Kagiso le Polokesego—Di Solofetswe
“Phuthego ya Kakaretso ya Merafe e e Kopaneng e ne ya dumalana ka bongwefela jwa pelo go bitsa 1986 Ngwaga ya Kagiso ya Merafe-rafe. Ngwaga eo e tla bolelwa semmuso ka 24 October 1985, segopotso sa ngwaga wa bomasome a mane Merafe e e Kopaneng.”
O LEBA jang polelo eno ya semolao ya lekgotla la Merafe e e Kopaneng? A e go dira gore o ikutlwe o na le tsholofelo kaga isagwe? Ba le bantsi ba tla re sengwe le sengwe lefa se ka ne se sa solofetse thata go ka lere kagiso go leka. Jalo ke eng go sa lekwe “Ngwaga ya Kagiso ya Merafe-rafe”?
Eleruri, “Ngwaga ya Kagiso” e e ntseng jalo e tla bo e le tumalanong le mekgele ya basimolodi ba lekgotla la Merafe e e Kopaneng. Bogologolo ka 1944 tautona wa United States o ne a bua a re: “Re ile ra ikemisetsa . . . go rulaganyetsa merafe e e ratang kagiso go re e tle e re ka bongwefela jwa keletso, bongwefela jwa boikaelelo, le bongwefela jwa nonofo e nne mo boemong jwa go tlhomamisetsa gore go se ka ga bo ga tlhaga ope yo o ka nnang motlhasedi kana mofenyi. Ke sone se e rileng fela go tswa kwa tshimologong ya ntwa, lefa re sa ntse re ne re rulaganya sesole sa rona, re neng ra simolola go thaya metheo ya lekgotla la botlhe la go tshegetsa kagiso le polokesego.”
Megopolo e mentle eo e ne ya ratwa ke ba le bantsi. “E le gore Merafe e e Kopaneng e tle e nne gone, go ne ga tlhokafala gore setlhopha se segolo sa batho se dumele gore motho o ka kgona go dira molemo, le go ikutlwa gore ditsholofelo tsa bone di a utlwala,” ga bolela jalo buka Defeat of an Ideal ka Shirley Hazzard, yo o neng a dira dingwaga tse some mo Bokwaleding jwa Merafe e e Kopaneng.
Maitlamo a lekgotla je le neng le sa tswa go tsalwa a ne a tlhalosa ditsholofelo tsa basimolodi ba lone: “Maikaelelo a Merafe e e Kopaneng ke: 1. Go tshegetsa kagiso ya merafeyotlhe le polokesego . . . 2. Go godisa dikamano tsa botsalano gareng ga merafe tseo di tshegeditsweng mo go tlotleng molao-motheo wa ditshwanelo tsa botlhe le kgololesego ya batho . . . 3. Go fitlhelela tshwaragano ya merafeyotlhe mo go rarabololeng mathata a merafeyotlhe.” A go ne go na le sepe se se phoso ka mekgele e e ntseng jalo?
Ka mo go dumelesegang, Merafe e e Kopaneng e nnile le tshimologo e e kgatlhisang. Go ne ga buisanngwa ka dikgang tse di masisi tsa lefatshe lotlhe. Ka 1948 go ne ga dirwa Boipolelo jwa Ditshwanelo tsa Batho mo Lefatsheng Lotlhe jo bo tlhomologileng. Go ne ga simolodisiwa tiro e e molemo thata ya bopelontle go fokotsa lehuma, tlala, bolwetsi, le selelo sa batshabi. Go ne ga tlhongwa ditekanyetso tsa merafeyotlhe, jaaka ditekanyetso tsa pabalesego ya dikepe le difofane, ditlankana tsa boitekanelo tsa batsamai go ya mafelong a a rileng, dituelo tsa poso tse di lekanang, le go fana sebaka mo matshwaong a go gasa mo phefong.
Merafe e e Kopaneng e ne ya kopanyelediwa thata mo maitekong a go dira kagiso mo ntweng ya India le Pakistan ka 1947-49. Le ne la bo la itshupa nonofo ya bosole fa masole ao a neng a rometswe ke lone a tsena mo Korea ka 1950 le mo Congo (e jaanong e leng Zaire) ka 1960. Go sa ntse go na le masole a a bolokang kagiso a UN mo Cyprus le mo Botlhaba Gare. Ee, mo dingwageng tse 40 tse di fetileng Merafe e e Kopaneng e ile ya dira sengwe. Dinaga di ka feta 150 di ile tsa itshupa fa di le amogela ka go romela barongwa ba tsone kwa ntlong-kgolong ya lone e e tlotlegang mo New York City, mo dintshing tsa Noka ya East River.
Mme Merafe e e Kopaneng e ile ya ya bokgakaleng bofe mo go fitlheleleng boitlhomo jwa lone jwa konokono jwa go “tshegetsa kagiso ya merafeyotlhe le polokesego”? Mme ke phelelo efe eo go bolelwa ga “Ngwaga ya Kagiso ya Merafe-rafe” go tla nnang le yone?