A O Bontsha Bopelonomi jo bo Tshwanang le jwa Modimo?
A O GAKOLOGELWA fa mongwe mo nakong e e fetileng a ne a le pelonomi eleruri mo go wena? Eleruri, rotlhe re anaanela thuso, kutlwelo-botlhoko, le bonolo tsa motho yo o pelonomi.
Bopelonomi boa itsiwe mo lefatsheng la gompieno, lefa gantsi bo bontshiwa go le gonnye. Barekisi ba laelwa go bo bontsha bareki ba bone. Bora-kgwebo ba itse botlhokwa jwa jone mo go dirisaneng le bareki ba bone. Eleruri, gantsi bopelonomi bo bontshiwa go tswa mo maitlhomong a bopelotshetlha. Lefa go ntse jalo bopelonomi jwa mmatota jwa batho bo gone. Ka gone, fa banyalani ba ba nnang kgakala thata ba ne ba etela rragwe monna yo o neng a golofaditswe ke go swa mfama mme a tsamaya ka go ikgoga, abo ba ne ba lapologa jang ne go lemoga gore baagelani ba ne ba tlhokomela ditiro dingwe tse di tlhokegang tsa legae!
Bibela e tshotse dikai dingwe tse di tlhomologileng tsa bopelonomi jwa batho. Fa ba le mo tseleng go ya Roma ka sekepe, Yulio, mosimegi wa mophato yo o neng a tlhomilwe go lebela moaposetoloi Paulo, o ne a letlelela mogolegwa wa gagwe go etela le go ipelela go tlhokomelwa ke ditsala kwa Sidona. Ee, Yulio o ne a “dihèla Paulo ka pelonomi.” (Ditihō 27:3) Nakwana morago ga moo, fa sekepe se ne se thubega, batho ba Melita ba ne ba bontsha bapalami le badiri botlhe ba sekepe ba le 276 “bopelonomi jwa botho jo bo feteletseng.” Tota, Pubelio, “mogolwane oa setlhake,” o ne a itsege ka go amogela baeti.—Ditihō 28:1-10, NW.
Gore batho botlhe, ba ba bopilweng mo setshwanong sa Modimo, ba ka bontsha selekanyo se se rileng sa botho jwa ga Jehofa go bontshitswe ke fa Paulo a ne a kwala jaana: “Gonne e re ha Badichaba ba ba senañ molaō ba diha dilō tsa molaō ka tèmalō ea tlhōlègō, bōnè bauō, ereka ba sena molaō, go bo go le molaō mo go bōnè ka bosi; ka ba shupa tihō ea molaō o o kwadilweñ mo dipeduñ tsa bōnè.” (Baroma 2:14, 15; Genesise 1:26) Jalo bopelonomi bongwe mo bathong ke jwa tlhago. Lefa go ntse jalo go a tshwanela gore re lebelele gore Bakeresete ba boammaaruri ba bontshe bopelonomi jo bo tshwanang sentle le jwa Modimo, Bopelonomi joo bontse jang? Modimo o bontsha bopelonomi jang? Mme re ka mo etsa jang mo go bontsheng loungo lono lwa moya wa gagwe?—Bagalatia 5:22.
Bopelonomi jo bo Lorato jwa ga Jehofa
Bibela e tlotlomatsa bopelonomi jwa Modimo kgapetsa. Mopesalema o rile: “Bakang Jehofa, lona batho! Lebogang Jehofa, gonne o molemo; gonne bopelonomi jwa gagwe jo bo lorato bo ntse ka bosakhutleng.” (Pesalema 106:1; 107:1, NW) Mo Dikwalong tsa Sehebera, lefoko le le diriseditsweng “bopelonomi jo bo lorato” le kaya nonofo e ka lorato e ikamanyang le selo go fitlhela fa boikaelelo bo lemogwa. Ka gone, go tswa mo go rateng ga gagwe batho Modimo o bontshitse bopelonomi jo bo lorato ka boikaelelo jwa go pholosa batho. Go seng jalo, batho ba ka bo ba nyeletse kgale. Modimo a sa itshokele go dirwa ga bosula bope, o ne a leleka batsadi ba rona ba ntlha ba batho, Adame le Efa mo tshimong ya Edene. Lefa go ntse jalo, o ne a bontsha bopelonomi jo bo lorato ka go ba tlamela ka diaparo, a ba letlelela go tshola bana, le go ba letlelela go tshela lobaka lo loleele go sa kgathalesege ditiro tsa bone tsa botsuolodi.—Genesise 3:21–4:2; 5:4, 5.
Jehofa o bontshitse bopelonomi jo bo lorato mo ditlogolong tsa ga Adame tse di tletseng boleo ka ditsela di le dintsi. Ka sekai, moaposetoloi Paulo o ne a ka bolelela batho ba bodumedi jwa maaka kwa Lusetera gore Modimo “oa se ka oa nna hèla o sena seshupō, ka o no o nntse o diha molemō, me oa lo nesetsa dipula tse di cwañ mo legodimoñ, oa lo naea metlha ea mauño, oa tlatsa pelo tsa lona ka diyō le boitumèlō (Ditihō 14:16, 17) Lemororo ba ne ba obamela modimo wa maaka, Jehofa ka bopelonomi o ne a ba tlamela ka mo go humileng ka dilo tsa nama.
Lefa go ntse jalo, sa botlhokwa-tlhokwa, e ne e le bopelonomi jo bo lorato jo Modimo a bo bontshitseng mo baneng ba ga Adame ba ba neng ba ise ba tsalwe. Ka “losika” lo lo solofeditsweng, Jehofa o ne a neela tsholofetso ya thekololo mo boleong le mo losong tsa batho. (Genesise 3:15; Baroma 5:12) Go sa kgathalesege pego ya batho ya go se tlotle Modimo, Modimo ga oa ka wa latlha batho. Aitsane, o ile a neela le eleng ka Morwae yo o rategang thata le yo o tsetsweng a le esi jaaka setlhabelo sa thekololo mo boemong jwa bone! (Yohane 3:16) Mme gape go bontsha ‘bopelonomi jo bo sa tshwanelang,’ Modimo o rulagantse gore batho bangwe ba ba bolokang bothokgami e nne baruaboswa mmogo le Jesu Keresete mo Bogosing jwa legodimo jo bo tla segofatsang batho botlhe ba ba utlwang.—Baroma 5:8, 15-17; 8:16, 17; Tshenolō 14:1-4.
Go Bontsha Bopelonomi jo bo Tshwanang le jwa Modimo
Batho ba ba sa itekanelang ba ka bontsha jang bopelonomi jo bo tshwanang le jwa Modimo? Jesu o tlhomile sekao le dikaelo tse di ka re thusang go bontsha bopelonomi jo bo ntseng jalo. (1 Petere 2:21; Mathaio 11:28-30) Ka sekai, o ne a bontsha gore re tshwanetse go nna pelonomi tota le mo babeng ba rona. Jesu o rile: “Ratañ baba ba lona, ba dihèlañ molemō, adimañ hèla, lo sa tlhoboge gopè; me tuèlō ea lona e tla nna kgolo, me lo tla nna bana ba Mogodimodimo; gonne èna o pelonomi mo go ba ba sa lebogeñ, le mo go ba ba boshula.” (Luke 6:35) Jalo fa re ka bontsha nonofo e e kwa godimo ya bopelonomi jo bo tshwanang le jwa Modimo, re tla nna pelonomi e seng go maloko a lelapa, ditsala, le bakaulengwe ba Bakeresete fela, mme gape le go bao ba sa lebogeng le ba ba itshupileng go nna baba ba rona. Ga re dire seno go ba tshwenya mme go ba thusa le go ba solegela molemo.—Bagalatia 6:10; Baroma 12:20, 21.
Ereka tshekamelo ya rona ya botho e le go tshwara ba bangwe jaaka ba re tshwara, re dira sentle fa re gakologelwa kgakololo ya ga Jehofa: “Ke itumedisiwa ke bopelonomi jo bo lorato, e seng setlhabelo.” (Hosea 6:6, NW) Jalo, fa re eletsa go bona tshegofatso ya ga Jehofa, re tshwanetse go leka go bontsha bopelonomi jo bo tshwanang le jwa Modimo, kana bopelonomi jo bo lorato, mo ditirisanong tsotlhe tsa rona le ba bangwe. (Bapisa Mika 6:8.) Mme go bontsha nonofo eno ya bomodimo, re tlhoka go etsa Jehofa ka tsela e e kgethegileng. Ke efe? Fela jaaka a tsere dikgato tsa ntlha ka bopelonomi go re baya mo boemong jo bo siameng le ene, jalo re tshwanetse go tsaya kgato ya ntlha mo go abeleng ba bangwe boammaaruri jwa Bibela. Lefa lwantlha re ganediwa, re santse re tshwanetse go bontsha bopelonomi jo bo lorato ka go leka go fitlhelela dipelo tsa bone ka mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo kgapetsa. Abo go le molemo jang ne fa go bontsha bopelonomi jo bo tshwanang le jwa Modimo go thusa ba bangwe go tsena mo tseleng e e yang botshelong!—Mathaio 7:13, 14.
Mokgwa wa Go Bo Tlhagolela
Go tlhagolela bopelonomi jo bo tshwanang le jwa Modimo go kgonega fela ka go ithuta le go itshwara go dumalana le dikakanyo tsa Modimo jaaka di tlhalosiwa mo Bibeleng. Ee, re tshwanetse go bapala kitso e e nepagetseng ya boammaaruri pele. Paulo o ne a akgola Bakeresete ba kwa Kolosa mme a dumela gore boammaaruri bo ne bo nnile le maungo ‘fa e sa le ka letsatsi le ba utlwileng ka lone ba ba ba itse tshegofatso ya Modimo ka boammaaruri.’ (Bakolosa 1:5, 6) Lefa go ntse jalo, ga go Mokeresete ope yo o ka fitlhang mo ntlheng eo kgatelo-pele e e tswelelang e ka se keng ya dirwa mo go yone. Ka gone, mongwe le mongwe wa rona o tshwanetse go ‘gola mo bopelonoming jo bo sa tshwanelang le mo kitsong ya Morena le Mmoloki wa rona Jesu Keresete.’—2 Petere 3:18.
Ereka bopelonomi e le karolo ya loungo lwa moya o o boitshepo wa Jehofa Modimo, Bakeresete ba ba ikobelang tlhotlheletso ya moya oo ba tla nna pelonomi. Tota, Paulo ka mo go kgethegileng o golaganya boitshepo jo bo tshwanang le jwa Modimo le bopelonomi, fa a re: “Yaka ba ba itshenkecweñ ke Modimo, yaka ba ba itshepileñ, le ba ba rategañ, le apere pelotlhomogi, le pelonomi.” (Bakolosa 3:12) Jalo re tshwanetse ra nna le moya wa Modimo o o boitshepo gore re tle re bontshe bopelonomi jo bo tshwanang le jwa Modimo.
Mme re bona moya wa ga Jehofa jang? Ka go o kopa mo go ene—kgapetsa. Jesu o ne a bontsha gore fa re lopa mpho eno ya botlhokwa mo go Jehofa ka boikokobetso, topo ya rona e e tswang pelong e tla arabiwa. Morago ga go umaka tlhokafalo ya go ‘nna ba ntse ba lopa’ le ya go ‘nna ba ntse ba batla,’ Jesu o rile: “Me ke gōna, ha lona, lo le boshula, lo itse go naea bana ba lona dinèo tse di molemō; bogolo yañ Rra eno oa legodimo o tla naea ba ba mo lopañ Mōea o o Boitshèpō!” (Luke 11:9-13) Eleruri, ka go kopa moya wa ga Jehofa le go kopa thuso ya gagwe ka tlhomamo go bontsha bopelonomi jo bogolwane ka mo go kgethegileng re tlhomamisega fa re tla amogela karabo e e molemo. (1 Yohane 5:14, 15) Tota, ditiro tsa rona di tshwanetse go dumalana le kopo ya rona ya moya wa Modimo.
Thuso e nngwe ya go tlhagolela nonofo eno ke go tlhatlhanya ka dipontsho tsa bopelonomi jwa ga Jehofa tse re ka di bonang mo tikologong ya rona. Malebana le Modimo, mopesalema o rile: “Le gōna ke tla akanya tihō ea gago eotlhe, ke kanka kaga tse u di dihañ.” (Pesalema 77:12) Re dira sentle ka go lemoga le go bonatsa dinonofo tsa Modimo jaaka di bonwa mo botshelong jwa letsatsi lengwe le lengwe. Bontle jwa popo, monate wa dijo le dino, dilo tse re di tlhokang go tshela sentle le go itumela, boipelo jo bo tlisiwang ke bana—le eleng go tshameka ga diphologolo—tsotlhe di bolela bopelonomi jwa Modimo go batho. Ee, phirimo e ntle ya letsatsi, motshe wa godimo o o mebalabala, dijo tse di monate, kana botsala jo bo botlhokwa di ka re gopotsa sentle gore Modimo ka bopelonomi o re tlamela ka dilo tse dintsi go di ipelela. Ruri, ‘dinonofo tse di sa bonaleng tsa ona [go kopanyeletsa le bopelonomi] di sa le di bonala sentle gale mo tlholegong ya lefatshe, ka di lemogwa ka dilo tse di dirilweng.’ (Baroma 1:20) Go tlhatlhanya ka dilo tse di ntseng jalo go botlhokwa fa ruri re eletsa go etsa Modimo wa rona o mogolo o o pelonomi.
Go Dire Mokgele
Ruri go botlhokwa go go dira mokgele wa rona go godisa nonofo ya bopelonomi jo bo tshwanang le jwa Modimo. Koo bopelonomi bo bontshiwang gone dikamano tsa botho le tsa lelapa di tlamegile go tokafala. Gape bopelonomi bo gogela batho mo molaetseng wa Bogosi. Ka ntlha ya bopelonomi jo bo bontshitsweng ke Basupi ba ga Jehofa mo tirelong babelaedi ba le bantsi ba tlhotlheleditswe go tlhatlhoba boammaaruri. Ee, bopelonomi bo tlisitse molemo o mogolo mo go ba ba neng ba ka bo ba ganetsa.
Mo bodiheding jwa ntlo le ntlo, mosupi mongwe yo mosha o ne a kopana le mosadi yo o neng a mo ganetsa ka bogale. Ka go lemoga gore mosadi yoo o ne a lwala, kgaitsadi a botsa fa a ne a ka mo direla sengwe. Ka boikokobetso mosadi a gana thuso epe. Mme morago ga dibeke di le pedi kgaitsadi yo mosha yono a fapogela go ya go bona mosadi yoo gape mme a mmotsa fa a kgonne go ya go reka dijo fa e sale ba kgaogana. Ereka mosadi a sa kgona go tlisa dijo mo lelapeng la gagwe, kgaitsadi a gapeletsa gore a ye go mo rekela dilo tse di tlhokegang kwa lebenkeleng. Morago ga moo, mosadi yono o ne a le botsalano thata go Basupi ba ba neng ba mo etela—tsotlhe tseno ke ka ntlha ya gore kgaitsadi o bontshitse bopelonomi jo bo tshwanang le jwa Modimo.
Nonofo eno e e eletsegang e na le maatla a a gogelang. Se se bontshang seno ke dikakgelo tsa moalogi mongwe yo mosha wa kholetshe morago ga go ya kwa Holong ya Bogosi ka lekgetlo la ntlha. Kwa holong, Basupi ba maemo a botshelo a a kwa tlase ba ne ba amegile ka gore mosadi yo o ne a tla arabela jang mo go bone le mo puong ya bone. Mme mosadi yono yo o rutegileng ga a gakologelwe diphoso tse ba neng ba ka nna natso. Go na le moo, o gakologelwa fela gore mongwe le mongwe o ne a le pelonomi thata mo go ene, mme o ne a kgatlhiwa ke kgatlhego ya mmatota e ba neng ba na le yone mo go ene. A tlhotlheleditswe ke sekao sa bone, o ne a neela botshelo jwa gagwe go Modimo. Ka bonako o ne a bontsha kgatlhego e e senang bopelotshetlha mo go ba bangwe jaaka mmulatsela wa ka metlha mme morago jaaka leloko la lelapa la Bethele.
Ruri, bopelonomi jo bo tshwanang le jwa Modimo ke nonofo e e eletsegang thata. Ke e nngwe e e tshwanetseng go bonala mo ditirisanong tsotlhe tsa rona. A oa e bontsha?