A Ruri-Ruri Bodumedi Jwa Gago Bo Itumedisa Modimo?
“MODIMO ga se Modimo oa tlhakatlhakanyō, ha e se oa kagishō hèla.” (1 Bakorintha 14:33) Ka gone he, dithuto di le dintsi ka ditumelo tsa motheo tsa tsone tse di ganetsanyang di ka se ke di amogelwe ke Modimo tsotlhe. Jalo he, go ka nna le bodumedi bo le bongwe fela fela jo bo fitlhelelang dipatlafalo tsa kobamelo ya boammaaruri. Re ka bona jang bodumedi joo jo bongwefela jo bo itumedisang Modimo tota tota?
Kwantle ga pelaelo, ba le bantsi ba ikutlwa ka gore patlo e e ntseng jalo e ka tshwana fela le go senka nnale mo bojannye. Go bo tlhotlhora e ka nna namane e tona ya tiro! Mme lefa go le jalo go na le motlhala o o motlhofo—ke ka go dirisa mmakenete o o nonofileng. O tla gogela nnale mme a o farologanye mo ditlhokweng. Ka mo go tshwanang, Bibela e ka dirisiwa jaaka mmakenete go farologanya boammaaruri le maaka. Mme Bibela e dira seo jang? Ka go tlhalosa kobamelo e e amogelesegang go ya kafa ponong ya Modimo.
Moaposetoloi Paulo o ne a kwala ka gore: “Lokwalō loñwe le loñwe lo lo kwadilweñ ka tlhotlheleco ea Modimo, lo bile lo molemō go ruta, le go kgalemèla, le go shokolola, le go kaèla ka tshiamō: Gore motho oa Modimo a tlè a nnè boitèkanèlō, a iketleeleletse rure tihō ñwe le ñwe e e molemō.” (2 Timotheo 3:16, 17) Kitso e e tlhomameng ya Bibela e ya tlhokafala gore re tle re tile lemena la go nolofatsa boineelo jwa rona jwa sedumedi gore bo re siamele kana gore bo re itumedise.
Mme gape, Jesu Keresete, Morwa Modimo, o ne a tlhalosa a re: “Modimo ke Mōea; me ba ba o ōbamèlan ba na le go o ōbamèla ka mōea le ka boamarure.” (Yohane 4:24) Re ka “ōbamèla ka mōea le ka boamarure” jang? Ka go latela dikaelo tsa boammaaruri tseo Modimo a di baakanyeditseng, ka tlhotlheletso ya gagwe, mo Lefokong la gagwe, ebong Bibela e e Boitshèpō.
Baobamedi ba Boammaaruri ba Bontsha Lorato
Lefoko la Modimo le re kaela gore re lebelele eng mo baobameding ba boammaaruri? Re fiwa motlhala ka bonako fela mo mafokong a mararo: “Modimo o loratō.” (1 Yohane 4:16) Ka gone, kobamelo eo e itumedisang Modimo e tshwanetse ya bo e thailwe mo loratong lwa mmatota.
Ka mafoko a a tlwaelegileng, seo se raya goreng? Bodumedi jo bo itumedisang Modimo bo ka se ke bo tlhagolele kana bo dumelele letlhoo mo bathong ba bangwe. Taolo e e motlhofo ya Bibela ke ya gore, “U ratè oa ga eno yaka u ithata.” (Mathaio 22:39) Seo se raya go ikgaoganya le ditlhoano tsa lefatshe leno, dikilano, le dikgotlhang. Go raya go sa tlhole o ithuta ntwa mme o batla kagiso.—Isaia 2:2-4.
Go tshwantshetsa ntlha eno: A o ne o ka akanya ka moaposetoloi Paulo wa “Mofora” a ya go bolaya moaposetoloi Petere wa “Mojeremane” fela ka go bo merafe ya bone e ne e lwantshana? Lefa go le jalo, mo ntweng ya bobedi ya lefatshe ditumelo ka bontsi di ne di kopanyelediwa thata mo dintweng tsa merafe ya tsone mo di neng tsa romelela masole bagogi ba tsone ba dikereke! Ka nako e e tshwanang, baruti ba “Bakeresete” mo matlhakoreng oo-mabedi ba ne ba rapela Modimo o o tshwanang gore o ba fe phenyo. A mme Modimo o kgaoganye? A o ka gogelwa mo go seo Professor Albert Einstein a neng a se tlhalosa jaaka “bolwetsi jwa bongwana” jwa bomorafe, “mmokwana wa setho”? Ruri nnyaa! Ke sone se baobamedi bao ruri ba itumedisang Modimo ba tshwanetseng go nna fela ba itlhaotse le go bontsha lorato Iwa mmatota. (Yohane 13:34, 35; 17:16) Ga ba “tlhabane kaha nameñ.”—Bapisa 2 Bakorintha 10:3, 4.
Kobamelo ya Boammaaruri e Goletsa Leina la Modimo
Moaposetoloi Paulo o ne a supa lotshwaong lo longwe gape Iwa bodumedi jo bo itumedisang Modimo fa a ne a re lemororo go na le medimo e le mentsi le barena, gareng ga baobamedi ba boammaaruri go “Modimo o le moñwe hèla, eboñ Rara.” (1 Bakorintha 8:5, 6) Ee ruri, bao ba itumedisang Modimo ba tla itse ba bo ba dirisa leina la gagwe.
Bibela, mo dipuong tsa yone tsa pele, e umaka ka tlhamalalo leina la Modimo makgetlo a le 7 000. Ka motlhala, Pesalema 83:18 e balega ka gore: “Gore ba tlè ba itse ha wèna wesi, eo leina ya gago e leñ YEHOFA, u le Mogodimodimo, u okame lehatshe yeotlhe.” Mme ke eng fa baineedi ba ditumelo tse dintsi ba obamela Modimo o o senang leina? Mme ke eng ba tlositse leina la gagwe mo dithanolong tsa Dibibela tsa bone? Tota ruri eo ga se tsela ya go itumedisa Modimo, ka go bo Jesu o ne a rapela a re: “Leina ya gago a le itshepisiwè.”—Mathaio 6:9.
Bodumedi jo bo Itumedisang Modimo
A go na le setlhopha sa lefatshe lotlhe sa bodumedi seo se fitlhelelang dipatlafalo tse pedi tsa konokono tsa kobamelo ya boammaauri eo re sa tswang go buisana ka yone? A go na le bodumedi bongwe joo ruri bo dirisang lorato loo Keresete a ileng a le ruta? Mme ebile a bone baobamedi bao ka boammaaruri ba galaletsa Modimo le go tlotla leina la gagwe mo lekgolong leno la dingwaga la bo-20?
Ke lebaka je le ka supelwang ka botlalo gore Basupi ba ga Jehofa ba tshegetsa boitlhaodi tebang le dintwa tsa merafe. Ka lebaka leno, ba ile ba bogisiwa mo dikampeng tsa kgolegelo le mo ditoronkong. Mo boemong jwa gore ba itatole melao-metheo ya bone e e theilweng mo Bibeleng, ba ile ba ikgethela tsela ya go swela tumelo eo e neng ya tsamaiwa ke Bakeresete ba pele. Boemo jono bo ile jwa tlhotlhelediwa ke go rata Modimo ga bone le go rata ba ga bone. Lorato lo lo ntseng jalo ke lo longwe lwa matshwao a kobamelo ya boammaaruri eo e itumedisang Modimo.
Ba le bantsi ba ile ba tlhokomela motlhala o montle wa Basupi ba ga Jehofa mabapi le seno. Ka sekai, dingwaganyana di sekae tse di fetileng mokwadi mongwe wa koranta mo South America o ne a tlhokomela gore Basupi “ba gana ka ntlha ya mabaka a segakolodi go tsenelela bosole.” O ne a tswelela a re: ‘Le eleng fa ba sale bana, Basupi ba ga Jehofa ba lemoga gore e tla re fa ba fitlha mo dingwageng tsa lesome le bohera bobedi ba nne mo kgolegelong ka lobaka lo loleele ka ntlha ya boitlhaodi jwa bone. Ba amogela kotlhao jaaka bontlhanngwe jwa tumelo ya bone ya sedumedi. Ba bonolo ba bile ba kagiso.’
Gotweng kaga patlafalo e nngwe gape ya bodumedi jo bo itumedisang Modimo? Ke bomang ruri, ba ba tlotlang leina la bomodimo, Jehofa? Go itshupa fela gore ke Basupi ba ga Jehofa ba le bosi ba ba dirang seno mo lefatsheng lotlhe ka go rera ga bone le ka boitshwaro.—Baroma 10:13-15.
Ke eng fa o sa itlwaelanye ga botoka le Basupi ba ga Jehofa? Tšhate e e latelang e rulaganya dingwe tsa ditumelo tsa bone, gammogo le mabaka a Dikwalo a tsone. Sekaseka mokgwa wa kobamelo wa Basupi ka tlhatlhobo eno e e motlhofo: A bo fitlhelela ditekanyetso tsa Modimo tsa boammaaruri jaaka fa di kwadilwe mo Bibeleng? A bo tlhagisa loungo Iwa kagiso Iwa lorato lo lo tshwanetseng Iwa nna bontlhanngwe jwa kobamelo ya boammaaruri? A bo tlotla leina la Modimo? Fa o fitlhela gore bo dira seno sotlhe, o tla bo o lemogile bodumedi joo tota-tota bo itumedisang Modimo.
[Lebokoso mo go tsebe 6]
SE BASUPI BA GA JEHOFA BA SE DUMELANG
TUMELO MOTHEO WA BIBELA
Jehofa ke leina la Modimo Ekesodo 6:3; Pesalema 83:18
Bibela ke Lefoko la Modimo Yohane 17:17;
Keresete ke Morwa Modimo Mathaio 3:16, 17; Yohane 14:28
Motho o ne a seka a tlhagelela
mme o ne a bopiwa Genesise 1:27; 2:7
Go swa ga batho go nnile gone
ka ntlha ya boleo jwa ga Adame Baroma 5:12
Moya o khutla go nna gone
y nakonga loso Moreri 9:5, 10; Esekiele 18:4
Dihele ke lebitla le le Yobe 14:13; Tshenolō 20:13,
tlwaelegileng la setho King James Version
Baswi ba solofetse tsogo Yohane 5:28, 29; 11:25;
Botshelo jwa selefatshe Mathaio 20:28;
jwa ga Keresete e ne e le 1 Petere 2:24;
thekololo ya batho ba ba 1 Yohane 2:1, 2
tlwang
Melao ya Bibela ya maitsholo 1 Bakorintha 6:9, 10
e tshwanetse go utlwiwa
Ga go a tshwanelwa go dirisiwa Ekesodo 20:4-6;
ditshwantsho mo kobamelong 1 Bakorintha 10:14
Tirisa badimo e tshwanetse Duteronome 18:10-12;
ya tilwa Bagalatia 5:19-21
Madi ga a tshwanela go tsenngwa Genesise 9:3, 4;
mo mmeleng wa motho Ditihō 15:28, 29
Mokeresete o tshwanetse a Yohane 15:19; 17:16;
ikgaoganya le lefatshe Yakobe 1:27; 4:4
Bakeresete ba tshwanetse Isaia 43:10-12;
go neela bosupi, Mathaio 24:14;
ba bolela “Mahoko Mat 28:19, 20
a a Molemō”
Kolobetso ka go nwediwa Mareko 1:9, 10;
gotlhelele e tshwantshetsa Yohane 3:23;
boineelo go Modimo Ditihō 19:4, 5
Direto tsa sedumedi Yobe 32:21, 22;
ga di a tshwanela Mathaio 23:8-12
Go nna gone ga ga Keresete Mathaio 24:3; Yohane 14:19;
ke ga moya 1 Petere 3:18
Satane ke mmusi yo o sa Yohane 12:31;
bonaleng wa lefatshe 1 Yohane 5:19
Modimo o tla senya tsamaiso Daniele 2:44;
ya jaanong ya dilo e e boikepo Tshenolō 16:14, 16;
Bogosi tlaseng ga Keresete Isaia 9:6, 7;
bo tla busa lefatshe ka tshiamo Daniele 7:13, 14;
“Lecomanyane” go busa le Keresete Luke 12:32;
mo legodimong Tshenolō 14:1-4; 20:4
Batho ba bangwe ba ba amogelwang Luke 23:43;
ke Modimo ba tla amogela botshelo Yohane 3:16
jo bo sa khutleng mo
lefatsheng la Paradaise
[Setshwantsho mo go tsebe 5]
O ka bona jang nnale fa a le mo bojanyeng?
O ka bona jang bodumedi jwa boammaaruri?