LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w85 11/15 ts. 9
  • Kgatelopele e Ntšha ya Bolegodimo mo Korea

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Kgatelopele e Ntšha ya Bolegodimo mo Korea
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
w85 11/15 ts. 9

Kgatelopele e Ntšha ya Bolegodimo mo Korea

GO ITEPATEPANYA le lefatshe lotlhe, tiro ya go rera ka Bogosi mo Korea e gatela pele thata-thata. Mo e ka nnang dingwaga tse tharo, go tloga gompieno, morago ga dikago tsa lekala mo Kongdo, mo Korea, di ne tsa kgakolwa, go ne ga kgakolwa moago o mongwe gape o mosha wa mooketsa ka May 11, 1985.a E ne e le kgatelopele e nngwe mo ditsong tsa bolegodimo tsa Basupi ba ga Jehofa mo Korea.

Jaaka di bonala mo setshwantshong, moago o mosha wa mooketsa o na le matlhatlaganyane a boraro mo ofising (karolo e e kwa mojeng mo setshwantshong), matlhatlaganyane a mangwe a mabedi a feketiri (karolo e e bogareng), le matlhatlaganyane a mararo a a tshwaraganang le legae la Bethele (karolo yotlhe e e kafa molemeng). Moago o o ka kwa mahure ke legae la Bethele le le ntseng le le teng.

Mme ke ka baka lang fa go ne go tlhokafala mooketsa ono ka bofefo? Ka 1982, fa feketiri e ntsha ya ntlha e ne e simolola go dira, e ne e gatisa dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Awake! kgwedi nngwe le nngwe di le 380 000. Seno jaanong se ile sa menagana sebedi kgwedi nngwe le nngwe go nna 760 000. Go phepafetse, gore phatlha ya feketiri e e oketsegileng e tla dirisiwa ka botlalo. Go tlhokomela kgatiso e e oketsegileng, jaanong go na le maloko a babereki a le 86 a a direlang kwa makaleng a ntlo-kgolo. Legae je lesha jaanong le ka kgona go lepalepana le koketsego; go na le phatlha ya maloko a a ka nnang 120.

A. D. Schroeder, leloko la Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa mo Brooklyn, mo New York, o ne a le teng mo thulaganyong ya kgakolo. Maloko a Komiti ya Lekala la Korea a ne a bega ka tiro ya mo tshimong, le go neela ditlhaloso tsa kago. Botlhe ba ba 2 199 ba ne ba tletse ka malebogo go Jehofa ka lesego la gagwe le le humileng.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Ka pego ya kgakolo ya May 8, 1982, tswee-tswee bona The Watchtower ya September 15, 1982, ditsebe 26-8.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela