LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w84 2/15 ts. 19-25
  • “U Lebalebè Banna Ba Ba Nonohileñ, Ba Ba Boihañ Modimo”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “U Lebalebè Banna Ba Ba Nonohileñ, Ba Ba Boihañ Modimo”
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ditshwanelego tsa Banna Bagolo mo Iseraele
  • Banna Bagolo Ba Ba Nonotshitsweng ke Jehofa
  • A Botlhogo-Pududu Bo Lekanetse?
  • Banna Bagolo mo Phuthegong ya Bokeresete
  • Ditshwanelego tsa “Banna Bagolo”
  • Botenegi Bo A Tsenelela
  • Kgalalelo ya Botlhogopududu
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Jehofa o Tlhokomela Batlhanka ba Gagwe ba ba Tsofetseng ka Lorato
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
  • Tsaya Bakeresete ba ba Godileng ba le Botlhokwa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2021
  • Re ka Tswelela re Itumetse Le fa Re Tsofetse
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Makasine o o Ithutiwang)—2025
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
w84 2/15 ts. 19-25

“U Lebalebè Banna Ba Ba Nonohileñ, Ba Ba Boihañ Modimo”

“Gapè, mo bontsiñ yoa batho u lebalebè banna ba ba nonohileñ, ba ba boihañ Modimo, banna ba boamarure, ba ba ilañ papadi e e sa siamañ; me u tlhōmè ba ba nntseñ yalo mo go bōnè.”​—EKESODO 18:21.

1. Ke ka ntlha yang mareo “molebedi” le “monna mogolo” a kgatlhisa Basupi ba ga Jehofa ka mo go kgethegileng?

“GO TLOGA nakong ya ga Homer [mo e ka nnang lekgolong la bo-9 la dingwaga B.C.E.] go fitlha metlheng ya rona mafoko a le mantsi a ile a swa; fa a mangwe a le mantsi a ile a tsalwa. Epískopos [molebedi] le presbýteros [monna mogolo] a ile a tswelela a ntse a tshela.” Kakgelo eno ya moithuti wa segompieno wa Mogerika e senola nonofo e e tiileng ya bokao jwa mareo a Segerika “molebedi” le “monna mogolo.” Ka diketekete tsa dingwaga mafoko ano a ile a amangwa le karolo e e botlhokwatlhokwa ya tsamaiso ya phuthego ya ga Jehofa mo bathong ba gagwe. Fa e le gore o kopanela le Basupi ba ga Jehofa, he puisano e e latelang ya kafa mareo ano a ileng a tsena ka teng mo phuthegong ya Bokeresete e tla nna e e kgatlhisang thata go wena.

2, 3. Ke bomang bao Moshe a neng a tshwanetse go ba tlhatswa pelo e le gore a tle a direle jaaka moetapele yo o tlhophilweng ke Modimo wa Baiseraela?

2 Ditso tsa Bibela, legale, di re busetsa kwa morago-rago go na le mmoki wa Mogerika Homer. Ka lekgolo la bo-16 la dingwaga B.C.E. Moshe o ne a amogela taolo go tswa go Jehofa go boela kwa Egepeto le go etelela Baiseraele go ba ntsha mo bokgobeng. Ereka a ne a dule mo bathong ba gagabo dingwaga tse di ka nnang 40, o ne a tla ipega kwa go mang? “Ea,” Modimo wa bolela, “U phuthè (banna bagolo, NW) [Segerika, gerousía, “lekgotla la bagolwane”; bona [Septuagint Version] ba Iseraela mmōgō . . . Me ba tla reetsa lencwe ya gago; me u tla ea, wèna le [banna bagolo] ba Iseraela, lo ea kgosiñ ea Egepeto.”​—Ekesodo 3:16, 18.

3 Ka mo go phepafetseng go tswa nakong ya ditlhogo tsa lotso banna bagolo ba ne ba tlotlega segolo bogolo ka ntlha ya boitemogelo jwa bone, kitso, botlhale le katlholo ya bone e e utlwalang. E ne e le bone bao Moshe a neng a tshwanetse go ba tlhatswa pelo gore ba tle ba mo amogele jaaka moetapele wa bone yo o tlhophilweng ke Modimo go ba golola.

