Kgotla-Tshekelo Kgolo ya Turkey E Golola Basupi ba ga Jehofa
GO NE go na le boipelo jo bogolo mo Basuping ba ga Jehofa ba le 23 bao ba golotsweng ka June 14, 1985, morago ga go nna ngwaga mo kgolegelong mo Ankara. Ka 1984 ba ne ba atlholetswe dikwebo tse di tlogang ka dingwaga di le nne go ya go di le thataro ke Kgotla-Tshekelo ya Ipabalelo ya Naga mo Ankara. Kgotla-tshekelo eo e ne e ba bone molato wa go tlola molawana wa 163 wa melao e e malebana le bokebekwa, tlolo-molao mmogo le dikatlholo tsa tsone, oo o thibelang tiro ya bodumedi eo e ikaeletseng ‘go fetola thulaganyo ya loago, ya tsa itsholelo, ya dipolotiki kana ya semolao tsa naga eo.’ Kgotla-tshekelo eo e ne ya gana boemo jwa bone jaaka jwa bodumedi.—Bona The Watchtower, April 1, 1985.
Katlholo eo e ne ya ikuelwa, mme ka May 29, 1985, go sekasekiwa ga yone mo pele ga Kgotla-Tshekelo Kgolo ya Turkey go ne ga dumelwa. Mo tshekatshekong eo, go ne ga dirwa kopo ya gore go phimolwe katlholo eo ka mabaka a gore Basupi ba ga Jehofa eleruri ke setlhopha sa bodumedi le gore ga go na bosupi bope jwa bokebekwa joo ba neng ba latofadiwa ka jone.
Khansele ya bobueledi e ne ya tlhalosa gore mo dikgetsing tsotlhe tsa nako e e fetileng tsa kgotla-tshekelo mo nageng eo Basupi ba ga Jehofa ba ne ba gololwa ka tatofatso e e tshwanang le eo, le gore baitseanape botlhe ba semolao bao ba ileng ba sekaseka tiro ya Basupi ba ga Jehofa go feta dingwaga di le 20 tse di fetileng le ka motlha ga ba ise ba ke ba bone tlolo-molao epe. Babueledi le bone ba ne ba tlhalosa gore katlholo eo e ne e theilwe mo tshedimosetsong e e sa utlwaleng le ya maaka.
Kgotla-Tshekelo e Dira Tshwetso
Ka June 19, 1985, Kgotla-Tshekelo Kgolo e ne ya neela tshwetso ya yone ya pelo e le nngwe. E ne ya phimola katlholo ya Kgotla-Tshekelo ya Ipabalelo ya Naga le go laela gore Basupi ba le 23 ba gololwe ka ponyo ya leitlho. Kgotla-tshekelo eo e ne ya otlelela gore mo molao-theong wa Turkey dikereke tsotlhe di na le tshiamelo e e tshwanang ya go obamela le go anamisa ditumelo tsa tsone, fa fela di sa itshunye mo mererong ya Naga.
Kgotla-Tshekelo Kgolo e ne ya supa gore balatofadiwa ba ne ba tsentswe mo kgolegelong “fela ka gonne e le . . . Basupi ba ga Jehofa.” Mme katlholo eo e ne e theilwe mo dipegong tsa “baitseanape” ba ba tlhaolang go ya ka bodumedi. Bano ba ne ba begile gore Basupi ba ga Jehofa ba ne “ba le molato go ya ka pono ya kutlwano le kobamelo tsa bodumedi.” Mme Kgotla-Tshekelo Kgolo e ne ya bontsha gore seno e ne e se bosupi jwa gore ditiro tsa Basupi ba ga Jehofa di ne di tlola molawana wa 163 ka gope.
Kgotla-tshekelo e ne ya konela ka gore Basupi ba ga Jehofa ba ne ba sa tlola molelwane wa kgololesego ya bodumedi eo e dumeletsweng ke molao-theo. Kgotla-tshekelo e ne ya bontsha gore jalo “Go senya le go sa dirise kgololesego ka tshwanelo ka maikaelelo a a bosula di ne di sa nepagala.”
Katlholo eno e dumalana le mabaka. Gape e dumalana le tshwetso ya Kgotla-Tshekelo Kgolo ya Boikuelo ka 1980. Kgotla-tshekelo eo e ne ya bontsha ka phepafalo gore tiro ya Basupi ba ga Jehofa ga e senye ebile ga e kotsi mo nageng. Gape e boletse gore: “Fa ka letsatsi lengwe dilo tseo balatofadiwa ba di dumelang di diragala le puso ya Modimo e tla tlhongwa mo lefatsheng, kotlhao ya balatofadiwa ka ntlha ya tumelo eo ga e kitla e thibela ditiragalo tse di ntseng jalo. Mme fa tebelelo ya bone e le boikutlo fela jo bo sa tlwaelegang le tumelo e e lolea, tumelo ya bone ga e kake ya gobatsa thulaganyo ya rona ya batho ya Naga eno ka tsela epe.”
Jalo ditatofatso tsotlhe, gammogo le tshedimosetso e e neetsweng ke “baitseanape” ba ba tlhaolang go ya ka bodumedi, di supilwe gore ke maaka. Tiro ya Basupi ba ga Jehofa ya mofuta o eseng wa dipolotiki mme e leng wa bodumedi ka phepafalo e tlhomilwe gape.
Go Batlega Gore ba Gololwe Gotlhelele
Lemororo katlholo eo e phimotswe, kgetse eo e ile ya fetisediwa go Kgotla-Tshekelo ya Ipabalelo ya Naga gore e sekasekiwe gape. Go solofelwa gore mo lekgetlong leno kgotla-tshekelo eo e tla atlhola go ya ka mabaka le go golola balatofadiwa mo ditatofatsong gotlhelele.
Batho ba ba ratang kgololesego go ralala lefatshe lotlhe ba tla tswela-pele go lebelela matswela a kgang eno. Ba batla go bona fa e le gore Basupi ba ga Jehofa ba tla ipelela kgololesego e e feletseng ya kobamelo. Fa seno se ka nna jalo, he go ka bolelwa ka tshwanelo gore Turkey e leka ka natla go tshela tumalanong le maiphako a yone a gore ke naga ya puso ya batho ka batho.