Melelwane ya Kgololesego
“Ga go bape ba ba dirilweng makgoba ka mo go senang tsholofelo go gaisa bao ka maaka ba dumelang gore ba gololesegile.”—Goethe.
KGOLOLESEGO! Abo lefoko leo le na le modumo o o ikuelang jang ne. Mme le kayang mo go wena? A kgololesego e kaya gore o na le tshiamelo e e ka se fetisediweng go ba bangwe ya go dira jaaka o rata, kana ka nako eo o ratang ka yone kana koo o ratang gone, kwantle ga go kgathalela batho ba bangwe? Eleruri ga go jalo! Ditiro tsa gago di beelwa melelwane ke ditlhopha tse di dirang melao go sireletsa ditshiamelo le dikgatlhego tsa ba bangwe. A seno ga se tlhokafale thatathata fa batho ba tshela mmogo jaaka morafe?
Ka sekai, o ka nna wa nna le kgololesego ya go eta, mme o ka kgweetsa sejanaga sa gago fela mo teng ga melelwane ya molao. Melelwane eno, kana melao, e tlhomilwe jaaka tshireletso eseng ya ba bangwe fela mme le ya gago. Ka gone, kgololesego ya boammaaruri ga e kaye go gololesega mo thibelong yotlhe, boikgapo, le setlhabelo; le eseng gore go kaya go se nne teng ga melao e e siameng le e e mosola. Ka mo go kgatlhisang, Black’s Law Dictionary e tlhalosa kgololesego jaana:
“Boemo jwa go gololesega . . . kwantle ga thibelo nngwe, kgoreletso, kana kiletso go na le tse di ka bewang ke melao e e siameng le e e tlhokegang le ditshwanelo tsa go tshela ga batho.”
Gore re ipelele kgololesego, re tshwanetse go tshela matshelo a rona mo teng ga melelwane e le mebedi—melao ya tlhago le melao ya boitsholo.
Melao ya Tlhago e Beela Motho Melelwane
Ga go kgonege ka motho ope go nna le kgololesego e e feletseng lefa a ka itlhaolela kwa setlhakeng se sennye mo bogareng jwa lewatle le legolo thata. Dipatlafalo tsa tlholego tsa mmele wa gagwe le go ikaega ga gagwe ka tikologo di tla tlhoma melelwane mo kgololesegong ya gagwe. Mmopi, Jehofa Modimo, o tlhomile melelwane eno ya tlholego mme o tlhomile e mengwe ka melao le melao-metheo ya gagwe.—Ditihō 17:26-28.
Modimo o dirisa melao ya tlholego e e bolokang lobopo lo le mo kutlwanong e e molemolemo. Melao eno e re solegela molemo. Ka sekai, a o ikutlwa o gateletswe ke molao wa Modimo wa maatla a a gogelang dilo mo lefatsheng gravity? Eleruri ga go jalo! Ke maatla a a botlhokwa a a tshwarang lobopo lo le mmogo le go re dira gore re se fofe mo lefatsheng.
Lefa go ntse jalo, go tweng fa ka boomo o ne o ka tlhokomologa molao wa maatla a a gogelang dilo mo lefatsheng mme wa tlola go tswa mo logageng lwa dikgato di le lekgolo? O ne o tla wa mme wa swa kana go seng jalo wa gobala mo go masisi. Matswela: eseng kgololesego mme koketsego ya melelwane. Ga re ka ke ra tlhokomologa melao ya tlholego kwantle ga go boga matswela a gone. Lefa go ntse jalo, fa re dira mo teng ga melelwane ya yone re kotula melemo.
Melao ya go Beela Boitsholo Melelwane
Mo e ka nnang dingwaga di le 300 tse di fetileng, ra-matlhale wa Leesemane John Locke o ne a sobokanya se o ka bong o se lemogile ka kgololesego le molao wa motho. O ne a kwala jaana: “Koo go senang molao gone ga go na kgololesego. Gonne kgololesego ke go gololesega mo thifelong le mo thubakanyong ya ba bangwe, e e ka se nneng teng koo go senang molao gone; mme ga se, ‘kgololesego ya motho mongwe le mongwe go dira se a se eletsang,’ jaaka re bolelelwa. Gonne ke mang yo o ka gololesegang, fa mokgwa wa motho mongwe le mongwe o ne o ka go gatelela?”
Abo mafoko ao a tshwanela jang ne fa a dirisiwa mo melaong ya batho e e thibelang boitshwaro jo bo gobatsang! Fa motho a bona go tlhokega ga molao go laola boitshwaro jwa batho, a Mmopi wa gagwe le ene a ka bo a ile a seka a bona tlhokafalo eo? A re tshwanetse go akanya gore Modimo o ne a ka dira gore melao ya tlholego e nne gone mme a bo a tlogela motho a sena melao e e kaelang boitshwaro jwa gagwe? Legoka.—Mathaio 6:8.
Melao ya Mmopi malebana le batho e kwadilwe mme ya bolokiwa gore re itse tsela e e molemo-lemo eo re ka tshwarang dikgang tsa rona ka yone. (2 Timotheo 3:16, 17) Malebana le boleng jwa yone, The Bible in Living English e bolela jaana: “Ditaelo tsa ga Jehofa di itekanetse, di tsosolosa botshelo; dithuto tsa ga Jehofa di a ikanyega, di tlhalefisa dieleele; ditaolo tsa ga Jehofa di a amogelesega, di itumedisa pelo; taolo ya ga Jehofa e a ikanyega, e tsenya matlho lesedi.”—Pesalema 19:7, 8.
Motho yo o lekang go tshela a gololesegile mo melelwaneng yotlhe e e tshwanetseng ya boitsholo o tshwana le sekepe se se latlhegetsweng ke kompase gammogo le lonaka lo lo laolang koo sekepe se yang gone. Motho yoo le sekepe seo di kgarakgatshegela gongwe le gongwe mme di tshwanetse go bona tsela e e bolokesegileng kana di lebane le matswela a a botlhoko. Ka gone, seno se tsosa potso e e masisi. A re ka tsamaisa botshelo jwa rona kwantle ga Modimo?