Go Lemoga Dikgang
Kereke e e Didimetseng ya Argentina
“Kereke e e kgotletsweng ke madi mo Argentina,” go ne go balega jalo setlhogo sa National Catholic Reporter ya April 12, 1985. Se se gakgamatsang ke gore, baagi bao ba phopholediwang go nna 10 000 go ya go 30 000 ba ne ba tseiwa ka dikgoka le go bolawa kwantle ga go sekisiwa mo pusong ya nako e e fetileng ya sesole ya Argentina. Lefa go ntse jalo baelatlhoko ba bolela gore dikete tsa matshelo a ba ba senang molato a ka bo a bolokilwe fa Kereke ya Katoliki e ka bo e ganne. Go na le moo, “kereke ya Argentina—ka ba sekae ba dinatla ba ba sa akarediweng—e ne e didimetse gotlhelele mo poifong ya dingwaga tsotlhe di le supa,” eo e khutlileng fa puso e e seng ya sesole e ne e tsaya marapo ka 1983, pego e bolela jalo. Se se maswe-maswe ke gore, maloko mangwe a setlhopha sa baruti se se laolang a ne a ema puso ya sesole nokeng.
Ke ka ntlhayang fa kereke e ne e didimetse? Bontlhanngwe, ke ka ntlha ya go boifa diipusolosetso. Mme lekwalo-dikgang leo le tsopola lebaka le lengwe: “Setlhopha sa baruti se se laolang le sone se ne se amogela sesole jaaka motswedi wa maatla.” Se ne se neilwe ditshiamelo di le dintsi. Pego eo e konela ka gore: “Boitemogelo jwa Argentina bo tshwana thata le seo se dirilweng ke kereke ya Katoliki kwa Jeremane ya Bonazi, gape bo tsosa potso ya gore a maatla a botlhokwa mo kerekeng go gaisa Efangele e e leng botlhokwa-tlhokwa go nna bosupi jwa boammaaruri.”
Seno se bontsha boeleele jwa go senka go amogelwa ke mebuso ya sepolotiki ga bodumedi. E ka gogela kwa go itatoleng melao-metheo. Se se kgatlhisang ke gore, buka ya Tshenolō e nyatsa kgolaganyo ya Kereke le Puso fa e tlhalosa puso ya lefatshe ya bodumedi jwa maaka jaaka seaka “se dikgosi tsa lehatshe di gokahetseñ nashō.” (Tshenolō 17:2) Ga go gakgamatse go bo Jesu a boleletse balatedi ba gagwe gore ba ne ba sa tshwanela go nna “ba lehatshe.”—Yohane 15:19.
“Go Palelwa ke go Ikotla”
“Ga go kgonege gore o ete mo Afrika gompieno kwantle ga go fekeediwa ke ditshwantsho tsa sesole,” go bolela jalo Bulletin of the Atomic Scientists. Mme go goromelediwa ga madi le maatla a badiri gore go tlamelwe mephato eno ya sesole go tlaleletsa mo go bolaiweng ke tlala, segolo-bogolo fa ntwa e nna gone. Bulletin e neela dikai dingwe: “Mo Ethiopia, Chad, Mozambique, Angola, Sudan, le Uganda go tsogela puso kgatlhanong go go masisi le go go tsayang nako e telele, dintwa, kana ditlhabano tsa kwa melelwaneng di sentse dilo tsa botlhokwa-tlhokwa, di sentse dijalo, mme di etegeditse go boga ga batho.” Pego eo e re: “Mo kontinenteng e e nang le mathata a a maswe jalo, go akareletsa le go sa kgone go iphepa ga konokono, go faposediwa ga madi a mantsintsi le maatla a badiri a a botlhokwa mo maikaelelong a sesole go diphatsa.”
Go diphatsa eleruri! Ka mo go tshwanelang, buka ya Tshenolō e bontsha maemo ano ka tshwantshetso. E tlhalosa mopagami wa pitse yo o tshotseng tšhaka a pagame pitse e khonou, yo o ‘neiIweng gore a tlose kagiso mo lefatsheng’ ka ntwa. Morago ga moo, ka bonakonyana fela, ga tla pitse e ntsho ka mopagami wa yone a itsise tlala. (Tshenolō 6:3-6) Go tlhakana ga ntwa le go bolawa ke tlala mo Afrika ke sekai se sengwe sa tiragatso ya boperofeti jono mo motlheng wa rona.—Bona gape Mathaio 24:6-8.
“Botshelo jwa Tiro e e sa Itumediseng”
“Setshwano se se tlwaelegileng sa bahumi ba tsamaya-tsamaya mo ditshitshing tsa St Tropez, ba arametse letsatsi mo mekgokoloseng ya Aspen, ba kgweetsa diCadillac kana di-Rolls-Royce tsa bone go ya dikgaisanong tsa mabelo kana fela ba tshotlha sikara sa bone se se molemo, go kgakala le boammaaruri.” Go bolela jalo The Guardian Weekly mo pegong nngwe ya patlisiso ya bosheng ka Dr. Thomas Stanley wa Unibesithi ya Georgia State. “Mohumi yo o mo bogareng wa Amerika go ka kgonagala thata gore a tshele botshelo jwa tiro e e sa itumediseng.” Ka ntlha yang? Ka gonne o bereka dioura tse di telele go gaisa batho ba bangwe—mo e ka nnang dioura tse 75 ka beke. “Bontsi jwa batho ba ba humileng ba naga eo ke bora-kgwebo-potlana ba ba tlwaelegileng fela bao ba tshelang matshelo a a lapisang, a a boima.” Ba bolokela go rola tiro madi. Mme ka ntlha ya dithulaganyo tsa bone tse di lapisang tsa tiro, bontsi bo swa pele ga ba rola tiro. Batho ba ba ntseng jalo ba na le nako e nnyane ya menate ya botshelo.
Go farologana le seo, monna yo o botlhale wa metlha ya bogologolo o kgothaditse jaana: “Ke nèō ya Modimo, gore motho moñwe le moñwe a yè a nwè, me a yè monate ka letsapa yeotlhe ya gagwè.” (Moreri 3:12, 13) Mo boemong jwa go nna tiro e e sa itumediseng, tiro ya motho e tshwanetse go kgotsofatsa, e mo kgonisa go ipelela dilo tse di molemo, tse di motlhofo tseo Modimo a tlamelang ka tsone. Ka botlhale, he, Bakeresete ba boammaaruri ba tila telekiso e e lolea ya khumo. Ba itse gore kgotsofalo ya mmatota e nna gone ka ‘go ikokoanyetsa matlotlo kwa legodimong, eseng mo lefatsheng.’—Mathaio 6:19, 20.