. Ba na le boikutlo jo bo sa tlhomamisegang jwa gore ba tshwanetse go bo ba dira sengwe gore ba siame mo Modimong, mme ga ba itse ka moo ba ka dirang jalo ka gone.

Setlhogo se se latelang se tla tlhalosa lebaka la go bo re tshwanetse go siamisiwa mo Modimong, mme se tla tlhatlhoba dipono tsa Makatoliki le Maporosetanta malebana le “tshiamiso.” Ditlhogo tse dingwe tse pedi di tla tlhalosa seo Bibela e se rutang mabapi le kgang ya go bona boemo jo bo siameng fa pele ga Modimo, le tsela eo seno se go amang ka yone.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela