LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w85 10/1 ts. 4-7
  • Kagiso le Polokesego—Di Tswa Motsweding Ofe?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Kagiso le Polokesego—Di Tswa Motsweding Ofe?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A Go A Tsamaelana?
  • Mathata A Magolwane
  • Go Tweng Ka Kagiso le Polokesego
  • Tsela ya Motho kana Tsela ya Modimo?
  • Kagiso le Polokesego—Ka Bogosi jwa Modimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
  • Kagiso le Polokesego—Di Solofetswe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
  • Kagiso e e Tswang Modimong—E Tla Tla Leng?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
  • Kagiso ya Boammaaruri le Polokesego Di Atametse!
    Kagiso ya Boammaaruri le Polokesego—O Ka Di Bona Jang?
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
w85 10/1 ts. 4-7

Kagiso le Polokesego​—Di Tswa Motsweding Ofe?

LEMORORO Merafe e e Kopaneng e ile ya dira ditiro tse di mosola thata mo mafelong a a rileng, mongwe le mongwe yo o nnileng a reetsa dikgang o tla dumela gore le paletswe thata mo sebakeng sa go lere kagiso le polokesego. Seno se dumelwa pepenene ke baetleetsi ba bagolo ba lekgotla leo.

Ka gone, bogologolo ka 1953, mo e neng e le dingwaga tse di herang bobedi fela morago ga go simololwa ga lone, Dag Hammarskjöld, yo e neng e le mokwaledi mogolo ka nako eo, o ne a dumalana ka gore: “Koo batla-pele ba rona ba neng ba lora gore ba tla lere legodimo je lesha, tsholofelo e kgolo ya rona ke ya gore ekete re ka rebolwa go boloka lefatshe je legologolo.” Dingwaga tse di masome mabedi le borataro moragonyana, C. William Maynes, mothusa tona ya tsa puso wa United States, o ne a patelesega go dumalana ka gore: “Boikaelelo jo bogolo jwa Lekgotla la Itshireletso, le Phuthego ya Kakaretso, e ne e le go tshegetsa kagiso ya merafeyotlhe le polokesego. . . . O na le bosupi jwa go re lekgotla leno le paletswe mo boikaelelong jono jwa lone jwa konokono.”

A Go A Tsamaelana?

Bonnete ke gore, bontsi jwa diphetso tse di tlhomologileng thata tseo di amang kagiso le polokesego mo dingwageng tse 40 tse di fetileng di ile tsa dirwa thata-thata ka kwantle ga Merafe e e Kopaneng. Ka 1982, Mokwaledi-Mogolo Javier Pérez de Cuéllar o ne a ikuela a re “nako le nako mo ngwageng eno, re ile ra bona kafa Lekgotla leno le ileng la kgaphelwa kwa thoko kana la nyadiwa, ka lebaka le kana lele, mo maemong ao le neng le tshwanetse, mme ebile le ka bo le ile la nna le seabe se se botlhokwa mo go thuseng.” Ke ka ntlha yang go ntse jaana?

Bangwe ba kaya gore kgolo e e gakgamatsang ya maloko a lekgotla leno ke lone lebaka. Maloko a ntlha-ntlha a a 51 a ne a oketsega a nna 150, lengwe le lengwe le na le tlhopho e e lekanang mo Phuthegong ya Kakaretso. Lefa go le jalo mengwe ya merafe eno e mebotlana thata. Ka gone, morafe wa setlhake sa Saint Christopher and Nevis, morafe wa bo-158 go tsena mo lekgotleng leno, o na le baagi ba ba kwa tlase ga 50 000, lefa go le jalo o na le tlhopho e e lekanang fela le ya China, eo baagi ba yone ba leng gaufi le bilione a le mongwe. Gone go ntse jalo, thulaganyo eno e fa merafe e mebotlana sebaka sa go utlwiwa; mme ga e ke le ka motlha e kgothaletsa e e maatla go tsaya diphetso tsa lekgotla leno mo go masisi.

Shirley Hazzard o umaka bothata jo bongwe jwa bobedi: “Lekgotla la Merafe e e Kopaneng le ne la se ka la fiwa dithata tsa go pateletsa, fa e se fela fa di ne di ka tsena mo diatleng tsa maloko ao e leng one a neng a tla tlhoka go patelediwa.” Ka mantswe a mangwe, lekgotla le ka dira diphetso, mme gantsi le ka se ka la di diragatsa. Go nna go ntse go buiwa ka boleele ka mathata a a boima a lefatshe ka metlha yotlhe. Maitlamo a nna a ntse a ntshiwa kafa molaong​—go tswa foo a bo a lebalwa. Ka 1982 mokwaledi-mogolo wa UN o ne a patelesega go kgala “bao ba sa tlotleng diphetso tsa lone ntswa di lebagantswe le bone.”

Ano ke mathata a lekgotla ka bolone​—mme go na le a mangwe gape a a umakiwang ke bakanoki. Mme go na le mabaka a mangwe a magolwane, a a masisi a gore ke eng fa Merafe e e Kopaneng e paletswe.

Mathata A Magolwane

“Ka nako eo go ne go bonala go ka kgonega, jaaka selo sa ntlha-ntlha, go tlhoma tsamaiso ya go tshegetsa kagiso ya merafeyotlhe le polokesego tlase ga dipaakanyetso tsa Maitlamo,” ga bolela jalo Javier Pérez de Cuéllar, fa a ne a gopola ka ditsholofelo tsa bathai ba lekgotla leno. “Go diragetseng ka pono eo e e molemo-lemo? Ka bofefo e ne ya tloga ya hupediwa ke dikgogakgogano tsa mafatshe a a Nonofileng. . . . Mme gape, lefatshe le ne la raraanela kwa pele, la tlhoka go laolesega jaaka go ne go solofetswe pele.”

Tota, ga go ise go ke go nne le sebaka sepe sa gore Merafe e e Kopaneng e tla lere kagiso le polokesego. Ruri tiro e ne e le bokete thata. Dikakgelo tsa mokwaledi-mogolo di re gakolola mafoko a ga moperofeti Jeremia: “Ga goeō mo mothuñ eo o tsamaeañ ka dinaō go siamisa dikgatō tsa gagwè.” (Yeremia 10:23) Batho, ka go tlhaela botlhale le kgono, ga ba ka ke ba tlhola ba rarabolola bothata jwa go tlisa kagiso le polokesego go botlhe.

Mokwaledi-mogolo o ne a bolela gore bathai ba Merafe e e Kopaneng ba ne ba fitlhela lefatshe “le raraane thata” go na le jaaka fa ba ne ba solofetse. Go na le lebaka la konokono la seemo seno, mme go bonala fa ba sa le lemoge. Mme moaposetoloi Johane o le tlhalosa jaana: “Lehatshe yeotlhe le namaletse ha tlhatse ga eo o boshula.” (1 Yohane 5:19) Bibela e re bolelela gore gompieno “eo o boshula,” ebong Satane, o tlisitse ‘tatlhego mo lefatsheng,’ “a tletse bogale.” (Tshenolō 12:12) Boemo jo bo botlhoko jwa go nna gone ga ga Satane le tlhotlheletso ya gagwe di ne tsa latofaletsa ruri maiteko a lekgotla la Merafe e e Kopaneng go ka lere kagiso pele lekgotla le eleng le ka simololwa.

Gakologelwa gape gore, lekgotla la Merafe e e Kopaneng ke ngwana wa lefatshe leno mme ka gone le ruile mekgwa ya lone. Makoa, masula, le go bola moo go bonalang mo merafeng eno ka bongwe kwantle ga go fosega a gone go Merafe e e Kopaneng. Ka 1972 Alexander Solzhenitsyn o ne a tsopolwa a re: “Sephatlo sa lekgolo la dingwaga se se fetileng, ka ditsholofelo tse dikgolo go tswa mo bathong botlhe, Lekgotla la Merafe e e Kopaneng le ne la tsalwa. Ijo wee, mo lefatsheng le le se nang boitsholo le lone le ne la tlhoka boitsholo.” Bibela e tlhagisa jaana: “Ga go na kagishō epè e e leñ ea baikepi, go bua Yehofa.” (Isaia 48:22) Lekgotla “le le se nang boitsholo” le ka se ke le tlise kagiso le polokesego.

Go Tweng Ka Kagiso le Polokesego

Jalo he, a go bolelwa ga 1986 jaaka “Ngwaga ya Kagiso ya Merafe-rafe” go tla dira pharologanyo nngwe? Ga go bonale go ka nna jalo, ereka mathata ao a setseng a umakilwe a ka se rarabololwe gotlhelele ke batho. “Ngwaga ya Kagiso” ga e ka ke ya ba ya atametsa setho gautshwane le kagiso le polokesego fela jaaka le one “Ngwaga wa Ngwana” ka 1979 o ne wa se ka wa tokafatsa botshelo jwa bana mo merafeng yotlhe kana le yone “Ngwaga wa Basadi ba Merafeyotlhe” ka 1975 o ne wa se ka wa tokafaletsa basadi lefatshe.

Lefa go ntse jalo, gore setho se falole, ke fela fa mongwe a ka dira sengwe kaga kagiso le polokesego. Gompieno, merafe eo e itlhomeletseng ka nuklea e mo boemong jwa go ka senya botshelo jotlhe mo lefatsheng. Dibetsa tse go tweng ke tse di tlwaelegileng tse di tlhabolotsweng thata di ntse di gapa matshelo a batho ngwaga le ngwaga. Go bonala kagiso ya mmatota e le kgakala-kgakala go gaisa le eleng pele! Fa Merafe e e Kopaneng e ile ya palelwa ke go rarabolola mathata ano, ke mang yo o ka dirang jalo?