Ditshwanelego tsa Banna Bagolo mo Iseraele

4. Ke kakantsho efe e Jetherwe a neng a e neela Moshe, mme e ne ya felela ka eng?

4 E ne ya re fela fa Baiseraele ba sena go tswela mo sekakeng, ba gololesegile mo bagoleging ba bone ba Baegepeto, boikarabelo jwa katlholelo jwa ga Moshe tebang le morafe jwa mo hekeetsa thata. Mogwagadiagwe, Jetherwe yo o neng a etile, a go bona sentle ka phepafalo mo a neng a neela kakantsho e e utlwalang e go bonalang fa e ne ya amogelwa ke Jehofa. O ne a re: “Mo u go dihañ ga go molemō. Rure u tla tlhōrèga hèla, wèna, le batho ba u nañ nabō: gonne mo u go dihañ go bokete bobe mo go wèna; ga ua lekana go go diha u le nosi. A u ko u utlwè lencwe ya me, ke tla gu naea kgakololō, me a Modimo o nnè nau: ka re, wèna u èmèlè batho ntlheñ ea Modimo . . . Gapè, mo bontsiñ yoa batho u lebalebè banna ba ba nonohileñ, ba ba boihañ Modimo, banna ba boamarure, ba ba ilañ papadi e e sa siamañ, . . . me ba tla rwala morwalō nau.” (Ekesodo 18:17-23) Thulaganyo eno e ntšha ya katlholelo mo Iseraela e ne ya direla go fetisetsa morwalo go banna ba bangwe ba ba nonofileng. Phuthego ya Iseraela jaanong e ne e na le setlhopha sa bagolwane ba ba tshwanelegang se se rulagantsweng go dirisana le dikgang le dikgaruru tsa katlholelo.

5. A Moshe o ne a tla tlhopha banna bagolo bangwe le bangwe fela ba ba neng ba le gone?

5 Abo se se fapaane jang le tsamaiso ya jaanong ya lefatshe koo e leng ba ba seng kae ba ba anaanelang melao-metheo e e kwa godimo​—koo pipa molomo le go bola go apesitseng babusi le babusiwa! Morago koo mo Iseraeleng wa bogologolo banna bao ba neng ba tla direla le Moshe mo go diragatseng tshiamiso mo morafeng ba ne ba tshwanetse ba batlisisiwa ka kelotlhoko. Jaaka Jetherwe a ile a tlhalosa: “U lebalebè banna ba ba nonohileñ, ba ba boihañ Modimo, banna ba boamarure, ba ba ilañ papadi e e sa siamañ; me u tlhōmè ba ba nntseñ yalo mo go bōnè.” (Ekesodo 18:21) E ne e se fela kgang ya go kgetha banna bao ba neng ba godile mo dingwageng. Moshe o ne tshwanetse go re a “lebalebè” banna ba ba nonofileng, ba ba tshwanelegang, ba ba boammaaruri. Abo e le boemo jo bo gakgamatsang go bao ba tshwanetseng go tlhokomela dikgatlhego tsa batho ba ga Jehofa gompieno!

Banna Bagolo Ba Ba Nonotshitsweng ke Jehofa

6, 7. Ke kgato efe e Jehofa a neng a e tsaya e le gore a tle a tlhome banna bagolo mo Iseraela?

6 Nako nngwe moragonyana Baiseraela ba ne ba ngongoregela maemo mo magwatateng. Moshe, ka go ikutlwa gore morwalo wa go laola morafe jaanong o ne o le bokete mo go ene, o ne a bolelela Jehofa bothata. Tharabololo ya Modimo e ne e le eng? Re bala ka go re: “Me Yehofa a raea Moshe a re, Mphuthèla banna ba ba mashomè a shupa ba (banna bagolo) [Segerika, presbytéron, Septuagint Version] ba Iseraela, ba u ba itseñ ha e le (banna bagolo) [presbyteroi] ba batho, ba le balaodi ba bōnè; . . . me ke tla tsaea ga mōea o o mo go wèna ke o baea mo go bōnè; me ba tla rwala morwalō oa batho ba nau.”​—Dipalō 11:16, 17.

7 Moshe o ne a dira jaaka a ne a laotswe ebile re bolelelwa ka go re: “Me Yehofa a hologa a le mo leruñ, a bua naè, a tsaea ga mōea o o mo go èna, a o baea mo (banna bagolong) [presbytérous] ba ba mashomè a shupa; me ga dihala e rile hèla mōea o nna mo go bōnè, ba perofesa.” (Dipalō 11:24, 25) Bosupi jo bo phepafetseng e ne e le jono jwa go tlhophiwa ga bolegodimo ga “banna bagolo” bano. Jehofa o ne a ile a rulaganyetsa go golola batho ba gagwe go tswa bokgobeng mme jaanong o ne a dirisa ‘banna ba ba nonofileng, ba ba boammaaruri, ba ba neng ba boifa Modimo’ go abalana mo boikarabelong jwa boetapele le jwa taolo le Moshe.

8. Fa Baiseraela ba ne ba aga mo Lefatsheng la Tsholofetso, ke boikarabelo bofe jo banna bagolo ba neng ba bo tsaya?

8 Fa nako e ntse e ya, Baiseraele ba ba neng ba kgarakgatshega ba ne ba fenya Lefatshe la Tsholofetso mme ba feta ba nna mo mafelong a a tlhomameng a magae le metse, e le tsela eo ba neng ba tshela ka yone mo Egepeto. Seno se ne se raya gore banna bagolo jaanong ba ne ba ikarabelela mo bathong jaaka fa jaanong e ne e le baagi ba metse. Ba ne ba direla jaaka setlhopha sa balebedi ba metsana e e farologaneng ya bone, ba baakanyetsa ka baatlhodi le basimegi bao ba neng ba tla diragatsa tshiamiso le go boloka kagiso, tidimalo le boitekanelo jwa semoya.​—Duteronome 16:18-20; 25:7-9; Ruthe 4:1-12.

A Botlhogo-Pududu Bo Lekanetse?

9, 10. Ga mmogo le bogodi jwa mmele, ke dipatlafalo dife tse dingwe tsa “monna mogolo”? Tshegetsa seno ka Dikwalo.

9 A kgang e e fa godimo he jaanong e raya gore, monna mogolo mongwe le mongwe mo Iseraele o ne a tla bo fela a setse a nna “monna mogolo” mo boemong jwa katlholelo le jwa taolo? A tekanyetso e e rileng ya dingwaga e ne e tla dira Moiseraele go nna “monna mogolo” ka tlhaloganyo e e ntseng jalo? Nnyaa, phetso e e ntseng jalo e ne e tla bo e sa utlwale. Elihu o ne a tlhalosa dikgang ka phepafalo, fa a ne a re: “Ba batona ga se bōnè ba ba botlhale, leha e le bacohe ba ba tlhaloganyañ katlholō.” Mme moreri yo o botlhale o ne a kwala ka gore: “Tlhōgō e e pududu ke serwalō sa kgalalèlō, ha e bōnwa mo tseleñ ea tshiamō.” (Yobe 32:6, 9; Diane 16:31; Moreri 12:9, 10) Dikwalo tsa Sehebera di bontsha ka phepafalo gore mo go tshwanelegeng ga “monna mogolo” go gola le boitemogelo di tshwanetse tsa tsamaya mmogo le botlhale le tsela ya boitshwaro e e tshiamo.

10 Lefa go ntse jalo, dingwaga le boitemogelo ke tsa botlhokwa jo bogolo. Go tshwanelegela ditshiamelo tsa tirelo, banna bagolo ba tshwanetse ba amogela kaelo ya moya wa Modimo le go bapala kutlwisiso ya Lefoko la gagwe. Ga go a lekanela fela go kgona go tsopola dikwalo. Go itse kafa di ka dirisiwang ka teng ka botlhale ke lebaka la botlhokwa la “monna mogolo.”​—Diane 4:7-9; Tito 1:9.

Banna Bagolo mo Phuthegong ya Bokeresete

11, 12. (a) A metse ya Sejuda e ne e sa ntse e na le banna bagolo fa Jesu Keresete a ne a le mo lefatsheng? (b) Bagolwane ba phuthego ya Bokeresete ba ne ba tlhomiwa tlaseng ga thulaganyo ya mofuta ofe?

