Telekiso ya go Lekana
GA GO ope yo o ratang go ikutlwa a nyatsega. “Ke molemo fela jaaka motho yo mongwe” ke puo e e tlwaelegileng. A ga re bone moya wa bothwadi le one o le makgapha? Kwa tshimologong, go a kgothatsa go ikutlwa o lekana le ba bangwe. Lefa go ntse jalo, go motlhofo go akanya le go bua kaga go lekana go na le go go fitlhelela, jaaka ba le bantsi ba go itemogetse. Akanyetsa sekao seno.
Ka 1776 dikoloni tsa Maesemane kwa Amerika Bokone di ne tsa itsise topo ya tsone ya go ipusa. Kitsiso ya tsone e e tumileng ya Boipuso e ne ya bolela gareng ga “dinnete tse di tshwanetseng go phepafala” gore “batho botlhe ba bopilwe ba lekana.” Ba ne ba tswelapele ka go bolela gore e ne e le tshwanelo ya baagi botlhe go ipelela “botshelo, kgololesego, le boiteko jwa go bona boitumelo.”
Ka nako ya fa dikoloni di le 13 di kgaogana le Brithani, baagi ba tsone ba ne ba ka nna dimilione di le tharo. Mo go bano, ba ba fetang sephatlo sa milione e ne e le makgoba. Go tshotse mo e ka nnang dingwaga di le lekgolo go nyeletsa bokgoba mo United States of America. Thomas Jefferson, motlhotlheletsi yo mogolo wa Kitsiso eno, o ne a sala e ntse e le mong wa makgoba mo botshelong jwa gagwe jotlhe. Maikaelelo a Kitsiso eo a ne a le magolo, lefa go ntse jalo go ne go tlhokafala nako ya gore bontlhanngwe jwa go lekana go go ntseng jalo ga motheo bo fitlhelelwe.
Go dikologa lefatshe ba bantsi ba sa ntse ba tlhoka kgololesego e e oketsegileng, kana ba bogisiwa ke go tlhaolwa. Ka go lemoga seno, batho ba ba farologaneng ba neela matshelo a bone mo go lekeng go tlosa mefuta yotlhe ya tshiamololo le go sa lekane. Kgatiso nngwe ya bosheng ya Merafe e e Kopaneng malebana le kgang eno ya kgololesego e lebisa mo go fetang makgetlo a le somepedi a go lekana le tlhokafalo ya go lekana. Ka phepafalo e santse e le mokgele o o thata. Ka ntlhayang?
Bothata ke gore go lekana go na le dikarolo di le dintsi mme ga se selo se se motlhofo go se tlhalosa. Batho ba batla go lekana ka ditsela tse di farologaneng, go ikaegile ka maemo a bone. Jalo, ke go ya bokgakaleng bofe, go ka tweng batho baa lekana? Re ka lebelela eng ka mo go utlwalang, jaanong gammogo le mo isagweng, malebana le go lekana le monkarona?
Go Lekana—Ke ga Mmatota go le kana-kang Gompieno?
Kgosana le modidi ba ka nna ba tsalelwa mo motseng o le mongwe ka letsatsi le le lengwe, mme gongwe letlotlo la go huma le tshiamelo di tla sekamela go yo mongwe fela jaaka lehuma le tla ama yo mongwe. Eno ke karolo e le nngwe fela eo e bontshang lebaka la go bo go ka se ke gotwe batho botlhe gompieno ba tsetswe ba lekana.
Mo go ntsi go ikaegile ka batho bao re tshelang mo go bone le dilekanyo tsa go lekana tseo ba di godisitseng mo dingwageng tse di fetileng. Encyclopædia Britannica e e sobokanya sentle jaana:
“Mekgatlho yotlhe ka mo go utlwalang e dira dithulaganyo tsa go kgaogana dikhumo, maatla, le dilo tse dingwe tse di botlhokwa. Mo bathong ka bongwe le mo ditlhopheng dithulaganyo tseno di bontsha dilekanyo tsotlhe tsa go lekana le go sa lekane.”
Mo morafeng ope fela, motho mongwe le mongwe o na le sengwe seo a ka se neelang e le sone fela se a nang le sone. Jalo bangwe ba bile ba senka go bapala mo dinonofong le mo dikgonong tsa motho ka bongwe le tsa botlhe le go anamisa dikhumo le ntsho dikuno ka go lekana. Jalo polelo ya bokomonisi e bolela jaana: “Go tswa go mongwe le mongwe go ya ka kgono ya gagwe, go mongwe le mongwe go ya ka ditlhokafalo tsa gagwe.” Gape le: “Go tswa go mongwe le mongwe go ya ka kgono ya gagwe, go mongwe le mongwe go ya ka tiro ya gagwe.” Lefa go ntse jalo, go sa kgathalesege gore matlhajana a a ntseng jalo a lebega a ikuela, go sa lekane go tswelapele mo ditsamaisong tsotlhe tsa dipuso tsa batho.
