LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w85 10/1 ts. 13-18
  • Kagiso, Polokesego, le ‘Setshwantsho sa Sebatana’

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Kagiso, Polokesego, le ‘Setshwantsho sa Sebatana’
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Sechwanchō” sa Sebatana Gompieno
  • Mopalami wa Sebatana
  • Ga Se Maatla a Kagiso
  • Dikgato tse di Tlhokafalang go Bona Kagiso
  • Nako ya go Itlhophela
  • Go Emelana le Dibatana Tse Pedi Tse di Galefileng
    Tshenolō—Konelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse!
  • Tshenolo E a Re go Tla Direga Eng ka Baba ba Modimo?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2022
  • Sebatana sa Naga sa Ditlhogo Tse Supa sa Tshenolo Kgaolo 13 ke Eng?
    Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • Dibatana Tsa Tshenolo—Di Bolelang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
w85 10/1 ts. 13-18

Kagiso, Polokesego, le ‘Setshwantsho sa Sebatana’

“Me a ntsaea a nkisa kwa gareganaga ke le mo Moeeñ: me ka ea ka bōna mosadi a pagame sebatana señwe se se mmala o bohibidu yo bo letlhōlōlō, se bile se tletse maina a tlhapaco, se le ditlhōgō di shupa le dinaka di shomè.”​—TSHENOLŌ 17:3.

1. Ke ka ntlha yang fa re amegile ka ponatshegelo ya ga Johane ya sebatana se se ditlhogo di supa le dinaka tse some?

MOAPOSETOLOI Johane o ne a bona sebatana seno se se tshosang mo ponatshegelong e e neng e tlhotlheleditswe ke Modimo. Mme Johane e ne e se ene fela a neng a se bona. Go bonala sentle fa le wena, o ile wa se bona, kana gongwe o ile wa bala ka sone mo dikoranteng. A o ile wa se lemoga?

2, 3. Ke tlhomagano efe ya ditshedi e Johane a neng a e bona mo ponatshegelong ya gagwe?

2 Legale, fa rona gompieno re bona sebatana seno ga se na ponalo e e tshwanang le e e neng ya tlhalosiwa ke Johane. Selo se Johane a neng a se bona e ne e le sengwe sa tshwantshetso seo se neng se tla nna gone mo lefatsheng “ka letsatsi ya Morèna.” (Tshenolō 1:10) Gompieno re bona tiragatso ya sone. Sebopego se se sa kgatlheng sa sebatana se Johane a neng a se bona se supa kafa Jehofa a lebang ka gone seo se se emelang​—se a ilega mo go Ene! Johane o ne a setse a bone mo ponatshegelong ya gagwe go latlhelwa ga ga Satane Diabolo mo lefatsheng “a tletse bogale, ka a itse ha lobaka loa gagwè lo setse lo le lokhutshane.” (Tshenolō 12:12) O ne a bile gape a bone tsamaiso ya sepolotiki ya lefatshe la ga Satane e e tshwantshiwang jaaka sebatana se se boitshegang se se ditlhogo di supa le dinaka di some se tlhatloga mo ‘lewatleng’ le e leng batho. (Tshenolō 13:2; 17:15; Isaia 57:20; Luke 4:5, 6) Sebatana seno se ne se na le thata godimo ga setho sotlhe, mme batho ba ne ba patelediwa go amogela ‘lotshwao lwa sebatana’ mo seatleng sa bone se segolo kana mo diphatleng tsa bone, go tshwantshetsa go se ema nokeng ga bone.​—Tshenolō 13:7, 16, 17.

3 Johane o ne a ile a bona jaaka batho ba dira setshwantsho sa sebatana seno. (Tshenolō 13:14, 15) Ke setshwantsho seno se a neng a se bona mo ponatshegelong e e tlhalositsweng fa godimo mo go Tshenolō kgaolo 17. “Sechwanchō” seno se se ditlhogo di supa, le dinaka tse some se ne se tla nna le seabe se segolo mo ditiragalong tsa isagwe; jalo go botlhokwa-tlhokwa ka rona go se kgetholola. Re ka dira seo jang?

“Sechwanchō” sa Sebatana Gompieno

4, 5. Ke eng seo ditlhogo tsa sebatana sa ponatshegelo di neng di se emela?

4 Moengele o ne a neela Johane boikitsiso bongwe joo bo re thusang. O ne a re: “Ditlhōgō di shupa ke dithaba di shupa, tse mosadi o dutseñ mo go cōna: E bile ke dikgosi di shupa; tse tlhano di setse di ole, e ñwe e sa le gōna, e ñwe ga e se e tle; me mogañ e tlañ, e na le go nna ka lobakanyana.” (Tshenolō 17:9, 10) Go umakiwa ga “dikgosi” le “dithaba”​—tseo gantsi mo Bibeleng di emelang mebuso ya bopolotiki—​go supa gore ditlhogo tsa dibatana di emela bogoromente. (Yeremia 51:25) Ke bogoromente bafe ba supa ba ba kopanyelediwang?

5 Mme kana, mo motlheng wa ga Johane, tse tlhano di ne di setse di ole, go ne go sa ntse go le e le nngwe, mme go sa ntse go tla tla e nngwe. Mo ditiragalong tsa Bibela, mebusomegolo e le metlhano e ne ya nonofa, ya gatelela batho ba Modimo, mme morago ya wa pele ga motlha wa ga Johane: Egepeto, Asiria, Babelona, Peresia, le Gerika. E ne ya re fa Johane a sa ntse a tshela, mmuso-mogolo wa Roma wa bo o sa ntse o busa. Makgolo a dingwaga morago ga loso Iwa ga Johane, mmuso mogolo wa Roma o ne wa nyelela jaaka maatla a magolo a lefatshe mme kgabagare wa tseelwa sebaka ke mmuso-mogolo wa Britani. Ka bonakonyana dikolone tsa bophirima tsa mmuso-mogolo ono di ne tsa bona boipuso mme tsa dirisana mmogo thata le Britani go bopa maatla a lefatshe a Maesemane le Maamerika. Eno ke “kgosi” e e neng e “e se e tle” mo motlheng wa ga Johane. Sebatana se se neng sa bonwa ke Johane se ne se amana jang le mebuso e megolo e supa e e neng e emelwa ke ditlhogo tsa sone? “Le shōna ka shosi ke kgosi ñwe ea bohèra mebedi, me ke eoo ra cōna tse shupa.”​—Tshenolō 17:11.

6. (a) Ke eng seo se neng se kaiwa ke dinaka tsa sebatana? (b) Ke ka tsela efe di neng di ise “di amogele bogosi bopè”?

6 Gakologelwa gape gore, sebatana se ne se na le dinaka tse some. Moengele o ne a bua jaana kaga tseno: “Me dinaka tse shomè tse u di bonyeñ, ke dikgosi di shomè, tse gompiyeno di e señ di amogele bogosi bopè; me di amogèla taolō yaka dikgosi, di pataganye le sebatana, ka nakō e le ñwe hèla [oura e le nngwe, NW].” (Tshenolō 17:12) Mo Bibeleng, palo ya lesome e emela go felela ga dilo mo lefatsheng. Ka jalo, dinaka tseno di tshwantshetsa mebuso yotlhe ya bogoromente mo lefatsheng ka bophara eo e emang nokeng sebatana ka nako e khutshwane (“oura e le nngwe”) mo ‘letsatsing ja Morena.’ Di akareletsa le maatla a lefatshe a bosupa, le bogoromente ba motlha wa segompieno bao ba ileng ba tlhaga mo ‘ditlhogong tsa sebatana’ tse dingwe tse thataro, lemororo tseno di sa tlhole di le maatla a lefatshe. “Dikgosi” tseno di ne di seo mo motlheng wa ga Johane.a Mme ereka jaana di amogetse thata, “di naea sebatana thata ea cōna le taolō.”​—Tshenolō 17:13.

7, 8. (a) Sebatana seo Johane a neng a se bona, jaaka fa se tlhalositswe go Tshenolō kgaolo 17 ke eng? (b) Se amana jang le ditlhogo le dinaka?

7 A jaanong o lemoga sebatana? Ee, e ntse ke sone “se se makgapha a a shwahatsañ” seo se neng sa simologa jaaka Kgolagano ya Merafe mme jaanong se le gone jaaka Merafe e e Kopaneng. (Mathaio 24:15; Daniele 12:11) Lekgotla leno le ‘tlhaga mo dikgosing tsa lefatshe tse supa’ jang? Ka tsela ya gore lekgotla la seka-sebatana lotlhe fela, jaaka kgosi ya bohera bobedi, le gone ka ntlha ya bogoromente bao ba setseng ba le gone, mme mmuso wa lefatshe wa Anglo-American e le ona moetleetsi yo mogolo le motshegetsi wa lone.

8 Se se latelang, jaaka moengele a ne a bolelela Johane, “dinaka tse shomè” di naya “sebatana thata ea cōna le taolō.” (Tshenolō 17:13) Tota, kwantle ga tshegetso ya bogoromente ba ba emelwang ke ditlhogo le ke dinaka, sebatana se ne se tla tlhoka maatla. Ka ntlha yang? Ka go bo ke setshwantsho fela. (Tshenolō 13:14) Jaaka ditshwantsho tsotlhe, ga se na maatla ka bosone. (Isaia 44:14-17) Botshelo bope fela jo se nang najo ke jo bo tswang mo batshegetsing ba sone. (Tshenolō 13:15) Ka dinako tse dingwe bangwe ba bano ba ne ba tsaya kgato ka Merafe e e Kopaneng, jaaka ka sekai, ka nako ya Ntwa ya Korea.

9. Go kgetholola sebatana ga rona go tiisediwa jang?

9 Go lemoga ga rona sebatana seno go tiisediwa ke dintlha tse dingwe gape tse di neelwang ke moengele: “Sebatana se u se bonyeñ, se ne se leeō, me ga se tlhole se leeō, me se tloga se tlhatloga mo moletiñ o o senañ bolekeleco, me se ea tatlhegoñ.” (Tshenolō 17:8) Seno se setse se diragaditswe ka bontlhanngwe. Ntwa ya bobedi ya lefatshe e ne ya bolaya ka katlego Kgolagano ya Merafe. Ka 1942, fa Basupi ba ga Jehofa ba ne ba utlwisisa ka phepafalo boperofeti jono, go ne go ka bolelwa gatwe sebatana sa Kgolagano: “Ga se tlhole se leeō.”b Mme ka 1945 se ne sa “tlhatloga mo moletiñ o o senañ bolekeleco” jaaka lekgotla la Merafe e e Kopaneng. A le tla atlega mo boitlhomong jwa lone go lere kagiso le polokesego? Polelelopele e araba ka go re nyaa. Go na le moo, “se ea tatlhegoñ.”

Mopalami wa Sebatana

10, 11. (a) Ke mang yo o neng a pagame sebatana mo ponatshegelong ya ga Johane? (b) Ke jang karolo eno ya ponatshegelo e ileng ya diragadiwa mo metlheng ya segompieno?

10 A o ile wa lemoga selo se sengwe gape kaga sebatana? Se ne se palangwe ke “mosadi.” O kgethololwa jaaka mmuso wa lefatshe lotlhe wa bodumedi jwa maaka, “Babelona o Mogolo, mma diaka, le mma makgapha a lehatshe.” (Tshenolō 17:3-5, 15) A ditumelo tsa lefatshe di ile tsa ‘palama’ makgotla oo mabedi, di leka go a kaela tsela? Ee, segolo bogolo ditumelo tsa La-Bodumedi.

11 Ka sekai, mmega dikgang wa Mo-Dutch ebong Pierre van Paassen o ne a tlhalosa “sengwe se se bonalang ekete ke tlhagafalo ya sedumedi” ya baemedi ba dikereke tsa Maporosetanta a Amerika, Britani, le tsa dinaga tsa Scandinavia bao ba neng ba le gone mo dikokoanong tsa Merafe e e Kopaneng. Ka 1945 Lekgotla la Dikereke tse di Kopaneng tsa ga Keresete mo Amerika le ne la bolela: “Re ikemiseditse go etleetsa kgolo e e tsweletseng pele ya ditiro tse di thusang le tse di mosola tsa Lekgotla la Merafe e e Kopaneng.” Ka 1965 Mopapa Paul VI o ne a bolela gore o ne a bona mo lekgotleng leo “tshupo ya thulaganyo e e lorato le e e manontlhotlho ya Modimo go tsweledisa lotso Iwa motho mo lefatsheng​—tshupo eo Re bonang molaetsa wa Efangele eo e leng ya selegodimo o nnang wa selefatshe.” Tota ruri, baeteledipele ba bodumedi ba dirile gore lekgotla leo ‘le tlale maina a tlhapatso.’​—Tshenolō 17:3; bapisa Mathaio 24:15; Mareko 13:14.

Ga Se Maatla a Kagiso

12. Batshegetsi ba lekgotla la Merafe e e Kopaneng ba ile ba nna le kamano e e ntseng jang le ba Bogosi jwa Modimo?

12 Merafe e e Kopaneng ga e ipelele kamano e e molemo le Bogosi jwa Modimo. Tota, batshegetsi ba lone ba ganetsa Bogosi joo. Moengele o ne a raya Johane a re: “[Dinaka tse some] di tla tlhabana le Kwana, me Kwana o tla di henya, gonne ke èna Morèna oa barèna, le Kgosi ea dikgosi; le bōnè ba o nañ nabō, ba tla henya, e le ba ba bidicweñ, ba itshenkecwe, ba boikañō.” (Tshenolō 17:14) Fela jaaka polelelo pele eo e boletse, merafe e ile ya nna ya gagamalela go “tlhabana le Kwana” go ralala motlha ono otlhe wa bofelo, e ganetsa le go bogisa bao ba dirang jaaka baemedi ba Bogosi jwa gagwe. Lefa go le jalo, Kwana ga a fenngwe, mme le batlhanka ba gagwe ba ba mo lefatsheng bao ba ntseng ba tsweletse go rera mafoko a a molemo a Bogosi go sa kgathalesege dithibelo, go latlhelwa mo kgolegelong, le eleng loso.​—Mathaio 10:16-18; Yohane 16:33; 1 Yohane 5:4.

13. Ke ka ntlha yang fa Merafe e e Kopaneng e se ketla e nna maatla a kagiso ya mmatota?

13 Tota-tota, Merafe e e Kopaneng e ka se ke e nne maatla a kagiso ya boammaaruri. Mopalami wa lone, ebong “Babelona o Mogolo,” ke mongwe wa bontwa-dumela ba ba boikepo thata mo ditiragalong, mme gape o “tagilwe ke madi a baitshepi, le ke madi a bashupi ba ga Yesu.” (Tshenolō 17:6) Dintwa tsa merafe e e tshegetsang lekgotla leo di tladikile lefatshe ka madi. (Mathaio 24:6, 7) Mme motlhotlheletsi wa yone, ebong Satane Diabolo, “kgōgèla e kgolo,” ga se modira-kagiso. (Tshenolō 12:9, 17; 13:2) Setho ga se na se ipelela polokesego fa fela dibopiwa tseno di le gone. Di tla tshwanelwa ke gore di tlosiwe.

Dikgato tse di Tlhokafalang go Bona Kagiso

14. (a) Mo ponatshegelong ya ga Johane, ke eng seo se neng sa diragalela mopalami wa sebatana? (b) Seno se tla diragadiwa jang?

14 Sa ntlha se se tla fetang ke bodumedi jwa maaka, ka tsela e e sa lebelelwang gotlhe-gotlhe. Eno ke tsela eo e diragalang ka yone: “Dinaka tse shomè tse u di bonyeñ, le shōna sebatana, di tla ila seaka seuō, di tla se diha chwahaco le bosaikatèga, me di tla ya nama ea shōna, di se hisetsa rure ka molelō.” Abo seo se tla kgaola batho dipelo! (Tshenolō 17:16; 18:9-19) Ke “dinaka” tse di bolayang, tsa bomorafe, tse di kwa pele mo lekgotleng la Merafe e e Kopaneng, tseo di tla mo senyang. Abo seno se re gakolola ka mo go gakgamatsang polelo pele ya ga Jesu ya gore “se se makgapha” se tla swafatsa “Yerusalema”! (Mareko 13:14-20; Luke 21:20) Lefa go ntse jalo, e re ntswa e le merafe eo e diragatsang polao eno, tota e diragatsa fela katlholo ya Modimo mo ‘seakeng se segolo,’ go akareletsa le La-Bodumedi. Matswela e tla nna afe? Bodumedi jwa maaka ‘ga bo ketla bo tlhola bo bonwa gope.’​—Tshenolō 17:1; 18:21.

15, 16. (a) “Sepitla se segolo” ke eng? (b) Se tla felela jang? (c) Satane o tla kganelwa jang gore a se ka a senya ditebelelo tsa kagiso ya setho?

15 Jesu o ne a re tshenyego ya La-Bodumedi e tla nna tshimologo ya “sepitla se segolo mo metlheñ euō, se se e señ se ke se nne, e sa le ka tshimologō ea lehatshe go tla nakoñ eno; nya, le gōna go se ketla go tlhōla go nna yalo gopè.” (Mathaio 24:15, 21) Fa sepitla se segolo se ntse se tsweletse, Bogosi jwa Modimo bo tla diragatsa katlholo mo dikarolong tsotlhe tsa lekgotla la ga Satane tsa sepolotiki le tsa papadi. (Daniele 2:44) Johane jaanong o bona Kgosi e le mo tirong: “Ka bōna legodimo le atlhamologile; me bōnañ, ga bo go le pitse e le chweu, le eo o e pagameñ, ga twe, Boikañō le Boamarure; me oa atlhola, o bile o diha ntwa mo tshiamōñ.” Ba ba bopeletseng kgatlhanong le ene ke merafe ya sepolotiki ya lefatshe mmogo le ‘setshwantsho sa sebatana.’ Ntwa e felela jang? E ntse e le se se tshwanang, go senngwa ba ba senyang kagiso!​—Tshenolō 19:11, 19-21.

16 Seno se tla tlogela sekgoreletsi se le sengwe fela se segolo sa kagiso: Satane Diabolo ka boene. Johane o tswelela ka go tlhalosa go tshwarwa ga mmaba yono yo mogolo wa batho: “Me ka bōna moengele moñwe a hologa mo legodimoñ, me ka seatla a chotse sekopololō sa molete o o senañ bolekeleco, le ketane e kgolo. Me a chwara kgōgèla, nōga ea bogologolo, e e leñ Diabolo le Satane, me a mo golega kgolegō ea dinyaga di le makgolo a le shomè.”​—Tshenolō 20:1-3.

Nako ya go Itlhophela

17. Ke dikgato dife tse di tshwanetseng go tsewa gone jaanong ke batho ka bongwe bao ba eletsang go bona kagiso ya mmatota?

17 Abo setho se tla bona diphetogo! Mme lemororo makgotla le bogoromente di tla bo di tlosiwa, seo se diragalelang batho ka bongwe e tla bo thata thata e le se ba se ikgethetseng. Ka go supa lorato, Jehofa o ne a laola jaana: “Me Mahoko a a Molemō a na le go rèrèlwa merahe eotlhe pele,” pele ga sepitla se segolo. (Mareko 13:10) Barati ba kagiso ba lalediwa go ‘tswa’ mo Babelona o Mogolo. (Tshenolō 18:4) Ba ba leng mo go La-Bodumedi ba kgothalediwa go ‘tshabela kwa dithabeng.’ (Luke 21:21) Bao ba ineelang mo Bogosing jwa Modimo ba tshwanetse go tila go nna le ‘lotshwao lwa sebatana.’ (Tshenolō 14:9-12; Yohane 17:15, 16) Boidiidi jo bogolo jwa ba ba dipelo di siameng bao ba tla ‘tswa mo pitlaganong e kgolo.’ (Tshenolō 7:9-14) Tota, ga go tlhokafale gore mongwe a nyelele le tsamaiso ya ga Satane.​—Diane 2:21, 22.

18, 19. (a) Ke eng seo se ka bolelwang ka ga gore sepitla se segolo se tla diragala leng? (b) Bakeresete ba ipaakanyetsa nako eo jang gone jaanong?

18 Ditiragalo tseno tse di tshikinyang lefatshe di tla diragala leng? Mme kana, “Mahoko a a Molemō” a ntse a bolelwa mo lefatsheng ka bophara gompieno. “Se se makgapha” se setse se le gone. (Mathaio 24:14-16) Tota, ‘setshwantsho sa sebatana,’ seo se setseng se le mo karolong ya bobedi ya go nna gone ga sone, se setse jaanong se tloga “se ea tatlhegoñ.” (Tshenolō 17:8) Tiragatso ya “seshupō” e bontsha gore re nnile ra tshela mo motlheng wa go nna gone ga ga Jesu ka dingwaga di le 71, fa e sa le ka 1914. (Mathaio 24:3) Jesu o ne a re: “E tla re lo bōna dilō cotlhe tse, lo bo lo itse ha a le gauhi, a le hèla ha meyakoñ. Amarure kea lo raea, Losika lo ga lo ketla lo heta go tlo go tsamaee dilō cotlhe tse di dihale pele.” (Mathaio 24:33, 34) Ka gone, “sepitla se segolo” se tshwanetse sa bo se le gaufi thata. A go na le sengwe se se ka fetang go bua jalo? Eseng mo motlheng ono.

19 Moaposetoloi Paulo o ne a bolelela pele a re: “E tle e re ba nntse ba re, Kagishō le thagamō, hoñ tshenyègō ea choganeco e ba wèle.” (1 Bathesalonia 5:3) Jalo sepitla se segolo e tla nna kgakgamatso e e kgaolang pelo mo sethong ka kakaretso. Lefa go ntse jalo, ga se ne se tshoganetsa Bakeresete. Ba itse gore se e tla, mme ba latela kgakololo ya ga Jesu e e reng: “Me lona lebèlèlañ ka metlha eotlhe, me lo rapèlè gore lo kaiwè ha lo chwanetse go halola mo diloñ tse cotlhe tse di tla dihalañ, le go èma ha pele ga Morwa Motho.”​—Luke 21:36.

20. Ke ka ntlha yang fa mo lobakeng lono Bakeresete ba ka se ke ba bolela gore sepitla se segolo se tla tla leng?

20 Lefa go le jalo, Bakeresete ba ka se ke ba bolele ka tsepamo go sa le gale gore sepitla se segolo se tla diragala leng. Jehofa ga a senola “letsatsi yeuō kgotsa nakō euō.” (Mareko 13:32; Mathaio 24:42) Jalo he, ka sekai, fa Merafe e e Kopaneng e bolela ngwaga ya 1986 go nna “Ngwaga ya Kagiso ya Merafe-rafe,” Bakeresete ba lebelela tiragalo eo ba butse matlho. Mme ba ka se ke ba bolele go le gale gore a jaana seno se tla itshupa se le tiragatsong ya mafoko a ga Paulo a a tsopotsweng fa godimo. Lefa go le jalo, ba ipelela go bo Jehofa a ba kgonisitse go ka lemoga bokao jwa ‘setshwantsho sa sebatana’ le “se se makgapha a a shwahatsañ.” Ka gone ba bona lekgotla leno ka tsela e Jehofa a le bonang ka yone mme ga ba tsiediwe ke maiteko a lone a go lere kagiso.

21. (a) Ke kagiso efe eo Bakeresete ba e ipelelang gone jaanong? (b) Ke eng seo ba ka lebang kwa go sone ka ikanyo?

21 Bao ba ‘nnang ba lebeletse’ mme ba ineela mo Bogosing jwa Modimo ba ipelela kagiso gone jaanong. Jehofa, “Modimo oa kagishō,” o na nabo mme o ba neela “kagishō ea Modimo e e hetañ tlhaloganyō eotlhe.” (Bafilipi 4:7, 9) Mme gape, ba lebile pele nakong eo eseng kgakala thata fa lefatshe lotlhe le tla bong le ipelela tiragatso ya boperofeti jo bontle jwa ga Isaia: “Me tihō ea tshiamō e tla nna kagishō; le se se tla cwañ mo tshiamoñ e tla nna lodule le boikanyō ka bosakhutleñ. Me batho ba me ba tla nna mo boagoñ yoa thagamō, le mo dikagoñ tse di tlhōmameñ, le mo maheloñ a tapologō le a lodule.” (Isaia 32:16-18) Seno e tla bo e le polokesego ya selekanyo sa lefatshe lotlhe. (Isaia 11:9) Mme e tla bo e le kagiso ya mmatota ka go bo Jehofa ka boene e tla bo e le ene modiri wa yone.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Seemo sa sepolotiki gompieno se farologane thata le seo sa motlha wa ga Johane. Ke maloko a sekaenyana fela a merafe ya UN ao a neng a le gone ka nako eo. Jalo he, go boammaaruri go bolela gore ba he ba ise ba “amogele bogosi bopè.” Ke e mengwe-nyana fela, jaaka Egepeto. Mme le gone mo mafatsheng ano, sebopego sa puso se fetogile fela thata morago ga go feta ga makgolo a dingwaga mo eleng gore tlhaloso ya moengele e sa ntse e le boammaaruri: Bogoromente bao jaanong ba nang le taolo, mo motlheng wa ga Johane ‘ba ne ba ise ba amogele bogosi bope.’

b E ne ya re fa Ntwa ya Lefatshe II e ntse e ya magoletsa ka kgakalo, mookamedi wa Watch Tower Society, ka September 20, 1942, o ne a baya polelo kwa Kopanong ya Bolegodimo ya Lefatshe je Lesha ya Basupi ba ga Jehofa e e reng “Kagiso​—A E Ka Nnela Ruri?” Gone moo, o ne a bontsha go tswa go Tshenolō kgaolo 17 go re, phapaanong le ditebelelo tsa ba le bantsi, Ntwa ya Lefatshe II ga e na go wela ka Hara-Magedona. Sa ntlha ‘sebatana sa kagiso’ se tshwanetse sa tlhatloga gape mo moleteng o o se nang bolekeletso wa go sa dire go busa ka “oura e le nngwe fela” ya tshwantshetso le mebuso e mengwe ya bopolotiki.

A O A Gakologelwa?

◻ Dingwe tsa dibopego tsa sebatana sa ga Tshenolō 17 ke dife?

◻ Sebatana seno se tshwantshetsang?

◻ Ke ka ntlha yang fa sebatana seno sa tshwantshetso se se ketla se lere kagiso?

◻ Bogosi jwa Modimo e tla re kgabagare bo tlise kagiso le polokesego mo sethong jang?

◻ Ke jang batho ka bongwe ba ka solegelwang molemo ke kitso eno?

[Mafoko a setshwantsho mo go tsebe 15]

Mopapa Paul VI o ne a bona mo go Merafe e e Kopaneng “tshupo ya thulaganyo e e lorato le e e sa gaisegeng ya Modimo go tsweledisa lotso Iwa motho”

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

Barati ba kagiso ba kgothalediwa go ‘tswa’ go Babelona o Mogolo

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela