O Se Nne le Seabe mo Maleong a ba Bangwe
“Ke nntse ke sa dule le batho ba boithamakō; le gōna ga nketla ke tsèna tsèna le baitimokanyi.”—PESALEMA 26:4.
1. Ke ka baka lang fa Jude a ile a fetola boikaelelo jwa gagwe jwa go kwalela Bakeresete ka ene?
MAKGOLO a dingwaga a a lesome le boroba bongwe a a fetileng, morutwa Jude o ne a ikaeletse go kwalela badumedi ka ene kaga ‘poloko e ba sa leng ba e neilwe.’ Mme o ne a go fitlhela go tlhokafala gore a ba kgothaletse go re ba “nnè tlhōahalō go ganèlèla tumèlō e e sa leñ e neèlèlwa baitshepi rure.” Ka baka lang? Ka go bo ‘batho bangwe ba ba sa reng Modimo sepe’ ba ne ba kukunetse mo teng ga phuthego mme ba ne ba “hetola tshegōhaco ea Modimo oa rona bopèpè.”—Yude 3, 4.
2. Lemororo go nametsa go tlotla ka poloko, ka dinako tse dingwe go tshwanetswe ga akanyediwa eng ka thapelo?
2 Abo go lapolosa jang go tlotla ka poloko e re e tshwaraganetseng mmogo! Go tlhatlhanya ka molaetsa oo go tlisa kgotsofalo e kgoIwane, mme re a ipela fa re tlhakanela mo masegong otlhe a poloko eo. Lefa go ntse jalo, go na le gore ka dinako tse dingwe, mo boemong jwa go bua kaga poloko, re bonang go tlhokafala go akanyetsa dikgang dingwe tse di masisi. Fa di sa baakanngwe, tseno di ka gagolaka tumelo ya rona mme tsa re dira gore re latlhegelwe mo lobelong lwa botshelo. Le eleng fela jaaka tlhagiso ya ga Jude kgatlhanong le boitshwaro jo bo phoso e ne e tiile ebile e le maatla, ka jalo Bakeresete gompieno ba tshwanetse ka dinako tse dingwe ba rapelela go akanyetsa kgakololo e e tlhamaletseng ya Dikwalo, e e opang kgomo lonaka.
Maleo A Rona Sebele
3. Ke ka baka lang fa re tlhoka kotlhao, mme re tshwanetse go e amogela jang?
3 Mopesalema Dafide o ne a re: “Bōna, ke ne ka bopègèla mo boikepoñ; me mmè o na a inthwalèla mo boleuñ.” (Pesalema 51:5) Rotlhe re tsetswe re le baleofi. (Baroma 5:12) Moaposetoloi Johane o ne a kwala ka gore: “Ha re re, ga re na boleo bopè, rea itsietsa, le boamarure ga boeō mo go rona.” (1 Yohane 1:8) Jaaka baleofi, go na le ka dinako tse dingwe fa kotlhao e tlhokafalang e le gore e tle e tlhamalatse tsela ya rona. Kotlhao e e ntseng jalo e tswa mo go Jehofa ka Lefoko la gagwe, ebong Bibela, le phuthego ya gagwe. Kotlhao ya gagwe e a re tlhamalatsa le go re thusa go sepela ka tshiamo mo pele ga gagwe. Jaaka moaposetoloi Paulo a ne a tlhalosa ka gore: “Mo bakeñ lono, ekete koatlhaō eotlhe e nntse yaka ekete ga e na boitumèdishō, ha e se tlhokohaco hèla: leha go nntse yalo, ea re kwa moragō, ba ba e rutintshicweñ, e ba uñwèle lounō loa kagishō, eboñ louñō loa tshiamō.” (Bahebera 12:11) Ka ntlha ya loungo lo lo kagiso lwa kotlhao e e ntseng jalo, eleruri re tshwanetse go e amogela ka tebogo.
4. Kotlhao e ka neelwa leng, mme matswela a yone e ka nnang?
4 Go otlhaiwa ke Jehofa go ka nna ga dirwa fa re simolola fela mo tseleng e e ka re gogelang kwa phosong e e masisi. (Bagalatia 6:1) Ka dinako tse dingwe, kotlhao e ka tla morago ga fa re setse re tseneletse thata mo tseleng e e phoso. Kotlhao e e ntseng jalo e ka nna ya nna botlhoko go feta, jaaka fa moaposetoloi Paulo a ne a tlhagisa Bakorintha ka tlhamalalo go tsaya kgato e e tlhamaletseng kgatlhanong le moakahadi mo phuthegong. (1 Bakorintha 5:1-5) E ka tswa kgang ke efe fela, kotlhao e neelwa e le gore modira-bosula a ka ikotlhaya, a sokologa, le go tsamaya mo tseleng e e iketlileng e e kgakala le ditsela tsa boleo tse di gogelang mo phosong e e masisi. (Bapisa Ditihō 3:19.) Batlhanka ba ga Jehofa ba itumelela kotlhao e e ntseng jalo, le eleng jaaka motho mongwe yo o neng a kgalemelwa mo Korintha wa bogologolo a ne a solegelwa molemo mme ga bonala a ne a tsosolosediwa bolekaneng jo bo lorato le phuthego.—2 Bakorintha 2:5-8.
5. Bakeresete bao ba kopanyelediwang mo boleong jo bo masisi gantsi ba dirang?
5 Bontsi jo bogolo jwa bao ba ineetseng mo go Jehofa ba podi-matseba fela thata-thata ka tlhokafalo ya go sepela ka thokgamo mo pele ga Modimo. Fa e le gore ba ka tsenelela mo boleong jo bo masisi, ka bofefo fela ba huralela tsela e e bosula, ba ya go bagolwane ba ba tlhomilweng mme ba neela bosupi jwa boikwatlhao jwa mmatota. (Yakobe 5:13-16) Lebaka la gore go kgaolwa ba se kae fela ba Basupi ba ga Jehofa ngwaga le ngwaga ke bosupi jwa go bo ba ila se se bosula mme ba eletsa go dira se se molemo.—Pesalema 34:14; 45:7.
Maleo A Ba Bangwe
6, 7. Badira bosula bangwe ba leka go tlhotlheletsa ba bangwe jang?
6 Legale bangwe ba go bonalang ba rata se se siameng go bonala ba ile ba letlelela dipelo tsa bone go ba tsietsa, ka go bo go sa bonale ba ila se se bosula. (Pesalema 97:10; Amose 5:15) Ka ntlha ya gona moo, ba tsenelela mo dilong tsa boleo mme ga ba boloke ntwa ya se se siameng. Ka dinako tse dingwe, ba ka nna ba ya le eleng bokgakaleng, jwa go batla go tsenyeletsa ba bangwe mo tseleng ya bone ya boleo. Abo go le botlhokwa gore re ganane le dikakantsho tse di ntseng jalo!—Bapisa Diane 1:10-15.
7 Ka dinako tse dingwe bao go bonalang ba sa ile se se bosula ba bua ka tsela e e bolalome mo eleng gore go eletsa go dira se se phoso go ka nna ga tlhagolega mo dipelong tsa bao ba reeditseng. Kgothatso e ka nna go kopanyelediwa mo boitsholong jo bo sa siamang jwa kafa dikobong kana mo tirong nngwe e e belaetsang ya boitshwaro jo bo sa amogelweng ke Modimo. Kana motho o ka nna a kgothalediwa go kopanyelediwa mo seemong seo se leng kotsi fela thata kafa semoeng. Bao ka gone ba lekang go kgothaletsa ba bangwe ba ka nna ba re Jehofa ke Modimo o o lorato o o tla nnang kutlwelo botlhoko fa re leofa. Boferefere jwa pelo jo bo ntseng jalo bo ka dira kgobalo ya go ya go ile. (Yeremia 17:9; Yude 4) Eleruri, re tshwanetse go ‘thiba lonao lwa rona mo tseleng ya bone’!—Diane 1:15.
Go Abalana mo Maleong a ba Bangwe
8. Ke dipotso dife tse di tlhokang kakanyetso?
8 Mme a re re gongwe re lemoga gore tsela e e akantshiwang ke tiro e e phoso? A go ganana ga rona le yone fela go re imolola mo boikarabelong jo bongwe gape mo kgannyeng eo? Fa e le gore re itse gore bao ba akantshang go dira bosula joo ba tseneletse mo go jone, re tshwanetse go dirang?
9. Ke ka baka lang fa bangwe ba palelwa ke go begela ba bangwe phoso ya bone, mme ke ka baka lang fa seno e le kgang e e masisi?
9 Bangwe ba ba nang le kitso kaga go dira bosula mo go dirilweng ke ba bangwe ba ka nna ba sekamela mo go sa bueng sepe go bao ba nang le boikarabelo jwa konokono mo go bolokeng phuthego e le phepa. Ka baka lang? Ka gongwe ga ba batle go lejwa jaaka moloma-tsebe. Kana, ka ntlha ya boikanyegi jo eseng jone ba ka nna ba didimalela kgang kana ba ka nna ba bua le bao fela ba ba solofetsang gore e tla nna sephiri. Seno se maswe fela thata. Ka baka lang? Ka go bo tota go tla felela ka go tlhakanela mo maleong a ba bangwe.
10, 11. (a) Moaposetoloi Johane o ne a reng kaga go tlhakanela mo maleong a ba bangwe? (b) Fa re ile ra itse kaga phoso ya leloko lengwe la phuthego, re ka nna ra ipotsang rona ka borona?
10 Moaposetoloi Johane o ne a bontsha gore go ka kgonega go tlhakanela mo boleong jwa motho yo mongwe. O kwadile ka gore: “Leha e le mañ eo o tlolèlañ pele, me a sa nnele rure mo thutoñ ea ga Keresete, ga a na Modimo . . . Ha moñwe a tla mo go lona, me a sa tle le thutō e, lo se ka loa mo cholèla mo tluñ ea lona, le gōna lo se ka loa mo dumedisa: Gonne eo o mo dumedisañ o tlhakanetse naè ditihō tsa gagwè tse di boshula.” (2 Yohane 9-11) Motenegi wa ‘thuto ya ga Keresete’ ga a ne a tshwanela go nna molekane, mme ka go sa mo dumedise, Mokeresete yo o ikanyegang o tla bo a tila go tlhakanela mo boikepong jwa gagwe.
11 Ereka seo e le kgang ya motenegi, eleruri re ne re se ketla re batla go nna batlhakanedi mo boikepong jwa ba bangwe bao ditiro tsa bone tsa boitsholo re tlang go di itse. Go tweng he, fa re ne re itse gore leloko lengwe la phuthego ke legodu kana letagwa? Fa re ne re ka palelwa ke go kgothaletsa motho yoo ka boene go batla boitshwarelo jwa ga Jehofa le go bolelela bagolwane boleo jwa gagwe, a ga re molato gotlhelele? Nnyaa, ka ntlha ya go bo re na le boikarabelo jo bo masisi.
Bophepa le Tshireletso Di Botlhokwa-tlhokwa
12. Ke ka baka lang fa re itshwenya kaga bophepa jwa semoya jwa phuthego?
12 Rona ka borona re tshwanetse go bontsha kamego ya bophepa jwa semoya jwa phuthego. Abo seno se ne sa otlelelwa jang ne fa ditshwarwa tsa Bajuda di ne di tla tloga di tlogela Babelona mo lekgolong la dingwaga la borataro B.C.E.! Taolo e e neetsweng ke Modimo e ne e re: “Tsamaeañ, tsamaeañ lo cwè gōna, lo se ka loa ama sepè se se itshekologileñ; tlogañ, lo cwè mo gare ga gōna; lo nnè bantlè, lona ba lo rweleñ diyana tsa ga Yehofa.”—Isaia 52:11.
13. Jude o ne a bontsha jang gore re tshwanetse go amega kaga go sireletsa batho ba ga Jehofa go badira-bosula?
13 Le rona re tshwanetse go amega ka ga go sireletsa batho ba ga Jehofa mo go bao ba senkang go ba raraeletsa mo bosuleng. “Batho ba ba sa reñ Modimo sepè” ba motlha wa ga Jude ba ne ba senka go ‘fetola tshegofatso ya Modimo go nna seipato sa go dira bopepe,’ mme morutwa yoo yo o ikanyegang o ne a tsaya kgato go tlhagisa badumedi ka ene mme ka gone a ba sireletsa. O ne a ba gakolola ka dikai tse di tlhagisang tse di baakanyeditsweng ke Baiseraele ba ba sa ikanyegeng, baengele ba ba se nang kutlo, le ba bangwe. Ipalele lokwalo lono lo lo tlhotlheleditsweng lwa bomodimo, mme o tla bona gore Bakeresete ba ba ikanyegang ga ba ka ke ba korobela fela fa bophepa jwa phuthego bo bopelwa kana fa batho ba Modimo ba tlhoka go sirelediwa mo bathong ba boitsholo jo bo maswe ba ba nang le maikutlo a a seng phepa.
14. Fa modira-bosula a palelwa ke go bolelela bagolwane, ke jang Pesalema 26:4 e ka re thusang gore re fetse ka gore re direng?
14 Legale, a re re re ne re ile ra kgothaletsa modira-bosula go senka boitshwarelo jwa Modimo le go bolelela bagolwane, mme a nnela go sa dire sepe ka gone kana a sa bone go tlhokafala go tsaya dikgato tseno. A re ka tlogela kgang fela foo? Bangwe ba ka nna ba akanya gore ga ba batle go kopanyelediwa. Ba ka nna ba se batle go itatlhela botsala le yo o fositseng. Mme ba ka nna ba se batle gore ba tsewe jaaka batho bao ba tla ipiletsang megogoduma ka go bolelela bagolwane. Mme go akanya mono go phoso. Mopesalema Dafide o ne a re: “Ke nntse ke sa dule le batho ba boithamakō; le gōna ga nketla ke tsèna tsèna le baitimokanyi.” (Pesalema 26:4) Eleruri, he, ga re ne re batla go nna batlhakanedi le bao eleng “baitimokanyi.”
15. Lefitiko 5:1 e bontsha boikarabelo jwa rona jang morago ga go neela motho mongwe yo o fositseng lobaka lwa nako lo lo lekanetseng go atamela bagolwane kaga phoso ya gagwe?
15 Ka gone, morago ga fa re se na go neela motho yo o fositseng sebaka sa nako se se lekaneng go atamela bagolwane kaga phoso ya gagwe, ke boikarabelo jwa rona mo pele ga ga Jehofa go sa tlhakanele le ene mo boleong jwa gagwe. Re tlhoka go itsise balebedi ba ba nang le boikarabelo gore motho yo o boletse ka phoso nngwe e e masisi e e tlhokang gore ba e tlhotlhomise. Seno se tla bo se le tumalanong le Lefitiko 5:1, eo e reng: “Me ha moñwe a leoha ka go re, e rile a le moshupi oa señwe, me a utlwa lencwe ya ikanishō, go re, senwe o se bonye? kgotsa a a [a] se itse? me ha a se ka a se bolèla, hoñ a a bèlègè tshiamololō ea gagwè.” Legale, re tshwanetse go tila go potlakela go tsaya kgato fela ka magatwenyana a phoso nngwe e go tweng e dirilwe.
16. Se se leng botlhokwa jo bogolo thata go na le go ikanyega mo tsaleng e e ganang go senolela bagolwane ba ba tlhomilweng phoso ya gagwe e e masisi ke eng?
16 Mo lefatsheng la gompieno, go bipa diphoso tsa ba bangwe ke tlwaelo e e amogelwang. Batho ba bantsi ke dimumu fela jaaka matlapa fa go tla mo goreng ba senole phoso ya ba bangwe go bao ba tshwanetseng go itse kaga ditiro tse di ntseng jalo. Go tlhoka nonofo ya botho jwa Bokeresete go itsise bagolwane ba ba tlhomilweng kaga boleo jo bo masisi jwa modumedi mongwe ka rona. Mme fa e le gore re tla amogelwa ke Jehofa, ga re a tshwanela go letlelela botsala jwa botho go re foufaletsa phoso ya motho yo mongwe. Kamano ya rona le Modimo e botlhokwa-tlhokwa fela thata go na le go ikanyega mo tsaleng e e leng molato wa phoso e e masisi mme a gana go bolela kgang mo bagolwaneng ba ba tlhomilweng.
Bothata jo Rotlhe Re Tshwanetseng go Bo Akanyetsa
17. Ke eng se se supelang gore basha bangwe gareng ga rona ba tlhoka go itisa kgatlhanong le go tlhakanela mo maleong a ba bangwe?
17 Bothata jwa go tlhakanela mo maleong a ba bangwe gantsi bo nna gone gareng ga basha ba ba rileng moteng ga rona. Ba ka nna ba itidimalela fela le go gana go bolelela bao ba tshwanetseng go itsisiwe fa ba bangwe ba dira dilo tseo di leng kotsi go ka ama phuthego mme di ka felela ka go sa amogelwe ke Jehofa. Go bipa phoso ya ba bangwe go tlwaelegile mo ditsamaisong tsa selefatshe tsa sekolo. Mme fa pono eno e anamela mo phuthegong, go tla nna le mathata a mantsi. Go setse go ile ga nna le eleng dipego tsa basha bangwe ba ba dumalanang mo go kopanyelediweng mo boitshwarong jo bo phoso fa gone ba bolela gore mmutla o se rothe madi gore bagolwane le batsadi ba bone ba se ka ba itse kaga tiro e e ntseng jalo. Go ineela mo kgatelelong ya balekane le keletso ya go amogeIwa ke setlhopha seo go ile ga tlisa dipelo tse di phatlogileng mo basheng bano, batsadi ba bone, le ba bangwe mo phuthegong fa phoso e setse e ile ya bipololwa. Re tshwanetse go gakologelwa gore ga go sepe se re ka se fitlhang se se se ketlang se senolwa, mme bongwe jwa maikarabelo a rona a konokono mo pele ga ga Jehofa ke go thusa gore re boloke phuthego e le phepa.—Luke 8:17.
18. Batsadi ba Bakeresete ba tsbwanetse go dirang fa e le gore bana ba bone ba phoso?
18 Batlhanka botlhe ba ga Jehofa ba tshwanetse go nna kelotlhoko go sa tlhakanele mo maleong a ba bangwe. Batsadi bangwe ba leka go siamisa boitshwaro jo bo phoso jwa bana ba bone, ba gakalela go ba sireletsa. Mme batsadi ba Bakeresete ga ba a tshwanela go nna le boikutlo jwa gore mongwe le mongwe o tlhoile bana ba bone fa bana ba bone ba le phoso. Go na le moo, batsadi ba bomodimo ba tshwanetse go thusa bana ba bone ba ba fosang go amogela, go atlarela, le go solegelwa molemo ke kotlhao epe e e tlhokafalang e e tlhalositsweng mo Lefokong ja Modimo.
19. (a) Malebana le maleo a a masisi, banyalani ba Bakeresete ba tshwanetse go nna kelotlhoko kaga eng? (b) Bagolwane ba tshwanetse go dira eng fa mongwe wa bone kana motlhanka wa bodihedi a dirile phoso e e masisi?
19 Banyalani ba Bakeresete le bone ba tlhoka go nna kelotlhoko gore ga ba tlole melao ya Modimo ka go bipana maleo a bone a a masisi. Ba tshwanetse go gakologelwa kgang ya ga Ananiase le Safira, bao ba neng ba loga segwenegwene mme ba senka go bipa boleo jwa bone jo bo masisi mme ba se ka ba atlega. (Ditihō 5:1-11) Bagolwane gape ba tshwanetse go nna podi-matseba go sa sireletsane kana batlhanka ba bodihedi fa e le gore mongwe wa bone o ile a dira boleo jo bo masisi jo bo ka felelang ka go kgaolwa. Ba tshwanetse go latela molao-motheo o o tlhalositsweng ke Paulo, yo o neng a kwala a re: “U se ka ua beèla motho opè diatla ka potlakō, le gōna u se ka ua tlhakanèla le batho ba bañwe dibe tsa bōnè: u itshegetsè u le mo boitshekoñ.”—1 Timotheo 5:22.
Botlhale jwa go Ipoloka Re Se Na Selabe
20. Go na le go bipa kana go tlhakanela mo maleong a ba bangwe, re tshwanetse go dirang?
20 Batlhanka ba ga Jehofa ga ba a tshwanela lefa go le kana go tlhakanela kana go etsa ditsela tse di bosula tsa lefatshe leno. Fa a ne a kwalela Gaio, moaposetoloi Johane o ne a re: “Moratwa, u se ka ua etsa se se boshula, ha e se se se molemō hèla. Eo o dihañ molemō ke oa Modimo: eo o dihañ boshula ga a e se a bone Modimo.” (3 Yohane 11) Abo go le molemo jang go kaelwa ke Lefoko ja Modimo je le tlhomamisegang mme ka gone ra dira se se molemo! Go na le gore re bipe kana re tlhakanele mo maleong a a masisi a ba bangwe, ka gone, boitlhomo jwa rona e tshwanetse go nna go phatsima jaaka masedi, re se na selabe re bile re le bokgwabo. (Bafilipi 2:14, 15) Motlhanka mongwe le mongwe wa Modimo o na le boikarabelo jwa go boloka phuthego e le phepa. Fa gone a ipoloka ka boene a se na selabe. (2 Petere 3:14) Mme go tweng fa e le gore o tshwenngwa ke bogolo jwa se yo mongwe a se dirileng? O tshwanetse go ikutlwa o gololesegile go bua le bagolwane mme o bone kaelo kaga tsela e e botlhale go e latela.
21. (a) Lorato lwa ga Keresete mo phuthegong ya gagwe ke sekao go rona jang? (b) Malebana le phoso ya ba bangwe, ke boikarabelo bofe jo re bo sikarang?
21 Go rata ga rona phuthego ya ga Jehofa go tshwanetse ga tshwana le lorato lwa ga Jesu Keresete go monyadiwa wa gagwe wa semoya, phuthego. O “ratile phuthègō, me a intshetsa eōna: Gore a e itshepise, a sena go e tlhapisa ka tlhapishō ea metse ka lehoko, Gore a tlè a ineè phuthègō, e le e e galalèlañ, e e senañ selabe, leha e le khuanō, leha e le sepè se se ka nnañ yalo; ha e se gore e nnè boitshèpō le botlhōka bogōlè.” (Baefesia 5:25-27) Ka mo go tshwanang, go rata ga rona phuthego ya ga Jehofa go tshwanetse ga re tlhotlheletsa go dira se re ka se kgonang go e boloka e le phepa. Le ka motlha ekete re ka se dire sepe go tlontlolola Modimo kana phuthego ya gagwe kana go mpampetsa phoso ya ba bangwe mo phuthegong. Go na le moo, a re kgothatseng badira-bosula go siamisa boitshwaro jwa bone le go senka thuso ya bagolwane. Fa ba palelwa ke go dira seno mo lobakeng lwa nako lo lo lekaneng, a ka gone re sikareng boikarabelo jwa go itsise balebedi ba ba tlhomilweng. Ka tsela eno, re tla tila go nna batlhakanedi mo maleong a ba bangwe mme re sikare boikarabelo jwa boitshwaro jwa bone jo bo phoso.
22. (a) Go bona poloko, re tshwanetse go dirang? (b) Ke dipotso dife tse di salelang kakanyetso?
22 Poloko eo re e tshwaraganetseng ke lehumo le le se nang bolekanngo. Go e bona re tshwanetse go tswelela re sepela mo pele ga ga Jehofa ka tsela e e tlhamaletseng. Ka gone, a re thusanyeng go dira jalo, le ka motlha re se tlhakaneleng mo maleong a ba bangwe. Jehofa ka lorato o ile a baakanyetsa ka thulaganyo ya phuthego go thusa mo maitekong ano, mme mo ntlheng e bagolwane ba ba tlhomilweng ba na le seabe se se botlhokwa-tlhokwa go se dira. Mme ba etsa Jehofa le Morwawe jang, Modisa yo o Molemo? Ke thuso efe e bagolwane ba ka re neelang yone mo tseleng e ya botshelo? Setlhogo se se latelang se tla arabela dipotso tseno.
A O Ka Gakologelwa?
◻ O tshwanetsego leba kotlhao jang?
◻ Fa modumedi ka wena a go bolelela gore o dihle boleo jo bo masisi, o tshwanetse go mo kgothaletsa go dirang?
◻ O tshwanetse go dirang fa e le gore o itse gore modira-bosula ga a ise a bolelele bagolwane ba ba tlhomilweng boleo jwa gagwe?
◻ Boo re bagolwane, banyalani, kana bana, re ka tila jang go tlhakanela mo maleong a ba bangwe?
[Setshwantsho mo go tsebe 20]
Moaposetoloi Johane o ne a tlhagisa kgatlhanong le go tlhakanela mo maleong a ba bangwe