LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 9/97 ts. 3
  • Lebokoso la Dipotso

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Lebokoso la Dipotso
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1997
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ema Nokeng ka Botlalo Thulaganyo ya Phuthego ya Lona ya Pokano ya Phatlalatsa
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1994
  • Ke Ka Ntlhayang Fa O Batla go Neela Puo ya Phatlalatsa?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
  • Lebokoso la Dipotso
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2007
  • Nka Dira Jang Gore ke Kgone go Bua mo Pele ga Batho?
    Tsogang!—2004
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1997
km 9/97 ts. 3

Lebokoso la Dipotso

◼ Ke eng se se tshwanetseng sa dirwa fa sebui se se abetsweng puo ya phatlalatsa se sa fitlhe ka nako kwa pokanong?

Ka dinako dingwe, mabaka a a sa kgoneng go tilwa a tla thibela mokaulengwe go fitlha ka nako go tla go neela puo ya gagwe e a e abetsweng. Fa go na le lebaka le le dirang gore go dumelwe gore o tla tloga a fitlha, bagolwane ba ka nna ba swetsa go tswelela ka Thuto ya Tora ya Tebelo; Pokano ya Phatlalatsa e tla simolola moragonyana. Mme go tweng fa go bonala gore sebui ga se ne se fitlha? Gongwe sebui sengwe sa phuthego eo se ka nna sa neela puo nngwe e se setseng se e baakanyeditse.

Go rulaganyetsa dilo kwa pele ka kelotlhoko gantsi go tila bothata jono. Morulaganyi wa dipuo tsa phatlalatsa o tshwanetse go ikgolaganya le sebui sengwe le sengwe bonnye beke pele ga puo go mo gakolola ka kabelo ya gagwe. Kgakololo e e ntseng jalo e tshwanetse go akaretsa nako ya pokano, aterese le nomoro ya founo ya Holo ya Bogosi le dikaelo tse di bonalang sentle tsa gore a ka fitlha jang kwa holong. Sebui se tshwanetse go ela dintlha tseno tlhoko thata. O tshwanetse go tsaya kabelo ya gagwe masisi, a dira diphetogo tse di tlhokafalang mo mabakeng a gagwe ka namana gore a tle a kgone go sikara maikarabelo ao a gagwe. Fa go ka tsoga sengwe se a sa kgoneng go se tila se se tla mo thibelang go dira jalo, o tshwanetse go itsise morulaganyi wa dipuo tsa phatlalatsa ka bonako gore a tle a kgone go dira dithulaganyo tse dingwe. Go tshwanetse ga dirwa maiteko a magolo gore go tle go tilwe go dira diphetogo tsa motsotso wa bofelo. Fa e le gore sebui se tla nna thari mme se tle metsotso e sekae morago ga nako, a ka rulaganya gore go founelwe kwa Holong ya Bogosi gore bakaulengwe ba tle ba itse gore ba tswelele jang.

Go anaanela dikabelo tsa puo ya phatlalatsa, go rulaganya go sa le gale le go ntsha dikgakololo le go okamela sentle go ka tlhomamisa gore phuthego e solegelwe molemo ke dipuo tsa phatlalatsa beke nngwe le nngwe.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela