‘Bodumedi Jwa Me Bo Ntshiametse!’
A O KILE wa araba ka mafoko a a ntseng jalo fa mongwe wa Basupi ba ga Jehofa a ne a go etetse mo legaeng ja gago? Gongwe o ne wa oketsa ka gore: ‘Bo ne bo siametse batsadi ba me le bagaetsho-mogolo. Jalo ke ka itshwenyetsang ka bodumedi jo bongwe?’
Legale, re solegelwa molemo thata ke botlhale le boitemogelo jwa batsadi ba rona. A mme seo thata thata ke maitshwarelelo a a botlhale a go latela bodumedi bongwe? Mme kana ga re nke re etsa batsadi ba rona le bagarona-mogolo mo go sengwe le sengwe se re se dirang. Ka ntlha yang? Ka go bo go ile ga nna le kgatelopele mo kitsong le mo tlhaloganyong.
Go tshwantshetsa: Go feta dingwaga tse 40 tse di fetileng fa batho ba ne ba Iwala, gongwe ba ka bo ba ile ba swa fela ka go bo ba ne ba sena kalafi e e lekanetseng. Fa e sale ka 1943, dibolaya-megare di ile tsa nna gone tsa bo tsa boloka matshelo a le mantsi. A re gana go dirisa dibolaya-megare fela ka go bo bagarona-mogolo ba ne ba sa di itse? Nnyaa, re dirisa mogopolo le go lemoga mesola ya tlhabologo. Boikutlo jo bo tshwanang le joo bo ntse bo utlwala mabapi le kaga bodumedi.
Kgang ya ga moaposetoloi Paulo le yone e ntse e tswelela ka go bontsha gore bodumedi jwa bagologolwane ba rona ga se tota kobamelo ya boammaaruri eo e itumedisang Modimo. Pele ga Paulo a sokologela Bokereseteng, o ne a tshwara “Tsela” ya Bokeresete ka boganka jo bo feteletseng, ka a ne a nnela go ‘bogisa phuthego ya Modimo ka thata e kgolo a ba a e senyaka.’ Mme e le ka ntlha yang? Ka go bo a ne a ‘tlhoafaletse melawana ya borraagwe.’ Go ineela ga gagwe ka bopeloephepa mo bodumeding jwa gagwe jwa pele go ne ga mo kganela mo goreng a lemoge boammaaruri kaga Jesu Keresete—mme seo e ne e se se se itumedisang Modimo.—Ditihō 9:1, 2; Bagalatia 1:13, 14.
Bodumedi jwa Gago—A O bo Ikgethetse Kana bo go Wetse Fela?
Mo mabakeng a le mantsi, bodumedi jwa motho tota tota e a bo e le kgang ya sewelo fela. Ka tsela efe? Ka go bo gongwe o ka ne o ile wa tsalwa o le Mokatoliki, Moporosetanta, Mohindu, Motaoisete, kana Mobuda ka go bo seo e ne e le bodumedi jwa batsadi ba gago. Mme a re re gongwe o ne o tsaletswe mo nageng e sele kana mo lelapeng le sele. Gongwe o ne o ka bo jaana o tlhoafaletse go ipolela ka bodumedi bongwe jo bo farologaneng. Ka gone, a go a utlwala go tsaya gore bodumedi jo o tsaletsweng mo go jone bo setse fela bo nna jwa boammaaruri?
E ka ne o ile wa tsalelwa mo bodumeding jwa gago kana nyaa, o sa ntse o ntse o ka ne o ikutlwa gore bo go siametse. A mme bodumedi jo bo tshwanetseng ke kgang fela ya mogopolo wa botho kana keletso? A seo ke kaelo eo e ka ikanngwang?
Gongwe re ka tshwantshetsa seno ka dijo. A ke o botse ngwana gore fa e le kuku kana mogopo wa morogo—ene o ka tsaya gofe? Go bonala sentle fa a tla tlhopha kuku. A mme tlhopho e e ntseng jalo e tla raya gore o tla otlega sentle? Ka mo go tshwanang, lebaka la go bo wena ka sebele o rata bodumedi bongwe ga le reye gore ke jo bo go siametseng thata kafa semoyeng.—Bapisa Baroma 10:2, 3.
Bodumedi ga se kgang fela ya gore wena o rata eng. Bo kopanyeletsa kobamelo ya Modimo, jalo bo tshwanetse go mo itumedisa. Ka gone, potso ya botlhokwa-tlhokwa ga se gore, A ruri-ruri bodumedi jwa me bo ntshiametse? Mme bogolo, ke go re, A bodumedi jwa me bo itumedisa Modimo?