Botshelo le Bodihedi tsa ga Jesu
Maeto a go ya Jerusalema
DIKGAKOLOGO di tsene. Mme ke nako ya gore lelapa la ga Josefa, le ditsala le ba-losika, ba tsene mo loetong lwa bone lwa ngwaga le ngwaga go ya go keteka Tlolaganyo kwa Jerusalema. Jaaka ba tloga ba tsena mo loetong lwa dimmaele tse di ka nnang 65 (105-km), go na le boitumelo jwa ka gale. Jesu jaanong o dingwaga di le 12, mme o lebile pele kwa moletlong ka kgatlhego e e kgethegileng.
Mo go Jesu le lelapa la gaabo, Tlolaganyo ga se tiragalo ya letsatsi le le lengwe fela. Ba emela le Modiro o o latelang wa malatsi a le supa wa Senkgwe se se sa Bedisiwang, o ba o tsayang jaaka karolo ya nako ya Tlolaganyo. Ka jalo loeto lotlhe go tswa kwa legaeng la bone kwa Nasaretha, go kopanyeletsa le go nna ga bone kwa Jerusalema, di tsaya mo e ka nnang dibeke di le pedi. Mme mo ngwageng ono ka ntlha ya sengwe se se kopanyeletsang Jesu, lo tsaya lobaka lo loleele.
Bothata bo tlhaga mo loetong lwa go boa kwa Jerusalema. Josefa le Maria ba ithaya ba re Jesu o mo setlhopheng sa ba-losika kana ditsala tse ba tsamayang natso. Mme ga a bonale fa ba ema ka ntlha ya fa go le bosigo, mme ba tsamaya ba mmatla mo gare ga bao ba neng ba tsamaya nabo. Gaa bonwe gope. Jalo Josefa le Maria ba boela morago kwa Jerusalema go ya go mmatla.
Ba senka letsatsi lotlhe kwantle ga katlego. Le ka letsatsi la bobedi ba palelwa ke go mmona. Labofelo, ka letsatsi la boraro, ba ya kwa tempeleng. Koo, mo go e nngwe ya diholo tsa yone, ba bona Jesu a ntse fa gare ga baruti ba Bajuda, a ba reeditse le go ba botsa dipotso.
‘Morwaaka, o ne o direlang jalo?’ Maria oa botsa. ‘Nna le rrago re ne re tshwenyegile thata, re go batla gotlhe!’
Jesu o gakgamaditswe ke gore ba ne ba sa itse koo ba ka mo fitlhelang teng. ‘Ke ka ntlhayang fa lo ne lo tshwanetse go mpatla?’ a botsa. ‘A lo ne lo sa itse gore ke tshwanetse go nna mono mo ntlung ya ga Rre?’
Jesu gaa tlhaloganye gore ke ka ntlhayang fa batsadi ba gagwe ba ne ba sa itse seno. Kwantle ga go diega, Jesu o boela gae le batsadi ba gagwe mme o tswelela go ba ikobela. O tswelapele mo botlhaleng le mo go goleng le mo go ratiweng ke Modimo le batho. Ee, go tloga bonnyaneng go ya pele Jesu o tlhoma sekao se se molemo e seng mo go batleng dikgatlhego tsa semoya fela mme le mo go tlotleng batsadi ba gagwe. Luke 2:40-52; 22:7.
◆ Ke loeto lofe lwa dikgakologo loo Jesu le lelapa la gaabo ba neng ba aga ba le tsaya, mme le ne la tsaya nako e kae?
◆ Go ne ga diragalang mo loetong lwa fa Jesu a ne a le dingwaga di le 12?
◆ Ke sekao sefe seo Jesu a se tlhometseng basha gompieno?