“Se Se Makgapha” Se Palelwa ke go Tlisa Kagiso
“E tla re lo bōna Yerusalema o dikilwe ke dintwa . . . hoñ, ba ba mo Yudea a ba tshabèlè kwa dithabeñ.”—LUKE 21:20, 21.
1, 2. (a) Ke ka ntlha yang fa batho ba se ketla ba tlisa kagiso ka makgotla a a tshwanang le Merafe e e Kopaneng? (b) Modimo o tla tlisa jang kagiso mo lefatsheng?
GO SA kgathalesege go re batho ba leka ka bonatla jo bo kana kang go lere kagiso le polokesego ka mekgatlho e e tshwanang le Merafe e e Kopaneng, ga ba ka ke ba atlega. Ka ntlha yang? Ka go bo setho gompieno ga se mo kagisanong le Modimo, mme polokesego ya go ya go ile e ka thaiwa fela mo goreng batho ba nne kagisano le Mmopi wa bone. (Pesalema 46:1-9; 127:1; Isaia 11:9; 57:21) Bothata jono bo ka rarabololwa jang? Ka boitumelo, Jehofa ka boene o setse a dirisana le kgang eno. Kagiso le polokesego e tla re kgabagare di leriwe fela mo lefatsheng leno ke Bogosi jwa Modimo ka Morwawe, Jesu, yo e neng ya re fa a tsalwa baengele ba opela ba re: “Kgalalèlō e nnè go Modimo kwa bogodimodimoñ, le kagishō e nnè mo lehatshiñ, mo bathuñ ba o kgatlhègañ thata mo go bōnè.”—Luke 2:14; Pesalema 72:7.
2 Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, Jesu o ne a itsise kaga Bogosi jwa Modimo abo a bulela sebaka bao ba neng ba rata kagiso go nna bomorwa Modimo le babusi mmogo le ene mo Bogosing joo. (Mathaio 4:23; 5:9; Luke 12:32) Ditiragalo tse di neng tsa latela di ne di tshwana fela thata le ditiragalo tsa lekgolo la rona la dingwaga. Go di tlhatlhoba go tla re ruta mo gontsi kaga tsela ya isagwe ya lekgotla la batho la “kagiso le polokesego,” ebong Merafe e e Kopaneng.
Bajuda Ba A Itlhophela
3. Ke mang yo o neng a leka go tshegetsa kagiso le polokesego ya merafe yotlhe mo motlheng wa ga Jesu, mme ke ka ntlha yang fa seo se ne se ka se ka sa atlega gotlhelele?
3 Mo motlheng wa ga Jesu, Mmuso-mogolo wa Roma o ne o busa bogolo jwa lefatshe mme o ne o na le megopolo ya one kaga kagiso le polokesego. Ka mephato ya one, o ne o diragatsa Pax Romana (Kagiso ya Roma) mo karolong e kgolo ya lefatshe le le neng le itsiwe la nako eo. Mme Pax Romana e ne e ka se ka ya nna kagiso ya go ya go ile, ka go bo Roma wa boheitane le mephato ya one di ne di ka se ka tsa lere tetlanyo gareng ga motho le Modimo. Ka gone he, Bogosi jo Jesu a neng a bo itsise bo ne bo le kwa godimo thata.
4. Bajuda ka bontsi ba ne ba itshwara jang kaga go rera ga ga Jesu? Lefa go le jalo, ke eng seo se neng sa nna sa tswelela pele ka iketlo mo lekgolong la dingwaga la ntlha?
4 Lefa go le jalo, bontsi jwa bagagabo Jesu ba ne ba gana Bogosi jwa Modimo. (Yohane 1:11; 7:47, 48; 9:22) Babusi ba bone, ka go leba Jesu jaaka matshosetsi a polokesego ya bone ya morafe, ba ne ba mo isa gore a ye go bolawa, ba gaketse ba re: “Ga re na kgosi epè ha e se Kaesare.” (Yohane 11:48; 19:14, 15) Lefa go ntse jalo, Bajuda bangwe, mme moragonyana Baditšhaba ba le bantsi, ba ne ba lemoga Jesu ka boitumelo jaaka Kgosi e e tlhophilweng ke Modimo. (Bakolosa 1:13-20) Ba ne ba rera kaga ene mo mafatsheng a le mantsi, mme Jerusalema a bo a nna boremelelo jwa bokopano jwa merafeyotlhe jwa Bakeresete.—Ditihō 15:2; 1 Petere 5:9.
5, 6. (a) Dikamano magareng ga Bajuda le Roma di ne tsa nna jang? (b) Ke tlhagiso efe e Jesu a neng a e neela, mme eno e ne ya boloka jang matshelo a Bakeresete ka 70 C.E.?
5 Lemororo Bajuda ba ne ba tlhophile Kaesare bogolo go Keresete, dikamano tsa Jerusalema le Roma di ne tsa tloga tsa sulafala. Ba Zealots ba Bajuda ba ne ba dira ditlhaselo tsa borukhutlhi kgatlhanong le mmuso-mogolo go fitlhelela kgabagare, ka 66 C.E., ntwa e e feletseng ya tlhagoga. Masole a Roma a ne a leka go tsosolosa Pax Romana, mme go ise go e kae Jerusalema a dikiwa. Seno se ne se le botlhokwa mo Bakereseteng. Dingwaga di le dintsinyana pelenyana, Jesu o ne a ile a tlhagisa a re: “E tla re lo bōna Yerusalema o dikilwe ke dintwa, lo bo lo itse ha chwahalō ea ōna e le gauhi. Hoñ, ba ba mo Yudea a ba tshabèlè kwa dithabeñ; le ba ba mo gare ga ōna a ba cwe.” (Luke 21:20, 21) Jerusalema jaanong o ne a dikanyeditswe, mme Bakeresete ba ne ba letetse sebaka sa gore ba tshabe.
6 Seno se ne sa tla ka bofefo. Baroma ba ne ba ntse ba reketlisa lorako lwa tempele mme Bajuda ba le bantsi ba ne ba setse ba iketleeleditse go ineela fa molaodi wa Roma, Cestius Gallus, go sa lebelelwa, a bitsa masole a gagwe a bo a boa. Ba Zealots ba ne ba itirisetsa sebaka seno go rulaganya boiphemelo jwa bone sesha, mme Bakeresete ba ne ba inaya naga, ba tlogela motse o o neng o le mo kotsing. Ka 70 C.E., mephato ya Roma e ne ya boa gape go tla go dikanyetsa dithako tsa Jerusalema, mme mo lobakeng lono motse wa nyelela. Tiragalo eno e e boitshegang e e kileng ya diragala e tshwanetse ya re ama jang? Jaana: Tlhagiso ya ga Jesu e e neng ya boloka matshelo a balatedi ba gagwe e sa ntse e raya sengwe mo go rona gompieno.
Se Se Fetang Tiragatso E Le Nngwe
7-9. (a) Re itse jang gore polelelopele ya ga Jesu kaga go dikanyediwa ga Jerusalema ke masole e ne e tla bona tiragatso e e fetang e le nngwe? (b) Ke jang go bala buka ya ga Daniele ka kutlwisiso go tshegetsang seno?
7 Tlhagiso eno e ne e le bontlhanngwe jwa polelo pele e telele e e neng ya buiwa ke Jesu fa a ne a arabela potso e e botlhokwa. Balatedi ba gagwe ba ne ba boditse ba re: “Re bolèlèlè, go re, [tshenyego ya tempele ya Bajuda e] tla dihala leñ? Le seshupō e tla nna eñ sa go tla ga gago, le sa bokhutlō yoa lehatshe?” Fa a ne a araba, Jesu o ne a neela sesupo se se dikarolo dintsi, go akareletsa le go dikiwa ga Jerusalema. (Mathaio 24; Mareko 13; Luke 21) Mo dingwageng tsa morago ga loso lwa ga Jesu, dikarolo tse dintsi tsa polelelo pele eno di ne tsa diragadiwa, di felela ka go senngwa ga Jerusalema le tsamaiso ya dilo ya Sejuda ka 70 C.E.—Mathaio 24:7, 14; Ditihō 11:28; Bakolosa 1:23.
8 Lefa go ntse jalo, barutwa ba ne ba boditse gape kaga “go nna gone” ga ga Jesu, mo Bibela e go amanyang le bokhutlo jwa tsamaiso yotlhe ya lefatshe ya dilo. (Daniele 2:44; Mathaio 24:3, 21) Ereka go nna gone ga ga Jesu ga semoya le bokhutlo jwa tsamaiso ya dilo ya lefatshe lotlhe go ne ga se ka ga diragala mo lekgolong la ntlha la dingwaga, go ne go ka lebelelwa tiragatso ya mo isagweng ya polelo pele ya ga Jesu, mme ditiragalo tseo tsa lekgolo la ntlha la dingwaga di baakanyetsa ka motlhala wa tiragatso e kgolwane. Seno se ne se tla akareletsa tiragatso e kgolwane ya tlhagiso ya ga Jesu kaga tshenyego ya Jerusalema.
9 Seno se phepafala sentle fa re tlhatlhoba tsela eo ka yone tlhagiso eno e neng ya kwalwa mo dibukeng tse pedi tse dingwe tsa Bibela koo e bonalang teng. Mo go Mathaio, masole a a dikanyeditseng a tlhalosiwa jaaka “se se makgapha a a shwahatsañ, se se bolecweñ ke moperofeti Daniele, se eme mo heloñ ga boitshèpō.” (Mathaio 24:15) Mo polelong ya ga Mareko “se se makgapha” se eme fa se “sa chwanelañ go èma.” (Mareko 13:14) Polelo ya ga Mathaio ya re “se se makgapha” se ne se kile sa umakiwa gape mo bukeng ya ga Daniele. Tota, tlhaloso “se se makgapha” e bonala gararo mo bukeng eo: gangwe fela (mo bontsing) mo go Daniele 9:27 koo eleng bontlhanngwe jwa polelo pele e e neng ya diragadiwa fa Jerusalema a ne a senngwa ka 70 C.E., mme morago mo go Daniele 11:31 le Daniele 12:11. Go ya ka dikwalo tseno tse pedi tse di kwa morago, “se se makgapha” se ne se tla tlhongwa mo lefelong la sone mo “lobakeñ lo lo laocweñ,” kana “mo motlheñ oa moragō.” (Daniele 11:29; 12:9) Re setse re bile re ntse re tshela mo “motlheñ oa moragō” fa e sale ka 1914; ka gone, tlhagiso ya ga Jesu e a dira gompieno gape.—Mathaio 24:15.
Tlhopho ya La-Bodumedi
10, 11. Ditiragalo mo lekgolong la rona la dingwaga di ile tsa tshwana jang le tsa lekgolo la ntlha la dingwaga?
10 Mo lekgolong la rona la dingwaga, ditiragalo di ile tsa sala morago motlhala o o tshwanang le wa lekgolo la ntlha la dingwaga. Gompieno, jaaka nako eo, go na le mmuso o mogolo o o busang lefatshe. Wa motlha wa segompieno ke maatla a lefatshe a Anglo-American, ao a lekang thata go tsenya megopolo ya one kaga kagiso le polokesego mo sethong. Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, Iseraele wa senama o ne a gana Jesu jaaka Kgosi e e tloditsweng ke Modimo. Ka 1914 “go nna gone” ga ga Jesu jaaka Kgosi e e tlhomilweng mo setilong sa bogosi ke Jehofa go ne ga simologa. (Pesalema 2:6; Tshenolō 11:15-18) Mme merafe, go akareletsa le ya La-Bodumedi, e ne ya gana go mo amogela. (Pesalema 2:2, 3, 10, 11) Tota, e ne ya kopanyelediwa mo ntweng e e matlho-mahibidu ya lefatshe ya bolaodi jwa merafeyotlhe. Baetapele ba bodumedi ba La-Bodumedi—jaaka baetapele ba Bajuda—ba ile ba etelela pele mo go ganeng Jesu. Ba ile ba nna gangwe le gape ba tsenelela mo dikgannyeng tsa sepolotiki fa e sale 1914 mme ba ile ba ganetsa go rerwa ga mafoko a a molemo a Bogosi.—Mareko 13:9.
11 Lefa go le jalo, jaaka mo motlheng wa ga Jesu, batho ba le bantsi gompieno ba ile ba amogela Kgosi ya ga Jehofa ka boitumelo mme ba ile ba anamisa mafoko a a molemo a Bogosi jwa gagwe go dikologa lefatshe lotlhe. (Mathaio 24:14) Basupi ba ga Jehofa ba ba fetang dimilione tse pedi le halofo jaanong ba ikaya fa ba ikanyega mo Bogosing jwa Modimo. (Tshenolō 7:9, 10) Jaaka fa ba itlhaotse mo dipolotiking tsa lefatshe leno, ba na le tumelo e e tletseng mo dithulaganyong tsa ga Jehofa tsa go lere kagiso le polokesego.—Yohane 17:15, 16; Baefesia 1:10.
“Se Se Makgapha” Sa Gompieno
12. “Se se makgapha” sa motlha wa segompieno ke eng?
12 Ke eng he, mo motlheng wa segompieno seo e leng “se se makgapha a a shwahatsañ”? Mo lekgolong la ntlha la dingwaga e ne e le masole a Roma a a neng a rometswe go diragatsa Pax Romana mo Jerusalema. Lefa go ntse jalo, mo metlheng ya segompieno, merafe eo e ileng ya tlhabana mo Ntweng ya Lefatshe I e ne ya kgobega marapo ka ntlha ya go se nang mosola ga ntwa e e matlho-mahibidu go lere kagiso mme ba lekeletsa ka sengwe se sesha: lekgotla la merafe yotlhe go boloka kagiso ya lefatshe. Leno le ne la simologa ka 1919 jaaka Kgolagano ya Merafe mme le sa ntse le le gone jaaka Merafe e e Kopaneng. Seno ke sone “se se makgapha a a shwahatsañ.”
13, 14. (a) Ke dipolelo dife tsa lefela tseo La-Bodumedi le ileng la baka ka tsone “se se makgapha”? (b) Ke ka ntlha yang fa seno e ne e le kobamelo ya medimo ya disetwa, mme e ne ya baya kae “se se makgapha”?
13 Ka mo go kgatlhisang, lefoko la Sehebera le le ranoletsweng ka go re “se se makgapha” mo go Daniele ke shiq·qutsʹ. Mo Bibeleng, lefoko leno le dirisiwa thata thata go lebisa mo medimong ya disetwa le mo kobamelong ya medimo ya disetwa. (1 Dikgosi 11:5, 7) Ka go gakologelwa seno, bala dikakgelo dingwe tsa baetapele bangwe ba bodumedi kaga Kgolagano:
“Ponatshegelo eno ya go tshwaragana ga batho mo lefatsheng lotlhe e ka nna eng . . . fa e se fela Bogosi jwa Modimo?” “Kgolagano ya Merafe e theilwe mo Efangeleng.” (Lekgotla la Dikereke tse di Kopaneng tsa ga Keresete mo Amerika) “Sengwe le sengwe sa [Kgolagano ya Merafe] dilo le ditiro go ka bolelwa fa di diragatsa thato ya Modimo jaaka e itsisitswe mo dithutong tsa ga Jesu Keresete.” (Bobishopo ba Kereke ya Ennyelane) “Jalo he pokano e isa tshegetso le merapelo ya batho botlhe ba eleng Bakeresete, go Kgolagano ya Merafe jaaka sedirisiwa fela se se gone sa go bona [kagiso mo lefatsheng].” (Lekgotla la Kakaretso la Ma-Bapists, Ma-Congregationalists, le Ma-Presbyterians mo Britani). “[Kgolagano ya Merafe] ke yone boiteko fela jo bo rulagantsweng jo bo diretsweng go diragatsa dikeletso tsa ka metlha tsa Ofisi ya ga Mopapa.”—Mokadinale Bourne, Mobishopo-Mogolo wa Westminster.
14 Fa merafe e ne e sa gane fela Bogosi jwa Modimo mme gape e ne ya tlhoma lekgotla la yone la go tlisa kagiso, seo e ne e le botsuolodi. Fa baetapele ba bodumedi ba La-Bodumedi ba ne ba kgetholola lekgotla leo jaaka Bogosi jwa Modimo le Efangele, ba le bolela jaaka “sedirisiwa fela se se gone” sa go lere kagiso, seo e ne e le kobamelo ya medimo ya disetwa. Ba ne ba le baya mo felong ga Bogosi jwa Modimo, “mo heloñ ga boitshèpō.” Eleruri, le ne le ‘eme fa le sa tshwanelang.’ (Mathaio 24:15; Mareko 13:14) Mme baetapele ba bodumedi ba ntse ba tsweletse ka go tshegetsa motlhatlhami wa Kgolagano, ebong Merafe e e Kopaneng, go na le go bolelela batho ka Bogosi jo bo tlhomilweng jwa Modimo.
Kotsi mo go La-Bodumedi
15, 16. Dikamano tsa La-Bodumedi le merafe eo e tshegetsang “se se makgapha” di ntse di tsamaya jang?
15 Lemororo ditumelo tsa La-Bodumedi di ile tsa tlhopha Kgolagano ya Merafe le motlhatlhami wa lone go na le Bogosi jwa Modimo, dikamano tsa tsone le maloko a makgotla ano di sulafetse. Seno se tshwana fela le se se neng sa diragala magareng ga Bajuda le Baroma. Fa e sale ka 1945 Merafe e e Kopaneng e ile ya akareletsa dinaga tse dingwe gape tseo di ka neng di se tsa Bokeresete kana di ganetsa Bokeresete, mme seno ga se a siamela La-Bodumedi.
16 Mme ebile, mo mafatsheng a le mantsi, go na le kgotlhang magareng ga ditumelo tsa La-Bodumedi le Puso. Mo Poland Kereke ya Katoliki e lejwa jaaka moganetsi wa babusi ba koo. Mo Ireland Bokone le Lebanon, ditumelo tsa La-Bodumedi di ile tsa gakatsa mathata a go lere kagiso le polokesego. Mme gape, ditumelo tsa La-Bodumedi di ile tsa tlhagisa bangwe bao, jaaka ba Zealots ba Bajuda, ba kgothaletsang thubakanyo. Ka gone, Lekgotla leno la Lefatshe la Dikereke tsa Boporosetanta le ile la thusa makgotla a dirukutlhi ka madi, fa baruti ba Katoliki ba tlhabana mo dikgweng jaaka dikebekwa le go direla mo go bogoromente ba diphetogo.
17. (a) Jerusalema wa motlha wa segompieno ke eng? (b) Ke eng seo e tla reng kgabagare se mo diragalele?
17 Go feta ga nako ke gone fela go tla senolang gore dikamano tsa ditumelo tsa La-Bodumedi le merafe di tla sulafala go ya bokgakaleng jo bo kana-kang, mme ditiragalo tsa lekgolo la ntlha la dingwaga di setse di ile tsa tshwantshetsa pele ka moo dilo tsotlhe tseno di tla khutlang ka gone. Jaaka Jesu a ne a bonela pele, mo lekgolong la ntlha la dingwaga masole a Roma e ne ya re kgabagare a senya Jerusalema ka sepitla se segolo. Fela jaaka motlhala wa seperofeti o bontshitse, merafe ga mmogo le Merafe e e Kopaneng di tla tlhasela di bo di senya “Yerusalema,” ke gore, sebopego sa bodumedi sa La-Bodumedi.—Luke 21:20, 23.
Tshabelang kwa Dithabeng
18. Ke eng se batho ba ba dipelo di ikanyegang ba tshwanetseng go se dira fa ba tla go lemoga gore “se se makgapha” se setse se le gone?
18 Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, morago ga “se se makgapha” se se na go bonala, Bakeresete ba ne ba nna le sebaka sa go tshaba. Jesu o ne a ba gakolola go dira jalo ka bofefo fela ka go bo jaana ba ne ba sa itse gore sebaka se tla nama se diegile goleele go le kae. (Mareko 13:15, 16) Ka tsela e e tshwanang, fa batho ba dipelo tse di ikanyegang gompieno ba lemoga go re “se se makgapha” se gone, ba tshwanetse ka bofefo fela ba potlaka ba tshaba mo lefelong la sedumedi la La-Bodumedi. Mo motsotswaneng mongwe le mongwe fa ba ntse ba le moo matshelo a bone a semoya a mo kotsing, mme ke mang yo o itseng go re sebaka se tla nama se le gone ka lobaka lo lo kae go re ba ka tshaba?
19, 20. (a) Ke eng seo Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba neng ba se dira fa ba bona Jerusalema a dikilwe ke masole a Roma? (b) Ke eng seo gompieno se tshwantshetsang ‘dithaba’ mme ke eng se se tshwanetseng go tlhotlheletsa ba ba dipelo di ikanyegang gompieno go re ba tshabele koo?
19 Efangele ya ga Luke e ne ya tlhagisa Bakeresete ba motlha wa gagwe go tshaba fa ba bona “Yerusalema o dikilwe ke dintwa.” Jaaka fa go setse go tlhalositswe, dintwa tseo di ne tsa tla ka 66 C.E., mme sebaka sa go tshaba se ne sa nna gone mo go one ngwaga oo fa Cestius Gallus a ne a busetsa masole a gagwe kwa morago. Morago ga Bakeresete ba se na go tshaba, ntwa e ne ya tswelela magareng ga Bajuda le Baroma—lemororo e ne e se mo Jerusalema. Vespasian o ne a romelwa ke Mmusi-Mogolo Nero go ya Palasetina, mme ditlhaselo tse di atlegileng di ne tsa dirwa koo ka 67 le 68. Go tswa foo Nero o ne a swa, mme Vespasian o ne a tsenelela mo go tlhatlhameng Mmusi-mogolo. Mme e ne ya re a se na go dirwa mmusi-mogolo ka 69 C.E., o ne a romela morwawe Titus go feleletsa ntwa ya Judea. Ka 70 C.E., Jerusalema o ne a senngwa.
20 Lefa go le jalo, Bakeresete bone, ba ne ba se ka ba leta mo Jerusalema go re ba bone seo sotlhe. Ka bofefo fela fa ba bona masole a a dikanyeditseng ba ne ba itse gore motse o ne o le mo kotsing e e maswe. Ka mo go tshwanang gompieno, sedirisiwa se se tla senyang La-Bodumedi se bonetse. Ka jalo, ka bofefo fela fa re lemoga kotsi e La-Bodumedi a leng mo go yone, re tshwanetse ra ‘tshabela kwa dithabeng,’ kwa lefelong la botshabelo la ga Jehofa ebong mo phuthegong ya gagwe ya bolegodimo. Dipolelelo pele tse dingwe ga di solofetse ka gope gore re dumele go re go tla tlhola go na le sebaka sepe mo gare ga tlhaselo ya ntlha ya La-Bodumedi le go senngwa ga jone ga bofelo. Totatota, go tla bo go sa tlhokafale gore go nne le boiketlo bope mo ditlhaselong tse di ntseng jalo. Batho ba ba dipelo di ikanyegang ba dira sentle go tshaba mo go La-Bodumedi gone jaanong.
