Kalafi ya Go Opa ga Ditshika
Ka ntlha ya mathata otlhe a batho ba nang le one mo malatsing ano, ga go gakgamatse go bo go na le malwetsi a mantsi a a kalo kalo a a nyalanang le tlalelo. Mosadimogolo mongwe go tswa Canada o tlhalosa seemo sa gagwe mme le kafa a bonang kgololo ka teng.
“Ke godisa setlogolwana sa mosimane sa dingwaga tse 11 mme bosheng jaana ke ne ka bona setlogolwana se sengwe sa mosetsana sa dingwaga tse 14 go leka go thusa. Ke tshwerwe ke ditshika tse di botlhoko, mme ke batla fela gore lo itse gore fa ke ikutlwa ke le kwa tlase ga se gore ke rapela Jehofa fela mme gape ke bona sengwe seo eleruri se nthusang tota.
“Ke latlha sengwe le sengwe seo ke se dirang mme ke bo ke rapama kana ke nna fa fatshe ka ditheipi tsa Kingdom Melodies mo go nna. Ke bo ke tswala matlho a me ke bo ke kgarametsa megopolo ya me ke e ntsha mo go nna ka go gakologelwa seo ke ka se kgonang ka mafoko ao a mmino o o tshamikiwang. Fa ke tsoga, ke ikutlwa ke le botoka thata mme gape ke ka kgona gore ke tswelele le tiro.”
Le wena o ka solegelwa molemo ke dithulaganyo tseno tse di itekanetseng tsa mmino o o lapolosang Nngwe le nngwe ya dikhasete tse tlhano, Kingdom Melodies 1, 2, 3, 4, le 5, di lopa R3 fela mme di tsaya lobaka lo loleele lwa tshameko lwa oura e le nngwe. lkamogelele dikhasete tseno tseo di kwadilweng fa tlase ka go tlatsa le go romela foromonyana e e fa tlase.
Tswee-tswee nthomeleleng, poso e duetswe, khasete(di) tse di beilweng fa tlase. Otoro nngwe le nngwe ke e tsenyeleditse R3.
[ ] Kingdom Melodies 1 [ ] Kingdom Melodies 2
[ ] Kingdom Melodies 3 [ ] Kingdom Melodies 4
[ ] Kingdom Melodies 5