Lebaka ke gore, go na le go tsweletsa mokgwa wa go lekana, ditsamaiso dingwe tsa sepolotiki di ile tsa senka go dirisetsa go sa lekalekane ga lotso go go tsewang jaaka ga mmatota gore di solegelwe molemo. Gakologelwa go neela tlhokomelo e e kgethegileng ga ma-Nazi go “lotso lwa thwadi.” Lefa go ntse jalo go nna teng ga lotso lope lwa thwadi go ile ga seka ga letlelelwa fa esale go tloga ka nako eo. Kwantle ga dipharologano tse di phepafetseng tsa dipharologantsho tsa mmele, “kgonagalo ya go nna teng ga dipharologano tsa mmatota tsa lotso mo boitsholong le mo botlhaleng di nna thata go ka di netefatsa,” go tsopola gape go tswa go Encyclopædia Britannica. Go lekana go go ntseng jalo ga lotso ke ga motheo.
Thuto le Bokgoni
Thuto e ka nna selekanyi se segolo fa didirisiwa tsa yone di nna teng kwantle ga bothata, mme ka gale ga go diragale ka tsela eo. Mo dinageng di le dintsi, dituelo tseo di amogelwang ka bothata di santse di tshwanetse go duelela dithuto tsa motheo.
Ka sekai, mo nageng nngwe ya karolo e e kwa borwa, ke batho ba le 20 lekgolong fela ba ba rutegileng. Ga se mo go sa tlwaelegang koo go fitlhela lelapa leo mo go lone bana ba ntlha ba babedi ba rutegile sentle thata mme ba bangwe botlhe ba sa amogela thuto gotlhelele, fela ka go bo madi a a leng teng a lelapa a se kitla a kgona go letlelela seo. Dinaga dingwe tseo di santseng di tlhabologa di lebane le mathata a a tshwanang.
Boemo jono bo sekametse mo go tshegetseng go sa lekane gonne, go ya ka tsa itsholelo, mo mokgatlhong wa rona wa segompieno tswelopele e e ka kgonagalang e lekanyediwa ka go tlhopha ba ba rutegileng. Go feta moo, didikirii tsa diunibesethi tse di rileng di batlega ka mo go oketsegileng go na le tse di tswang kwa go tse dingwe gonne tsa ntlha di tumile ka mo gogolwane. Jalo thuto gotlhelele ga se tharabololo ya bofelo ya bothata jwa gompieno jwa go sa lekane.
Ditshwanelo tsa Motheo
Mabaka a lotsalo a ka tlhomamisa gore batho le ka motlha ga ba kake ba tshwana tota mo mabakeng otlhe, lefa go le jalo a ga o dumele gore mo metheong e e rileng go lekana go tshwanetse go nna teng? A setho se ne se se kitla se nna botoka thata fa go ne go ka dirwa kgatelo-pele mo dikarolong tseno:
GO LEKANA GA LOTSO: Tota re ka fenya jang letshwao leo gantsi le ngaparediwang ke lotso lo longwe kana setlhopha se sengwe go se sengwe? Dikomano di tsenelela kwa teng le go baka mathata a mantsi. Go ka dirwang go tlhomamisa gore ba tshware ba bangwe ka go lekana, ka go ba neela tlotlo eo e ba tshwanelang?
DIJO: Fa o bona ditshwantsho tsa bana bao ba bolawang ke tlala le go bala ka ba le dimilione bao ba bolaiwang ke phepelo-tlase kana malwetsi a a amanang le yone, o arabela jang? Go supilwe sentle gore go na le dijo tse di ka lekanang baagi ba lefatshe. Ka ntlhayang, he, fa di sa anamisiwe ka go lekana ka mo go oketsegileng go fokotsa go boga go go ntseng jalo?
MMEREKO: Go tlhoka mmereko go ka tlisa kutlo-botlhoko le go swaba—le eleng go ipolaya. A ga go kgonege gore botlhe ba boelwe mo go thapiweng? A botlhe ba ka se nne le paka e e lekanang ya mmereko?
THUTO: A batho botlhe ga ba tshwanelwe ke go letlelelwa gore bobotlana ba nne le thuto ya motheo, gore go sa rutega go tlosiwe? Go na le gore thuto e sekamele mo go oketseng dipharologano magareng ga ditlhopha (‘ba ba humileng ba hume go ya pele le ba ba humanegileng, ba humanegele go ya pele’), a e ne e ka se thuse go tokafatsa boemo jwa botlhe? Seo segolo-bogolo se ne se tla itshupa go nna jalo fa thuto e ne e akareletsa mo go fetang dikgang tsa botegeniki, fa e ne e akareletsa boitsholo le melao-metheo ya dikamano tsa batho tse di tlotlegang.
Eleruri o tla dumela gore telekiso ya go lekana e santse e tla tsaya lobaka lo loleele!