11 Go tswa go seo re setseng re se akanyeditse, go phepafetse gore fa e sale metlha ya bogologolo “banna bagolo” ba ba tshwanelegang ba ne ba dirisediwa go etelela pele mo dikganyeng tsa batho ba ga Jehofa. Mme ka nako ya fa Jesu Keresete a le mo lefatsheng Bajuda ba ne ba itlhometse setlhopha sa konokono sa baperesiti le bagolwane mo Jerusalema se se neng se itsiwe jaaka Sanhedrin. Le ne le direla jaaka kgotla-kgolo ya ditsheko ya Sejuda. (Mathaio 26:57-68) Lefa go le jalo, bosupi bo bontsha gore ditlhopha tsa banna bagolo di ne di santse di tlhagafetse mo dikganyeng tsa selegae mo metseng mme e seng fela mo selekanyong sa morafe.​—Luke 7:3-5.

12 Ka go gopola ka ditiragalo tseno, go motlhofo go bona kafa phuthego ya pele ya Bokeresete e neng e tla tswelela e dirisa thulaganyo ya bolegodimo e e tshwanang le e e neng e amogelwa ke Jehofa mo motlheng wa ga Moshe. Tlaseng ga kaelo ya moya o o boitshepo wa Modimo, bao ba neng ba tlhophiwa jaaka “banna bagolo,” kana bagolwane, mo phuthegong ya Bokeresete e ne e tla bo e le ‘banna ba ba nonofileng, ba ba ikanyegang, ba ba sa leswefalang ba bile ba boifa Modimo.’

13. Ke ka ntlha yang fa go ne go tlhokafala banna ba ba tlhaga, ba ba nonofileng mo phuthegong ya Bokeresete?

13 Go tloga ka Pentekosete ya 33 C.E. go ya pele phuthego ya badumedi e ne ya gola ka potlako. (Ditihō 2:41; 4:4) Ba ne ba sa kgaoganngwa ka ditlhopha tsa kwa bothokong, tse di iphaphileng tsa go ithuta Bibela jaaka ekete e ne e le lekoko la Baasene. Bokeresete e ne e se kgang ya kwa bothokong. Bo ne bo tshwanetse gore bo itsisewe phatlalatsa, go itsisewe merafe. (Mathaio 5:14-16; 28:19, 20) Ka ntlha ya lone lebaka le, banna ba ba tlhaga, ba ba nonofileng ba ne ba tlhokafala go etelela pele mo phuthegong ya Bokeresete. Ka mo go tshwanetseng he ba ne ba tla bo e le “banna bagolo.”

Ditshwanelego tsa “Banna Bagolo”

14. Ke dipatlafalo dife tsa bagolwane tse Petere a neng a di tlotlomatsa?

14 Eleruri, mo dingwageng tse di masome a supa tsa Motlha wa rona o o Tlwaelegileng ditshwanelego tsa semoya di ne di setse di tlhometswe banna bagolo bao ba neng ba tla etelela pele mo phuthegong ya Bokeresete. Ka gone re bona ditshupiso tse di papametseng mo go tseno mo dikwalong tsa baaposetoloi Petere le Paulo. Ka sekai, Petere o ne a kwala ka gore:

“Ke gōna, [banna bagolo, NW] ba ba mo go lona kea ba laea, . . . Disañ lecomane ya Modimo ye le mo go lona, lo nntse lo lebèla, e señ ka go patèlèlwa, me ka pelo e e ratañ, kaha mokgweñ oa Modimo: e señ gore lo tlè lo bōnè khumō, me ka boikutlō yo bo itumèlañ; Leha e le ka mokgwa oa go rèna mo go ba lo ba chwaecweñ, ha e se ka go itiha dikaō mo lecomaneñ.” (1 Petere 5:1-3)

Go a utlwala he, gore fa Petere a ne a gatelela gore “banna bagolo” ba ne ba sa tshwanela go direla gore ba tle ba “bōnè khumō, mme ka boikutlō jo bo itumèlañ,” o ne a boelela kgakololo ele ya gore Moshe o ne a tshwanetse gore a tlhophe “banna ba ba nonohileñ, ba ba boihañ Modimo, banna ba boamarure, ba ba ilañ papadi e e sa siamañ.”​—Ekesodo 18:21.

15. Ke dipatlafalo dife tse Paulo a neng a di tlhomela monna mogolo”?

15 Paulo, mo lokwalong lwa gagwe lo lo yang go modiri-ka-ene yo o ikanyegang Tito yo o neng a direla mo setlhakeng sa Kereta sa Mediterranean, o ne a mo laela gore a tle a “rulaganyè dilō tse di neñ di tlhaèla” mo diphuthegong le gore a “tlhōmè (banna bagolo), [presbytérous] mo motsiñ moñwe le moñwe.” Ka mo go kgatlhisang, lefoko la Segerika le le ranoletsweng “banna bagolo” le akantsha ka “monna yo o godileng, yo o tshwanelang ka boitemogelo jwa gagwe le matsetseleko ka go laola lelapa la gagwe kana batho.” (Episcopos y Presbyteros, ka Professor Manuel Guerra y Gómez) Kutlwisiso eno e tlotlomadiwa gape mo dipatlafalong tse Paulo a neng a di tsonkololela Tito ka Bakeresete bao ba neng ba tla tshwanelega go direla jaaka balebedi. O kwadile ka gore:

“Ke raea ha u hitlhèla monna e le eo o senañ molato, e le monna eo o mosadi moñwe hèla, a na le bana ba ba dumèlañ, ba ba sa bolelweñ ka molatō oa tlhapèlō, kgotsa e le ba ba ganañ taolō. Gonne mookami [Segerika, epískopon] oa phuthègō o chwanetse go nna motho eo o senañ molato, yaka molebalebedi oa Modimo; e se eo o ikgantshañ, e se eo o bonakō go galeha, e se eo o losiwañ ke boyalwa, e se moitei, e se eo o bolaèlwañ ke khumō e e mashwè pelo; Me e le eo o tlwaetseñ go chola batho, e le morati oa se se molemō, e le eo o mogopolō o o lekalekanyeñ, a le tshiamō, a le boitshèpō, a na le go ikgapa; A ñaparetse lehoko ye le ikanyègañ ye le leñ kaha thutoñ, gore a tlè a nonohè go laea ka thutō e e itekanetseñ, le go henya baganetsi.” (Tito 1:5-9)

Tlhatlhobiso e e kelotlhoko ya dipatlafalo tseno e re thusa go anaanela gore “monna mogolo” mo phuthegong ya Bokeresete o tshwanetse go fitlhelela boemo jo bo kwa godimo jwa boitshwaro le bomoya.

16. Re itse jang gore bagolwane gape e ne e le balebedi mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E.?

16 Go a kgatlhisa gape go ela tlhoko kafa Paulo a dirisang mareo a Segerika presbyteros le epískopos, “monna mogolo” le “molebedi.” Go tswa go seno re ka fetsa ka gore banna bagolo ba ba tshwanelegang ba ne ba diragatsa ditiro tsa molebedi mo diphuthegong. Mekwalo e mengwe e bontsha gore go ka nna ga nna le palo e e rileng ya balebedi ba banna bagolo ba ba ntseng jalo mo phuthegong e le nngwe.​—Ditihō 14:23; 20:28; Bafilipi 1:1.

17. (a) Paulo o ne a romelela Timotheo dipatlafalo dife tsa molebedi? (b) Ke ka ntlha yang fa mogolwane gape a tshwanetse go tlhagafala mo tirong ya go rera?

17 E ne ya re fa a kwalela Timotheo, Paulo gape a tlhomela molebedi dipatlafalo, mme ka mareo a a farologaneng go se go ne ne, ka gongwe a akanyetsa maemo a a farologaneng. (1 Timotheo 3:1-7) Ereka phuthego ya pele ya Bokeresete kwa tshimologong ya yone e ne e le phuthego ya boefangele, go ne go tsewa fela go tshwanetse gore banna bagolo bano ba ne ba tla bo gape ba tlhagafetse mo go boleleng mafoko a a molemo. Go ne go sena sebaka sa go goga dinao.​—Luke 24:46-48; 1 Bakorintha 9:16; bapisa Mathaio 25:24-27.

Botenegi Bo A Tsenelela

18. Botenegi bo ne jwa ama boemo jwa balebedi jang?

18 Jaaka phuthego e ne jaanong e tsena mo makgolong a dingwaga a bobedi le boraro dilo, di ne tsa simolola go fetoga. Botenegi jo bo neng bo boleleletswe pele bo ne jwa simolola go kukunya. (Ditihō 20:29, 30; 2 Petere 2:1) Banna ba ba mahega ba ne ba tlhagoga gareng ga bagolwane mo diphuthegong. Ka maikutlo a a fapogileng ba ne ba simolola go leba boemo jwa bone jwa bolebedi jaaka boemo jwa bokokobolo le tlotlego. Balebedi bangwe ba phuthego ba ne ba nna le eleng “bo-bishopo” ba laola godimo ga kgaolo ya sekereke kana ditlhopha tsa dikereke. Fa nako e ntse e ya bo-bishopo bano ba ne ba tlhophelwa mo boemong ke bakereki, bangwe ba bone e ne e le babusi ba ba itsegeng thata. Ka gone, jaaka raditiragalo mongwe wa Mokatoliki a ile a re: “Seno se ne sa tlisa kotsi e kgolo thata, segolo bogolo go tloga nakong eo tlotlego ya mookami e neng e oketsega le maemo ano a ne a patiwa ke madi le kgatlhego ya dilo tse di bonalang . . . [ka gone] go tsosa dipono gore bo-bishopo ba ba nang le tlhotlheletso e kgolo, ba nne bo-radipolotiki.”

19. Matswela a bofelo e ne ya nna afe a botenegi?

19 Ee, bishopo mongwe le mongwe o ne a tlotlomadiwa fela thata jaaka mmusi yo o maatla. Ka gone moo, seno se ne sa tlatseletsa dikgaoganong le makokong a La-Bodumedi, yoo a neng a sa bolo go khutlela go nna Bokeresete jwa boammaaruri bogologolo. Thulaganyo ya bolegodimo ya balebedi ba bagolwane ba ba nonofileng, ba ba ikanyegang, ba eleng ba semoya kafa tlhaloganyong e ne ya senyegela pele go nneng setlhopha sa baruti. Tirelo ya boithatelo mo phuthegong e ne ya fetolelwa go nna tiro e e duelelelwang e e batlang dingwaga tse ditelele tsa thutego e kgolo ya boruti, botlhalefi jwa boboko le molao o o laolang kereke.

20. Ke dipotso dife tseo di tlhokang go arabiwa jaanong?

20 A seno se ne se raya gore Bokeresete jwa boammaaruri, ka thulaganyo ya jone ya pele ya bolegodimo ya phuthego nngwe le nngwe, e ne e se ketla e tsosolosiwa? Kgotsa le gore tirelo e e motlhofo e e phepa e e neng e neelwa ke “banna bagolo,” kana “balebedi,” e ne e latlhegetse ruri-ruri? Mme go tweng kaga boperofeti jwa ga Isaia jo bo neng bo supela go go tlhabololweng ga phuthego ya bolegodimo? Bo tlhalosa ka gore: “Mo boemoñ yoa kgōtlhō ke tla lere gouda, le kgōtlhō boemoñ yoa logoñ, ke lere selefera boemoñ yoa tshipi, le tshipi boemoñ yoa mayè; ke tla diha maōtlana a gago kagishō, le badihisi ba gago tshiamō.” (Isaia 60:17) Setlhogo se se latelang se tla arabela dipotso tseno tse di botlhokwa-tlhokwa.

A O Ka Araba?

□ Ke banna ba mofuta ofe bao ba neng ba tlhophelwa go abalana boikarabelo jwa katlholelo le Moshe mo Iseraeleng wa bogologolo?

□ Ke mo boemong bofe joo “banna bagolo” ba neng ba direla go jone fa Baiseraele ba ne ba setse ba le mo Lefatsheng la Tsholofetso?

□ Dingwe tsa dinonofo tse di tlhomologileng tseo di lebeletsweng mo bagolwaneng ba Bokeresete, kana balebedi ke dife?

□ Ke jang botenegi jo bo neng bo boleleletswe pele bo neng jwa ama thulaganyo ya bogolwane?

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Banna bagolo ba Iseraele ba ne ba direla jaaka baatlhodi kwa dikgorong tsa motse

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela