LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w85 9/15 ts. 8-9
  • Kolobetso ya ga Jesu

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Kolobetso ya ga Jesu
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kolobetso ya ga Jesu
    Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
  • Jesu o a Kolobediwa
    Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
  • Jesu o Nna Mesia
    Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
  • Johane o Kolobetsa Jesu
    Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
w85 9/15 ts. 8-9

Botshelo le Bodihedi tsa ga Jesu

Kolobetso ya ga Jesu

MO E ka nnang dikgwedi tse thataro morago ga gore Johane a simolole go rera, Jesu yo jaanong a nang le dingwaga di le 30, o tla kwa go ene kwa Joredane. Ka ntlhayang? Go mo jela nala ga botsalano? A Jesu o ne a kgatlhegela fela ka moo tiro ya ga Johane e tswelang pele ka gone? Nnya, Jesu o kopa Johane gore a mo kolobetse.

Gone fela foo Johane o a gana. “Ke chwanetse ka bo ke kolobediwa ke wèna, me a u tla mo go nna?” o botsa jalo. Johane o itse gore ntsalae ebong Jesu ke Morwa wa Modimo yo o kgethegileng. Aitsane, Johane o ne a tlola ka boitumelo mo sebopelong sa ga mmagwe fa Maria, yo o ithweleng Jesu, a ne a ba etetse! Mmagwe Johane ebong Elisabethe kwantle ga pelaelo o ne a mmolelela kaga seno moragonyana. Mme gape e ka tswa e le gore o ne a mmolelela ka molaetsa wa moengele ka botsalo jwa ga Jesu le kaga go itlhagisa ga baengele mo badiseng mo bosigong jo a tsetsweng ka jone.

Jalo Jesu e ne e se moeng go Johane. Mme Johane o itse gore kolobetso ya gagwe ga se ya ga Jesu. Ke ya bao ba ikwatlhaelang dibe tsa bone, mme Jesu ga a na sebe. Lefa go ntse jalo, go sa kgathalesege go gana ga ga Johane, Jesu o ne a mo pateletsa jaana: “Mma go nnè yalo gompiyeno: gonne go re chwanetse go dihatsa tshiamō eotlhe yalo.”

Ke ka ntlhayang fa go siame gore Jesu a kolobediwe? Gonne go kolobediwa ga ga Jesu ke lotshwao, e seng lwa go ikwatlhaela dibe, mme lwa go itlhagisa go dira thato ya ga Rragwe. Jesu e ne e le mmetli, mme jaanong nako e fitlhile ya gore a simolole bodihedi joo Modimo a mo rometseng gore a bo dire mo lefatsheng. A o akanya gore Johane o ne a lebeletse gore sengwe se se sa tlwaelegang se diragale fa a ne a kolobetsa Jesu?

Ee, moragonyana Johane o bega jaana: “Me èna eo o nthomileñ, gore ke tlè go kolobetsa ka metse, ke èna eo o ntheileñ a re, Eo u bonañ Mōea o hologela mo go èna, o nna go èna, ke èna eo o kolobetsañ ka Mōea o o Boitshepō.” Jalo Johane o ne a lebeletse gore moya wa Modimo o fologele mo go mongwe yo o neng a mo kolobetsa. Ka gone gongwe, ruri o ne a sa gakgamala fa Jesu a ne a tswa mo metsing, ‘Moya wa Modimo o ne wa fologela mo go ena jaaka lephoi.’

Mme se se fetang seo se ne sa diragala kwa go kolobediweng ga ga Jesu. Magodimo a ne a bulegela Jesu, mme lentswe le ne la re: “Eo ke morwake eo o ratègañ; eo ke itumelañ thata mo go èna.” E ne e le lentswe la ga mang leo? Lentswe la ga Jesu ka boene? Nnya! E ne e le la Modimo. Ka phepafalo, Jesu ke Morwa Modimo, e seng Modimo ka sebele, jaaka batho bangwe ba bolela. Mathaio 3:13-17; Luke 3:21-23; 1:34-36, 44; 2:10-14; Yohane 1:32-34; Bahebera 10:5-9.

◆ Ke ka ntlhayang fa Jesu e se moeng go Johane?

◆ Ereka Jesu a ne a sa dira boleo bope, ke ka ntlhayang fa a ne a kolobediwa?

◆ Mo ponong ya seo Johane a neng a se itse kaga Jesu, ke ka ntlhayang fa a ne a ka se gakgamale fa moya wa Modimo o ne o fologela mo go Jesu?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela