Dipotso tse di Tswang Go Babadi
◼ A masalela a batlodiwa ba Morena mo lefatsheng ke karolo ya phuthego ya ga Jehofa ya selegodimo ya seka-mosadi, “Yerusalema o o kwa godimo”?
Batlodiwa mo lefatsheng go ka buiwa ka bone jaaka karolo e e bonalang ya phuthego ya Modimo, lelapa la gagwe la lobopo la dibopiwa tse di botlhale.
Jaaka batho ka bongwe ba ba ‘tsalwang sesha,’ ba nna barwa ba semoya ba ga Jehofa. (Yohane 3:3, 5; Baroma 8:15-17) Jehofa ke Rraabo. Lefa go le jalo gape ba na le “mma echo,” ka go bo moaposetoloi Paulo a ne a kwala ka go re “Yerusalema o o kwa godimo . . . [ke] mma echo.” Seno e tshwanetse ya bo e le polelo ka phuthego ya selegodimo ya ditshedi tsa semoya tse Jehofa a di lebang ka tshwantshetso jaaka “mosadi.” (Bagalatia 4:26) Fa Bakeresete ba ba tloditsweng ba amogela tuelo ya bone ya selegodimo, tota ba tsena mo phuthegong eo ya selegodimo.—Tshenolō 4:4; 14:1-5.
Masalela a a tloditsweng mo lefatsheng ga a ise tota-tota a nne karolo ya “Yerusalema o o kwa godimo.” Mme ka ntlha ya seemo sa bone se eleng sa mofuta wa sone fela jaaka barwa ba semoya ba ba nang le tebelelo ya botshelo jwa selegodimo, mme le gape ka ntlha ya go bo ba emela “mosadi” wa selegodimo wa Modimo, ka dinako tse dingwe Jehofa o ba akaretsa ka tsela ya kgopodiso mo ditaelong, dipolelelo-peleng, ditsholofetsong, le mafoko a kgomotso a a lebisiwang go phuthego ya mosadi mo legodimong.
Re ka tshwantsha seno ka mafoko a a kopanyeletsang Iseraele wa bogologolo. Ka Isaia Jehofa o ne a tlhalosa mosadi a le mo dikgolegong, a le mo leroleng, a tlhoka gore a tsoge le gore a phatsimise lesedi. (Isaia 51:9, 14; 52:1, 2; 60:1) Maemo ao ga a ise a nne gone mo gareng ga barwa ba semoya ba ba ikanyegang ba ga Jehofa ba ba dirang “mosadi” wa gagwe wa selegodimo. Lefa go ntse jalo, a ne a le gone mo morafeng wa Iseraele. Fa Baiseraele ba ne ba gololwa mo botshwarweng jwa Babelona ka 537 B.C.E., ba ne ba tsoga, ba ema ka dinao mo loroleng mme ba simolola go bontsha lesedi la ga Jehofa. Jerusalema o o agilweng (o o emetseng morafe) o ne a ntse jaaka mosadi yo a neng a tlogetswe mme jaanong a ile a busiwa gape mme a tshola bana, Bajuda jaaka morafe o o neng o shafaditswe. (Isaia 54:1-8; 60:1-22; 66:7-14) Jalo mafoko a ga Isaia kaga boemo jwa “mosadi” (yoo “muñ oa gagwè” eleng Jehofa) a ne a lebile go morafe wa selefatshe o o mo emelang.
A jaanong re lebiseng tlhokomelo ya rona go morafe wa semoya o Modimo a o amogelang gape (mme “mosadi” wa gagwe wa selegodimo) fa a se na go tlogela Iseraele wa senama. (Bagalatia 6:16) Morago ga a se na go nna “moopa” ka makgolo a dingwaga a mantsi, “Yerusalema o o kwa godimo” o ne a simolola go tshola barwa ba semoya. Jesu e ne e le wa ntlha go tsholwa, ka 29 C.E., go latelwa ke ba bangwe ba bone ba ba 144 000, go simolola ka baaposetoloi mme le go fitlha mo motlheng wa rona. (Bagalatia 4:21-31) Ka lobaka lo lo khutshwanyane mo karolong ya ntlha ya lekgolo leno la dingwaga, masalela a Baiseraele ba semoya a ne a ineela mo dikgatelelong mme a tla, jaaka go ka bo go ntse, mo botshwarong. Go tswa foo, ka 1919, ba ne ba ntshiwa mo bokgobeng jwa Sebabelona jaaka morafe o o tsetsweng sesha mo lefatsheng la semoya. Ka gone, re ka bona mafoko a boperofeti a ga Isaia malebana le Jerusalema wa bogologolo gore a bona tiragatso ya one go Iseraele wa semoya.
Akanyetsa, gape, Tshenolō 12:1-17. Kwa bokhutlong jwa “metlha ea Badichaba” ka 1914, “mosadi” wa selegodimo wa Modimo o ne a tshola goromente wa Bogosi jaaka “ñwana oa mosimane.” Satane yo o bodileng a nna “bogale le mosadi.” Mme tlhaselo ya gagwe e ne e sa lebisiwa ka tlhamalalo kgatlhanong le phuthego ya Modimo ya mosadi kwa legodimong, eo a neng a ka se tlhole a tsena mo go yone. Go na le moo, Satane o ne lwantshana le “ba ba setseñ ba losika loa gagwè” ba ba mo emelang mo lefatsheng.
Ka gone, jaaka go ne go ntse ka Iseraele wa selefatshe o o fitileng, go ntse jalo le ka Iseraele wa semoya. Seemo sa “Yerusalema o o kwa godimo” se bonala mo baneng ba gagwe mo lefatsheng. Ka tsela ya tlhamalalo, ditaelo, kgomotso,le ditsholofetso di kaetswe go mosadi wa selegodimo wa ga Jehofa, di ama segolo bogolo ba ba mo lefatsheng bao ba mo emelang le bao ba nang le tebelelo ya go nna le karolo mo phuthegong ya selegodimo ya Modimo.
◼ A bao ba “boidiidi yo bogolo” ba nna karolo ya phuthego ya lobopo lotlhe ya ga Jehofa?
Jaanong, pele ga “sepitla se segolo,” Basupi ba ga Jehofa botlhe ka boitumelo ba direla Modimo ka kutlwano. (Mathaio 24:21) Ga go na kgaogano ka ntlha fela ya gore palo e potlana ke batlodiwa ba semoya mme ba lebeletse go ya legodimong, fa bontsi jo bogolo bo na le tsholofelo ya botshelo jo bosakhutleng mo paradaiseng ya selefatshe. Jaaka Jesu a ne a supa, ka bobedi “dinku” le “dinku di sele” di utlwana go nna “lecomane le le leñwe hèla.” (Yohane 10:11, 16) Ka gone, phuthego ya gompieno ya batlhanka ba ga Jehofa e dirilwe ka ditlhopha tsoo-pedi, di na le mafelelo a mabedi.
Jehofa o ne a bonela pele gore mosadi wa gagwe o ne a tla ipelela tlhogonolofalo e e ntseng jalo. O ne a supela gore batho go tswa merafeng yotlhe, ba e seng Baiseraele ba semoya, ba ne ba tla phuthiwa ka dipalo tse dikgolo. (Isaia 60:1-22; 61:5-9) Buka ya ga Tshenolō e tlhalosa “boidiidi yo bogolo yoa batho, yo go señ motho opè eo o ka bo balañ, e le ba morahe moñwe le moñwe, le ba dicō cotlhe, le batho, le dipuō, ba eme ha pele ga setulō sa bogosi, le ha pele ga ga Kwana.” Bano ba na le ditsholofelo tsa selefatshe, e seng tseo tsa morafe wa semoya wa batlodiwa ba segolo bogolo ba emelang phuthego ya lobopo ya ga Jehofa gompieno. E re go ntse go ntse jalo, “boidiidi yo bogolo” bo ema fa pele ga setulo sa Modimo le sa ga Kwana ka diaparo tse ditshweu tse di tlhatswitsweng ka madi a ga Kwana. Abo le jaanong ba na le boemo jo bo molemo jang ne!—Tshenolō 7:9-17.
Bano ba “boidiidi yo bogolo” ba lekwa gape mo bothokgaming jwa bone. Go tswelela pele ga bone ba ikanyega jaanong le eleng mo Pusong ya Dingwaga tse di Sekete le mo tekong ya bofelo go tla felela ka gore Jehofa a ba bolele fa ba le tshiamo jaaka batho ba ba itekanetseng, gammogo le ba ba tla tsosiwang bao ba tla nnang karolo ya “dinku di sele” tsa ga Jesu. Ka gone he ba tla “gololwa mo botlhankeñ yoa go bola,” go tla ba ipelela ‘kgololesego ya kgalalelo ya bana ba Modimo.’ (Baroma 8:21) Ke gone he ba tla nnang jaaka Adame le Efa ba ne ba ntse kwa tshimologong, karolo e e bonalang ya phuthego ya lobopo ya ga Jehofa. Ba tla bo ba le bana ba ba itekanetseng ba ba botlhale ba ga Jehofa le ba phuthego ya gagwe ya mosadi mo legodimong.