Jehofa O Re Diretse Dilo tse Dikgolo
DINGWAGA tse di ka nnang supa tsa puso ya bosole e e filweng dithata tsa go busa. Ntwa mo South Atlantic. Tlhatlogo-ditlhotlhwa ya diphesente tse di ka nnang 500 ka ngwaga. Argentina e ile ya itemogela dilo tseno tsotlhe mo dingwageng tse di lesome tse di fetileng.
Gompieno, matshwenyego a tsa madi ga a ise a kokobele. Mme go na le goromente wa repaboliki yo o busang, mme ntwa ga e a gakala. Ka jalo baagi ba lefatshe leno ba ba dimilione tse 30 ba lebeletse isagwe ka tsholofelo e e oketsegang. Go na le bangwe bao segolo bogolo ba tletseng ka boitumelo jo bogolo. Ka baka lang? Ka ntlha ya dilo tse dikgolo tse Jehofa a ntseng a di dira.
Ka tshegofatso ya bomodimo, basupi ba ga Jehofa ba ba ka nnang 55 000 jaanong ba anamisa mafoko a a molemo ka boipelo jo bogolo mo nageng eno ya Borwa jwa Amerika. Seno ke sone se se ileng sa tlisa boipelo jo bogolo mo matshelong a baagi ba bantsi ba Argentina.
Go Jalwa Ga Dipeo tsa Ntlha
Tiro ya go rera ka Bogosi mo lefatsheng leno e ne ya simolola ka 1924, fa J. F. Rutherford (yo ka nako eo e neng e le mookamedi wa Watch Tower Society) a ne a romela Juan Muñiz go tla fano go tlhokomela dikgatlhego tsa Bogosi. Mo e ka nnang ngwaga moragonyana, Carlos Ott o ne a goroga mme a simolola go anamisa mafoko a a molemo gareng ga batho ba ba buang Sejeremane. Ka gone dipeo tsa ntlha tsa boammaaruri jwa Bogosi di ne tsa jalwa mo Argentina.
Ka 1945 go ne go na le baboledi ba Bogosi ba le 363 mo Argentina. Ngwaga e e tlang e ne ya gorogelwa ke barongwa, baalogi ba Sekolo sa Bibela sa Gilead sa Watchtower. Mokaulengwe Gwaenydd Hughes le Kgaitsadi Ofelia Estrada, ba Argentina, e ne e le ba ntlha mo lenaneong la baalogi ba Gilead go direla naga eno. Gareng ga bone go ne go le Charles le Lorene Eisenhower, ga mmogo le Helen Wilson, bao botlhe ba neng ba goroga ka 1948. Morago ga dingwaga tse 36, ba sa ntse ba le tlhaga mo tirelong ya ga Jehofa mono. Helen Nichols, yo o neng a goroga ka 1948, o ne a wetsa tiro ya gagwe ya selefatshe mo kabelong ya gagwe ya borongwa kwa Tucumán ka 1974.
Go Tlhaga Dikgoreletsi tsa Ntlha
Jaaka dipalo tsa rona di ne di oketsega, Basupi ba banana ba bantsi ba dingwaga tsa bosole ba ne ba tsaya seemo sa bone jaaka baitlhaodi ba Bakeresete. (Isaia 2:2-4; Yohane 15:19) Seno se ne sa tlisa kganetso. Lefa go ntse jalo, ka 1950 Mokgatlho wa Watch Tower o ne wa kwalwa kafa molaong mme e le ka lobaka lo lo khutshwane fela. Nako nngwe mo ngwageng eo, tumelelo eno e ne ya busiwa ka morago, mme mo dingwageng tse 33 tse di latelang Basupi ba ga Jehofa ba ne ba itshoka fela kwantle ga yone.
Lefa go ntse jalo, le eleng tlase ga maemo a a bokete a a ntseng jalo, tiro ya go rera ka Bogosi e ne ya tswelela go atologa. Ka 1974 Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa se ne sa fetsa ka gore dimakasine tsa rona tsa Tora ya Tebelo le Awake! di tshwanetse gore di gatisiwe mo nageng e. Ka gone ga dirwa dithulaganyo tsa go tsenngwa ga motšhine wa ntlha wa rotary offset go dirisiwa ke Mokgatlho. Motšhine oo ka boone o ne o tswa kwa Fora, karolo e e kgaolang dipampiri go tswa Jeremane, mme karolo e e rokaganyang go tswa kwa United States. Tseno tsotlhe e ne e le dimpho tse di neng tsa dirwa ke makala ao a Mokgatlho. Mathata a mantsi a ne a tshwanelwa ke gore a kgabaganngwe pele ga go ka gatisiwa dimakasine tsa rona tsa ntlha mo Argentina, mme abo re ne ra nna le boipelo jang ne fa Tora ya Tebelo ya April 15, 1975, e ne ya simolola go kolokotega mo motšhineng oo!
Dingwaga tsa Re le mo Thibelong
Ka 1976 goromente yo mosha wa bosole o ne a tswala Diholo tsa Bogosi tsa rona. Bana ba rona ba ne ba lelekiwa mo sekolong, mme go kgabaganya lefatshe leo Basupi ba ga Jehofa ba ne ba tshwarelwa go rera mafoko a a molemo. Bothata jono bo ne jwa ya magoletsa ka September 7, 1976, fa magatisetso a Mokgatlho le diofisi di ne tsa tswalwa. Go ne ga sala fela marobalo a lelapa la Bethele a ntse a butswe. Seno sotlhe se ne sa nna gone ka taelo ya go ‘thibela gotlhe gotlhe tiro ya Basupi ba ga Jehofa le go anamisa le go buisanya le batho ka dithuto tsa bone mo kgaolong eo yotlhe ya morafe oo.’
Dingwaga tse di bokete di ne tsa simolola ka gone moo. Legale, seno e ne e le nako gape ya go nonotshiwa le go humisiwa semoeng. Le ka motlha go ne go ise go ke go diragale gore re kwalwe mo dikoranteng tsa dikgang ka tsela e e ntseng jalo. Ditlhogo tsa dikgang ka botsone di ne tsa thusa go bolela kgang ya se se neng sa diragala ka lobaka Iwa dingwaga tseo: “Basupi ke magolegwa ka ntlha ya go ganana le ditshwantsho tsa borata-naga”; “Go lelekwa ga bana go tswa mo dikolong tse di potlana tsa dikgaolo”; “Go amogelwa ga moithuti wa Basupi ba ga Jehofa”; “Ditiro tsa Basupi ba ga Jehofa di dumeletswe.”
Ka March 1979 Kgotla-kgolo ya Ditsheko ya Katlholo e ne ya ntsha phetso e e utlwalang mo kgannyeng ya ga JJuan Carlos Barros vs. National Council of Education. Basimane ba babedi ba ga Mokaulengwe Barros, Paul le Hugh (ba dingwaga tse supa le boroba bobedi ka go latelana), ba ne ba lelekiwa mo sekolong ka go bo ba ne ba gana go tlhakanela mo moletlong wa go tsholetsa folaga. (Bapisa Ekesodo 20:4-6; Daniele 3:1, 16-18; 1 Yohane 5:21.) Phetso ya kgotla ya ditsheko e ne ya bolela jaana bontlhanngwe: “Ditiro tsa [bone], e ne e le fela tsa go sa tlhomamisege mo kgannyeng eno, . . . di ka se tsewe jaaka e le tseo e leng tshupo ya tlhaelo ya tlotlo ya ditshwantsho tsa borata-naga, mme go na le moo e le kutlo ya taelo ya botsadi.” Ka gone go ne ga lemogiwa gore boemo jwa sedumedi joo bana ba Basupi ba neng ba bo tsaya bo ne ka tsela epe e se tlhaelo ya tlotlo ya ditshwantsho tsa bomorafe tsa Argentina.
Ditshwanelo tsa banana ba rona gape di ne tsa tshegediwa mo kgannyeng ya ga Aurelio Francisco D’Aversa vs. the National Government. Lekgotla la Barutabana le ne la fetsa ka gore le leleke ngwana wa ga D’Aversa mo dikolong tsotlhe tsa naga eo. Mme fa kgang e fitlha go Kgotla Tshekelo ya Boikuelo ya Puso, go ne ga ntshiwa phetso e e kgatlhisang. E ne ya tlhoma ka gone dintlha tse di kgatlhisang tse di neng tsa latela. Morago ga go umaka gore baagi ba bantsi ba naga eo ba ne ba tlhakanela ka go rata ga bone mo go supeng maikutlo a e leng a bone mo ditshwantshong tsa bomorafe, Moatlhodi Tonelli o ne a re: “Mo letlhakoreng le lengwe, e tla bo e le thumolano mo segakoloding sa batho ba bantsi ba ba ileng ba tlhoma ditlhatswego pelo tsa boratanaga go bona mongwe, kgatlhanong le se a se dumelang moteng ga gagwe, a patelediwa go bontsha maikutlo a a tshwanang kwa ntle ga bopeloephepa.” Moatlhodi Barletta o ne a lemoga “tlhaelo ya mabaka ao a akantshang lonyatso, go tlhoka tlotlo kana maipelafatso a phatlalatsa a a ntseng jalo mo letlhakoreng la ngwana wa ga D’Aversa.” Kgotla-kgolo ya Ditsheko moragonyana e ne ya tiisetsa phetso eno.
Thibelo e re neng ra e pegwa godimo ka 1976 go bonala e ne ya dira gore dipalo tsa babaki ba ga Jehofa di wele tlase go tloga go 33 503 mo ngwageng eo go ya go 31 846 ka 1977. Mme fa fela bakaulengwe ba ne ba setse ba tlwaelane le maemo a masha ano, tiro ya go rera ka Bogosi e ne ya pagamela godimo gape.
Fa nako e ntse e ya, re ne ra simolola go tshwara dikopano tse di potlana, sa ntlha e le bagolwane le basadi ba bone fela ba ba neng ba nna gone mme morago ka maloko otlhe a diphuthego a le teng. Dikopano tseno di ne di tshwarelwa mo mafelong a o ka se keng o bo o dumele—kwa mafelong a a kwa bothokong a selegae, mo maobong a a dirisediwang go beola dinku, le eleng mo dirobing tsa dikoko. Abo malatsi ao e ne e le malatsi a a itumedisang go nna mmogo go ipelela tao ya semoya jang ne!
Mme se se bileng se le botlhokwa bogolo, ga re ise re be re tlodiwe ke tokololo ya Tora ya Tebelo go e dirisa mo thutong ya rona ya beke le beke. Dimakasine tseno di ne tsa gatisiwa mo metšhineng e mebotlanyana ya offset mo mafelong a a farologaneng. Seno sotlhe se ne se tlhoka namane e tona ya tiro mme gantsi se ne se baya bakaulengwe ba rona mo diphatseng tsa go latlhegelwa ke kgololesego. Ka nako eo dikoranta tsa dikgang di ne tsa tlhomaganya dikete tsa batho ba ba neng ba nyelela, mme ga go ope wa Basupi ba ga Jehofa yo o neng a nyelela. Go sa kgathalesege dikgoreletsi tsotlhe tse go neng ga thulanwa natso; go tloga 1977 go ya go 1984 batho ba Modimo ba ne ba bona koketsego ya diphesente tse 57 jaaka baboledi ba basha ba Bogosi ba le 18 000 ba ne ba kopanela le ditlhopha tsa bone.
Re Filwe Kgololesego e e Tletseng
Kgabagare, kgololesego ya rona e ne ya tla ka ditsela di le pedi. Sa ntlha, ka December 12, 1980, puso ya sesole e e filweng dithata e ne ya tlosa thibelo. Ka nako eo, tiro ya rona e ne e sa tlhole e thibetswe, lemororo e ne e ise e dumelelwe semolao. Kwa bofelong, goromente yo o gone jaanong o ne a lemoga Lekgotla la Basupi ba ga Jehofa. Kgato eno e ne ya tsewa ka March 9, 1984, ke Dr. María T. de Morini, Mothusa-tona ya tsa Kobamelo.
Ka nako eo he re ne re ile ra lwa dingwaga tse di telele gore re dumelelwe kafa molaong. Diholo tsa rona tsa Bogosi di ne di ka kgonwa go bonwa ka mekwalo e le lwantlha. Aitse, kitsiso ya go dumelelwa ga rona kafa molaong e ne ya dira gore re ikutlwe jaaka ‘bao ba neng ba lora, mme loleme lwa rona lo ne lwa tlala ka setshego’! Ka boammaaruri, ‘Jehofa o re diretse dilo tse dikgolo.’—Bapisa Pesalema 126:1, 2.
Go Ipela mo Koketsegong ya Bogosi
Go dumelelwa kafa molaong go ne ga tla le koketsego e kgolo ya Bogosi. Ka ntlha ya seno, go ne ga dirwa dithulaganyo tsa go aga Holo ya rona ya ntlha ya Kopano. E ne ya agiwa gautshwane le Moreno, dimmaele tse 25 (40 km) go tloga mo Buenos Aires. Holo eno e ne e ka tshola batho ba le 2 200. Gone mo setsheng seo se se tshwanang, go na le polase gape e e thusang ka dijo tse di tlhokwang ke maloko a lelapa la Bethele a a 78.
Ngwaga ya tirelo ya 1985 e ne ya simolola ka tlhora e ntsha ya baboledi ba Bogosi, e fitlha go 51 962 ka December. Palo ya diphuthego e ne ya tlhatlogela go 730. Abo re ne ra ipela jang he fa ba ba 135 379 ka 1985 ba ne ba keteka Segopotso sa loso lwa ga Keresete le rona! Mme ka January re ne ra fetsa Dikopano tsa Kgaolo tsa rona tse di robang bongwe tse di tlhomaganang tsa “Koketsego ya Bogosi,” ka palo yotlhe ya batho ba le 97 167—ba ba fetang 17 000 go feta ngwaga tlola.
Koketsego eno e ne ya dira gore didirisiwa tsa lekala di se ka tsa lekanela ditlhokafalo tsa rona. Re ne ra kgona go reka matlhatlaganyane a kago, go dirisiwa jaaka feketiri le diofisi. Mo setsheng se se gaufi le seo, re rulaganyetsa go aga matlhatlaganyane a a lesome go tsenya lelapa la Bethele.
Re solofela gore didirisiwa tse disha tseno di tla re kgonisa go tlhokomela dikgatlhego tsa Bogosi mo Argentina ka botswerere. Mme re lebeletse isagwe ka tsholofelo, re lebogela, eleruri, dilo tse dikgolo tse Jehofa a di direlang bao ba mo ratang.
[Setshwantsho mo go tsebe 29]
Ditlhogo tsa dikgang di supa bothata jo bo neng bo le gone tlase ga thibelo mme kgabagare kgololesego ya bodumedi e e neng ya boela