LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w85 9/15 ts. 31
  • Dipotso tse di Tswang go Babadi

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dipotso tse di Tswang go Babadi
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Makasine o o Ithutiwang)—2026
  • “Tiragalo ya Tshwantshetso” e e Leng Botlhokwa mo go Rona
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
  • Re ka Ithuta Eng mo ‘Tiragalong ya Tshwantshetso’?
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona—2019
  • Kgolagano ya Modimo le “Tsala” ya Gagwe e Setse e Solegela Didikadike Molemo
    Polokesego Mo Lefatsheng Lotlhe Tlase ga “Kgōsana ea Kagishō”
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
w85 9/15 ts. 31

Dipotso tse di Tswang go Babadi

◼ Jerusalema on a le mo “kgolegoñ le bana ba gagwè” jang jaaka moaposetoloi Paulo a kwadile go Bagalatia 4:25?

Kwa tshimologong, Jerusalema le batho ba gagwe ba motlha wa ga Paulo ba ne ba le mo kgolegong ya Molao wa ga Moshe.

Go Bagalatia kgaolo 4 moaposetoloi o ne a bontsha gore Bakeresete ba ba mo kgolaganong e ntšha ba ne ba rekilwe ke Keresete mme ka jalo ba ne ba gololesegile. Seno se ne se farologane le boemo jwa Bajuda kafa tlase ga kgolagano ya Molao. Paulo o ne a tshwantsha seno le mosadi wa ga Aberahame (Sara) le mogadingwane wa gagwe (Hagare), ka go re: “Basadi ba, ke dikgōlaganō di le pedi; e ñwe e cwa thabeñ ea Sinai, me bana e ba tsalèla kgolegoñ; ke eōna Hagare. Me yana Hagare eo, ke thaba ea Sinai mo lehatshiñ ya Arabia [koo Jehofa a neetseng Iseraele molao ka Moshe gone], me o mo chwanoñ ea Yerusalema oa gompiyeno: gonne o mo kgolegoñ le bana ba gagwè. Me Yerusalema o o kwa godimo, o e leñ mma echo, ke mogololesegi hèla.”​—Bagalatia 4:24-26.

Fa Paulo a ne a bolela “gore basadi ba, ke dikgolaganō di le pedi,” o ne a bua fela ka mokgwa wa go khutsafatsa. Jehofa ka tshwantshetso ga a nyala kgolagano e e sa tsheleng mme batho ba ba rulagantsweng mo kgolaganong eo. Pele o ne a kile a tsaya Iseraele o o neng a le kafa tlase ga kgolagano ya Molao o o neng a ntse jaaka mosadi wa gagwe. (Bapisa Isaia 54:1, 6.) Lefa go ntse jalo, mosadi yo o gololesegileng (Sara) o ne a emela Jerusalema yo o kwa godimo, phuthego ya ga Jehofa ya lobopo, eo e ntseng jaaka mosadi mo go ene.

Mme Bajuda ba ne ba ka tsewa jang ba le mo kgolegong go Molao, ereka o ne o itekanetse ebile o neetswe ke Modimo ka boene?

Ke boammaaruri gore ka boone ‘molao o ne o le boitshepo, mme taolo e ne e le boitshepo, e siame, e le molemo.’ (Baroma 7:12) Mme Baiseraele ba ba sa itekanelang bao ba neng ba le kafa tlase ga Molao ga baa ka ba o boloka ka botlalo, ka natla ka moo ba neng ba ka leka ka gone. (Baroma 7:14-16) Moaposetoloi Petere o lebisitse go ntlha eo fa a ne a botsa potso e e latelang fa pele ga setlhopha se se laolang sa Bokeresete: “Lo lekèlañ Modimo, ha e bo ne ne lo baea mo thamuñ tsa barutwa yokwe e e reteletseñ borra echo le rona go e rwala?” (Ditihō 15:10) Ka mo go tshwanang, mo go Bagalatia 4:4, 5 Paulo o boletse gore Keresete o tlile “gore a rèkololè ba ba mo molaoñ.” Lefa e le mang yo o neng a ka tatalalela gore Bakeresete ba ne ba patelesega go ‘tlhokomela malatsi, le dikgwedi, le metlha, le dingwaga,’ jaaka di boletswe ke Molao, o ne a tla baka bokgoba gape-gape.​—Bagalatia 4:9, 10.

Tota, jaaka go tlhalositswe mo tsebeng 11 ya Tora ya Tebelo ya March 15, 1985, Bajuda ba lekgolo la ntlha la dingwaga e ne e le makgoba ka ditsela di le mmalwa. Ba ne ba le mo bokgobeng go Baroma go ya ka dipolotiki. E ne e le makgoba a sebe. (Yohane 8:34) Mme go ne go na le dipono tse di phoso tsa bodumedi tseo ba neng ba golegilwe mo go tsone. Mme bokgoba jwa konokono joo Paulo a neng a lebisitse go jone go Bagalatia 4:25 e ne e le bokgoba jwa Bajuda go kgolagano ya Molao wa ga Moshe, eo e neng e neetswe kwa Senai mme e emetswe ke mogadingwane wa ga Aborahame wa lelata ebong Hagare.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela