LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w85 9/15 ts. 29-31
  • Ke Ka Ntlhayang Fa O Batla go Neela Puo ya Phatlalatsa?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ke Ka Ntlhayang Fa O Batla go Neela Puo ya Phatlalatsa?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Tlhokafalo ya go Nna le Boikutlo jo bo Siameng
  • Dilo tse Tharo tsa Konokono
  • Lebokoso la Dipotso
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1997
  • Nka Dira Jang Gore ke Kgone go Bua mo Pele ga Batho?
    Tsogang!—2004
  • Go Solegelwa Molemo ke Dipuo Tsa Phatlalatsa
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2002
  • Barutisi ba Lefoko la Modimo Ba Rotloediwa go Diragatsa Thomo ya Bone
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
w85 9/15 ts. 29-31

Ke Ka Ntlhayang Fa O Batla go Neela Puo ya Phatlalatsa?

JESU KERESETE gantsi o ne a bua le boidiidi, mme ka tlhomamo e ne e le sebui se se nang le bokgoni. Tota, morago ga fa Jesu a sena go konela Thero ya gagwe e e tumileng ya kwa Thabeng, “batho ba gakgamalela thutō ea gagwè.” (Mathaio 7:28) Ga go na pelaelo ya gore Morwa Modimo o ne a na le tlhotlheletso e e kwa godimo-dimo le gore dipuo tsa gagwe tsa phatlalatsa di ne di tlisetsa Rragwe wa selegodimo tlotlo.​—Bapisa Yohane 12:46-50.

Go bua phatlalatsa gape e ne e le tsela e nngwe eo mafoko a a molemo a neng a anamisiwa ka yone ke balatedi ba ga Jesu mo lekgolong la ntlha la dingwaga la Motlha wa rona o o Tlwaelegileng. Ka sekai, kwa Korintha moaposetoloi Paulo “ka sabata moñwe le moñwe, a hetolana le batho mo tluñ ea thuto, a leka go kgōna Bayuda le Bagerika.” (Ditihō 18:1, 4) Go feta moo, Paulo o ne a kgothaletsa modiri ka ene ka mafoko ano: “U tlhōkōmèlè go bala, le go laea, le go ruta, ke tlè ke tsamaeè ke tlè.” (1 Timotheo 4:13) Jalo go bala le go bua phatlalatsa, ka maikaelelo a a kwa godimo, eleruri di ne di le teng mo batlhankeng ba ba ikanyegang ba ga Jehofa ba lekgolo la ntlha la dingwaga.

Lefa go ntse jalo, go na le tlhokafalo ya go nna kelotlhoko. Fa Herode, a ikgabisitse ka diaparo tsa segosi, a ne a simolola go neela puo ya phatlalatsa, batho ba ba neng ba phuthegile ba ne ba simolola go thela loshalaba ba re: “Ke lencwe ya modimo moñwe, ga se ya motho!” Ka yone nako eo moengele wa ga Jehofa o ne a itaya Herode. Ka ntlhayang? “Ka a sa nee Modimo tlotlō.”​—Ditihō 12:21-23.

Tlhokafalo ya go Nna le Boikutlo jo bo Siameng

Gompieno, go neela puo ya phatlalatsa ya Bibela eleruri ke tshiamelo e e eletsegang thata eo e neelwang banna ba ba godileng ba Bakeresete. Lefa go ntse jalo, modihedi mongwe le mongwe o tla bo a dira sentle go tlhatlhoba pelo ya gagwe malebana le boikutlo jwa gagwe. (Genesise 8:21; Yeremia 17:9) A o tlhotlhelediwa ke keletso ya go tlotla Modimo le go solegela badumedi ka ene le ba bangwe molemo? Kana a o batla go neela dipuo tse di ntseng jalo tsa phatlalatsa ka ntlha ya go tuma goo go amanang le go bua phatlalatsa le go eletsa go tuma ga gagwe?

Boikutlo jo bo siameng bo tla itlhagisa ka ditsela tse di farologaneng. Ka sekai, bo tla re dira gore re lemoge gore ke ka go thusiwa ke moya wa ga Jehofa fela re ka direlang tshiamelo ya go bua boammaaruri jwa Modimo go tswa mo seraleng sa phatlalatsa tshiamo. Ka jalo, re tla nna le boikutlo jo bo tshwanang le jwa ga moaposetoloi Petere, yo o rileng: “Ha motho moñwe a bua, a e nnè yaka ha a bua mahoko mañwe a Modimo; ha motho moñwe a dihèla, a e nnè yaka ha a dihèla ka thata e Modimo o e mo abèlañ: gore Modimo a galalediwè mo diloñ cotlhe ka Yesu Keresete.”​—1 Petere 4:11.

Lorato lo tshwanetse go nna lebaka la konokono la go neela puo ya phatlalatsa. Santlhantlha, re tshwanetse go nna le lorato go Jehofa Modimo, re eletsa go mo tlisetsa tlotlo le go nna le seabe mo go itshepiseng leina la gagwe le le boitshepo. Sa bobedi, boikutlo jwa rona bo tshwanetse go akareletsa go rata bareetsi ba rona, go eletsa ka bopelo-e-phepa go ba laya le go ba tlhotlheletsa mo “go tsheleñ gotlhe ka boitshèpō le ka poihōmodimo.”​—2 Petere 3:11.

Keletso e e pelo-e-phepa ya go aga badumedi ka rona le ba bangwe le yone e tshwanetse go nna boikaelelo jwa go neela puo ya phatlalatsa. Seno se tla re thibela go leka ‘go babanya ditsebe’ tsa bareetsi ba rona ka go ba bolelela fela seo ba batlang go se utlwa. (2 Timotheo 4:3) Go eletsa go aga ba bangwe semoyeng le gone go tla re tlhotlheletsa go iphapaanya le go bolela metlae kana go bolela dilo e le fela gore re tshegise bareetsi ba rona. Le eleng gore re tla dirisa puo e e mafoko mafatshwa kana re bontsha botlhale jwa selefatshe ka boiteko jwa go kgatlhisa bareetsi ba rona. Go na le moo, fa re na le boikutlo jo bo siameng ka go bua phatlalatsa, re tla latela sekao sa ga moaposetoloi Paulo, yo o neng a ‘ema ka tshupetso ya moya le ya nonofo gore tumelo ya bareetsi ba gagwe e seka ya ema kafa botlhaleng jwa batho, fa e se mo nonofong ya Modimo fela.’​—1 Bakorintha 2:3-5.

Dilo tse Tharo tsa Konokono

Go neela puo ya phatlalatsa ya Bibela go ikaegile ka mogopolo le pelo. Ka jalo, dibui tsa Bakeresete ga di a tshwanela go nna fela le boikutlo jo bo siameng mme gape le sengwe se se botlhokwa go se bolela. Seo se tlhoka go tlhokomela dilo di le tharo tsa konokono. Tseno ke Dikwalo, dintlha, le go tshegetsa ka mabaka.

Sa ntlha, go tshwanetswe ga gakologelwa gore morwalo wa puo ya phatlalatsa ya Bibela ka phepafalo o tshwanetswe go rwalwa ke dikwalo tseo di dirisiwang ke sebui. Fa o na le tshiamelo ya go neela puo e e ntseng jalo, o tshwanetse go nna le kitso e e molemo ya seo o buang ka sone mme o tshwanetse go kgona go tsopola dikwalo, go di bala sentle, le go di dirisa ka tshwanelo. Ka letsatsi la Pentekosete, 33 C.E., moaposetoloi Petere o ne a lebisa go Dikwalo kgapetsa go tshegetsa dikakgelo tsa gagwe. (Ditihō 2:14-41) Baberea ba ne ba kgotsofalela gore Paulo o ne a thaile dikakgelo tsa gagwe ka tlhomamo mo Dikwalong. (Ditihō 17:10, 11) Mme Apolose o ne “a shupa ka dikwalō ha Yesu e le èna Keresete,” Mesia yo o neng a sa bolo go lebelelwa.​—Ditihō 18:28.

Tota, motheo wa Dikwalo wa puo ya phatlalatsa o neelwa mo thulaganyong eo e neelwang ke Mokgatlho wa Watch Tower. Lefa go ntse jalo, sebui se ka dirisa dikwalo tse di oketsegileng kana tse di tshwanang, go ikaegile ka gore di dira sentle ka go tshwana le gore seno ga se dirwe ka mo go feteletseng. Mo ntlheng eno, modihedi wa Mokeresete o tshwanetse go nna kelotlhoko go tsamaisana le lesedi le le oketsegang la semoya. Ka sekai, sebui se ka nna sa dirisetsa 1 Bakorintha 2:9 ka phoso go Paradaise ya selefatshe ya mo isagweng, lemororo ditemana tse di e dikologileng (1Bk 2 ditemana 7 le 10) di bontsha gore e amana le dilo tse di fitlhegileng tsa botlhale jwa Modimo.

Ya bobedi, go na le kgang ya dintlha tseo di dirisediwang go tshegetsa dikakgelo tseo di dirwang ke sebui sa phatlalatsa. Go tshwanetswe ga elwatlhoko gore dintlha tseo di neelwang di seke tsa tshwanelwa ke go ka gwetlhiwa ka mo go utlwalang. Segolo-bogolo kelotlhoko e botlhokwa fa e le gore ntlha nngwe e lebega e le e e tsosang maikutlo. Go botlhale​—ebile go botlhokwa-tlhokwa go tlhomamisa gore seo se boletsweng eletota se thailwe mo mabakeng. Ka ntlha ya lebaka leno, ka gale go botoka go kgona go lebisa go metswedi e e ikanyegang ya boikitsiso fa go diragala gore dipolelo tse di rileng di gwetlhiwe. Ka letsatsi la Pentekosete, Petere o ne a lebisa go dintlha tse di itsegeng ka botlalo. Le moaposetoloi Paulo o ne a dira jalo mo Areopago, kana Thota ya Mars, mo Baatheneng.​—Ditihō 2:22; 17:22, 23, 28.

Ya boraro, go na le tlhokafalo e e tlhomameng ya go tshegetsa ka mabaka. Sebui sa phatlalatsa sa Mokeresete se tlhoka go thusa bareetsi ba sone go nagana. Jalo re bala gore Paulo “a thusa Bajuda le batho ba ba rapelang Modimo ba le mo tlung ya thuto go nagana, le mo patlelong ya motse ya borekelo ka malatsi otlhe, a thusa le ba o rakanang nabo go nagana.” (Ditihō 17:17, NW) Mo puong ya phatlalatsa, go thusa go nagana go tshwanetse ga nna le mabaka, ga nna motlhofo, ga phepafala, le go tlhaloganngwa motlhofo. Se se thusang thata mo ntlheng eno ke go dirisa maamanyi ao a bontshang kamano magareng ga seo se boletsweng le seo se se latelang.

Fa o na le tshiamelo ya go nna sebui sa phatlalatsa, he tlhomamisega gore o na le boikutlo jo bo siameng mabapi le go neela puo ya phatlalatsa. Nna le lorato mo pelong ya gago lwa Mmopi le lwa monka-wena. Tshwaraganya o bo o neele Dikwalo le dintlha ka mokgwa o o rulaganeng sentle. Ka gone seane seno se tla dira mo go wena: “Loleme loa motho eo o botlhale ke phodishō.” (Diane 12:18) Go feta moo, go neela dipuo tse di molemo tsa phatlalatsa tse di tlotlang Modimo ke tsela e nngwe ya go “ipoloka u ba u boloka ba ba gu utlwañ.”​—1 Timotheo 4:16.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela