Ke Goreng Re Tshwanetse go Apara Bopelo-namagadi?
BO A eletsega ebile bo a ratega. Bo re thusa go tila dikomano. Fa gongwe bo tsewa e le bokoa, mme bo na le nonofo e kgolo fela thata-thata go na le tshipi. Ke bopelo-namagadi!
Mo Bibeleng, bopelo-namagadi bo nyalanngwa le boikokobetso, bopelonomi. Lefoko la Segerika la jone le tlhalosa bopelonomi, ‘botsala jo bo ingotlileng le jo bo pelontle; go sa tshwane le makgwakgwa, pelo e e maswe, go gakala ka pele, le go tlhoka maitseo.’ Lefa go ntse jalo, bopelo-namagadi bo tlhalosega motlhofo thata ka ditiro go na le go bo tlhalosa ka mafoko.
Mme ke goreng re tshwanetse go apara bopelo-namagadi? Mme bo ka re thusa jang?
Go Bo Bo Le Botlhokwa Jaana
Bakeresete ba tshwanetse go bontsha bopelo-namagadi ka go bo bo itumedisa Jehofa Modimo. Bibela e re gakolola go sepela “ka boikokobeco yotlhe le bonōlō.” Basadi ba Bakeresete ba tshwanetse go apara “diaparō tse di sa boleñ tsa mōea oa boikokobeco le tidimalō, e le gōna mo go kaiwañ go tlhōkèga thata mo matlhoñ a Modimo.” (Baefesia 4:1-3; 1 Petere 3:3, 4) Mme moaposetoloi Paulo ka tshwanelo o kgothaletsa badumedi ka ene gore: “Yaka ba ba itshenkecweñ ke Modimo, yaka ba ba itshepileñ le ba ba rategañ, lo aparè pelotlhomogi, le pelonomi, le boikokobeco, le bonōlo [bopelo-namagadi], le bopelotelele.”—Bakolosa 3:12.
Go apara bopelo-namagadi go mosola ka go bo seaparo seno se se sireletsang se ka re hemela mo kgobalong. Ka go apara bopelo-namagadi fa go na le seemo se se ka tsosang kgaruru se se golang, re ka tswa re ka kgona go kokobetsa bogale jwa motho yo o kgopisitsweng mme ra fitlhelela kagiso. Eleruri, “phetolō e e bonōlō e thibosa bogale.” (Diane 15:1) Mo godimo ga moo, bopelo-namagadi bo re thusa go emelana le mathata a letsatsi le letsatsi a a kgoberang maikutlo, bo okobetsa maemo a a borai kwa tirong kana kwa sekolong, bo godisa kagiso le kutlwano, mme bo re kgonisa go tshela matshelo a a ritibetseng, a a itekanetseng, le a a itumetseng. (Diane 14:30) Ka jalo go na le mabaka a a molemo a go bo re tshwanetse go apara bopelo-namagadi.
Kafa Go Ka Dirwang Ka Teng
Go supa bopelo-namagadi go ka bonala go le bokete, mme re ka bontsha nonofo eno fa e le gore ke keletso ya rona. Ka baka lang? Kana, ntlha ke gore Modimo o re bopile mo setshwanong sa gagwe. (Genesise 1:26) Jehofa o supa bopelo-namagadi. Bopelo-namagadi jwa gagwe bo bonala mo tseleng eo a dirisanang le batho ba ba leofileng ka teng. “Ga aa re dihèla kaha maleoñ a rona, leha e le go re duèla kaha maikepoñ a rona.”—Pesalema 103:10.
Bopelo-namagadi [boingotlo] ke karolo ya loungo lwa moya o o boitshepo wa Modimo. (Bagalatia 5:22, 23) Fa re lemoga tlhokafalo ya botho ya bopelo-namagadi, ka jalo, re ka rapelela moya o o boitshepo o o tla re thusang go tlhagolela le go supa boikutlo le mokgwa o o bobelonamagadi.—Luke 11:13.
Ereka bopelo-namagadi bo nna gone ka moya wa Modimo, ke karolo e e tlhokafalang ya botho jwa Mokeresete. Kana ebu, e tshwanetse go nna karolo ya seaparo se se re kgethololang jaaka Bakeresete. Ee, re tshwanetse ebile re ka ‘apara bopelo-namagadi,’ mokgabo o o nnang gone ka moya le tshegofatso ya ga Jehofa.
Bopelo-namagadi Bo A Dira
Lefa go ntse jalo, Jesu Keresete, yo o tsepametseng tshiamo o supa bopelo-namagadi. Jesu o ne a bolelela ba ba pelonolo gore ba sego. O ne a ruta gape molao-motheo wa ‘isa lerama je lengwe’ o sa ipusolosetse tlase ga maemo a a kgopisang. (Mathaio 5:5, 39; 21:5) Bangwe ba bolela gore seno se ka se kgonege mo lefatsheng la gompieno le le gaisanang. Mme seno ke phoso go feleletsa ka gore bopelonamagadi jwa Mokeresete bo supa bogatlapa kana botho jo bo bokoa. Bopelo-namagadi jo bo ntseng jalo bo nonotshiwa ke tumelo e e tiileng, go rata Jehofa le go anaanela ditsela tsa gagwe tsa tshiamo. Ka jalo, bo na le nonofo e kgolo.
Go ralala ditso tsa Bibela, banna le basadi ba ba boifang Modimo ba ne ba baakanyetsa ka dikao tse di molemo tsa bopelo-namagadi. Ka motlhala, “Moshe, a bo a le boikokobeco thata [a le pelonolo thata], go hèta batho botlhe ba ba nen ba le mo lehatshiñ.” (Dipalō 12:3) Mme ke mang yo o ka bolelang gore o ne a na le botho jo bo bokoa kana a le legatlapa?
Fa bo bapisiwa le “ditihō tsa nama,” bopelo-namagadi bo itshupa bo le kwa godimo. (Bagalatia 5:19-23) Ka sekai, bopelo-namagadi bo a dira fa bo bapisiwa le kgakalo e e sa laolweng. Mmoki wa Moroma Horace o ne a lemoga gore: “Bogale ke botsenwa jwa nakwana, jalo laola kgakatsego ya gago kana go seng jalo e tla go laola.”
Go dira “ka bonōlō yoa botlhale” go raya gore re itshware tumalanong le botho jwa ga Jehofa, ditirisano, le ditsela tsa gagwe. (Yakobe 3:13) Ka motlhala, monna yo o tshwanelegelang go ruta badumedi ka ene o tlhoka go nna pelontle, go nna kagiso le go wela dibete, a se bogale, e se ntwa dumela, a sa katle tlhogo. (1 Timotheo 1:6, 7; 2 Timotheo 2:24, 25) Mme bopelo-namagadi gape bo ka nna thuso e kgolo mo go rona mo dikarolong tse dingwe tsa botshelo.
Kafa Bopelo-namagadi Bo Thusang mo Botshelong jwa Letsatsi le Letsatsi
Bopelo-namagadi bo ka re thusa fa re na le mathata le baagelani ka rona. Bo ne jwa thusa Cathy. Fa a ne a le mo maitisong a dijo le ditsala tsa gagwe kwa lapeng la gagwe, mongwe wa bana o ne a pagama ngata e e beilweng sentle ya dikgong tsa molelo ya moagelani wa gagwe. Ngwana o ne a relela mo godimo ga mokoa oo wa dikgong fela jaaka moagelani a ne a ntsha tlhogo ka fensetere. Ka go gakatsega, o ne a goa a le kwantle, a goeletsa lelapa le le amogetseng baeng, le mosimane yo o tlhakantseng dilo, le batsadi ba gagwe. Lefa go ntse jalo, mo boemong jwa go nganga, ba ba neng ba etetswe ba ne ba dira se ba neng ba ka se kgona go kokobetsa bogale jwa moagelani ka bone yo o kgopegileng. Ba ne ba araba ka bopelo-namagadi. Mo letsatsing le le latelang, Cathy o ne a apeela lelapa la gagwe borotho mme a dira le dilofo tse dingwe tse pedi fa godimo a di direla moagelani le mosadi wa gagwe. Ruri, tiro eno ya bopelontle jwa setho, kwantle ga lefoko kaga tiragalo e go neng ga dirisanwa le yone ka bopelo-namagadi, e ne e le sotlhe se se neng se tlhokafalela go kokobetsa kgalefo le go busetsa dikamano tse di molemo mo boemong.
Go ile ga bolelwa gore foromane e e molemo e nna le seabe se se botlanyana sa go akgolwa fa dilo di tsamaya ka thelelo mme o pegwa molato o mogolo thata fa dilo di ya masweng. Don, yo eleng mokaedi wa setlhopha se se agang, o latela kgopolo eno ya bopelo-namagadi. E ya mo thusa. Mo pakeng nngwe, foromane ya thulaganyo ya kago e ne ya kgopega ka ntlha ya tsela e sengwe se neng sa agiwa ka yone. E ne ya kgalema ka go re: “Ke mang yo o dirileng dilo tse?” E re le ntswa mmereki yo mongwe a ne a se ka a latela ditaelo tsa ga Don, Don o ne a arabela ka go re: “Ke phoso ya me. Ke ne ka se ka ka e tlhalosetsa banna bagaetsho ka botlalo gore ba tlhaloganye kafa e tshwanetseng go agiwa ka teng.” Mo letlhakoreng le lengwe, fa ba bangwe ba akgolela Don tiro ya kago e e dirilweng sentle, o arabela jaana: “Banna bano ke bone ba tshwanetseng go akgolwa.” Ka ntlha ya mokgwa wa bopelo-namagadi wa ga Don le nonofo ya botho jo bo nonofileng, o a ratiwa le go tlotlwa ke ba bagolo mo go ene le banna ba gagwe.
Melao-metheo eno e e tshwanang e a dira fa Basupi ba ga Jehofa ba etela baagelani ba bone fa ba tseneletse mo bodiheding jwa tshimo. Batho ba bangwe ga ba anaanele maeto ano mme ba ka nna ba kgopega. Legale, bopelo-namagadi bo thusa Basupi ba ba etang go tila gore beng ba matlo ba nne le maikutlo a a sa tlhamalalang kana ba ba atlhole ka mo go botlhaswa. Lemororo Basupi ba ga Jehofa ba na le maikutlo a a molemo, a go eta moo go ile ga kgaupetsa mong wa legae sengwe se a neng a se ipelela? A go ne ga mo tsosa? Bopelo-namagadi bo tla dira go re go kgonege go dirisana le maemo a a ntseng jalo ka kakanyetso.—1 Petere 3:15.
Ka mo go tshwanang, fa motho a ‘fapoga a dira se se phoso pele ga a go lemoga,’ bopelonamagadi bo tla thusa bagolwane ba Bakeresete go nna tekatekano fa ba mo kgalemela. Boikaelelo jwa bone ga se go gamola motho yo o ntseng jalo mme e leng go ‘mo sokolola,’ fela jaaka fa ngaka ka maneneketso e sidila lerapo le le duleng mo boemong jwa lone. Eleruri, bao ba nang le ditshwanelego tsa semoya le ka motlha ga ba batle go lebala gore ba tshwanetse go sokolola motho yo o fosang “ka mōea oa bonōlō.”—Bagalatia 6:1.
Tswelela ka go Latedisa Bopelo-namagadi
Nonofo ya bopelo-namagadi e ka tshwantshiwa le mmu oo go one maungo a mangwe a moya wa Modimo a tlhagolelwang le go somarelwang teng motlhofo thata. Fa re le pelonolo, re tla ineela motlhofo kaelong ya moya wa ga Jehofa. Mme fa re supa bopelonamagadi, Modimo o tla re segofatsa, ka go bo a rata ba ba pelonomi le ba ba pelonolo.—Isaia 29:18-21; 61:1.
Batho ba ne ba ketemetsegela kwa go Jesu ka go bo a ne a le “bonōlō le boinōtlō mo peduñ.” (Mathaio 11:28, 29) Maitseo a a ntseng jalo a gogela batho ba ba dipelo dintle fela jaaka ntlo ya boetelo e e nang le molelo o o tukang e gogela baeti ba ba gatsetseng mo bosigong jo bo serame. Motho yo o pelonolo, yo o pelo-namagadi eleruri ke molekane yo o eletsegang. Abo go tshwanela he, gore re latedise “bopelonolō”! (1 Timotheo 6:11) Ee, a re apareng bopelo-namagadi.
[Setshwantsho mo go tsebe 7]
Jesu Keresete o ne a supa bopelo-namagadi. Wena?