Ke Goreng O Rapelela Bogosi jwa Modimo?
“RRA ECHO eo o kwa legodimoñ, Leina ya gago a le itshepisiwè. Bogosi yoa gago a bo tlè. Go rata ga gago a go dihwè mo lehatshiñ yaka kwa legodimoñ.”—Mathaio 6:9, 10.
Ka dingwaga tse di batlileng di nna 2 000, Bakeresete ba ba ikanyegang ba ile ba dirisa mafoko ano jaaka motlhala mo dithapelong tsa bone sebele go Modimo. Mafoko ao lantlha a builweng ke Jesu Keresete, a itsiwe jaaka Thapelo ya Morena, kana ya Rraetsho.
Lefa go ntse jalo, gompieno, batho ba bantsi ga ba sa tlhole ba rapela Thapelo ya Morena. Go na le go re ba lebe go Bogosi jwa Modimo, ba lebelela go mebuso ya batho, ditsamaiso tsa itsholelo, methale ya seitseanape, kana Merafe e e Kopaneng go baakanyetsa ka tsholofelo ya isagwe. A o dira jalo? Fa go ntse jalo, a o tlhomame eleruri?
Mathata
Batho bangwe ba lebelela tlhabologo ya gompieno jaaka e e tlhogonolofetseng fela thata mo ditsong. Mme e mo seemong se se kotsi thata. Ditiragalo di le dintsi di bōpela bokamoso jwa tlhabologo, le eleng isagwe ya botshelo ka boyone mo lefatsheng. Akanyetsa dingwe tsa ditiragalo tseno tse di bōpelang.
Dibetsa tsa Nuklea
Nonofo yotlhe ya dibetsa tse di ntseng jalo tse di gone jaana e ka nna selekanyo se se fetang ditone di le tharo tsa TNT go monna mongwe le mongwe, mosadi mongwe le mongwe, le ngwana mongwe le mongwe mo lefatsheng. Mo setlhogong se se neng se re “Bomo—A E Ka Se Laolwe?” mokwala dikgang wa Canada David Lancashire o ne a bolela gore “se se golelang magongwe le tharaano ya dibetsa ke kotsi e e golang ya ntwa ya tshoganyetso ka ntlha ya phoso e e ka dirwang ke khomputara.” Mme o ne a tsopola patlisiso ya Merafe e e Kopaneng e e reng: “Ditso di supa gore fa fela sebetsa sengwe sa mofuta mongwe o o rileng se setse se ile sa tlhabololwa le go fitlha mo se lekeleditsweng, gantsi se tla dirisiwa. Seno ga se a ka sa nna jalo ka dibetsa tsa nuklea, kwantle ga mafelo a le mabedi fela [ka Hiroshima le Nagasaki], mme ga go ka ke ga nna tlhomamisetso ya gore go tla nna go ntse fela jalo.”
Khumanego ya Lefatshe
E re ntswa merafe mengwe gompieno e na le boemo jwa botshelo jo bo kwa godimo fela thata, e mengwe e humanegile mo go tlhabisang ditlhong ruri. Mokwadi wa makasine wa New Scientist o ne a ikutlwa gore fa go tlhoka go lekalekana mo go leng teng go ka tswelela, go tla “gogela kwantle ga tikatiko go thulano ya mofuta mongwe o o rileng.” Mme le eleng fa di ka se ka tsa gogela kwa thulanong, go sa lekalekane mono go ka nna ga tlisa seru. Jang?
Dinaga tse di humanegileng di na le dikoloto tse di boitshegang. Ka 1981 mokwaladikgang John Madeley o ne a tlhalosa jaana: “Senose ile sa baya tsamaiso ya go boloka madi ya lefatshe le ya tsa madi gautshwanyane le lotsh itshi la go wa go na le kafa dibanka tsa lefatshe di neng di sa ikemisetsa ka gone go dumela go le pele. Kwantle fela fa go ka dirwa diphetogo tsa potlako le tsa konokono mo tsamaisong ya itsholelo ya lefatshe go naya dinaga tse di tlhabologang sebaka sa go bona mo gontsi, [go ka nna le] eleng dikoloto tse di boitshegang le melato, go simolola go thaya tlhomagano ya go wa.” (World Press Review) Mo mafatsheng a a farologaneng, tsamaiso ya tsa madi e sala e ntse e le mo seemong se se kotsi.
Phefo e e Kgotletsweng
Motho ka lobaka lo loleele, o nnile a pompela mo phefong dilo tse di e kgotlelang kwantle ga go elatlhoko. Jalo, go ya ka Chicago Tribune, “palo e e golang ya baitseanape e boifa gore, jaaka baloni e e ngamogileng mo e tlogang e thubega, phefo e e dikologang Lefatshe e ile ya ngantsololwa go ya ntlheng ya gore diphetogo tse di boitshegang di ka tlhagoga. . . . Dingwe tsa dikudumedi tse di setse di ntse di le mo go rona mme tse dingwe di ka solofelwa go tla mo bogautshwaneng.”
Metsia a Kgotletsweng
Setho se kgotletse metsi a lefatshe mo mafelong a a farologaneng. Ka motlhala, mo United States go begiwa gore: “Mo Letsheng la Biscayne, ditlhapi di fetogile dibopiwa tse di Iwalang. Mo New Orleans, koo go ileng ga fitlhelwa dikhemikhale tse di farologaneng di le 112 mo metsing a a nowang, kgolo ya dintsho tsa kankere e a tlhatloga. Go tswa lewatleng go ya lewatleng, batho le diphologolo ka go tshwana di duela ka mo go boitshegang tlhotlhwa ya go tswelela go kgotlelwa metsi a rona a a phepa, metsi a rona a lewatle, le metsi a rona a a tswang mo dipompong.”—New Times.
Ano ke mathata a se kae fela a a gomagometsang isagwe ya rona. A mangwe a akareletsa go fediwa ga maatla a kgotetso, go tlhatlagana ga batho, tshenyo ya dikgwa, go anama ga dikaka, le tlhaelo e e golang ya metsi a a phepa. E ka tswa e le gore dingwe tsa dipōpō tseno di ile tsa fetelediwa. A mme o dumela ka pelo yotlhe gore tsotlhe di buiwa ka pheteletso? Mme fa o akanyetsa mathata a otlhe, a o akanya gore motho o na le sebaka sa go a rarabolola? Legale fa e le gore ga a rarabololwe, lotso Iwa motho lo ka nna le isagwe ya mofuta ofe? Mme ke ka baka lang fa re tlhasetswe ke mathata a go lebegang a sa fele a le mantsi go le kana?
Goreng Go Na Le Mathata?
Aitse, mathata ano a supa boammaaruri jwa konokono: Motho eleruri ga a ka ke a ipusa ka katlego. Ga go mmusi ope wa motho yo le ka motlha a nang le botlhale, thata, kana maatla a go laola mongwe le mongwe ka molemo o mogolo. Bibela e a re bolelela: “Kea itse ha tsela ea motho e se mo go èna ka esi: ga goeō mo mothuñ eo o tsamaeañ ka dinaō go siamisa dikgatō tsa gagwè.” (Yeremia 10:23) Motho o ne a sa direlwa go ipusa.
Go na le lebaka le lengwe gape, le ba bantsi ba le fitlhelang go le bokete go le amogela mo motlheng ono wa dilo tse di bonalang. Puso ya setho ga e akareletse fela batho ka bobone. Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, sebopiwa se se fetang motho ka nonofo, ebong Satane, se ne sa mo tshepisa puso ya magosi otlhe a lefatshe. Mme moragonyana molatedi wa ga Jesu, Paulo, o ne a bitsa Satane “modimo wa tsamaiso eno ya dilo.” (2 Bakorintha 4:4; Mathaio 4:8, 9, NW) Satane o ka nna mmusi wa lefatshe leno jang, fa ba bantsi ba sa tlhole ba dumela le eleng mo go ene? Ka go bo batho ba bantsi—le e leng ba ba sa itseng—ga ba amogele puso ya Modimo mme ka gone ba tsweledisa maano a ga Satane.—Mathaio 12:30.
Boemo jwa ga Satane bo ne jwa nnela maswe pele fa e sa le mo motlheng wa ga Jesu. Bibela e senola gore gompieno Satane o “tletse bogale, ka a itse ha lobaka loa gagwè lo setse lo le lokhutshane.” (Tshenolō 12:12) Fela jaaka Hitler kwa bokhutlong jwa ntwa ya lefatshe ya bofelo, Satane o feletswe ke tshepo jaanong mo maitlhomong a gagwe a “busa kana senya.” Ereka puso ya gagwe ya lobaka lo loleele e ise e ko e atlege, Satane Diabolo jaanong go phepafetse gore o ganeletse mo go senyeng lotso lwa batho. A ga go lebege go tlosa pelaelo go itse gore sebopiwa se se maswe mo go kalo, se se maatla mo go kalo se teng? Se se ntse jalo segolo bogolo fa re gakologelwa ka dibetsa tsa nuklea tsotlhe tseo tse di kokoantsweng tse go bonalang di “fetile [motho] ka nonofo”! Mme seno sotlhe se amana jang le Bogosi jwa Modimo?
Re Tlhoka Bogosi
Ereka mathata a rona a tsalwa ke go sa kgone ga motho go ka ipusa ka boene, mme le gape ka lebaka la tlhotlheletso e e bolau ya maatla a a fetang motho ka nonofo, tharabololo ya one ka phepafalo ga e mo nonofong ya lotso lwa motho. Se ke ka gone moo re tlhokang Bogosi jwa Modimo ka matlho a mahibidu. Bogosi jono ke goromente wa mmatota. Mme ke jo bo fetang motho ka nonofo, jwa selegodimo, ebile bo na le maatla a go fenya Satane. Ka go bo e le Bogosi jwa Modimo, gape bo na le botlhale, thata, le taolo ya go dira diphetso tse di siameng le go busa ka katlego.
Ka jalo, re itumela go bo Bibela e re bolelela jaana: “Me e tla re mo metlheñ ea dikgosi tseuō [babusi ba motlha wa segompieno], Modimo oa legodimo o tla tlhōma bogosi yo bo se ketlañ bo señwa gopè, me le mmushō oa yōna ga o ketla o tlogèlèlwa chaba e sele, me bo tla thubaganya bo nyèlètsa magosi auō aotlhe, me bo tla ema ka bosakhutleñ.” (Daniele 2:44) Kgosi ya Bogosi joo ke Jesu Keresete, yo go neng ga bolelwa jaana ka seporofeti: “Mo metlheñ ea gagwè basiami ba tla thama; me go tla nna letlōtlō ya kagishō, go tlo go tsamaee kgwedi e tlhōkahalèle rure. O bile o tla na le pushō go cwa lewatleñ le go ea lewatleñ, le go cwa Nokeñ le go ea dikhutloñ tsa lehatshe.”—Pesalema 72:7, 8.
Ee, Bogosi jwa Modimo bo tla rarabolola mathata a setho. Ka jalo goreng o sa batlisise mo Bibeleng go bona gore Bogosi jono ke eng le kafa o ka nnang mmusiwa wa jone le eleng jaanong. Wena, le batho ba bangwe botlhe, ka boammaaruri lo tlhoka Bogosi jono. Basupi ba ga Jehofa ba ikemiseditse go go thusa go ithuta kaga jone.
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 4]
U.S. National Archives
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 4]
Setshwantsho sa WHO