Ka Moo Lenyalo Leno le Bolokilweng ka Teng
“Go dirisa kgakololo e e mo bukeng ya Go Dira Botshelo jwa Lelapa la Gago go Itumedisa go bolokile lenyalo la me,” go kwadile jalo mmadi yo o anaanelang go tswa Afrika Borwa. “Kgaolo ya botlhano, ‘Mosadi Yoo o Ratiwang Thata,’ e ntlhalefisitse. Mo ditorong tsa me tse di sa laolesegeng ga ke a ka ka akanya ka gope gore nka tsosa mathata a mantsi jaana ke sa ikaelela. Ke leboga go menagane. Lenyalo la me le ne le le mo karolong e e tsubutlang ya lewatle, mme gone jaanong, morago ga dikgwedi, le boetse mo botshelong jo bo didimetseng jwa boitumelo.”
Fa o eletsa go bona thuso ya go dira gore lenyalo la gago e nne le le itumedisang segolo, o ka bona molemo go tswa mo bukeng eno. Amogela sekaelo ka go tlatsa le go romela foromonyana eno.
Tswee tswee, nthomeleleng, poso e duetswe, buka ya khabara e e thata ya ditsebe tse 192, ya Go Dira Botshelo jwa Lelapa la Gago go Itumedisa. Ke romela le R1,40.