Fa re leba mo ditiragalong re bona go na le tsholofelonyana. Mo e ka nnang dingwaga tse 3 000 tse di fetileng Kgosi Dafide, yo e neng e le kgosi ya motlhabani ya Botlhaba Gare, o ne a kwala kaga isagwe ya mmusi yo o neng a tla atlega mo go lereng kagiso ya merafeyotlhe. Fa a ne a rapelela mmusi yono, Dafide o ne a re: “Dithaba di tla leretse batho kagishō, le dithabana, mo tshiamoñ. Mo metlheñ ea gagwè basiami ba tla thama; me go tla nna letlōtlō ya kagishō, go tlo go tsamaee kgwedi e tlhōkahalèle rure.”​—Pesalema 72:3, 7.

Ke mmusi ofe yo o ka lereng kagiso e e ntseng jalo e e tla nnelang ruri? Dafide o ne a sa supe mo lekgotleng lengwe la batho, mme go Modimo wa gagwe, ebong Jehofa, jaaka ene yo ka thata ya gagwe seno se tla diragadiwang. A seno e ne e le kakanyo fela ya go eletsa? Nnyaa. Morwa Dafide ebong Solomone o ne a ikanya mo Modimong o o tshwanang, mme mo pusong ya gagwe, Jehofa o ne a bontsha nonofo ya Gagwe ka tsela e e tshwanang ka go lere kagiso mo bogosing jwa ga Solomone, jo bo neng bo busa mo kgaolong nngwe e e neng e tlhasetswe ke dintwa ya lefatshe. Solomone e ne e se kgosi ya motlhabani, lefa go le jalo mo pusong ya gagwe, “ba Yuda le ba Iseraela ba ne ba agile ka thagamō, moñwe le moñwe ha tlhatse ga mofine oa gagwè le ha tlhatse ga mofeige oa gagwè, go cwa Dana [kwa bokone] go ea Beresheba [kwa borwa], ka metlha eotlhe ea ga Solomone.”​—1 Dikgosi 4:25.

Legale, kagiso eo e ne ya se ka ya nnela ruri. Baiseraele ba ne ba tsena mo ditseleng tsa boitsholo jo bo sa siamang jwa lefatshe mme ba latlhegelwa ke polokesego e ba neng ba e filwe ke Modimo wa bone. Lefa go le jalo, mo e ka nnang go feta makgolo a dingwaga a le mabedi moragonyana, fa Baasiria ba ba setlhogo ba ne ba nnetse go tlhasela ka tsela ya go lere kagiso ka bosetlhogo, moperofeti Isaia o ne a bolelela pele ka go tla ga Kgosi e Solomone a neng a e tshwantsheditse. O ne a kwala a re: “Leina ya gagwè le tla bidiwa Kgakgamaco, Mogakolodi . . . Kgōsana ea Kagishō. Ga go tota ga pushō ea gagwè, le ga kagishō ga go ketla go nna le bokhutlō.”​—Isaia 9:6, 7.

“Kgōsana ea kagishō” eo ke mang? Go feta dingwaga tse 700 morago ga Isaia, fa mmuso wa lefatshe wa Roma o ne o leka go lere kagiso le polokesego ya merafe yotlhe ka tsela ya ona, Kgosi eo e ne ya bonala mo nageng ya ga Dafide, Judea, ebong Jesu Keresete. O ne a bolelela ba ga bone kaga Bogosi jwa Modimo, joo a neng a tla nna Kgosi mo go jone. Bogosi jono e ne e tla nna jwa selegodimo, ka gone bo kgona go rarabolola mathata a a tlhotlhelediwang ke Satane le a go sa kgoneng ga motho go ka ipusa. Go bonala fa bagagabo Jesu ba ne ba ikgethela puso ya Roma mme ba bo ba dira gore Jesu a atlholelwe loso. Lefa go le jalo, jaaka ditiragalo di go supela ka phepafalo, o ne a tsosiwa mo baswing mme a tlhatlogela kwa legodimong, a ile go letela nako e e beilweng ke Modimo gore a simolole go busa jaaka Kgosi mo Bogosing jwa Modimo.

Tota, motlha wa rona o tshwaiwa ke go diragadiwa ga polelo pele ya gore re tshela mo nakong ya tiragalo eo e kgolo. Se se neng sa dira gore Satane a ‘tlale bogale’ le gore a tlise ‘tatlhego mo lefatsheng,’ e ne e le ka ntlha ya go tsalwa ga Bogosi jwa Modimo mo legodimong le go piriganyediwa ga ga Satane mo lefatsheng. (Tshenolō 12:7-12) Phelelo e ne ya nna eng? Go ne ga nna dintwa le dipitlagano tse dingwe mo bathong, jaaka go ne ga bolelelwa pele ke Jesu ka boene. Lefatshe le ile la nna lefelo la ‘tharaano ya merafe, e sa bone kgoro ya botso.’​—Luke 21:25, 26; Mathaio 24:3-13.

Tsela ya Motho kana Tsela ya Modimo?

Dipolelelo pele tsa ga Jesu, tse re di utlwang morago ga mo e ka nnang dingwaga tse 2 000 tse di fetileng, di ile tsa re baakanyetsa tlhaloso e e tsepameng thata ya maemo a lefatshe go feta dipolelo tsa tsholofetso tse di neng tsa buiwa fa go ne go thaiwa Merafe e e Kopaneng mo dingwageng tse 40 tse di fetileng. Go palelwa ke lekgotla leo go bona ‘kgoro ya botso’ go direla fela go tiisetsa go tlhomama ga dipolelelo pele tsa Bibela. Ka boammaaruri, go ya ka mafoko a ga Isaia, “ba ba romilweñ kagishō ba lela mo go botlhoko” ka ntlha ya tlalelo ya go palelwa ga bone.​—Isaia 33:7.

Seno se supa lebaka le lengwe gape la gore ke ka ntlha yang fa Merafe e e Kopaneng e ka se ka ya tlhola e atlega mo go lereng kagiso mo lefatsheng. Le tsamaya mo tseleng e e thulanang le Modimo gotlhelele. Go ya ka maikaelelo a a tlhalositsweng a ga Jehofa, kagiso e tla tla, e seng ka go dira merafe e e mo lefatsheng seoposengwe, mme ka gore e tseelwe sebaka gotlhelele ke Bogosi jwa Modimo. (Daniele 2:44) Dag Hammarskjöld o ne a bolela gore o ne a berekela go “boloka lefatshe je legologolo.” Fa e le gore ka go bua seno o ne a raya tsamaiso ya jaanong ya lefatshe eo e dirilweng ka merafe ya sepolotiki e e kgaoganeng, he ditsholofelo tsa gagwe di ne di lebanwe ke gore di palelwe fela kwa tshimologong. Boammaaruri ke gore, “lefatshe je legologolo” le tshwanetse la thibogela tsamaiso e ntšha. “Lehatshe lea heta.” (1 Yohane 2:17) Ga go na sepe se se ka le bolokang, le eleng lekgotla la Merafe e e Kopaneng tota.

Ka ntlha ya bopelotshetlha jwa semorafe jwa merafe, go na le tsela e le yosi fela ya mmatota ya go lere kagiso le polokesego. Bogosi jwa Modimo ke jone fela bo ka tlisang mofuta wa kagiso eo motho a sa bolong go e eletsa fa e sale a lelekiwa mo tshimong ya Edena. Tlhaloso nngwe ke e ya kafa go tla nnang le polokesego ka gone ka ntlha ya Bogosi: “[Modimo] o tla phimola dikeledi cotlhe mo matlhoñ a bōnè; me ga go ketla go tlhōla go le losho; le gōna ga go ketla go tlhōla go le bohutsana, leha e le selelō, leha e le botlhoko: dilō tsa pele di hetetse rure.”​—Tshenolō 21:4.

A tsholofetso eo e utlwala ekete ga se ya mmatota? Tota-tota, ke yone tsholofelo fela e re nang nayo, mme tokololo e e latelang ya Tora ya Tebelo e tla tlotla ka selekanyo se segolwanyane sa go re ke eng fa seno se ntse jalo. Mo nakong eno, re tla rata gore re go tlhokomedise lebaka je le botlhokwa: Ditiragalo tsa Merafe e e Kopaneng ga di ise di fele. Lekgotla leo le na le karolo e e botlhokwa thata go e diragatsa mo ditiragalong tsa isagwe. Re go kgothaletsa gore o bale ditlhogo tse pedi tse di latelang, tseo di buang ka isagwe ya lekgotla la Merafe e e Kopaneng go ya ka tlhaloso ya boperofeti jwa Bibela.

[Setshwantsho mo go tsebe 5]

Go lere kagiso ke namane e tona ya tiro e e bokete thata mo go Merafe e e Kopaneng

[Motswedi wa Setshwantsho]

Setshwantsho sa Sesole sa U.S.

[Setshwantsho mo go tsebe 6]

“Lehatshe yeotlhe le namaletse ha tlhatse ga eo o boshula.” Seno se akareletsa le Merafe e e Kopaneng

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Merafe e e Kopaneng ga e ka ke ya tlhola e nna le boitsholo jo bo siameng fela jaaka merafe ka bongwe eo e le dirang

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela