Letsatsi la Boitumelo la Barongwa ba Japane
LABOTLHANO, May 17, 1985, e ne e le letsatsi le le monate semoyeng la barongwa ba le 76 ba Japane. Jaaka setlhopha se segolo mo nageng epe fela, morago ga mo e ka nnang dingwaga tse 40 barongwa bano ba santse ba anamisa dinnete tsa Bibela ka matlhagatlhaga. Ba ne ba leba kwa lekaleng la Ebina go tswa kwa magaeng a bone a borongwa a le lesome a a gasameng go ralala naga eo ba itumeletse tshiamelo eno ya gangwe ka ngwaga ya go kopana mmogo. Bangwe ba ne ba tswa dikabelong tse di kgakala mo tirong ya go eta.
Go dumedisana ka matlhagatlhaga le motlotlo tsa setlhopha seno se se itumetseng di ile tsa tsenwa gare ka 1:00 p.m. Molebedi wa makala o ne a laela gore pokano e simologe. Fa go ntse go bldiwa maina a bone mo lenaaneng, morongwa mongwe le mongwe a bolela naga eo a tsaletsweng kwa go yone, palo ya setlhopha ya Gileade le dingwaga mo tirelong ya seeng. Abo go ne go kgothatsa jang ne go bona barongwa ba setlhopha sa morago-rago kwa sa bosupa ba santse ba le matlhagatlhaga le bolkanyego mo kabelong ya bone morago ga dingwaga di ka nna 37! Morago ga go neelwa ga boikltsiso jo bo malebana le go tlhongwa ga Sekolo sa Gilead ka 1943, molebedi wa makala o ne a akgolela barongwa ka matlhagatlhaga go ithuta puo e e thata ya Japane. Morago, go ile ga ipelelwa dipotso malebana le go tokafatsa tirelo ya go ruta Bibela eo e neelwang batho ba Japane. Go ne ga latela go ananya maikutlo ka matlhagatlhaga.
Badihedi ba ba nang le maitemogelo ba ne ba bolela ka moo ba dirisang bukana ya “Bôna! Dilô Tšotlhe ke Di Dira Sešha!” go neela pono ka kakaretso ya pego ya ditiragalo le dithuto tsa Bibela. Malebana le motlotlo ono, morongwa mongwe o ne a sobokanya maikutlo a mongwe le mongwe jaana: “Go ne go kgotsofatsa eleruri go itse ka moo bakaulengwe ba kwa ntlong-kgolo ba amegileng ka gone ka go thusa tiro fano—go itse seo fela go re dira gore re tswelepele.” Barongwa botlhe ba ne ba ipelela go kgona go “nna le seabe mo pokanong eo” thata le, jaaka ba boletse, “go tlhagisa ditlhokafalo tsa rona tsa go dira bodihedi jwa rona ka mo go nang le matswela e leng seo se leng gaufi-ufi jaana le dipelo tsa rona.” Morongwa mongwe o ne a anaanela gore kgatlhego e e ntseng jalo ya phuthego ya ga Jehofa eleruri “e ne e bontsha boiteko jwa go tlhaloganya boemo” koo. Yo mongwe o ne a bolela jaana, “Re itumeletse segolo-bogolo kakantsho ya go baakanyetsa dineelano tse di farologaneng go lebana le bothata jwa go akaretswa ga tshimo kgapetsa.”
Morago ga motlotlo o o nang le botshelo ono, barongwa ba ne ba bolelelwa dikarabo tse di tlhotlheletsang semoyeng tsa dipotso tsa Bibela. Bangwe ba ne ba re, “Neelano eno e ne e gopotsa malatsi a Gileade.” Yo mongwe o ne a akgela jaana: “E nthusitse gore ke ikemisetse eleruri go fukutsa Lefoko la Modimo.” Morago botlhe ba ne ba ya mo go e nngwe ya matlo bojelo go bona dijo tse di lapolosang le go itsane gape le bao ba tswang kwa dlkabelong tse di kgakala. Maitseboa go ne go itisiwa ka go sekaseka maitemogelo a mantsi a a kgatlhisang a bolelwa ke barongwa bao ba nnileng le seabe mo go one. Jo bongwe bo ne bo le kaga mosadi mongwe yo mosha yo o neng a tlhotlhelediwa go ithuta boammaaruri gonne fa e ne e sale ngwana o ne a ile a tlhokomela boitshwaro jo bontle jwa barongwa ba ba tshwaregileng bao ba neng ba nna gaufi le legae la bone mo Nagasaki. Gompieno, ene gammogo le monna wa gagwe ba mo boammaaruring! Yo mongwe o ne a bolela ka thuto e e molemo ya Bibela eo e neng ya simololwa ka gonne morongwa yoo a ile a “tsena mo ntlong eo ya bofelo” mo bokhutlong jwa letsatsi.
Barongwa ba ne ba boela gae kwa dikabelong tsa bone ba lapolositswe le go lebogela tlhokomelo ya botho e ba e neetsweng ke Jehofa ka phuthego ya gagwe e e lorato, ba tletse ka tlhoafalo le matlhagatlhaga tse di ntšhafaditsweng. Ka Sontaga se se latelang, molebedi wa makala, A. D. Schroeder, o ne a neela puo go bareetsi ba le 174 959 bao ba neng ba phuthegile go kgabaganya Japane ka go golagana ka megala. Jaaka setlhoa sa puo ya gagwe, o ne a golola kgatiso ya Sejapane ya ditsebe tse 1 792 ya New World Translation of the Holy Scriptures—With References—sedirisiwa se sengwe gape se se molemo seo se tla dirisiwang ke Basupi ba le 102 206 ba Japane!