“Ke ne ke Kgatlhegile e le Tota”
Burt o nna kwa Engelane. O ne a fetsa dibeke tse thataro kwa Australia, a etetse mogoloe e leng Eric le mosadi wa gagwe bao e leng Basupi ba ga Jehofa. Jaaka wa bodumedi jo bo farologaneng, Burt o ne a etsaetsega fa mogoloe a ne a mo laletsa go tla pokanong kwa Holong ya Bogosi. Mme o ne a gakgamadiwa ke moya o o bothitho, o o botsalano, o a ileng a dumedisiwa ka one moo, morago ga go boela ga gagwe kwa Engelane, o ne a kwalela phuthego lekwalo leno la kanaanelo:
“Ke tshwanetse go dumela gore ga ke Mosupi, mme ke leloko le le matlhagatlhaga la Kereke ya Engelane, jalo e ne e le ka poifo nngwe e e rileng gore ke tsamaye le Eric le Joan go ya kobamelong ya bone ya Sontaga.”
“Ke ne ke sa tshwanela go nna le poifo epe fela. Kamogelo eo ke e boneng mo e ka nnang mo phuthegong yotlhe e ne e se fela ya bokaulengwe le ya bopelo-e-phepa mme ke ne ke kgatlhegetse gore, lefa ke ne ke le moeng wa mmatota, ke ne ka amogelwa, mme eseng fela jaaka moeng mme jaaka leloko le le amogelesegang la phuthego.”
“Lemororo ke ne ke sa tlhaloganye tirelo ya lona le bosupi ka botlalo, lefa go ntse jalo kwa bokhutlong jwa dipokano ke ile ka tsamaya mme ke na le boikutlo jwa gore ke solegetswe molemo thata go tswa mo boitemogelong mme ka ipotsa gore ke ka ntlhayang fa lorato le bopelo-e-phepa tseo di neng di bonala mo tirelong yotlhe di sa aname go kgabaganya lefatshe leno la rona le le tletseng mathata.
Wa lona ka bopelo-e-phepa,
Burt B.”