Monna wa Gagwe O Ne A mo Gakgamatsa
Fa mmereki wa megala mo Texas a se na go mntsha badiri ka ene kgatiso ya Buka ya Me ya Dipolelo tsa Bibela, le go ba kaela ditshwantsho tsa yone tse dintle le boikitsiso jwa yone jo bo mosola, ba ne ba amogela dibuka di le 50. O tlhalosa se se neng sa diragala morago ga fa mosadi mongwe a se na gore o ne a rata go ka nna le sekaelo sengwe.
“Ke maswabi go bo ke kopile gore o tsise buka eo,” mosadi a bolela.
“Ka baka lang?” ke ne ka botsa.
“Ke ne ke sa itse fa o le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa,” a araba, “mme monna wa me o le ila tota batho ke lona.”
“Ao, ke maswabi go utlwa go ntse jalo,” ka mo fetola. Mme ka go elatlhoko gore o ne a kgatlhwa ke buka eo tota ke ne ka re: “Tswee-tswee e ya le yone kwa lapeng mme o e mmontshe, mme go tswa foo fa a sa e batle, o bo o e busetsa kwa go nna.”
“Go siame,” o ne a rialo.
“Bosigo jo bo latelang fa ke kopana le ene, a nthaya a re, ‘JoAnn, ke itumetse tota. Ke ne ka ya le buka ele kwa lapeng mme ka e baya fa kobotong. Ke ne ka emelela go ya kwa lebenkeleng go ya go reka dijonyana. Fa ke boa, monna wa me o ne a ntse le bana a ba balela buka eo. O ne a mpotsa gore ke tsere buka eo kae, mme ka mmolelela gore mo Basuping ba ga Jehofa. O ne a re, “Wa itse gore ke eng, ke buka e e molemo tota. A ke o lebelele ditshwantsho tse tsotlhe, mme kwa tlase ga tsebe e go bontsha mo o ka bonang boikitsiso gone mo Bibeleng.”’”
Re ikutlwa gore le wena, gape, o tla ipelela kgatiso eno e ntle ya ditshwantsho, ya mogatiso o mogolo. Dipego tsa yone tsa Bibela tse 116 di neela mmadi kgopolo ya se Bibela e leng kaga sone. Dipolelo tseno di bonala ka kakaretso ka go tlhomagana ga tsone kafa ditiragalo di neng tsa diragala ka teng mo ditsong. O tla fitlhela gore eleruri e thusa mo go ithuteng gore ke leng, tumalanong le ditiragalo tse dingwe, dilo di diragetseng mo ditsong. Amogela buka eno e e mosola ya ditsebe tse 256 ka go tlatsa le go romela foromonyana e e fa tlase.
Tswee-tswee nthomeleleng, poso e duetswe, buka ya khabara e e thata ya Buka ya Me ya Dipolelo tsa Bibela, eo ke e romelelang le R3,50.