Botshelo le Bodihedi tsa ga Jesu
Johane O Baakanya Tsela
GO SETSE go fetile dingwaga di le some-supa fa e sale Jesu jaaka lesea la dingwaga di le 12 a ne a botsolotsa baruti mo tempeleng. Ke letlhabula la ngwaga wa 29 C.E. mongwe le mongwe, go lebega, a bua kaga ntsalae Jesu ebong Johane, yoo o rerang mo nageng yotlhe go dikologa Noka ya Joredane.
Johane eleruri ke monna yo o kgatlhisang thata, ka tebego gammogo le ka go bua. Diaparo tsa gagwe ke tsa boboa jwa kamele, mme o itlama ka moitlamo wa letlalo mo lethekeng la gagwe. Dijo tsa gagwe ke ditsie le mamepe a naga. Mme molaetsa wa gagwe ke eng? “Ikwatlhaeañ; gonne bogosi yoa legodimo bo atametse.”
Molaetsa ono o kgatlha bareetsi ba gagwe tota. Bontsi bo lemoga tlhokafalo ya bone ya go ikotlhaya, ke gore, go fetola boikutlo jwa bone le go gana mokgwa wa bone wa nako e e fetileng wa go tshela jaaka o o sa eletsegeng. Jalo batho ba lefelo lotlhe le le dikologileng Joredane, le eleng go tswa Jerusalema, ba tla kwa go Johane ka dipalo tse dikgolo, mme oa ba kolobetsa, ka go ba nwetsa mo teng ga metsi a Joredane. Ka ntlhayang?
Johane o kolobeletsa batho go bontsha letshwao, kana kitsiso, la go ikwatlhaela dibe tsa bone kgatlhanong le Molao wa Modimo wa kgolagano go tswa pelong. Jalo fa Bafarasai le Basadukai ba bodumedi ba tla kwa go ene kwa Joredane, Johane o a ba nyatsa. “Lotsalō loa dinōga ke lona, . . . Uñwañ louñō lo lo chwanetseñ boikwatlhaō” o bolela jalo.
Ka ntlha ya karabelo yotlhe eo Johane a e amogelang, Bafarasai ba romela baperesiti le Balefi kwa go ene. Ba mmotsa jaana: “U mañ? gore re tlè re hetolè ba ba re romileñ. Ua reñ kaga gago?”
Johane a tlhalosa jaana: “Nna ke lencwe ya moñwe eo o kuañ mo nageñ, a re, Siamisañ tsela ea ga Yehofa, yaka moperofeti Isaia a kile a bua.” Johane o baakanya tsela ka go dira gore ba nne le boemo jwa pelo jo bo tshwanetseng go amogela Mesia, yoo e tla nnang Kgosi. Kaga Yono, Johane o bolela jaana: “Me eo o tlañ moragō ga me o nonohile bogolo go nna, eo ditlhako tsa gagwè ke sa chwanèlañ go di mo cholèla.”
Jalo molaetsa wa ga Johane, “bogosi yoa legodimo bo atametse,” o direla jaaka tlhagiso go batho ya gore bodihedi jwa Kgosi e e tlhophilweng ya ga Jehofa, ebong Jesu Keresete, bo gaufi le go simolola. Yohane 1:6-8, 15-28; Mathaio 3:1-12; Luke 3:1-18; Ditihō 19:4.
◆ Johane ke monna wa mofuta ofe?
◆ Ke ka ntlhayang fa Johane a kolobetsa batho?
◆ Ke ka ntlhayang fa Johane a ne a ka bolela gore Bogosi bo atametse?
[Setshwantsho se se tletseng mo go tsebe 8]