Jerusalema le La-Bodumedi
21. Ke ka ntlha yang fa “se se makgapha” se ile sa bonala kwa bofelong jwa motlha wa bofelo wa Jerusalema, fa mo lekgolong leno la dingwaga se ile sa bonala kwa tshimologong fela ya motlha wa bofelo wa tsamaiso eno ya dilo?
21 A re tshwanetse go gakgamala go bo e rile mo lekgolong la ntlha la dingwaga “se se makgapha” sa bo se ile sa bonala ka bofefo fela pele ga tshenyego ya Jerusalema, fa gompieno se ile sa bonala fela kwa tshimologong ya motlha wa bofelo wa lefatshe leno? Nnyaa. Mo kgannyeng nngwe le nngwe, “se se makgapha” se ile sa bonala ka nako eo Jehofa a neng a batla gore batho ba gagwe ba tshabe ka yone. Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, Bakeresete ba ne ba tshwanelwa ke gore ba nne ka lobakanyana mo Jerusalema e le gore ba tle ba rere moo. (Ditihō 1:8) E ne ya nna fela ka 66 C.E., fa tshenyego e ne e setse e le gaufi fa “se se makgapha” se ileng sa bonala, se ba tlhagisa gore ba tshabe. Mme go nna “mo teng” ga Jerusalema wa motlha wa segompieno go raya go nna bontlhanngwe jwa lefelo la sedumedi la La-Bodumedi.a Go ka se kgonege go direla Jehofa kafa a ratang ka teng mo seemong se se ntseng jalo se se bodileng le sa botenegi. Ka jalo, pelenyana fela mo motlheng wa bofelo wa lefatshe leno “se se makgapha” se ne sa bonala, se tlhagisa Bakeresete gore ba tshabe. Go tshaba go tswa mo go La-Bodumedi go ntse go tsweletse pele, mongwe le mongwe a amogela tlhagiso ya go tshaba fa a se na go lemoga go re “se se makgapha” se setse se le teng.
22. Ke dipotso dife tse di sa ntseng di setse go ka arabiwa?
22 Lefa go le jalo, re ka nna ra botsa, ke eng se se gogelang mo kgatong eo e e sa lebelelwang, go senngwa ga La-Bodumedi go dirisiwa lekgotla la Merafe e e Kopaneng? Go tla diragala leng? Mme seno se ka tlatseletsa jang mo kagisong le polokesegong ya lefatshe la rona? Re tla buisana ka dipotso tseno mo setlhogong se se latelang.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Go bapisiwa go go tshwanang go ka dirwa magareng ga motse wa Babelona, o Bajuda ba neng ba tshaba mo go one ka 537 B.C.E., le Babelona o Mogolo wa motlha wa segompieno, oo Bakeresete ba tshabang mo go one.—Isaia 52:11; Yeremia 51:45; Tshenolō 18:4.
A O A Gakologelwa?
◻ Ke ka ntlha yang fa polelo pele ya ga Jesu kaga “se se makgapha” e tshwanetse ya diragadiwa mo motlheng wa segompieno?
◻ “Se se makgapha” ke eng gompieno, mme se sa le se nna gone e sale go tloga leng?
◻ Jerusalema wa motlha wa segompieno ke eng go ya ka polelelo pele ya ga Jesu?
◻ Luke 21:20, 21 e re thusa jang go bona kafa go potlakileng ka gone go tshaba?
◻ ‘Dithaba’ tse batho ba ba dipelo di ikanyegang ba tshwanetseng go tshabela go tsone ke eng?
[Mafoko a setshwantsho mo go tsebe 11]
Fa baetapele ba bodumedi ba La-Bodumedi ba ne ba kgetholola Merafe e e Kopaneng jaaka Bogosi jwa Modimo le mafoko a a molemo, seo e ne e le kobamelo ya medimo ya disetwa