LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w85 11/1 ts. 4-7
  • Go Se Batle go Laolwa ke Modimo—Goreng Go Sa Tshwanela?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Se Batle go Laolwa ke Modimo—Goreng Go Sa Tshwanela?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Bothata jwa Bogologolo Tala
  • Botlhokwa jwa Kaelo ya Bomodimo
  • Mosola wa go Amogela Kaelo ya Bomodimo
  • Fa Thato ya Modimo e Dirwa mo Lefatsheng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2004
  • Batla Kaelo ya Modimo mo Dilong Tsotlhe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
  • Melao ya Modimo e re Solegela Molemo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
  • Direla Jehofa Go ya Ka Melao ya Gagwe ya Maemo a a Kwa Godimo
    Nna o Gopotse Letsatsi la ga Jehofa
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
w85 11/1 ts. 4-7

Go Se Batle go Laolwa ke Modimo​—Goreng Go Sa Tshwanela?

“KE BATLANA le boitumelo!” “Ke lapi sitswe ke go bolelelwa gore ke direng!” “Se ntshaleng morago!” Dikakgelo tse di tshwanang le tseno di ka bontsha moya wa boitaolo. Ka dinako dingwe mafoko ano a ka utlwiwa le eleng go tswa mo dipounameng tsa Bakeresete.

Bakeresete ba ka tshwaetswa ke moya wa boitaolo, le e leng go se batle go laolwa ke Modimo jang? Gantsi go simolola ka go nna le pono e e sokameng ka dipatlafalo tsa ga Jehofa Modimo. (Pesalema 73:2, 13, 14) Ba leba melao ya Modimo jaaka melelwane ya motshameko, mo boemong jwa go nna jaaka disireletsi tsa bone tsa go ipelela botshelo. Kgalalelo le matsetseleko tsa lefatshe la baikepi di ba tshereantse gore ba dumele gore ba latlhegelwa ke monate. Go tweng ka wena? O ikutlwa jang ka go se batle go laolwa ke Modimo?

Bothata jwa Bogologolo Tala

Go batla go se laolwe ke Modimo ga go simologe. Go batlile go lekana le dingwaga tsa motho. Moya wa boitaolo o ne wa simololwa ke Satane Diabolo. O ne a tsietsa mosadi wa ntlha, Efa, gore a akanye gore o ne a tla nna le boitumelo jo bogolwane fa fela a ne a gololesegile mo kaelong ya Mmopi wa gagwe. Efa o ne a dumela gore tsela eo ya boitaolo e ne e tla mmulela maitemogelo a mantsi a a tlhalefisang le menate eo Modimo a neng a e mo amogile.​—Genesise 3:1-5; Tshenolō 12:9.

Ka matlho a a foufaditsweng ke sebopego sa gagwe se sesha sa dikeletso tsa bogagapa, Efa o ne a ikuela go monna wa gagwe go kopanela mo botsuoloding. Adame le ene o ne a tlhopha go se laolwe ke Modimo. Phelelo: Bohutsana jwa nna mo boemong jwa boitumelo. Sebe, ditlhong, bolwetsi, botlhoko, le loso di ne tsa latela, eseng go Adame le Efa fela mme le mo ditlogolwaneng tsotlhe tsa bone.​—Genesise 3:6, 16-19; Baroma 5:12.

Bibela e bega gore le baengele ba ne ba swetsa go sala tselana eno ya go se batle go laolwa ke Modimo morago ka go batla monate wa bofafalele le ‘bomorwadia batho ba bantle.’ A tsela eno ya boitaolo e ne ya tlisa kgotsofalo ya sebele? Nnya. Go na le moo, e ne ya tlhagisa boitsholo jo bo maswe-maswe le thubakanyo moo eleng gore Jehofa o ne a bo a ikaelela go senya lefatshe leo la baikepi. Baengele ba ba neng ba itaola ya nna badimona, bao ga jaanong ba tsweletsang moya ono o o senyang wa botsuolodi mo bathong.​—Genesise 6:1-7, 11; Baefesia 2:2; Yude 6-12.

Botlhokwa jwa Kaelo ya Bomodimo

Dintlha tse di umakilweng di tshwanetse go re thusa go anaanela boammaaruri jwa motheo. Gore re tle re nne le tsela e e atlegisang le e e itumedisang ya botshelo, motho o tshwanetse go ikaega ka kaelo ya Modimo. Ke lebaka le lengwe leo Bibela e reng ka lone: “Yehofa, kea itse ha tsela ea motho e se mo go èna ka esi: ga goeō mo mothuñ eo o tsamaeañ ka dinaō go siamisa dikgatō tsa gagwè.” (Yeremia 10:23) Monna yo o botlhale wa bogologolo Solomone o ne a lemoga kotsi ya go ipeela ditekanyetso tsa botho mo botshelong kwantle ga kaelo ya bomodimo. O kwadile jaana: “Go na le tsela e eketeñ e siame mo mothuñ, me bokhutlō yoa eōna ke ditsela tsa losho.”​—Diane 14:12.

A re tshwantsheng ntlha eno ka ditsela tse pedi. Fa bakgweetsi botlhe ba sefofane sa kgwebo ba tlhokomologile dikaelo tseo di neetsweng kwa mafelong a go emela difofane mme ba kotamisa difofane tsa bone ka nako nngwe le nngwe kana mo lefelong leo ba le ratang, loeto ka sefofane lo ne lo ka nna lo lo bolokesegileng jang? Kana fa setlhopha sa baagi se latlha dipolane mme mongwe le mongwe a swetsa go dira jaaka a rata ka karolo ya gagwe ya kago, e tla nna moago wa mofuta ofe? Re tlhaloganya gore ditekanyetso di tshwanetse go latelwa gore mokgatlho ope o o lolameng o nne teng.

Ga go ope yo o tshwanelegang botoka mo go neeleng dikaelo tseno fa e se Mmopi wa motho, Jehofa. Ka ntlha ya go nna Mmopi ga gagwe, Jehofa Modimo, e seng sebopiwa, motho, o na le tshiamelo e e feletseng ya go tlhoma ditekanyetso tseo dibopiwa tsa gagwe tse di botlhale di tshwanetseng go tshela ka tsone. O itse moo re felelang gone; o itse sentle moo molelwane o o leng mo gare ga boitumelo le bohutsana o leng teng. (Ditihō 17:26, 27) Gangwe le gape, maitemogelo a botshelo a bontsha gore tsela ya Modimo ea dira eleruri. Ke tsela e e molemo go rona.

Ga go tlhokege gore re fopholetse gore ditekanyetso tsa ga Jehofa ke dife; o re bolelela jaana ka bopelonomi mo Lefokong la gagwe, Bibela: “Lokwalō lo loa molaō, a lo se tlogè mo molomuñ oa gago, u akanyè mo go lōna motshegare le bosigo, gore u tlhōkōmèlè go diha kaha go cotlhe tse di kwadilweñ mo go lōna: gonne tsela ea gago e tla na le letlhōgōnōlō yalo, me u tla bōna go segōhala sentlè.” (Yoshue 1:8) Moaposetoloi Paulo o tlhalosa ka moo ditekanyetso tsa Modimo di akareletsang mongwe le mongwe ka teng. O kwadile jaana go 2 Timotheo 3:16, 17: “Lokwalō loñwe le loñwe lo lo kwadilweñ ka tlhotlheleco ea Modimo lo bile lo molemō go ruta, le go kgalemèla, le go shokolola, le go kaèla ka tshiamō: gore motho oa Modimo a tlè a nnè boitèkanèlō, a iketleeleletse rure tihō nwe le nwe e e molemō.”

Jehofa o re laletsa go leka ditekanyetso tsa gagwe, ‘go lemoga ka borona mo e leng go rata ga Modimo, mo go molemo, le mo go lebosegang, le mo go itekanetseng.’ (Baroma 12:2) Tota, go dira seno ka tshwanelo, thuto e e tseneletseng ya Bibela e a tlhokega. Go sa kgathalesege gore a re sa le basha mo thutong ya Bibela kana re ithutile Lefoko la Modimo ka masome a dingwaga, mokgele wa go bapala kitso ya boammaaruri le go lemoga go rata ga Modimo o botlhokwa. Fa re palelwa ke go ruta maikutlo a rona ka go a dirisa, ga re kitla re lebelela kaelo ya ga Jehofa ka pono e e siameng.​—Bahebera 5:14.

Go tlhokomologa ditekanyetso tsa Modimo ke go laletsa masetlapelo fela. Go na le dikgoreletsi tse dintsi tseo motho a tshwanetseng go emelana le tsone gore a tle a atlege mo motheong wa tlhaloganyo ya gagwe. Santlha, motho o tshwanetse go emelana le ditlhotlheletso tse di boferefere tseo di fetang maatla a motho tsa ga Satane le badimona ba gagwe. (1 Yohane 5:19; Tshenolō 12:12) Mme go na le tsamaiso ya dilo ya setho lefatshe ka bophara eo e tlhotlheleditsweng ka moya wa go tlhoka kutlo le bogagapa jo bo feteletseng. (Baefesia 2:2; 1 Yohane 2:15-17) Mme, tota, go sa itekanelang ga rona le ditshekamelo tse di boferefere tsa pelo di tshwanetse go lwantshiwa. (Pesalema 51:3-5; Yeremia 17:9, 10) Jalo go tshela kwantle ga kaelo ya ga Jehofa go tshwana fela jaaka go kgweetsa koloi kwantle ga leotwana la go kgweetsa go ntse.

Jesu Keresete ke sekao se se molemo sa mongwe yo o anaanetseng kaelo ya bomodimo. Lefa a ne a itekanetse, o rile kaga gagwe: “Morwa ga a na go diha sepè ka esi, ha e se se o bonañ Rara a se diha: gonne dilō tse o di dihañ, Morwa le èna o di diha hèla yalo.” (Yohane 5:19) Jesu o ne a sa tshelele go ikgatlha. Mo tiragalong nngwe o rile: “Ha ke sa dihe sepè ka nosi, me ke bua dilō tse hèla yaka Rara a nthutile, me eo o nthomileñ ke na naè; ga aa ntlogèla nosi: gonne ke diha ka metlha eotlhe dilō tse di mo kgatlhañ.” (Yohane 8:28, 29) A o eletsa go kaelwa ke tekanyetso eo e tshwanang le eo Jesu Keresete a e dumetseng?​—1 Petere 2:21.

Mosola wa go Amogela Kaelo ya Bomodimo

Jehofa ke “Modimo o o itumetseng.” (1 Timotheo 1:11, NW.) Ga a batle go re amoga monate, boipelo, kana boitumelo tse di molemo. Akanya ka lobakanyana ka mafoko ao a boletsweng pepenene ao a bonwang go Baroma 1:28-32. Matswela a go se batle go laolwa ke Modimo a tlisa diphelelo tse di bosula fela, ka go bo go ya ka The New English Bible pego eo e re:

“Jaana, ka ntlha ya gore ba sa bonwa ba tshwanela go ipolela Modimo, o ba neetse lebaka la bone le le sokameng. Seno se ba gogetse mo go robeng melao yotlhe ya boitshwaro. Ba tletse ka mofuta mongwe le mongwe wa tshiamololo, bosenyi, go gagolaka, le bopelotlhoi; ke setlhopha se segolo sa bopelotshetlha, polao, kgaisano, bonongwana, le pelotlhoi; bapateletsi le bakgopisi, ba tlhoile Modimo, makgakga, baikgodisi, babelafadi, ba tlhama mefuta e mesha ya bosenyi, ga ba ikanyege mo batsading, ga ba na segakolodi, ga go na boikanyego mo mafokong a bone a patiko; ga ba na lorato Iwa tlholego mme ga ba utlwele botlhoko. Ba itse sentle kaga molao wa Modimo wa tshiamo, gore ba ba itshwarang jalo ba tshwanetse go swa, mme lefa go ntse jalo baa di dira; eseng jalo fela, tota ba baka badiri ba tsone.”

Mo letlhakoreng le lengwe, bao ba tlhophang go sala ditekanyetso tsa Modimo morago ba kgothaletswa go apola motho wa bone wa bogologolo ka moya wa ona wa boitaolo le go o emisetsa ka o mosha wa Bokeresete. Botho jo bosha bo kopanyeletsa go nna pelonomi, pelonamagadi, le go itshwarelana. (Baefesia 4:20-32) Gape ke tsone tseo di bonagatsang loungo Iwa moya o o boitshepo wa Modimo: “loratō, le boitumèlō, le kagishō, le bopelotelele, le bopelonomi, le molemō, le boikanō, Le boinōtlō, le boikgapō.”​—Bagalatia 5:22, 23.

Morago ga go sekaseka mefuta e mebedi ya botho, o motho wa mofuta mang? Ke ofe wa e mebedi o o tla ratang go o bona mo ditsaleng tsa gago?

Mo godimo ga moo, Bibela e ruta gore mo nakong e khutshwane thata e e gaufi baikepi botlhe ba tla senngwa ke Modimo. (2 Petere 3:7; 2 Bathesalonia 1:7-9) Jesu Keresete o boleletse-pele gore, pele fela ga Modimo a phepafatsa lefatshe, mekgwa ya batho ka kakaretso e tla farologana le ya go sala ditekanyetso tsa Modimo morago fela jaaka batho ba ne ba ntse mo motlheng wa ga Noa. (Luke 17:26-30) Jalo go potlakile gore re nne le kanaanelo ka botlalo ya mosola wa dikaelo tseo Modimo a di tlhomileng. Gore re falole, seno se botlhokwa mo go rona gompieno fela jaaka go ne go ntse ka Noa mo motlheng wa gagwe.

Ka gone, go se batle go laolwa ke Modimo ga go tlise boitumelo jwa sebele; go dira go rata ga Modimo go a bo tlisa. Bao ba ineelang mo kaelong ya ga Jehofa ba tla duelwa ka botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng leo le tladitsweng ka batho bao ba nang le botho jo bo tshwanang le jwa ga Keresete.​—Pesalema 37:27-29.

[Setshwantsho mo go tsebe 5]

Ke moago wa mofuta ofe oo o tla agiwang fa moagi mongwe le mongwe a latlha dipolane mme a aga ka moo a ratang ka teng?

[Setshwantsho mo go tsebe 6]

O na le kgololesego ya go eta, mme go dira jaio ka pabalesego o tshwanetse go kgweetsa koloi ya gago fela go ya kafa ditekanyetsong tsa molao

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela