Lefatshe le le Tletseng Tshotlego
Batho ga ba ise ba ke ba nne le pitlagano, kgatelelo, le go sotlega tse di kanakana mo historing pele. Ditlalelo di nnile tse di tlwaelegileng thata fela jaaka moya o re o hemang. Lokwalo-dikgang longwe lo akgetse jaana fa lo tlhalosa lobaka lwa go tloga ka ngwaga wa 1914: “Eno e nnile nako ya tlhakatlhakano le thubakanyo tse di feteletseng, go kgabaganya melelwane ya bomorafe gammogo le mo gare ga yone.”
Se se utlwisang botlhoko thata ke go sekamela ga ntwa ya segompieno mo bosetlhogong jo bo sa laolesegeng. Mo nageng nngwe e nnye ya Afrika, ntwa ya dingwaga di le supa e ne ya tsaya matshelo a a fetang 20 000. Go ne go na le go tsewa ka dikgoka, dipetelelo le ditiro tse dingwe tse di tshwanang. Batho ba ba godileng le bana ba bannye ba ne ba tswa ditlhabelo tsa dimaene, molelo wa dirokete, le bosetlhogo fela jo bo mo pepeneneng.
Fa re leba tshotlego ka pono ya batho, boemo jono bo bonala sentle thata gore bo a hutsafatsa. Ka sekai, leka go ipaya mo boemong jwa mosadi yoo, le bana ba gagwe ba le teng, a neng a patelediwa ka sethunya go opela le go opa magofi fa setlhopha sa banna ka iketlo se ne se rema monna wa gagwe go mmolaya. O ne o tla itshwara jang? Ee, ruri go na le “pitlaganō ea merahe,” mme motho ka bongwe o tshwenngwa ke go sotlega.—Luke 21:25.
Gantsi Bakeresete ba tila masetlapelo ka ntlha ya go boloka go se tseye letlhakore go go gagametseng le go tloga mo mafelong ao thubakanyo e bonalang e ka diragala mo go one. (Yohane 17:16) Lefa go ntse jalo, ba ka se kgone go tila masetlapelo otlhe, mme ka dinako dingwe baa boga, fela jaaka bao e leng karolo ya lefatshe. Ka thubakanyo le tsietso, Satane Diabolo a ka baka dintsho tsa pele ga nako. Ereka karolo ya molaetsa o o boletsweng lefatshe ka bophara ke Basupi ba ga Jehofa o akareletsa le go senola ditiro tsa ga Diabolo, a ga re a tshwanela go lebelela gore Satane a dirise “nonohō [ya gagwe] ya losho” ka boiteko jwa go tlosa basikari bano ba molaetsa? Dikwalo di bontsha jalo.—Bahebera 2:14, 15; Tshenolō 2:10; 12:12, 17.
Bakeresete ba Lebane le go Bogisiwa go go Oketsegileng
Mo godimo ga dipitlagano tseo di lebaneng le batho botlhe, balatedi ba ba ikanyegang ba ga Jesu Keresete ba tshwanetse go itshokela pogiso eo e ba tlelang ka ntlha ya boemo jwa bone jo bo nitameng jwa Molaodi wa Lobopo, Jehofa Modimo, le Bogosi jwa gagwe. Morago ga go tlhalosa ditiragalo tse di tlhokofatsang tse di neng di tla supa bokhutlo jwa tsamaiso ya puso ya motho mo tlase ga Satane, Jesu o rile: “Ke gona ba tla lo [barutwa ba ga Jesu] tsenyañ mo dipitleñ, me ba lo bolaea; me lo tla ilwa ke merahe eotlhe ka ntlha ea leina ya me.” Mareko o tsopola Jesu fa a tlaleletsa jaana, “lo tla bediwa.”—Mathaio 24:3, 7-9; Mareko 13:9.
Ee, ka ntlha ya boikemisetso jwa bone jwa go rera “mahoko a a molemō a, a bogosi” lefatshe ka bophara tlase ga maemo otlhe, batho ba ga Jehofa ba ne ba tshwanelwa ke go itshokela teko e nngwe ya pogisego—go bediwa, go thibelwa, go tsenngwa mo dikgolegong le dibopego tse dingwe tsa go se tshwarwe sentle. (Mathaio 24:14) Aitsane, babogisi ba ile ba bolaya Bakeresete bangwe bao “molato” wa bone fela e neng e le go ruta gore Bogosi jwa Modimo ke yone fela tsholofelo ya setho sotlhe!
Jesu o rile: “Me eo o ichokelañ bokhutloñ èna eouō o tla bolokwa.” (Mareko 13:13) Lefa go ntse jalo, a re ka itshoka mme re sa ineele? A go na le motswedi mongwe wa kgomotso le mo go sotlegeng go go golwane tota? A re na le dikai tsa bao ba ileng ba itshoka?