LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w85 7/1 ts. 29-31
  • Bobishopo—A Ke Barena kana Batlhanka?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Bobishopo—A Ke Barena kana Batlhanka?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Motlhala wa Molebedi wa Mokeresete
  • Bobishopo ba La-Bodumedi​—A Ba A Tshwanelega Kafa Dikwalong?
  • Go Amega ka “Lecomane ya Modimo”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1981
  • Balebedi—Nnang Dikao tse di Molemo tsa “Lecomane”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1981
  • Balebedi ba ba Disang Letsomane
    Re Rulaganyeditswe go Dira Thato ya ga Jehofa
  • “U Lebalebè Banna Ba Ba Nonohileñ, Ba Ba Boihañ Modimo”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
w85 7/1 ts. 29-31

Bobishopo​—A Ke Barena kana Batlhanka?

THOMAS WOLSEY o tsaletswe mo Ipswich, ka 1475. O ne a nna moprista ka 1498 mme o ne a ratwa thata ke Kgosi Henry VIII. Go tlhatloga ga gagwe go ne go le bofefo. O ne a tlhomiwa bishopo wa Lincoln ka 1514, a nna bishopo mogolo wa York dikgwedi di se kae moragonyana, mokadinale ka 1515, ramelao wa tsa bomopapa dingwaga tse tharo morogonyana. Mo godimo moo, Kgosi e ne ya mo dira mookamedi yo mogolo. Ka gone o ne tota a busa Ennyelane go tloga ka 1515 go fitlha go 1529. Mokadinale Wolsey e ne e le setshwani sa baruti ba bantsi bao ba ileng ba nna le maatla mo ditiragalong tsa selefatshe le tsa semoya jaaka “barena.”

Mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E., go ne ga nna le “bishopo” wa mofuta o mongwe o sele. O ne a bidiwa Timotheo, e ne e le morwa wa monna mongwe wa Mogerika, lemororo mmaagwe Eunike le mmaagwe mogolo Loise e ne e le Bajuda. Ba ne ba mo godisetsa mo tseleng ya Bokeresete ka lorato. Mo e ka nnang ngwaga wa 50 C.E., fa a ne a sa ntse a le lekawana, Timotheo o ne a itseela sebaka sa go tsamaya le moaposetoloi Paulo jaaka morongwa. Morago ga dingwaga tsa thapiso o ne a nna molebedi wa Mokeresete, kana e·piʹsko·pos (lefoko leo bishopo a tsewang mo go lone), mme o ne a ratelwa boineelo jwa gagwe jo bo seng bogagapa. Paulo o kwadile ka gore: “Yaka nwana a tla a dihèlè rragwè, le èna o dihile le nna yalo mo go cwedisetsen Mahoko a a Molemō kwa pele.”​—Bafilipi 2:22.

Thomas wa morena, Timotheo wa motlhanka​—ke ofe mo go bone yo o neng a tlhoma sekao se se siameng go “bobishopo” ba Bokeresete jwa boammaaruri, kana balebedi?

Motlhala wa Molebedi wa Mokeresete

Mosimolodi le Tlhogo e e yosi fela ya Bokeresete jwa boammaaruri, ebong Jesu Keresete, o ne a tlhoma motlhala wa motheo go balebedi, fa a ne a re: “Loa itse ha balaodi ba Badichaba ba bo ba le bogōma mo go bōnè, le bagolo ba bōnè ba gagamatsa taolō mo go bōnè. Ga go ketla go nna yalo mo go lona: Le gōna leha e le mañ eo o ratañ go nna oa pele mo go lona, a a nnè motlhanka oa lona: Hèla yaka Morwa Motho a na a sa tla go dihèlwa, me e le go dihèla, le go ntsha botshelō yoa gagwè go nna thèkololō ea batho ba le bantsi.”​—Mathaio 20:25-28.

Petere, mongwe wa balebedi ba ntlha ba Bokeresete, o ne a netefatsa motlhala o o fa godimo ka go laela bagolwane ba Bokeresete ka gore: “Disañ lecomane ya Modimo ye le mo go lona, lo nntse lo lebèla, e señ ka go patèlèlwa, me ka pelo e e ratañ, kaha mokgweñ oa Modimo; e señ gore lo tlè lo bōnè khumō, me ka boikutlō yo bo itumèlañ; Leha e le ka mokgwa oa go rèna mo go ba lo ba chwaecweñ, ha e se ka go itiha dikaō mo lecomaneñ.” (1 Petere 5:2, 3) Petere o ne a diragatsa se a neng a se rera. Fa a ne a etela Korenelio, Moditshaba wa ntlha go nna Mokeresete, Korenelio “a wèla ha dinaoñ tsa gagwè, a mo óbamèla. Me Petere a mo kakatlolola, a re, Ema; le nna ka nosi ke motho.”​—Ditihō 10:25, 26.

Ka mo go kgatlhisang, Petere o ne a kwala mafoko a gagwe mo go 1 Petere 5:1 go “bagolwane.” Lefoko la Segerika le Petere a neng a le dirisetsa “bagolwane” ke pre·sby·teʹrous, le go tswang lefoko “moprista” le tswa mo go lone. “Bobishopo” mo go La-Bodumedi ba tsewa jaanong ba le bagolo mo go “baprista.” Mme fa moaposetoloi Paulo a ne a romela “kwa Efeso, a ea go bitsa bagolwane [pre·sby·teʹrous] ba phuthègō,” o ne a re go bone gareng ga dilo tse dingwe: “Lo itisè, lo bo lo disè lecomane yeotlhe, ye Mōea o o Boitshèpō o lo dihileñ baokami [e·pi·skoʹpous].” (Ditihō 20:17, 28) Ka jalo, bagolwane (pre·sby·teʹrous) le balebedi (e·pi·skoʹpous) ba ne ba na le maemo a a tshwanang mo metlheng ya Bibela. Lereo “mogolwane” le tlotlomatsa boitemogelo le bogodi jwa semoya jo bo tlhokelwang go amogela boikarabelo jono, e re ntswa lereo molebedi le tlhalosa mofuta wa tiro o ba ba ntseng jalo ba tla o dirang mo go okameleng le mo go tlhokomeleng maloko a phuthego.

A mme motho a le mongwe o ne a busa jaaka “molebedi,” kana “mogolwane,” mo phuthegong ya Bokeresete mo metlheng ya Bibela? Eseng go ya ka seo Bibela e se buang mo go Tito 1:5, 7. Tito o ne a bolelelwa koo gore a “tlhōmè bagolwane [pre·sby·teʹrous] mo motsiñ moñwe le moñwe.” The Jerusalem Bible e baya temana eno ka gore: “Mme o tlhome bagolwane mo toropong nngwe le nngwe” ka mantswe a a kwa tlase e bo e re: “Mo metlheng ya pele motse mongwe le mongwe wa Bokeresete o ne o laolwa ke setlhopha sa bagolwane”​—Mokwalo o o sekameng wa rona.

Timotheo o ne a laelwa go tlhoma balebedi mo diphuthegong tse dintsi. Paulo o ne a mo kwalela, go ya ka King James Version: “Fa monna a eletsa ofisi ya bobishopo [e·pi·skoʹpos], o eletsa tiro e e molemo.” (1 Timotheo 3:1) The Jerusalem Bible e e baya ka tsela eno: “Go batla go nna mogolwane yo o okamelang ke go batla tiro e e tlotlegang.” E oketsa ka mantswenyana ano a a kwa tlase: “Lefoko ‘episcopos,’” le le dirisiwang fano ke Paulo, “ga le ise le be le nne le bokao jo bo tshwanang le jwa ‘bishopo’” (Mokwalo o o sekameng wa rona.) Ka gone, batlhalefi ba Katoliki ba dumela gore bobishopo ba ba renang ba La-Bodumedi ga ba tshwane le balebedi ba pele ba ba boikokobetso ba Bakeresete. Jaaka The New Bible Dictionary e tlhalosa: “Ga go na motlhalanyana mo Testamenteng e Ntšha wa puso ya bishopo a le mongwe.” Elmer T. Merrill, M.A., LL.D, ka mo go tshwanang o tlhalosa jaana mo bukeng ya gagwe ya Essays in Early Christian History: “Mo dingwageng tsa ntlha tse di lekgolo bishopo mo nakong e ntsi e ne e le modulasetilo fela yo o seng boikgogomoso wa kholetšhe [setlhopha se se rulagantsweng] sa bagolwane ka ene [banna bagolo].”

Bobishopo ba La-Bodumedi​—A Ba A Tshwanelega Kafa Dikwalong?

Fa a ne a kwalela Tito, moaposetoloi Paulo o ne a re molebedi o tshwanetse go nna “eo o senan molato.” (Tito 1:6) A Mokadinala Wolsey ‘o ne a se na molato’? Encyclopædia Britannica e bolela gore o ne a “se boitsheko​—o ne a na le morwa le morwadi ba dikgora.” Ga a nosi mo go seno. Ka makgolo a dingwaga baprista le bobishopo ba ba senang palo ba ile ba nna le molato o o tshwanang. Jaaka buka ya Age of Faith e re: “Mo lekgolong la dingwaga la boroba bongwe, boitsheko jwa baruti le eleng go sa nyale e ne ya nna maithamako fela.” Mongwe wa bomopapa ba lekgolo la dingwaga la bo-11, Gregory VII, o ne a dumela ka gore: “Ke fitlhela bobishopo ba se kaenyana fela ba go tlhomiwa ga bone le matshelo a bone a leng tumalanong le melao ya Kereke, kana ba ba laolang batho ba Modimo ka lorato mme eseng ka maemo a selefatshe.”

Paulo gape o kwadile ka gore mogolwane wa Mokeresete ga a tshwanela go nna “morati oa go huma madi.” (1 Timotheo 3:3) Lefa go ntse jalo, go ya ka Wolsey, Encyclopædia Britannica e re: “O ne a le wa selefatshe, a le segagapa sa khumo” mme o ne a dirisa “nonofo ya gagwe ya selefatshe le ya seruti go ikhumisa mo a bileng a ne a le wa bobedi ka letlotlo kwa ntle ga Kgosi fela.” O ne a na le matlo a segosi a le mabedi, e nngwe ya yone, York Palace e ne e le ya mabono mantle mo Henry VIII, morago ga go e keleka, a neng a “tenwa ke lehumo le a neng a le bona koo” mme a e gapa.

Ka mo go tshwanang gompieno, baruti ba kereke ba ile ba dirisa dituelelo tsa dikereke, dikoleke, diphalalo, le eleng madi a a duelelwang a ditsha tsa dithoto go ikhumisa. (Tshenolō 18:7) Ka sekai, bishopo mongwe mo Afrika Borwa, yo eleng tlhogo ya diketekete dingwe tsa makoko a se-Aferika bosheng fela jaana o ne a reka mmotorokara o mosha wa Buick o o jang R37 000a O ne a dira seno go sa kgathalesege dikoloi tsa mabono mantle tse nne tse a neng a na le tsone. Fa a ne a bodiwa gore phoso ke eng ka nngwe ya dikoloi tse di leng teng, mogolwane wa kereke o ne a tlhalosa gore: “Ke kara e ntlenyane, mme bishopo o tlhoka phatlha e e leng teng e kgolwanyane mo koloing ya Buick.”

Mme abo go bapala dikhumo go go ntseng jalo go mela diphuka jang ne! Thomas Wolsey o ne a palelwa ke go rulaganyetsa go fokodiwa ga lenyalo mo Henry VIII a neng a go batla mme ka gone a dirwa eseng mang fela ka 1529. Go ya ka ditso, go tswa foo o ne a “tlogela ka matlhabisa ditlhong a ya kwa moagong wa gagwe wa kereke wa York, o a neng a ise a ke a o etele”​—mo dingwageng tse 15! (Mokwalo o sekameng wa rona.) Lefa go ntse jalo, Wolsey, o ne a se ka a latlhegelwa fela mo motshamekong wa dipolotiki. Go palelwa ga gagwe ga mmatota e ne e le go tlhokomologa go latela “modisa eo molemo [Jesu, yo o beelang] dinku botshelō yoa gagwè.”​—Yohane 10:11.

Mo go fapaaneng, Timotheo ga ise a ke a tsenelele dipolotiki. Ka gone e ne e se ‘karolo ya lefatshe.’ (Yohane 15:19) Go na le gore a rene mo go ba bangwe, o ne a nna motlhanka yo o ineetseng thata wa Bakeresete ka ene mo Paulo a neng a ka kwala ka ga gagwe gore: “Gonne ga ke na opè eo o pelo e chwanañ le ea gagwè, eo o tla tlhōkōmèlañ ka tlhōmamō kaha lo tshelañ ka gōna.”​—Bafilipi 2:20.

Abo re ka ipela jang ne go bo Jehofa gompieno ka mo go tshwanang a ile a emisa badisa ba ba ikanyegang ba ba diketekete bao ba “tlhōkōmèlañ ka tlhōmamō” letsomane la Modimo. Mo e ka nnang balebedi botlhe mo diphuthegong tsa Basupi ba ga Jehofa ke banna fela ba e leng bathonyana fela. Bontsi jwa bone ba otla malapa a bone ka tiro ya boitshediso le go tsweledisa ditiro tsa semoya mo nakong ya bone ya morago ga tiro. Bontsi jwa nako eo bo jewa ke go baakanyetsa le go tla dipokanong tse tlhano tsa beke; go etelela pele mo tirong ya go rera ka ntlo le ntlo; go tsamaisa dithuto tsa Bibela le batho ba ba kgatlhegang; go etela ba ba Iwalang, batsofe le ba ba bokoa semoyeng; le go tlhokomela malapa a e leng a bone. Banna bano ke ba ba tshwaregileng tota, “batlhanka” ba ba ineetseng, ba ba sa amogeleng tuelo ya ditirelo tseno. Ka mo go fapaaneng, go tswa mading a e leng a bone a botho ba tlhakanela mo go ntsheng meneelo go tlhokomela Holo ya Bogosi ya lefelo leo. Ga ba apare diaparo dipe tse di ba kgethololang, ga ba na mareo a a kgethegileng, mme ba farologanyesega fela ka kitso ya bone ya Bibela, bogodi jwa bone jwa Bokeresete, le tlhagafalo ya bone mo tirelong ya ga Jehofa. Banna ba ba ntseng jalo ba tshwanelwa ke tlotlo e e boteng le tshwaraganelo ya pelo yotlhe jaaka ba disa letsomane le go itshupa ba le boikokobetso, ka tirelo e e boineelo gore ke batlhanka​—eseng barena!

[Ntlha e e kwa tlase]

a Ranta e lekana le disente di le 87

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela