Go Bona Boipelo mo Mphong ya Lenyalo
“Ke gōna se se kopancweñ ke Modimo, a se se kgaogañwe ke motho.”—MATHAIO 19:6.
1. Ke mafoko afe a ga Jesu a a tlwaelegileng ao a itsiweng sentle mo go La-Bodumedi, mme ke dipotso dife tse di bodiwang malebana le seno?
A O TLWAELANE le mafoko ao? Kwantle ga pelaelo dimilione tsa batho ba bodumedi, bao ba dirang karolo e kgolo ya baagi ba lefatshe, ba tlwaelane le one, ka go bo ke mafoko ao Morena Jesu a neng a a bua le Bafarasai ba bodumedi ba motlha wa gagwe. Ere ntswa mafoko ao a ka tswa a tlwaelegile, gotweng ka bokao jwa polelo eo ya ga Jesu? A moko wa kgakololo e e ntseng jalo o latelwa ke batho ba bantsi? A re boneng.
2-4. (a) Seemo se ntse jang gompieno mo mafatsheng a mantsi fa e le kaga go tsaya tsia mafoko a ga Jesu mo go Mathaio 19:6? (b) Ke boikutlo bofe jo bo senolwang ke bao ba tlhokomologang kgakololo ya Bibela mo go nneleng ga lenyalo ruri?
2 Mo mafatsheng a mantsi gompieno, batho ba bantsi ga ba tlhokomele le e seng thulaganyo ya lenyalo le ya go tsweledisa se Modimo a se kopantseng mmogo. Tlhalo e setse e fitlhile fela kwa godimo mo go seo se tlhalosiwang jaaka sebetso se se maswe mo nageng nngwe le nngwe. Mo mafatsheng ao tlhalo e sa dumelelweng kafa molaong ke puso, le teng koo ga go a siama sepe, ka go bo mo mafatsheng a a ntseng jalo batho gantsi ba tlogela balekane ba bone ba lenyalo le go itseela mongwe go ya go innela le ene. Ka jalo botlhokwa jwa kgakololo ya ga Jesu mo go Mathaio 19:6 ga bo tsewe tsia ke dimilione tsa batho mo go La-Bodumedi le gongwe le gongwe. A seno ke ka go bo kgakololo e Jesu a e neileng e le maswe, kana e ka tswa e le gore batho ga ba reetse fa Jesu a bua, ba sa kgathale le eseng ka kgakololo ya ga Jesu mo ntlheng eno?
3 Go na le bosupi jwa gore diphesente tse dikgolo tsa batho ga ba lebe lenyalo jaaka e le kgolagano ya botshelo jotlhe fa e le gore le kgoreletsana le mekgwa ya bone ya go tshela le dikeletso tsa bone. Mo go ba ba ntseng jalo, lenyalo le tlhoka fela go nna thulaganyo ya nakwana fa e le gore le kgoreletsana le ditelekiso tsa motho, tse a di ratang kana tse a sa di rateng. Ka jalo go ka bonala e le gore ka tsela eo bangwe ba seegelang kwa thoko balekane ba bone ba lenyalo, go tshwana fela fa motho a apola jase kana a rola hutshe, a sa akanye le ka motlha kaga kgakololo e Jesu a neng a e neela mo go bao ba tsenang mo kamanong ya lenyalo.
4 Ka boikutlo jono jo bo tletseng gongwe le gongwe jwa mongwe le mongwe o a go dira, bao ba eletsang go latela kgakololo e e babalesegileng ya Bibela ba ka tlhotlhelediwa ka mokgwa oo o ba gogelang kwa thutong e e molemo ya Lefoko ja Modimo. Kgakololo e e molemo e neelwa ka dikgatiso kana ka molomo, mme go palelwa ke go tsaya kgakololo ya Bibela tsia go ka gogela mo mathateng a lenyalo. (Bapisa Pesalema 19:7-11.) Fa re tsaya boikutlo jwa gore sengwe le sengwe mo lenyalong se se kgoreletsanang le mokgwa wa rona wa botshelo, menate ya rona, dikeletso tsa rona, se ka fetolwa ka go sa tlangwe ke dikaelo tsa Modimo mo lenyalong, he re mo kotsing. Go nna le boikutlo jo bo ntseng jalo go re tlisa matlho a phage a lebane le mathata a magolo thata a motho, eleng a bogagapa. Ka go bo jaana gantsi ke bogagapa joo e leng jone tshoso e rweleng mo mathateng a lenyalo. Ke ka baka lang fa re rialo?
Seabe sa Boleo
5. Moaposetoloi Paulo o tlhalosa jang bothata jo re nang le jone ka ntlha ya sebe se re tsetsweng ka sone mo go Baroma 7:15-20?
5 Banna le basadi, ba eleng ditlogolwana tsa ga Adame le Efa, ba tsalelwa mo boleong le mo bosaitekaneleng. Seno se raya gore ka ntlha ya go rua boleo, motho o fosa lotshwao mme ke moleofi ka mokgwa mongwe kana o sele. (1 Yohane 3:4) Moaposetoloi Paulo o ne a bua kaga morwalo o o bokete go feta o boleo bo o bayang mo godimo ga setho, ka go bo a ile a iphitlhela a dira se a neng a sa batle go se dira mme a sa dire se a tshwanetseng go se dira. (Baroma 7:15-20) Ope fela yo ka bomo a robang molao wa Modimo o segagapa. Mo bathong ba bangwe e ka tswa e le bogagapa jo bonnyenyane, mme ka tse dingwe bo ka fetoga go nna tsela e e feletseng ya botshelo, mme bogagapa jwa bone bo bo bo nna maswe go feta.
6, 7. Ke mathata afe a mabedi a a tsalwang ke bogagapa mo lenyalong, go gogela mo potsong efe e e tshwanetseng?
6 Mo thulaganyong ya lenyalo e e simolodisitsweng ke Modimo, ke bogagapa jo gantsi e leng jone motswe wa bothata magareng ga balekane ba lenyalo. Mosadi yo o batlang go direlwa e se nama, jaaka go a tle go buiwe, jaaka a ka tswa a ile a dirwa sebeto ke mmaagwe kana rraagwe, gantsi tota o a bo a le segagapa. Monna yo o batlang go tswelela a tshela jaaka motho yo o sa nyalang, ka gore ka metlha a bo a na le “basimane” morago ga a se na go nyala, tōta o segagapa. Akanya ka ditsela tsotlhe tseo ka tsone monna le mosadi ba nang le dipharologanyo mo go tsone, mme o tla fitlhela e le gore bogagapa ke motswe wa mathata a mantsi a a kana kana.
7 Mo go lekeleng go emelana le mathata a a diragalang mo lenyalong, motho o ka kgona go fenya tshekamelo eno e a tsetsweng ka yone malebana le bogagapa jang? Go na le dilo di le mmalwa tseo di ka dirwang le tseo, fa di dirisiwa, di ka thusang lenyalo leo le thekeelang. Mme molekane mongwe le mongwe mo thulaganyong ya lenyalo o tshwanetse a bo a ikemiseditse go dira seabe sa gagwe. Ga se kgang ya mongwe le mongwe a itshebe-tshebele. A re tlhatlhobeng dingwe tsa dilo tse di akarediwang.
Go sa Ikgagapele mo Lenyalong
8. Lenyalo ke go abalana jang?
8 Lenyalo ke go abalana, go raya gore ga go molekane ope wa lenyalo yo o ka tsayang yo mongwe motlhofo mme a ikutlwa gore fa fela molekane yo mongwe a aba mme yo mongwe a bo a tsaya, dilo tsotlhe di tla siama. Seo ga se ketla se direla tshegofatsong ya ga ope. Ka sekai, balosika mo matlhakoreng oo mabedi ba tshwanetse ba tsewa tsia. Seno ga se a tshwanelwa go letlelelwa go sulafatsa thulaganyo ya lenyalo, mo e leng gore batsadi ba mongwe kana bangwe ba losika ba tsewa tsia mme ba molekane yo mongwe bone ba sa tsewe tsia. Gore ke kae koo lelapa le tla senyang malatsi a boikhutso kana dipaka tsa go itapolosa gone e tshwanetse ka metlha ya se nne diphetso tsa motho a le mongwe. Kamego e e akanyeditsweng sentle e e bontshiwang mo dikgannyeng tse di ntseng jalo e tla thusa lenyalo go atlega. Le ka motlha lo se tseelane motlhofo mme lo bontshane go sa ikgagapelele.—Bafilipi 2:4.
Kgang ya Dingwaga
9. Pono e e lolea ka lenyalo e gogela mo matsweleng afe a a hutsafatsang?
9 Ka ntlha ya pono e e atileng gareng ga bontsi jwa losika lono ya gore fa lenyalo le sa dire le ka fedisiwa ka tlhalo, batho ba bantsi ba banana ba simolola ka pono e e lolea mo thulaganyong ya lenyalo. Seno se ka gogela mo dithubegong ebile se gogela mo dithubegong tsa manyalo a mantsi a banana. Gape go ka gogela mo go tliseng bana ba ba sa batlweng mo lefatsheng. Bana bano gantsi le ka motlha ba gola ba sa itse gore go rayang go nna le mme le rre yo o lorato lo lo tiileng le yo o ba tlhokomelang.
10. Bagalatia 5:22, 23 e ka nna thuso go bao ba akanyetsang lenyalo ka ditsela dife?
10 Motho o tshwanetse go bo a le dingwaga di le kae pele ga a akanyetsa lenyalo? Ga e ka ke ya nna selo sa botlhale go dira melao mo kgannyeng e. Lefa go le jalo Dikwalo di neela kgakololo e e molemo mo go seo se tlatseletsang bogoding jwa tlhaloganyo le jwa semoya—mofuta wa bogodi o o tlhokwang ke bao ba tsenang mo botshelong jwa lenyalo. Tswee-tswee bala Bagalatia 5:22, 23, koo o tla fitlhelang go rulagantswe maungo a moya teng. Tlhatlhoba ka kelotlhoko longwe le longwe lwa maungo a a umakilweng koo. Tseo ke dinonofo tse motho a tlhokang go di tlhagolela mo botshelong. Motho o tshwanetse go simolola go bontsha dinonofo tse di ntseng jalo mo botshelong jwa gagwe jwa letsatsi le letsatsi jaaka Mokeresete le eleng pele ga lenyalo e seng morago.
11. Bao ba akanyetsang lenyalo ba ka dira boitlhatlhobo bofe?
11 Ka sekai, a o motho yo o ipelang mo botshelong, o itumelela go tshela, o direla dikgatlhego tsa Bogosi jwa ga Keresete? A o agisanya le ba bangwe, o godisa dikamano tsa kagiso le bone? Kana o setatalala, o tletse bogale le puo e e maswe? A o pelotelele, o kgona go itshokela makoa a ga mogoloo kana a ga kgaitsadio, mmago kana rrago? Kana o pelo-khutshwane le go galefa-galefa go sa twe sepe fa ba bangwe ba sa dumalane ka bofefo le se o se batlang? A o fitlhela gore o bontsha bopelonolo go ba bangwe mo ditirisanong tsa gago le bone, o le pelonomi le go ba direla molemo? Kana o segagapa, o boikgodiso, o se na boikgapo, o itlhaganelela go galefela ba bangwe lefa o kgopisitswe ke dilonyana fela? A o na le lorato lwa mmatota mo go ba bangwe o batla go ba thusa, o iipha matsapa, o intsha setlhabelo le go dira maiteko a go tlisetsa ba bangwe boitumelo? Kana o batla ba bangwe ba go bontsha lorato, ka metlha e le bone fela ba go direlang maiteko?
12. Monna kana mosadi yo botshelo jwa gagwe bo ileng jwa betlwa pele ga lenyalo o na le sebaka sefe se se molemo?
12 Go boammaaruri gore ga go ope wa rona yo o nang le dinonofo tseno ka tsela e e itekanetseng. Lefa go ntse jalo, monna kana mosadi yo a ileng a betliwa ke dingwaga tsa botshelo, yo a ileng a nna le sebaka sa go tlhagolela dinonofo tsa semoya tse di ntseng jalo, o mo seemong se se molemo go atlegisa lenyalo—seemo se se molemo thata go na le sa motho yo o sa simololeng go dirisa maungo ano a moya go fitlhela morago ga maikano a lenyalo.—Bapisa 2 Petere 1:5-8.
13, 14. (a) Malebana le go tlhagolela melemo ya semoya go lelefala ga nako go baakanyetsa ka sebaka sefe? (b) Batsadi ba ka dirang go thusa bana ba bone?
13 Ke ka baka lang fa o sa itlhatlhobe ka boikanyego, dilo tse o di ratang le tse o sa di rateng? A ga o bone gore kanaanelo ya gago ya botshelo e ile ya godisiwa ke go feta ga nako? A o ne o na le maikutlo a a tshwanang fa o ne o le 13 go na le fa o ne o le 5, kana maikutlo a a tshwanang fa o ne o le 20 go na le fa o ne o le 13? A kutlwisiso le kanaanelo ya gago ya botshelo e ile ya gola kana e ile ya wela tlase jaaka o bapala boitemogelo jo bogolwane mo dingwageng? A wena jaanong, jaaka mogodi, o bona dinonofo tse di tshwanang mo bathong jaaka fa o ne o dira o le ngwana? A ga go boammaaruri gore gantsi mosimane yo e leng ene “fela” mo botshelong jwa mosetsanyana fa a le dingwaga tse 16 kana tse 17 o lebalwa gotlhelele jaaka a golela mo bosading le go bona botlhokwa jo bogolo mo mekgweng le mo bothong jwa monna yo o boifang Modimo? Pono ya gagwe fa a le dingwaga tse 22 kana tse 23 go bonala e tla bo e remeletse thata-thata mo dikarolong tsa semoya, tsa tlhaloganyo, le tsa maikutlo tsa monna go na le mo dipopegong tsa mmele. Go ka bolelwa se se tshwanang ka mosimane yo o golelang mo bonneng. Ditsholofelo le ditebelelo tsa gagwe go ya kafa mosadi a ntseng ka teng di a gola jaaka a ntse a gola. Mo dingwageng tsa gagwe tsa moragong, jaaka dilo tse di molemo di ntse di fetoga, se a tla se lebelelang mo molekaneng wa gagwe wa lenyalo ke mongwe yo o nang le tlhaloganyo le yo o pelonolo, yo o ka kgonang go nna modiri wa lelapa le mmabana, le yo mo pelong ya gagwe a nang le keletso e e boteng thata ya go itumedisa lwantlha Mmopi wa gagwe, ebong Jehofa, le go dira thato ya gagwe.—Diane 31:10, 26, 27.
14 Ntlha mo kgannyeng e ke gore nako e fetola tebo ya motho ka dilo tse di molemo. Ka gone, go wela mo lenyalong o le dingwaga tse di potlanyana go patilwe ke dikotsi tse dintsi. Go ka nna ga se kgonege go kgothaletsa batho ba babedi ba ba sa ntseng ba le banana thata go ema ka lobakanyana gore nako e fete pele ga ba tsenelela mo lenyalong. Mme batsadi, segolo bogolo mo dingwageng tsa fa bana ba bone ba sa ntse ba le babotlana, ba ka ba kgothaletsa go akanya ka bomasisi kaga botshelo, go ipaakanyetsa kafa semoyeng, mo maikutlong, le mo semoyeng lenyalo pele ga ba tsena mo kgolaganong ya botshelo jotlhe le mongwe e ka ne e le molemong wa bone kana tshenyegong ya bone.
15. Ereka lenyalo la fa o setse o godile ka metlha e se yone karabelo ya mathata otlhe, ke kgakololo efe e e baakanyediwang ka go boloka pono e e siameng?
15 Ga se gore go nyala o setse o le mogolo ke yone karabo e e leng yone tota. Go ka nna le mathata le gone koo gape, segolo bogolo fa boikutlo jwa bogagapa bo letlelelwa go kukunela le go nna lomapo lo lo tlhabang magareng ga batho ba babedi. Ditlhokafalo tsa tlhaloganyo, tsa boikutlo, le tsa semoya tsa mongwe le mongwe mo sebofong sa lenyalo di tshwanetse tsa akanyediwa. Bakeresete bangwe ba ile ba itetlelela go nwela fela thata mo tirong ya boitshediso, mo ba kgaphelang kwantle tiro ya phuthego, go akareletsa le go ya dipokanong le go abalana mo tirong ya go rera le go dira barutwa. Go tswa foo ba leka go kaba phatlha ya seo ba ikutlwang gore se a tlhaela mo matshelong a bone ka go nwela mo boitlosong bodutu jo bontsi thata. Go bonala ba akanya gore fa fela ba tshwaregile, mathata a bone ka tsela nngwe a tla rarabololesega mo nakong ya jaanong, mme go tswa foo mo Thulaganyong e Ntsha ya dilo ba tla kgona gore ba nne fa fatshe go tlhokomela ditlhokafalo tsa boikutlo, tsa tlhaloganyo, le tsa semoya tsa ba bangwe. Mme botshelo ga bo tsamaye ka tsela eo. Kgakololo ya ga Paulo e ne e le gore monna o tshwanetse gore a tlhokomele mosadi wa gagwe jaaka fa a tlhokomela mmele wa gagwe. (Baefesia 5:28) Seo se raya go neela ditlhokafalo tsa molekane wa gagwe tlhokomelo jaanong, le eleng fela jaaka a neela ditlhokafalo tsa gagwe ka sebele tlhokomelo. Go ka bolelwa se se tshwanang ka mosadi.
Go Dirisanya le Botshelo jwa Lenyalo ka Tekatekano
16-18. (a) Ke ka baka lang fa go dirisanya le botshelo le lenyalo ka tekatekano go tlhokafala, mme re tlhagisiwa jang malebana le tse re di batlang le ditlhokafalo tsa ba bangwe? (b) Ke ka baka lang fa go le molemo go akanyetsa dikgang tse di ntseng jalo pele ga lenyalo?
16 Go dirisana le botshelo ka tekatekano go tla thusa mo go dirisanyeng le lenyalo ka tekatekano. Motho yo o tekatekano o tla lemoga gore ka ntlha ya ditshekamelo tsa bogagapa tse di ruilweng o tshwanetse ka dinako tsotlhe a direla go fenya diphoso tse di ntseng jalo. Go motlhofo fela thata go re le ka motlha o se akanyetse ditlhokafalo tsa ba bangwe jaaka tse di tlang pele ga se se batlwang ke motho ka sebele. Ngwananyana o batla ditshamekisi tsotlhe mme gantsi, fa a sa thapisiwa kafa tshwanelong ke batsadi ba gagwe, ga a ketla a di neela ba bangwe go tshameka ka tsone. Bogagapa jwa gagwe e tla re, moragonyana mo dingwageng, bo fetele mo dikarolong tse dingwe. Ka gone gantsi re fitlhela gore banana le bagodi ba banana ba batla dilo ka tsela e e leng ya bone fela, mme mo keletsong ya bone ya go kgotsofatsa tse ba di batlang, ga ba amege gore a jaana ba bangwe ba tla utlwa botlhoko kana ba tla boga. Mo dingwageng tsa bogodi moragonyana batho ba ba ntseng jalo ka metlha ba Iwela se ba se ratang, ba sa tlhokomele lefa go le kana ka ditlhokafalo tsa ba bangwe.
17 Motho yo o tekatekano ga a ketla a ikamoga dilo tsotlhe gotlhelele, mme o tla tsamaisa botshelo jwa gagwe ka sebele mo eleng gore ba bangwe, ba a akanyediwa. O tla batla go itse gore o ka dirang go thusa ba bangwe, go intsha setlhabelo le ka se a nang le sone go solegela ba bangwe molemo. Ga a ketla a ganelela mo goreng tsela ya gagwe ke yone ya ntlha, ya bofelo, ebile ke yone fela. Buka ya Diane e re: “Motho eo o hañ ka pelontlè o tla nontshiwa: le eo o nosañ le èna ka esi o tla nosiwa.”—Diane 11:25.
18 Go latela tsela e e ntseng jalo fa motho a ise a nyale go tla solegela motho yoo molemo fela thata moragonyana mo botshelong jwa lenyalo. Ene kana molekane wa gagwe ka metlha ba tla akanyetsana mo diphetsong dipe tse ba di dirang. Go na le go akanyetsa lenyalo jaaka tekeletso kana thulaganyo ya nakwana, motho yo o ntseng jalo o tla lebelela lenyalo jaaka thulaganyo ya go ya go ile e Jehofa Modimo a neng a e gopotse fa a ne a kopanya batho ba ntlha ba babedi mmogo mo Edena. (Genesise 2:22-24) Mo kgannyeng nngwe le nngwe, maiteko a tla dirwa go boloka lenyalo le bofagane, go thusa molekane yo mongwe, jaaka ka bobedi ba golela mo kanaanelong ya Modimo le go anaanelana.
Mo Tshobokanyong
19-21. (a) Re ka tlhomamisega jang gore ga re ketla re leba lenyalo jaaka thulaganyo ya tekeletso? (b) Batho botlhe ba tshwanetse go gakologelwa eng, bannye kana bagolo, ba ba senkang boitumelo jwa mmatota mo lenyalong?
19 “Ke gōna se se kopancweñ ke Modimo, a se se kgaogañwe ke motho.” Ee, mafoko ao a kgakololo a ga Jesu a tletse ka bokao mo Mokereseteng wa boammaaruri. Lenyalo ga se thulaganyo ya tekeletso eo e ka latlhiwang fa mongwe a bona gore go bokete. Re tshwanetse go Iwantshana ka metlha le nama e e sa itekanelang go kgaphela kwa thoko tshekamelo ya botho ya bogagapa mme ka gone re bone kamogelo ya Modimo. (Bapisa Baroma 7:21-25.) Go re kgolagano ya lenyalo e tle e atlege, balekane ka bobedi ba tshwanetse go ithuta go aba le go fiwa, go baakanyetsa le go baakanyediwa, mme le ka motlha ba se ka ba tsaana motlhofo.—Baefesia 5:21-23, 28, 33.
20 Mme e re ntswa gone go se dingwaga dipe tse di ka bolelwang ka tlhomamo jaaka tse di tshwanetseng mo mothong yo o batlang go nyala, kwantle ga tse di tlhomilweng kafa molaong ke goromente, mongwe le mongwe eleruri o ka gakologelwa tlhokafalo ya go gola semoyeng tumalanong le Bagalatia 5:22, 23, e le gore a tle a nne molekane wa lenyalo yo o tshwanelegang sentle. Nako eleruri e fetola tebo ya motho. Ka jalo, ga go ope yo o tshwanetseng go itlhaganelela mo lenyalong. Sa ntlha, a mongwe le mongwe a tlhagolele botho jwa Bokeresete e le go re ka tshwanelo a tle a ipaakanyetse jokwe ya lenyalo. Mme le ka motlha se lebale gore ga go ope yo o tshwanetseng go kgaoganya se Modimo o se kopantseng mmogo.—Mathaio 19:4-6.
21 Ka go dirisanya le botshelo ka tekatekano mme le go tswa foo le mo lenyalong, motho o ka bona boipelo le boitumelo tsa mmatota mo thulaganyong e e laoletsweng monna le mosadi ke Jehofa Modimo ka sebele, jaaka go bontshitswe mo lenyalong Iwa ntlha mo Edena. (Diane 5:18) Mme tota ke eng seo mongwe le mongwe gape o ka se dirang mo botshelong go supa ka boene gore o ipaakanyeditse go sikara seabe sa gagwe jaaka monna kana mosadi? Tswee-tswee, bala, seo se latelang mo kgannyeng eno malebana le botho jwa banna le basadi ba Bakeresete.
Fa re boeletsa, o ka araba jang tse di latelang?
◻ Ke maikutlo afe malebana le lenyalo a a tshwanetsweng go tilwa?
◻ Balekane ba lenyalo ba ka emelana jang le ditshekamelo tse ba tsetsweng ka tsone malebana le boleo?
◻ Ke ka baka lang fa Bakeresete ba banana ba tshwanetse go sa itlhaganelele lenyalo?
◻ Ke tirisano efe e e tekatekano ka botshelo jwa lenyalo e e hakiwang?
[Setshwantsho mo go tsebe 19]
Boitlhatlhobo jwa sebele jo bo boikanyego bo ka senola diphoso tse re ka di siamisang