LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w85 8/15 ts. 5-7
  • Batho Botlhe Baa Lekana—Jang?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Batho Botlhe Baa Lekana—Jang?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ba ba Lekanang mo Mmeleng o le Mongwe
  • Go Lekana go go Dirang Gompieno
  • Telekiso ya go Lekana
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
  • A Ruri Batho ba ka Tshela ba sa Tlhaolane?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
  • Sebetso Sa go Sa Lekalekane
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • A Tlhaolele ya Semorafe e Tla Tsamaya e Fela?—Baebele e a Reng ka Kgang Eno?
    Ditlhogo Tse Dingwe
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
w85 8/15 ts. 5-7

Batho Botlhe Baa Lekana​—Jang?

A GOA kgonega gore banna le basadi ba merafe yotlhe ba lebane jaaka ba ba lekanang​—le go dira ka mo go tshwanang? E seng fa thulaganyo ya lefatshe la jaanong e le sengwe se go tshwanetsweng ga tsamaiwa ka sone. Mme re ka kgothadiwa ke gore goa kgonega. Ka ntlhayang? Gonne go na le Bakeresete ba le dimilione ba ba supileng gore go jalo.

Go itsege sentle gore Bokeresete jwa boammaaruri bo nnile jwa lomaganngwa le go lekana. Ka sekai, moaposetoloi Paulo o kwadile jaana: “Ga re tlhole re le Bajuta kana Bagerika kana makgoba kana bagololesegi kana le eleng banna fela kana basadi, mme rotlhe rea tshwana​—re Bakeresete.” (Bagalatia 3:28, The Living Bible) A mme se e ne e le puo e e ikgopolelwang fela? Bakeresete ba ntlha ba ba neng ba tshela mo lefatsheng le le tletseng ka go sa lekane ba ne ba dira seno jang?

Go kwadilwe go le gontsi ka tlhotlheletso e kgolo e Bakeresete ba ntlha ba e dirileng mo lefatsheng la motlha wa bone fa ba ne ba godisa bokaulengwe jo bo rutilweng ke Jesu Keresete. Eberhard Arnold o bolela jaana mo bukeng ya gagwe ya The Early Christians After the Death of the Apostles:

“Tlotlo e e lekanang e Bakeresete ba neng ba tshola beng-ka-bone ka yone jaaka bakaulengwe, ba abalana pono e e tshwanang le pitso e e tshwanang jaaka bone, e ne ya felela ka go lekana le botsala mo dilong tsotlhe. Tlotlo e e lekanang eno e ne ya felela ka sereto se se lekanang go botlhe, tlamego e e lekanang ya go bereka, paka e e lekanang ya botlhe mo botshelong. . . . Tlotlo eno ya yo mongwe go yo mongwe e Bakeresete ba nako eo ba neng ba tshwarana ka yone e ne ya felela ka tirisanommogo ya batho, e e neng e theilwe mo loratong, mo motheong wa go lekana go go feletseng ga go tsalwa.”

Abo e le bosupi jo bo molemo jang ne jwa kutlwano e e neetsweng ke Modimo!

Ba ba Lekanang mo Mmeleng o le Mongwe

Batho mo phuthegong ya ntlha ya Bokeresete ba ne ba na le dikgono le dinonofo tse di farologaneng tsa tlholego. Gongwe bangwe e ne e le ditswerere mo mminong, fa ba bangwe ba ne ba kgona go gakologelwa botoka kana ba na le mesifa e e nonofileng. Kwantle ga dipharologano tseo, moya o o boitshepo o ne wa aba dineo le dikgono tse di farologaneng, lemororo tseno di tlaleletsana. Ka jalo Paulo o ne a ka kwala jaana: “Gonne yaka mmele o nntse moñwe hèla, me o na le ditokololō di le dintsi, me ditokololō cotlhe tsa mmele, leha di le dintsi, di le mmele o le moñwe hèla; le èna Keresete o nntse yalo. Rotlhe re kolobeledicwe mmele o le moñwe hela, mo Moeeñ o le moñwe hèla, leha re le Bayuda kgotsa Bagerika, le ha re le bagolegwi kgotsa bagololosegi.” (1 Bakorintha 12:11-13) Botlhe e ne e le bareri, lemororo go ne go na le pharologano e kgolo mo ‘dineong tse di mo bathong,’ jaaka ba ba neng ba disa phuthego ba ne ba tlhalosiwa go ya ka boperofeti.​—Baefesia 4:8; Pesalema 68:18.

Balebedi ba ne ba godile semoyeng mme ba bidiwa e·piʹsko·poi ka Segerika. Fa a ne a kwala ka lediri le le amanang le lone ebong e·pi·sko·peʹo (Go lebela), W. E. Vine o bolela jaana: “Lefoko leno ga le kaye go tsena mo boikarabelong jo bo ntseng jalo, mme go bo diragatsa. Ga se kgang ya go amogela maemo, mme ke ya go dira ditiro tseo.” Ba ba neng ba dira mmogo le balebedi ba ba tlhomilweng bano e ne e le ba-di·aʹko·noi, lefoko la Segerika le le ranotsweng e le ‘badihedi,’ ‘batlhanka ba bodihedi,’ kana ‘badiakone.’ W. E. Vine o bolela gore lefoko leno, “Segolo le kaya motlhanka, go sa kgathalesege gore o dira tiro ya botlhanka, kana jaaka molebedi yo o neelang tirelo ya mahala, kwantle ga go lebisa tlhokomelo e e rileng go mofuta wa yone.” Mo maemong ano ka bobedi, ditshiamelo tsa tirelo e ne e le tsone selo sa konokono. Maemo a ne a sa otlelelwe, gonne jaaka baobamedi ba Modimo ba ne ba lekana mme botlhe e ne e le badihedi ba ona.

Lemororo Jesu a tlhophile banna ba le 12 go nna baaposetoloi ba gagwe, basadi le bone ba ne ba ipelela bokopano le ene. Ba ne ba le matlhagatlhaga, Maria Magadalena, Joana, Susana go buiwa ka bone ka tlhamalalo jaaka ba ba direlang Jesu. Basadi, le bone, ba ne ba amogela dineo tsa moya o o boitshepo ka Pentekosete ya 33 C.E. Ka jalo ba ne ba kgona go bua phatlalatsa ka dipuo di sele le go supa kaga dinnete tsa tumelo ya bone ya Bokeresete. Lefa go ntse jalo, bokgaitsadi ba Bakeresete ba ne ba sa etelele-pele mo go ruteng mo diphuthegong, mme ba ne ba kopanela le bakaulengwe mo go rereng Lefoko la Modimo phatlalatsa.​—Luke 8:1-3; Ditihō 1:14; 2:17, 18; 18:26.

Gape, le mo maemong a botho a a oketsegileng, Bakeresete ba ne ba tlhoma sekao mo go thusaneng. Ka sekai, fa baeng ba ba neng ba tlile Jerusalema ba ne ba kopana le tiro e e gakgamatsang ya baaposetoloi ka nako ya Pentekosete ka 33 C.E., ba ne ba nna lobaka lo loleele go feta kafa ba neng ba ikaletse ka gone mme ba felelwa ke dijo le madi. Lefa go ntse jalo pego ya Dikwalo e bolela jaana: “Ga bo go se opè mo go bōnè eo o tlhokañ; gonne botlhe ba ba nañ le masimo kgotsa matlo, ba a rekisa, mme ba tlisa madi a dilō tse di rekisicweñ” gore a abiwe mahala kafa tlase ga kaelo ya baaposetoloi. Abo e le moya o montle jang ne, o o senolang lorato le go lekana tsa Bakeresete bao ba ntlha go nna boammaaruri jo bo dirang! Go ka bolelwa gore “dilō cotlhe ba ne ba di tlhakanetse.”​—Ditihō 4:32, 34, 35.

Go Lekana go go Dirang Gompieno

Mo dikgaoganong le mo dithulaganyong tsa mekgatlho ya lefatshe gompieno, go leka go etsa Bakeresete bao ba ntlha ga go motlhofo. Mme go dira jalo ka gale e nnile mokgele wa Basupi ba ga Jehofa. Go phepafetse gore ba nnile le katlego e kgolo. Encyclopedia Canadiana e tlhalosa jaana:

“Tiro ya Basupi ba ga Jehofa ke tsosoloso le go tlhomiwa gape ga Bokeresete jwa bogologolo jo bo neng bo dirwa ke Jesu le barutwa ba gagwe mo lekgolong la ntlha le la bobedi la dingwaga la motlha wa rona. . . . Botlhe ke bakaulengwe.”

Fela jaaka bo dirile dingwaga di le 1 900 tse di fetileng, bokaulengwe jono jwa Bokeresete gompieno bo neela thuso e e dirang ka dinako tsa tlalelo. Ka November 1980, fa dikarolo tsa Italy di ne di padimolwa ke thoromo e e maswe ya lefatshe, lori ya ntlha e e pegileng dithomelelo tse di baakanyeditsweng ke Basupi e ne ya fitlha gone mo bosigong joo mo lefelong le le padimotsweng. Pego ya semmuso e balega jaana:

“Bakaulengwe ba ne ba gakgametse ka moo thuso e e tlhokegang e neng e fitlhile ka bonako ka gone. Re ne ra tlhoma kitšhi ya rona ka bonako eo dijo tse di apeilweng ke bokgaitsadi di neng di abelwa bakaulengwe letsatsi le letsatsi mo go yone. Baagi ba bangwe ba toropo ba ne ba santse ba tla amogela thuso mme ba ne ba itirela bojotlhe ka mo ba ka kgonang ka bobone. Eleruri, bakaulengwe ba ne ba se bogagaru, mme dijo di ne tsa kgaoganwa le bontsi jo eseng Basupi.”

Morago ga loso lwa Kgosi ya Swaziland Sobhuza II ka August 1982, ka ntlha ya fa Basupi ba ga Jehofa ba ne ba ka seka ba tsaya karolo mo dingwaong tsa setso le tsa bodumedi tsa khutsafalelo, ba ne ba lebana le dipogiso. Kwa Brithani Basupi ba le babedi, wa mosweu le wa montsho, ba ne ba dira boemedi jo bo kopaneng go Boemedi-Bogolo jwa Swaziland jwa lefelo leo go leka go tokafatsa boemo. Morago ga go reetsa ka lobakanyana, mokaedi wa Leswazi o ne a retologela go Mosupi wa montsho, mokaedi yo o rutegileng thata, mme a botsa jaana: “Mme ke ka ntlhayang fa o le fano?” Karabo ya nna: “Gonne ke amegile ka botsogo jwa bakaulengwe ba me ba Bakeresete mo nageng ya gago.” Mokaedi o ne a go fitlhela go le thata go tlhaloganya gore monna yo o humileng mo go kalo o ne a ka itekanya jang le Ma-Afrika a a nnang mo nageng eo a iseng a ke a e etele le ka motlha.

Ke ka ntlhayang fa o sa ye pokanong kwa Holong ya Bogosi ya lefelo la eno kana kwa kopanong e kgolwane mme o iponele ka bowena? O tla fitlhela batho ba ba tla go amogelang o ka ne o le mosha kana o le mogolo, o humanegile kana o humile, go sa kgathalesege gore o na le thuto ya kholetshe kana o sa tsena sekolo gotlhelele. Mongwe le mongwe o bidiwa mokaulengwe kana kgaitsadi, mme motho ga a lekanngwe ka lotso, lemorago, kana maemo a tiro ya boitshediso. Mongwe le mongwe o anaanelelwa botho le dinonofo tsa gagwe tsa Bokeresete.

Mokgwa wa go ruta wa bagolwane le batlhanka ba bodihedi ba ba tlhophilweng o theilwe mo thulaganyong ya phuthego ya ntlha ya Bokeresete. Mme dipokano di bontsha go lekana, kana go utlwana, lefatshe ka bophara. Moruti mongwe wa Kereke ya Engelane o ne a anela ka go re:

“Pokano nngwe le nngwe, e ka ne e le e e rulagantsweng kana e e sa rulaganngwang, ke pokano ya tao e e tiileng. Go lebeletswe gore maloko a baakanyetse dipokano tsa one tsa Sontaga ka go bala setlhogo sotlhe sa Tora ya Tebelo, ba tlhatlhoba ditshupiso tsa Bibela le go bona dikarabo tsa dipotso tse ba nang le kitso e e oketsegileng ka tsone. Kwa dipokanong ka botsone, go na le go tsaya karolo go gontle ga phuthego. Ba tshegediwa ke kitso ya gore thuto e e tshwanang e rutiwa gongwe le gongwe mo lefatsheng ka nako e e tshwanang.”

Fa o ka tsamaya le tokololo eno ya Tora ya Tebelo go ya kwa phuthegong ya lefelo la eno ka matsatsi a a thathamisitsweng mo tsebeng 2, o tla kgona go tlhaloganya motlotlo o o ntseng jalo.

Metlotlo eno gantsi e akareletsa tsholofelo ya ba ba mo phuthegong: botshelo mo lefatsheng la paradaise koo dintwa di tla khutlang gone mme batho ba tla dirisetsa dikgono tsa bone go aga, eleruri ba ipelela “tihō ea diatla tsa bōnè.” Batho botlhe ba ba utlwang ba tla tshela kafa tlase ga puso ya Bogosi jwa Modimo. Go bolawa ke tlala go tla bo go fetile jaaka botlhe ba tlamelwa ka bontsi jwa dijo mo lefatsheng le le ungwang segolo. Dipetso tsa bolwetsi le tsone e tla bo e le dilo tsa nako e e fetileng, baagi botlhe ba lefatshe ba tla ipelela boleng jwa botsogo jo bo itekanetseng ka go lekana.​—Isaia 2:4; 33:24; 65:22, 23; Sekaria 8:11, 12.

Ee, tsholofelo eno ya Bokeresete ke ya mmatota, jaaka go ntse ka kitso ya gore thulaganyo ya jaanong ya phuthego ya Bokeresete e tla tswelela go fitlha kwa Paradaiseng ya selefatshe. Motheo o o tlhomameng o o setseng o aletswe go tlosa gotlhelele meleIwane ya ditlhopha le ya bomorafe o tla godisiwa. Re ka tlhomamisega jang? Gonne Bibela e bolelela-pele gore Bakeresete “ba morahe moñwe le moñwe, le dico cotlhe, le batho, le dipuō” jaanong ba tla tsweletsa kobamelo ya bone ya boammaaruri ya ga Jehofa Modimo. Ba tla nna le boemo jo bo lekanang fa pele ga gagwe. Wena le lelapa la gago le ka nna gare ga bone.​—Tshenolō 7:9, 10.

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Kwa dipkanong tsa Basupi ba ga Jehofa, o tla lemoga go lekana

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela