“Tora ya Tebelo”—E Thusa go Thibela Bokebekwa
NAOMI, mosetsana wa dingwaga di le supa yo o nnang kwa Manchester, Engelane, o ne a kwalela ofisi ya Lontone ya Watch Tower Society ka boitumelo jaana: “Fa ke ne ke tsena mo Ofising ya rona ya Poso, ke ne ka bona setshwantsho se segolo sa nngwe ya dimakasine tsa rona, se se nang le mosadi a utswelwa kgetsana ya gagwe ya letsogo ke monna yo o tshotseng thipa. Mapodisi a Greater Manchester a se kopolotse gore a tlhagise batho ka bokebekwa!” Ke kgang efe e e bakileng phasalatso eno e e sa tlwaelegang ya go thibela bokebekwa?
Mongwe wa Basupi ba ga Jehofa o ne a tsamaisetsa monna mongwe sekaelo sa tokololo ya Tora ya Tebelo ya November 1, 1984, e e nang le setlhogo se se reng “Dipaka tsa Rona tse di Tlhokofatsang—Ke ka Ntlhayang fa di le Thubakanyo Jaana?” fa a ne a supa mo mmileng wa Manchester. Lekawana leno le ne le tsenya makasine ono mo kgetsing ya lone, mme le ne la thukuthiwa mo tseleng go ya gae. Fa a ntse a dutse a rarabologelwa mo letshogong la tiragalo eo, o ne a gakologelwa makasine ono mme a simolola go o bala. Fa molaodi wa Lefapha la Mapodisi la go Thibela Bokebekwa, a mo etela, o ne a mmonthsa makasine ono, a tlhalosa gore o ne a sa akanye gore le ka motlha o tla tlhaselwa ke dikebekwa ka boene.
Moalodi wa mapodisi o ne a kgatlhiwa thata ke setshwantsho se se kafa ntle, a bolela gore setshwantsho se na le sotlhe se se neng se tlhokafala go tlhagisa batho ka dikotsi tsa bokebekwa. Tetlelelo ya go kopolola setshwantsho seo jaaka phasalatso ya go thibela bokebekwa e ne ya neelwa kwantle ga tikatiko, ga felela ka go anamisiwa ga tsone di le 3 000 mo lefelong la Greater Manchester.